Go Atlhola mo Molapong wa Katlholelo
“A merafe . . . e tle kwa molapong wa ga Jehošafate; gonne ke tlaa dula teng ke atlhola merafe.”—JOELE 3:12.
1. Ke ka ntlha yang fa Joele a bona bontsintsi bo phuthegile mo “molapong wa katlholelo”?
“A BONTSINTSI, bontsintsi jwa batho mo molapong wa katlholelo!” Re bala mafoko a a tshikhinyang maikutlo ao mo go Joele 3:14. Ke ka ntlha yang fa go phuthegile bontsintsi jono? Joele o araba jaana: “Motlha wa ga Jehofa o atametse.” Ke letsatsi le legolo la ga Jehofa la go itlotlomatsa—letsatsi la go atlhola matshutitshuti a a ileng a gana Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng kafa tlase ga Keresete Jesu. Kgabagare, “baengele ba banè” ba Tshenolo kgaolo 7 ba tlile go tlogela go ngangatlela “diphefo tse nnè tsa lefatshe,” mo go tla felelang ka gore go nne le “pitlagano e kgolo e e leng gore ga e ise e ko e diragale fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e diragala gape.”—Tshenolo 7:1; Mathaio 24:21.
2. (a) Ke ka ntlha yang fa lefelo le Jehofa a tla atlholelang mo go lone le bidiwa ka tshwanelo go twe ke “molapo wa ga Jehošafate”? (b) Jehoshafate o ne a itshwara jang ka tsela e e tshwanetseng fa a ne a tlhaselwa?
2 Mo go Joele 3:12, lefelo la katlholelo le bidiwa “molapo wa ga Jehošafate.” Ka tshwanelo, ka nako ya dikhuduego mo hisitoring ya Juda, Jehofa o ne a atlhola mo boemong jwa Kgosi e e molemo Jehoshafate, yo leina la gagwe le rayang, “Jehofa ke Moatlhodi.” Go sekaseka se se diragetseng ka nako eo go tla re thusa go tlhaloganya botoka se se tla tlogang se diragala mo motlheng wa rona. Pego e fitlhelwa mo go 2 Ditiragalo kgaolo 20. Mo temaneng ya 1 ya kgaolo eo, re bala gore “bana ba Moabe, le bana ba Amone, le bangwe ba Bameuni ba na nabo, ba bololela Jehošafate ba tla go tlhabana nae.” Jehoshafate o ne a itshwara jang? O ne a dira se batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba se dirang ka metlha fa ba le mo mathateng. O ne a ya kwa go Jehofa gore a mo kaele, a rapela jaana ka tlhoafalo: “Modimo wa rona a ga o ketla o ba sekisa? Gonne rona ga re na thata ya go tlhabana le lesomo le legolo le le re bololetseng; le gone ga re itse se re ka se dirang; mme matlho a rona a koo go wena.”—2 Ditirafalo 20:12.
Jehofa o Araba Thapelo
3. Jehofa o ne a neela Juda ditaelo dife fa ba ne ba lebane le tlhaselo ya ditšhaba tse di bapileng le bone?
3 Fa “Bajuda botlhe ba ema fa pele ga Jehofa ba na le banyana ba bone, le basadi ba bone, le bana ba bone,” Jehofa o ne a ba araba. (2 Ditirafalo 20:13) Fela jaaka fa a dirisa “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” gompieno, Moutlwi yo mogolo wa thapelo o ne a nonotsha moporofeti wa Molefi e bong Jahasiele jalo gore a neele ba ba phuthegileng karabo ya Gagwe. (Mathaio 24:45) Re bala jaana: “Jehofa o lo raya jaana, a re: ‘Lo se ka lwa boifa, le gone lo se ka lwa rerega ka ntlha ya bontsi jo bogolo jo; gonne tlhabano ga se ya lona, ke ya Modimo. . . . Ga go ketla go batlwa gore lo tlhabane mo tlhabanong e; lo ikemiseng lo eme fela, mme lo bone poloka ya ga Jehofa e e nang le lona. . . . Lo se ka lwa boifa, lo bo lo se rerege; e re ka moso lo bolole lo ye go tlhabana nabo; gonne Jehofa o na le lona.’”—2 Ditirafalo 20:15-17.
