LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 5/1 ts. 8-13
  • Nnang Lo Gakologetswe Letsatsi la ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang Lo Gakologetswe Letsatsi la ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baagi Ba Ba Utlwang Molao
  • O Diragatsa Tshwetso ya Gagwe
  • Lesogodi la Tsie
  • “Batho ba Chaba E Kgolo E E Thata”
  • “Ba Tladiwa Mōea O O Boitshèpō”
  • Letsatsi la ga Jehofa le Atametse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Buka ya Bibela ya bo 29—Yoele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Tlhaselo e e Tswang Kwa Bokone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Ke Mang Yo o Tla “Falolang”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 5/1 ts. 8-13

Nnang Lo Gakologetswe Letsatsi la ga Jehofa

“Motlha oa ga Yehofa o atametse mo molapoñ oa katlholèlō.”—YOELE 3:14.

1. Ke ka ntlha yang fa ntwa e e boitshepo e e tlang e e boletsweng ke Jehofa e tla bo e farologane le dintwa tse di “boitshepo” tsa batho?

“BOLÈLAÑ selō se mo merahiñ; lo [itshepiseng, NW] ntwa.” (Yoele 3:9) A fano go buiwa ka ntwa e e boitshepo? Fa re akanya ka Dintwa tsa Botlhabanelatumelo, dintwa tsa bodumedi, le dintwa tse pedi tsa lefatshe—tse Labokeresete a neng a nna le seabe se segolo mo go tsone—re ka nna ra tsenwa ke letshogo fa re akanya fela ka ntwa e go tweng e “boitshepo.” Lefa go ntse jalo, ntwa e e boitshepo ya boperofeti jwa ga Joele ga se ntwa e e lowang ke merafe. Ga se go gogagogana ka letlhoo go lwelwa naga kana dilwana, go dirisiwa seipato sa gore ke ya bodumedi. Ke ntwa e e siameng. Ke ntwa ya Modimo eo e tla fedisang bogagapa, dikgogakgogano, tsietso, le kgatelelo mo lefatsheng. E tla tlotlomatsa Jehofa gore o tshwanelwa ke go nna molaodi mo lobopong lwa gagwe lotlhe. Ntwa eo e tla bulela Bogosi jwa ga Keresete tsela ya gore bo tsenye setho mo Mileniamong wa kagiso ya lefatshe lotlhe, katlego, le boitumelo tseo di boleletsweng pele ke baperofeti ba Modimo.—Pesalema 37:9-11; Isaia 65:17, 18; Tshenolō 20:6.

2, 3. (a) “Motlha oa ga Yehofa” o go boleletsweng pele kaga one mo go Yoele 3:14 ke eng? (b) Ke ka ntlha yang fa merafe e tshwanelwa ke seo se tla e diragalelang ka letsatsi leo?

2 Jalo he, “motlha oa ga Yehofa” o go boleletsweng pele ka one mo go Yoele 3:14 ke eng? “Iya wè! a letsatsi [ye] legolo!” ga rialo Jehofa ka boene, “gonne letsatsi ya ga Yehofa le atametse, le tla tla yaka tshenyo e e cwañ kwa go Mothataeotlhe.” Ke jang go ka tweng ke tshenyo? Moragonyana moperofeti o tlhalosa jaana: “A bontsintsi, bontsintsi yoa batho mo molapoñ oa katlholèlō! gonne motlha oa ga Yehofa o atametse mo molapoñ oa katlholèlō.” (Yoele 1:15; 3:14) Leno ke letsatsi le ka lone Jehofa a diragatsang tshwetso ya gagwe ya kafa a atlhotseng ka teng boidiidi jwa batho ba ba sa dumeleng mo Modimong bao ba latolang gore o tshwanelwa ke go nna molaodi wa legodimo le lefatshe. Ke tshwetso ya ga Jehofa gore a senye tsamaiso ya ga Satane ya dilo eo e sa bolong go laola setho ka lobaka lo loleele jaana.—Yeremia 17:5-7; 25:31-33.

3 Tsamaiso e e bosula ya lefatshe e tshwanetse ya lebana le tshwetso eo. A mme gone tsamaiso ya lefatshe leno e bosula thata go le kalo? Go tla bo go lekane go tadinya rekoto ya lone gangwe fela! Jesu o ne a bolela molaomotheo mongwe mo go Mathaio 7:16: “Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè.” A metse e megolo ya lefatshe ga e a fetoga megobe ya leswe e e tletseng diokobatsi, bokebekwa, bothubaki, boitsholo jo bo maswe, le kgotlelo? Mo dinageng di le dintsi kgololesego eo e sa tswang go bonwa e senngwa ke tlhakatlhakano ya dipolotiki, ditlhaelo tsa dijo, le lehuma. Batho ba feta bilione ba tshela ka dijonyana tsa namolo leuba. Mo godimo ga moo, leroborobo la AIDS, eo e anamisiwang ke diokobatsi le go tshela matshelo a a tletseng boitsholo jo bo sa siamang, le tshosetsa karolo e kgolo ya lefatshe. Karolo nngwe le nngwe ya botshelo e ile ya nnela maswe go ya pele mo lefatsheng lotlhe bogolo jang fa e sale go tloga ka 1914 fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e simologa.—Bapisa 2 Timotheo 3:1-5.

4. Jehofa o gwetlha merafe jang?

4 Lefa go ntse jalo, Jehofa o ntse a phutha batho go tswa mo merafeng yotlhe bao ba amogelang ka boitumelo ditaelo kaga ditsela tsa gagwe ebile ba tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe. Batho bano ba ba mo lefatsheng lotlhe ba thutse ditšhaka megoma, ba latlhile mekgwa ya lefatshe ya thubakanyo. (Isaia 2:2-4) Ee, go thula ditšhaka megoma! A mme seo ga se fapaane le mokgosi o Jehofa a dirang gore o bolelwe mo go Yoele 3:9, 10? Temana eo e balega jaana: “Bolèlañ selō se mo merahiñ; lo baakanyeñ ntwa: cosañ digañka; a batlhabani botlhe ba atamèlè, a ba tlhatlogè. Thulañ megoma ea lona dichaka, le dithipa tsa lona tsa mabèlè marumō.” Ehe, fano Jehofa o gwetlha babusi ba lefatshe gore ba kopanye maatla a bone a sesole ba tle go tlhabana le ene kwa Hara–Magedona. Mme lefa go ntse jalo ba ka se ka ba atlega! Ba tshwanetse go fenngwa gotlhelele!—Tshenolō 16:16.

5. Fa “mofine oa lehatshe” o robiwa seno se tla felela ka eng?

5 Babusi ba ba maatla ba ne ba tsuologela Morena Molaodi ebong Jehofa ka go dira mekoakoa ya dibetsa tse di tshosang—mme ga go thuse sepe! Jehofa o laela jaana mo go Yoele 3:13: “Tsenyañ thipa ea mabèlè, gonne mabèlè a budule: tlañ, lo gatè; gonne kgatiseco ea boyalwa yoa mofine e tletse; didibelecō dia penologa; gonne boikèpō yoa bōnè bo bogolo.” Mafoko ao a tshwana le a Tshenolō 14:18-20, koo moengele mongwe yo o tshotseng thipa e e bogale, a laelwang gore a “phuthè masitlha a mofine oa lehatshe; gonne difine tsa yeōna di budule thata.” Moengele o latlhela thipa ya gagwe a bo a latlhela merafe eo e e tsuologang “mo segatisecoñ se segolo sa bogale yoa Modimo.” Ka tsela ya tshwantshetso, go tswa madi mo segatisetsong sa mofine a a fitlhang mo dikgoleng tsa dipitse, a elela sekgala sa dikilometara di le 300! Abo merafe eo e tlontlololang Jehofa e tlile go diragalelwa ke tiragalo e e tshosang jang ne!