4. Jehofa o ne a batla gore batho ba gagwe ba dire sengwe ka tsela efe, ba sa nne fela, fa ba ne ba gwetlhiwa ke baba?
4 Jehofa o ne a batla mo go Kgosi Jehoshafate le batho ba gagwe se se fetang go nna fela ba sa dire sepe, ba letetse go gololwa ka kgakgamatso. Ba ne ba tshwanetse go tsaya matsapa a go emelana le kgwetlho ya mmaba. Kgosi le ‘Bajuda botlhe, tota le bana ba bone, basadi ba bone le barwa ba bone,’ ba supa tumelo e e nonofileng fa ka kutlo ba tsoga phakela mo mosong mme ba gwantela go ya go kgatlhantsha masomosomo a batlhasedi. Mo tseleng, kgosi e ne ya tswelela pele e ba neela taelo ya bomodimo le kgothatso, a ba kgothatsa jaana: “Lo dumeleng mo go Jehofa Modimo wa lona, jalo lo tlaa tlhomamisiwa; dumelang baperofeti ba gagwe, jalo lo tlaa tlhogonolofala.” (2 Ditirafalo 20:20) Tumelo mo go Jehofa! Tumelo mo baporofeting ba gagwe! Go atlega go ne go ikaegile ka gone. Ka mo go tshwanang gompieno, fa re ntse re tswelela re le tlhaga mo tirelong ya ga Jehofa, e kete le ka motlha re se ka ra belaela gore o tla dira gore tumelo ya rona e fenye!
5. Basupi ba ga Jehofa ba tlhaga jang gompieno fa ba ntse ba baka Jehofa?
5 Jaaka Bajudea ba motlha wa ga Jehoshafate, re tshwanetse go “[baka] Jehofa, gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.” Re mmaka jang? Ka gore re rere Bogosi ka tlhoafalo! Jaaka Bajuda bao ba ne “ba simolola go opela le go baka,” ka tsela eo le rona re tshwanetse go tsenya ditiro mo tumelong ya rona. (2 Ditirafalo 20:21, 22) Ee, a le rona re supe tumelo e e tshwanang ya mmatota fa Jehofa a ntse a ipaakanyetsa go tsaya kgato kgatlhanong le baba ba gagwe! Le fa tsela e ka lebega e le telele, a re ititeye sehuba gore re tla itshoka, re tlhagafetse mo tumelong, fela jaaka batho ba gagwe ba ba fenyang ba dira kwa mafelong a a nang le mathata mo lefatsheng gompieno. Mo dinageng dingwe tse go nang le pogiso e kgolo gone, thubakanyo, leuba le maemo a a thata a itsholelo, batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba bona matswela a a itumedisang, jaaka 1998 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e bega.
Jehofa o Boloka Batho ba Gagwe
6. Tumelo e e nonofileng e thusa jang go re boloka re ikanyega gompieno?
6 Ditšhaba tse di boikepo tse di neng di dikologile Juda di ne tsa leka go fenya batho ba Modimo, mme ka tumelo e e tlhomang sekao batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba arabela ka go opela dipako tsa gagwe. Le rona re ka bontsha tumelo e e tshwanang gompieno. Ka go tlatsa matshelo a rona ka ditiro tse di bakang Jehofa, re nonotsha diaparo tsa rona tsa phemelo tsa semoya, re sa dire gore maano a a boferefere a ga Satane a nne le sebaka sa go tsena. (Baefeso 6:11) Tumelo e e nonofileng e tla thibela thaelo ya go itewa tsebe ke boitlosobodutu jo bo bosula, go rata dikhumo le go itlhokomolosa dilo go go leng mo lefatsheng le le felang le le re dikologileng. Tumelo eno e e nonofileng e tla dira gore re nne re dire ka boikanyegi le “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” fa re ntse re tswelela pele re otliwa ka dijo tsa semoya tse di abiwang “ka nako e e tshwanetseng.”—Mathaio 24:45.
7. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba arabela jang fa ba tlhaselwa ka ditsela tse di farologaneng?
7 Tumelo ya rona e e theilweng mo Baebeleng e tla re nonotsha gore re eme re tiile kgatlhanong le letlhoo le legolo le le rotloediwang ke ba ba bontshang moya wa “motlhanka yo o bosula” wa Mathaio 24:48-51. Ka go diragatsa boporofeti jono ka tsela e kgolo, batlhanogi ba jala maaka le dipuo tse di pateletsang ka tlhagafalo mo dinageng di le dintsi gompieno, e bile ba loga maano le bangwe ba ba ba nang le maemo a taolo mo ditšhabeng. Koo go tshwanelang teng, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba arabela jaaka go tlhalositswe mo go Bafilipi 1:7, ka ‘go femela le go tlhomamisa semolao dikgang tse di molemo.’ Ka sekai, ka September 26, 1996, mo kgetsing nngwe go tswa kwa Gerika, baatlhodi ba le robongwe ba European Court of Human Rights, kwa Strasbourg, ka bongwefela jwa pelo ba ne ba tlhomamisa gape gore “Basupi ba ga Jehofa ba tshwanela tlhaloso ya ‘bodumedi jo bo itsegeng,’” jo bo ka dirisang kgololesego ya mogopolo, segakolodi le tumelo e bile ba na le tshwanelo ya go itsise tumelo ya bone. Katlholo ya Modimo e bolela jaana ka batlhanogi: “Lefoko la seane se se boammaaruri le ba diragaletse le le reng: ‘Ntša e boetse matlhatseng a yone, le kolobe e namagadi e e neng e tlhapisitswe, e boetse kwa go bidikameng mo lorageng.’”—2 Petere 2:22.
8. Mo motlheng wa ga Jehoshafate, Jehofa o ne a atlhola baba ba batho ba Gagwe jang?
8 Morago kwa mo motlheng wa ga Jehoshafate, Jehofa o ne a atlhola ba ba neng ba batla go gobatsa batho ba Gagwe. Re bala jaana: “Jehofa a beela bana ba Amone balaledi, le ba Moabe le ba thaba ya Seire, ba ba tsileng go tlhabana le Bajuta; mme ba kgemethwa. Gonne bana ba Amone le ba Moabe ba nanoga ba tlhabana le bana ba thaba ya Seire go tla ba bolaya le go ba lailela ruri; e rile ba sena go fetsa banni ba Siere, ba tloga ba menogana ba senyana.” (2 Ditirafalo 20:22, 23) Bajuda ba ne ba bitsa lefelo leo ba re ke Molapo wa Beraka, Beraka e raya “Tshegofatso.” Le mo metlheng ya segompieno, go atlhola ga ga Jehofa baba ba gagwe go tla dira gore batho ba gagwe ba nne le masego.
9, 10. Ke bomang ba ba itshupileng fa ba tshwanelwa ke katlholo e e bogale ya ga Jehofa?
9 Re ka nna ra botsa gore, Ke bomang mo metlheng ya segompieno ba ba tshwanetseng go amogela katlholo e e bogale ya ga Jehofa? Go bona karabo ya potso eo, re tshwanetse go boela kwa boporofeting jwa ga Joele. Joele 3:3 e bua ka baba ba batho ba gagwe ba “ananya seaka ka ba reka bojalwa jwa mofine ka ngwana wa mosetsana.” Ee, ba leba batlhanka ba Modimo ba le kwa tlase thata ga bone, bana ba bone ba tshwanelwa fela ke go dirisediwa go thapa seaka ka bone kana ba lekana fela le tlhwatlhwa ya nkgwana ya bojalwa jwa mofine. Ba tla tshwanelwa gore ba ikarabele ka ntlha ya seo.
10 Ba bangwe ba ba tshwanelwang ke katlholo e e tshwanang ke ba ba dirang boaka jwa semoya. (Tshenolo 17:3-6) Mme ba ba tshwanetseng go atlholwa segolobogolo ke ba ba rotloetsang balaodi ba bopolotiki gore ba bogise Basupi ba ga Jehofa le go thibela tiro ya bone, jaaka baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ba tlhotlheletsang digopa ba ntse ba dira kwa Yuropa Botlhaba mo dinakong tsa bosheng jaana. Jehofa o tlhalosa fa a ikemiseditse go tsaya kgato kgatlhanong le badirabosula ba ba ntseng jalo.—Joele 3:4-8.
“Baakanyang Ntwa!”
11. Jehofa o gwetlha jang baba ba gagwe go ya ntweng?
11 Morago ga foo, Jehofa o bolelela batho ba gagwe gore ba gwetlhe ditšhaba jaana: “Lo baakanyeng ntwa, tsosang diganka, a batlhabani botlhe ba atamele, ba tlhatloge.” (Joele 3:9) Eno ke kitsiso e e kgethegileng ya ntwa—ntwa ya tshiamo. Basupi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ikaegile ka dibetsa tsa semoya fa ba ntse ba arabela dipuo tsa maaka tsa lefela, ba ganetsa maaka ka boammaaruri. (2 Bakorintha 10:4; Baefeso 6:17) Go ise go ye kae, Modimo o tla baakanya “[ntwa] ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14) E tla fedisa baganetsi botlhe ba bolaodi jwa Modimo mo lefatsheng. Batho ba gagwe mo lefatsheng ga ba kitla ba nna le seabe sepe sa sebele mo go yone. Ka tsela ya mmatota le ya tshwantshetso, ba tla bo ba ‘thutse ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a bone dithipa tsa mabele.’ (Isaia 2:4) Go farologana le seo, Jehofa o gwetlha ditšhaba tse di ganetsang go dira se se farologaneng le seo: “Thulang megoma ya lona ditšhaka, le dithipa tsa lona tsa mabele marumo.” (Joele 3:10) O ba laletsa go dirisa dibetsa tsa bone tsone tsa metšhini ya ntwa le dibetsa tsa bosheng mo ntweng. Mme ga ba kgone go atlega, ka gonne ntwa le phenyo ke tsa ga Jehofa!
12, 13. (a) Go sa kgathalesege go fela ga Ntwa ya Molomo, ditšhaba tse dintsi di ile tsa supa jang gore di sa ntse di rata ntwa? (b) Ditšhaba ga di a ipaakanyetsa eng?
12 Mo tshimologong ya bo1990, ditšhaba di ne tsa bolela gore Ntwa ya Molomo e fedile. Tumalanong le seo, a mokgele o mogolo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng wa kagiso le polokesego o ile wa fitlhelelwa? Le e seng! Dilo tse di diragetseng kwa Burundi, Democratic Republic of Congo, Iraq, Liberia, Rwanda, Somalia, le se pele e neng e le Yugoslavia di re bolelela eng? Ka mafoko a ga Jeremia 6:14 ba bolela jaana: “‘Kagiso, kagiso;’ le mororo go se na kagiso.”
13 Le fa gone ntwa ya mmatota e khutlile mo mafelong mangwe, maloko a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a sa ntse a gaisana mo go direng dibetsa tsa maemo a a kwa godimo tsa ntwa. Bangwe ba sa ntse ba bolokile dibetsa tsa nuklea tse ba di kokoantseng. Ba bangwe ba dira dibetsa tse di dirilweng ka dikhemikale kana ka bakateria tse di bolayang boidiidi. Jaaka ditšhaba tseo di ntse di phuthegela kwa lefelong la tshwantshetso le le bidiwang Aramagedona, o ba gwetlha jaana: “A yo o bokoa, a re: ‘Ke thata.’ Itlhaganeleng, tlang lona merafe yotlhe mo tikologong, phuthegang.” Morago ga foo Joele o tsena kgang gare ka go dira kopo ya gagwe: “Jehofa, folosetsa diganka tsa gago teng.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Joele 3:10, 11.