Baagi Ba Ba Utlwang Molao

6. Basupi ba ga Jehofa ba leba merafe le babusi ba yone jang?

6 A seno se kaya gore Basupi ba ga Jehofa ga ba tlotle merafe le babusi ba yone? Le eseng! Se ba se dirang fela ke go kgala bosula jo bo bonwang ke mang le mang, gape ba tlhagisa ka letsatsi la ga Jehofa le le atamelang ka bofefo la gore a diragatse tshwetso ya gagwe. Ka nako e e tshwanang, ka boikokobetso ba utlwa taolo eno ya ga Paulo e e mo go Baroma 13:1: “A motho moñwe le moñwe a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo.” Ba tlotla babusi bano ba batho fela jaaka go tshwanetse, mme ga ba ba obamele. Jaaka batho ba ba utlwang molao, ba sala ditaolo tsa Bibela morago tse di malebana le boikanyegi, go bua boammaaruri, le go nna phepa ebile ba dira gore malapa a bone a nne le maitsholo a mantle. Ba thusa batho ba bangwe gore ba ithute gore le bone ba ka dira seno jang. Ba tshela ka kagiso le batho botlhe, ba sa tseye karolo mo dipopelelong kana mo makgotleng a balweladiphetogo a bopolotiki. Basupi ba ga Jehofa ba leka go tlhoma sekao ka go utlwa melao ya babusi ba bagolo ba batho, ba ntse ba emetse Mmusimogolo, Jehofa Morena Mogodimodimo, gore a lere gape kagiso e e feletseng le puso e e siameng mo lefatsheng leno.

O Diragatsa Tshwetso ya Gagwe

7, 8. (a) Merafe e tla reketlisiwa e bo e welwe ke lefifi jang? (b) Yoele o tshwantshetsa mang gompieno, mme ba segofadiwa jang go farologana le lefatshe ka kakaretso?

7 Jehofa o dirisa puo e e phepafetseng ya ditshwantsho go tlhalosa ka mo go oketsegileng kafa a tlileng go diragatsa tshwetso ya gagwe ka gone jaana: “Letsatsi le hihetse le kgwedi, le dinaledi di gonyetsa go phatsima ga cōna. Me Yehofa o tla karatla a le mo Siona, o tla ntsha lencwe a le mo Yerusalema; me magodimo a tla tlakasèla le lehatshe: me Yehofa o tla nna botshabèlō yoa batho ba gagwè, le kagō e e thata ea phemèlō mo baneñ ba Iseraela.” (Yoele 3:15, 16) Boemo jwa setho jo bo lebegang bo solofetsa, ebile bo atlega bo tla nna letobo, bo bontsha gore bo tlelwa ke matlhotlhapelo, mme tsamaiso eno ya lefatshe e e nnang makgaoganyane e tla reketlisiwa, e senngwa jaaka ekete e thubaganngwa ke thoromo e kgolo ya lefatshe!—Hagai 2:20-22.

8 Ela tlhoko tlhomamisetso e e itumedisang ya gore Jehofa o tla nna setshabelo le kago e e thata ya phemelo ya batho ba gagwe! Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Ka gonne ke bone fela setlhopha sa batho—batho ba merafe yotlhe—bao ba ileng ba arabela mafoko a ga Jehofa a a reng: “Lo tla itse ha ke le Yehofa Modimo oa lona.” (Yoele 3:17) Ereka leina la ga Yoele le raya gore “Yehofa Ke Modimo,” ka mo go tshwanelang o tshwantshetsa Basupi ba ga Yehofa ba ba tloditsweng ba motlha wa segompieno, bao ba direlang ka bopelokgale ba bolela gore Jehofa ke molaodi. (Bapisa Malaki 1:11.) Fa re bula mafoko a ntlha a boperofeti jwa ga Yoele, re tla bona kafa a bolelelang pele ka phepafalo ka gone seo batho ba Modimo ba se dirang gompieno.

Lesogodi la Tsie

9, 10. (a) Yoele o bolelela pele ka petso efe? (b) Tshenolō e bolela jang se se tshwanang le se se boletsweng ke polelelopele ya ga Yoele ya petso, mme petso eno e ama Labokeresete jang?

9 Jaanong reetsa “lehoko ya ga Yehofa ye le tsileñ kwa go Yoele”: “Utlwañ se, lona banna bagolo, lo sekegeñ tsèbè, lona banni botlhe ba lehatshe. A selō se, se kile sa nna mo metlheñ ea lona, kgotsa mo metlheñ ea borra eno? Bolèlèlañ bana ba lona ba bolèlèlè bana ba bōnè, me a bana ba bōnè ba bolèlèlè kokomana e ñwe. Se mogokoñ o se tlogetseñ, tsiè e se yele: me se tsiè e se tlogetseñ boiyane bo se yele: me se boiyane bo se tlogetseñ, seboko se se yele.”—Yoele 1:1-4.

10 Leno ke letsholo le le sa tlwaelegang, leo le tla nnang le gopolwa ka metlha. Ditshenekegi tse dintsintsi tse bontsi jwa tsone e leng ditsie di senya naga. Seno se kaya eng? Tshenolō 9:1-12 le yone e bua kaga petso ya tsie, eo Jehofa a e romelang ka ‘kgosi nngwe, moengele wa molete o o senang bolekeletso,’ yo e leng Keresete Jesu. Maina a gagwe ebong Abadona (Sehebera) le Apoleona (Segerika) a raya “Tshenyo” le “Mosenyi.” Tsie eno e tshwantshetsa masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng bao mo letsatsing leno la Morena ba yang go senya mafulo a Labokeresete ka go upolola bodumedi jwa maaka le go bolela kafa Jehofa a tlileng go ipusolosetsa mo go yone ka gone.

11. Tsie ya motlha wa segompieno e nonotshiwa jang, mme ke bomang bao e ba tlhaselang segolobogolo?

11 Jaaka fa Tshenolō 9:13-21 e bontsha, petso ya tsie e latelwa ke petso e kgolo ya ntwa ya bapagami ba dipitse. Abo seno se le boammaaruri jang ne gompieno, jaaka Bakeresete ba ba tloditsweng ba le dikete di sekae ba okediwa ke “dinku di sele” di feta dimilione tse nne go bopa lesomo le le nonofileng la ntwa ya bapagami ba dipitse! (Yohane 10:16) Ba kopana mmogo go bolela dikatlholo tse di tlhabang tsa ga Jehofa mo baobameding ba medimo ya disetwa ba Labokeresete le mo go bao ‘ba sa ikotlhaeleng dipolao tsa bone lefa e le boloi jwa bone, lefa e le kgokafalo ya bone, lefa e le bogodu jwa bone.’ Baruti—ba Katoliki le ba Baporotesetanta—bao ba ileng ba ema nokeng ka botlalo dintwa tse di bolaileng batho tsa lekgolo leno la dingwaga, mmogo le baruti ba ba tlhakanelang dikobo le bana le bareri ba ba nang le boitsholo jo bo maswe ba thelebishene, ke bangwe ba bao melaetsa eno ya katlholo e lebaganeng le bone.

12. Ke ka ntlha yang fa baeteledipele ba Labokeresete ba tshwanelwa ke go utlwa melaetsa ya katlholo, mme ba tla diragalelwa ke eng mo bogautshwaneng, mmogo le maloko a Babelona O Mogolo?

12 Jehofa o ntsha taolo e e yang go “borre” bano ba ba nang le boitsholo jo bo maswe ba dipurapura, e e reng: “Kubugañ, batagwa ke lona, me lo lelè; bōkōlèlañ, lona lotlhe banwi ba boyalwa yoa mofine, ka ntlha ea boyalwa yo bo monate; gonne bo kgaocwe mo ganoñ ya lona.” (Yoele 1:5) Mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, bodumedi jwa Labokeresete bo emiseditse melaometheo e e phepa ya boitsholo ya Lefoko la Modimo ka mekgwa ya lefatshe ya go leseletsa dilo. Go tshela kafa mekgweng ya lefatshe go ile ga lebega go le monate mo bodumeding jwa maaka le mo baeteledipeleng ba jone, mme abo ba ile ba tsenwa ke malwetsi a mantsi jang ne a mmele le a semoya ka ntlha ya seo! Jaaka go tlhalositswe mo go Tshenolō 17:16, 17, mo bogautshwaneng “boikutlō” jwa Modimo e tla nna gore mebuso ya bopolotiki e tlhasele mmuso otlhe wa bodumedi jwa maaka, Babelona O Mogolo, e bo e mo thubaganye. Ke gone e tla reng a bona ditshwetso tsa ga Jehofa di diragadiwa mo go ene, a tla “kubugañ” mo maibing a gagwe a go tagwa.