Jehofa o Sireletsa ba e Leng ba Gagwe
14. Diganka tsa ga Jehofa ke bomang?
14 Diganka tsa ga Jehofa ke bomang? Mo Baebeleng, Modimo wa boammaaruri o bidiwa “Jehofa wa masomosomo” ka makgetlho a a ka nnang 280. (2 Dikgosi 3:14) Masomosomo ano ke matshutitshuti a baengele ba legodimo ba ba nnang ba ipaakanyeditse go dira se Jehofa a ba se laelang. Fa Baasiria ba ne ba batla go tshwara Elisha, Jehofa kgabagare o ne a bula matlho a motlhanka wa ga Elisha gore a bone gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba sa kgone go atlega: “Bonang, thaba ya bo e tletse dipitse le dikara tsa molelo tikologong ya ga Eliša.” (2 Dikgosi 6:17) Jesu o ne a bolela gore o ne a ka kopa Rraagwe gore a mo neye “mephato e feta e le lesome le bobedi ya baengele.” (Mathaio 26:53) Fa e tlhalosa tsela e Jesu a palamang ka yone go ya go atlhola kwa Aramagedona, Tshenolo e bolela jaana: “Masole a a neng a le kwa legodimong a ne a mo setse morago ka dipitse tse ditshweu, mme a ne a apere leloba le lesweu, le le phepa, le le boleta. Mme mo molomong wa gagwe go tswa tšhaka e e bogale e telele, gore a tle a iteye merafe ka yone, mme o tla e disa ka thobane ya tshipi. Gape o gatisa segatisetso sa beine ya bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 19:14, 15) Segatisetso seo sa beine se tlhalosiwa ka mafoko a a phepafetseng e le “[segatisetso] se segolo sa beine ya bogale jwa Modimo.”—Tshenolo 14:17-20.
15. Joele o tlhalosa jang ntwa ya ga Jehofa kgatlhanong le ditšhaba?
15 Jalo he, Jehofa o araba jang kopo ya ga Joele ya gore a folose diganka tsa Modimo? Ke ka mafoko ano a a phepafetseng: “A merafe e itsose, e tle kwa molapong wa ga Jehošafate; gonne ke tlaa dula teng ke atlhola merafe yotlhe mo tikologong. Tsenyang thipa ya mabele, gonne mabele a budule. Tlang, lo gate; gonne kgatisetso ya bojalwa jwa mofine e tletse; didibeletso di a penologa; gonne boikepo jwa bone bo bogolo. A bontsintsi, bontsintsi jwa batho mo molapong wa katlholelo! Gonne motlha wa ga Jehofa o atametse mo molapong wa katlholelo. Letsatsi le fifetse, le kgwedi, le dinaledi di gonyetse go phatsima ga tsone. Mme Jehofa o tlaa kgaratla a le mo Sione, o tlaa ntsha lentswe a le mo Jerusalema, magodimo a tlaa tlakasela le lefatshe.”—Joele 3:12-16.
16. Ke bomang ba ba tla akarediwang gareng ga bao Jehofa a tla ba atlholang?
16 Fela jaaka leina Jehoshafate le raya gore “Jehofa ke Moatlhodi,” fela jalo ka tsela e e tlhomameng Modimo, Jehofa, o tla tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe ka botlalo fa a atlhola. Boporofeti bo tlhalosa ba ba atlholwang ka bogale e le ‘bontsintsi, bontsintsi jwa batho mo molapong wa katlholelo.’ Babueledi bape fela ba ba setseng ba bodumedi jwa maaka ba tla nna gareng ga bontsintsi joo. Go tla bo go akarediwa gape le ba ba tlhalosiwang ke Pesalema ya bobedi—merafe, ditšhaba, dikgosi tsa lefatshe le balaodi—ba ba tlhophileng tsamaiso e e bosula ya lefatshe leno go na le go ‘direla Jehofa ka poifo.’ Bano ba gana go ‘atla morwa.’ (Pesalema 2:1, 2, 11, 12) Ga ba amogele Jesu e le Kgosi e e busang le Jehofa. Mo godimo ga moo, boidiidi jo bo tshwaetsweng tshenyego bo tla akaretsa batho botlhe ba Kgosi e e galalelang eo e tla ba atlholang e le “dipodi.” (Mathaio 25:33, 41) Fa e le nako e e beilweng ya ga Jehofa ya go karatla go tswa kwa Jerusalema wa selegodimo, Kgosi ya gagwe ya dikgosi e e tlhomilweng e tla patakela go atlhola. Legodimo le lefatshe di tla tlakasela tota! Le fa go ntse jalo, re tlhomamisediwa jaana: “Jehofa o tlaa nna botshabelo jwa batho ba gagwe, le kago e e thata ya phemelo mo baneng ba Iseraele.”—Joele 3:16.