“Batho ba Chaba E Kgolo E E Thata”

13. Ke jang lesogodi la tsie le lebegang okare ‘le legolo ebile le maatla’ mo go Labokeresete?

13 Moperofeti wa ga Jehofa o tswelela pele a tlhalosa lesogodi leno la tsie a re ke “batho ba chaba e kgolo e e thata,” mme le lebega fela jalo mo go Babelona O Mogolo. (Yoele 2:2) Ka sekai, baruti ba gagwe ba ngongoregela gore madumedi a Labokeresete a paletswe ke go nna le maloko kwa Japane e e tletseng Bobuda. Mme lefa go ntse jalo, gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba Majapane ba feta 160 000 ba saila mo nageng eo ebile ba tshwara dithuto tsa Bibela le batho mo magaeng a feta 200 000 a batho ba koo. Kwa Italy Basupi ba ga Jehofa ba ba 180 000 jaanong ba itsewe e le bone ba bobedi ka palo ba fetwa ke Bakotiliki fela. Ramaemo mongwe mo kerekeng ya Roma Katoliki kwa Italy o ne a ngongoregela gore Basupi ba ga Jehofa ba tsaya ‘bobotlana Makatoliki a a ikanyegang a le 10 000’ go tswa mo kerekeng ngwaga le ngwaga, mme seo ga se a ka sa thusa sepe.a Basupi ba itumelela go amogela batho ba ba ntseng jalo.—Isaia 60:8, 22.

14, 15. Yoele o tlhalosa lesogodi la tsie jang, mme seno se ile sa diragadiwa jang gompieno?

14 Fa e tlhalosa lesogodi la tsie la Basupi ba ba tloditsweng, Yoele 2:7-9 e bolela jaana: “Ba taboga yaka batho ba ba nonohileñ; ba palama lorakō yaka batlhabani; me ba tsamaèle goñwe botlhe mo ditseleñ tsa bōnè, ga ba hapane mo thulaganoñ ea bōnè. Le gōna moñwe ga a kgorometse eo moñwe; ba tsamaèla goñwe, moñwe le moñwe mo tseleñ ea gagwè, [mme lefa bangwe ba ka wela le eleng mo dibolaong, ba bangwe ga ba tswe mo tseleng, NW]. Ba tlolèle mo motsiñ; ba taboge mo godimo ga lorakō; ba palamèle mo matluñ; ba tsène kaha diponiñ yaka legodu.”

15 A setshwantsho se se phepafetseng eleruri sa ntwa ya batlodiwa ba seka “tsie,” ba jaanong ba patilweng ke badirimmogo le bone ba feta dimilione tse nne, ba dinku di sele! Ba ka se ka ba kgorelediwa ke “lebota” lepe la go tlhoiwa ka ntlha ya bodumedi. Ba “tswelela pele ba tsamaya sentle mo thulaganyong yone e” ka bopelokgale, ya go neela bosupi phatlalatsa le ditiro tse dingwe tsa Bokeresete. (Bapisa Bafilipi 3:16, NW.) Go na le go ineela, ba ntse ba iketleeditse go swa, jaaka Basupi ba ba diketekete bao ba neng ba ‘wela mo dibolaong’ ka gonne ba ne ba gana go galaletsa Hitler wa Mokatoliki wa Jeremane ya Ba-Nazi. Lesogodi la tsie le ile la neela bosupi ka botlalo mo “motsiñ” wa Labokeresete, ba tlolaganya dikgoreletsi tsotlhe, ba tsenelela jaaka legodu mo magaeng, jaaka go ka tualo, fa ba ntse ba gasa dikgatiso tsa Bibela di le dibilionebilione mo tirong ya bone ya ka ntlo le ntlo. Jehofa o rata gore go neelwe bosupi jono, mme ga go na nonofo epe kwa legodimong lefa e le mo lefatsheng eo e ka bo thibelang.—Isaia 55:11.