17, 18. Ke bomang ba ba supiwang e le bafalodi ba sepitla se segolo, mme ba tla itumelela maemo afe?
17 Tshenolo 7:9-17 e tlhalosa ba ba falolang sepitla se segolo e le “boidiidi jo bogolo” jo bo bopiwang ke ba ba nang le tumelo mo maatleng a go rekolola a madi a ga Jesu. Bano ba sirelediwa mo letsatsing la ga Jehofa, fa boidiidi jo bogolo jwa boporofeti jwa ga Joele bo lebana le katlholo e e sa itumediseng. Joele o bolelela bafalodi jaana: “Jalo lo tlaa itse fa ke le Jehofa Modimo wa lona; ke agile mo Sione, thaba ya me e e boitshepo,” boago jwa ga Jehofa jwa selegodimo.—Joele 3:17a.
18 Morago ga foo boporofeti bo re bolelela gore lefelo la Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo e “tlaa nna boitshepo, mme ga o ketla o tlhola o ralalwa ke baeng.” (Joele 3:17b) Mo lefatsheng le kwa legodimong kwa Bogosi joo bo tla bong bo le teng, go tla bo go se na baeng, ka gonne botlhe ba tla bo ba utlwana mo kobamelong e e itshekileng.
19. Boitumelo jwa paradaise jwa batho ba Modimo gompieno jo bo tlhalosiwang ke Joele bo ntse jang?
19 Tota le gompieno, go na le kagiso e ntsi mo gare ga batho ba ga Jehofa mo lefatsheng. Ka kutlwano ba bolela dikatlholo tsa gagwe mo dinageng tse di fetang 230 e le ka dipuo tse di farologaneng tse di fetang 300. Joele o tlhalosa go atlega ga bone ka tsela e ntle jaana: “Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re dithaba di tlaa rotha bojalwa jwa mofine jo bo monate, makhubu a tlaa elela maši, melatswana yotlhe ya Juta e tlaa elela metsi.” (Joele 3:18) Ee, Jehofa o tla tswelela a tshololela babaki ba gagwe mo lefatsheng masego a a itumedisang le katlego le koketsego e kgolo ya boammaaruri jo bo botlhokwa. Bolaodi jwa ga Jehofa bo tla bo bo tlotlomaditswe ka botlalo mo molapong wa katlholelo, mme boitumelo bo tla oketsega fa a ntse ka bosakhutleng mo gare ga batho ba gagwe ba ba golotsweng.—Tshenolo 21:3, 4.
A o Ka Gakologelwa?
◻ Jehofa o ne a golola batho ba gagwe jang mo motlheng wa ga Jehoshafate?
◻ Jehofa o atlhola bomang jaaka ba ba tshwanelwang ke go bolaelwa mo “molapong wa katlholelo”?
◻ Diganka tsa Modimo ke bomang mme ba tla nna le seabe sefe mo ntweng ya makgaolakgang?
◻ Baobamedi ba ba ikanyegang ba itumelela eng?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Juda o ne a bolelelwa jaana: ‘Lo se ka lwa boifa, gonne tlhabano ga se ya lona, ke ya Modimo’
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Jehofa o gwetlha baba ba gagwe go ‘thula megoma ya bone ditšhaka’
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Baebele e tlhalosa boidiidi jo bogolo jwa bafalodi ba sepitla se segolo