“Ba Tladiwa Mōea O O Boitshèpō”

16, 17. (a) Mafoko a a mo go Yoele 2:28, 29 a ne a diragadiwa leng ka tsela e e tlhomologileng? (b) Ke mafoko afe a boperofeti jwa ga Yoele ao a neng a se ka a diragadiwa ka botlalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

16 Jehofa o bolelela Basupi ba gagwe jaana: “Lo tla itse ha ke le mo gare ga Iseraela [wa semoya], le go re, ke Yehofa Modimo oa lona, me go bo go sena opè o sele.” (Yoele 2:27) Batho ba gagwe ba ne ba simolola go lemoga selo se se botlhokwa thata seno fa Jehofa a ne a simolola go diragatsa mafoko a gagwe a a mo go Yoele 2:28, 29 a a reng: “Go tla dihala moragō ga mo, go re, ke tla thèla mōea oa me mo bathuñ botlhe; me bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tla perofesa.” Seno se ne sa diragala ka Pentekosete ya 33 C.E., fa barutwa ba ga Jesu bao ba neng ba kopane mmogo ba ne ba tlodiwa “mme botlhe ba tladiwa Mōea o o Boitshèpō.” Ba ne ba rera ka nonofo ya moya o o boitshepo, mme ka lone letsatsi leo le le lengwe fela ‘ba ne ba okediwa ka batho ba ka nna makgolo a le masome mararo.’—Ditihō 2:4, 16, 17, 41.

17 Petere gape o ne a tsopola Yoele 2:30-32 mo tiragalong eo e e itumedisang: “Ke tla bōnatsa dikgakgamaco mo magodimoñ le mo lehatshiñ, madi, le molelō, le dithogomosi tsa mosi. Letsatsi le tla hetolwa lehihi, le kgwedi madi, pele motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa o e se o tle. Me go tla dihala, go re, leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya ga Yehofa o tla gololwa.” Karolo ya mafoko ano e ne ya diragadiwa fa Jerusalema e ne e senngwa ka 70 C.E.

18. Tiragatso e kgolwane ya ga Yoele 2:28, 29 e ne ya simolola go diragala leng?

18 Lefa go ntse jalo, Yoele 2:28-32 e ne e santse e tla diragadiwa gape. Eleruri, boperofeti jono bo ile jwa diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang fa e sale go tloga ka September 1919. Ka nako eo go ne ga tshwarwa kopano e e tlhomologileng ya batho ba ga Jehofa kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A. Go ne go bonala ka phepafalo gore moya wa Modimo o ne o le gone, mme batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ba ne ba tlhotlhelediwa go simolola tiro ya go neela bosupi mo lefatsheng lotlhe eo e tsweletseng pele go fitlha le mo motlheng wa rona. Abo seno se ne sa felela ka koketsego e kgolo jang ne! Palo ya batho ba ba fetang 7 000 bao ba neng ba le gone kwa kopanong eo ya Cedar Point e tlhatlogetse go ba le 10 650 158 bao ba neng ba le gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu ka March 30, 1991. Mo go bano, ba ba neng ba ipolela e le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba le 8 850 fela. Abo ba ipela thata jang ne fa ba bona matswela mo lefatsheng lotlhe ao a tlisiwang ke moya o o maatla wa ga Jehofa!—Isaia 40:29, 31.

19. Ereka letsatsi la ga Jehofa le le gaufi, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ikutlwa jang?

19 “Motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa” o o tla thubaganyang tsamaiso ya ga Satane ya dilo o fela fa gaufi. (Yoele 2:31) Se se itumedisang ke gore, “leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya Morèna o tla bolokwa.” (Ditihō 2:21) Seo se tla direga jang? Moaposetoloi Petere o re bolelela gore “letsatsi ya Morèna le tla tla yaka legodu” a bo a oketsa ka go re: “Ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo, lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya Modimo.” Fa re nna re gakologetswe gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi, gape re tla itumelela go bona tsholofetso ya ga Jehofa ya “magodimo a masha le lehatshe ye lesha” tsa tshiamo e diragadiwa.—2 Petere 3:10-13.

[Ntlha e e kwa tlase]

a La Repubblica ya kwa Roma, kwa Italy, November 12, 1985, le La rivista del clero italiano, May 1985.

A O Ka Tlhalosa?

◻ “Motlha oa ga Yehofa” ke eng?

◻ ‘Mofine wa lefatshe’ o tla robiwa jang, mme ka ntlha yang?

◻ Petso ya tsie e ile ya gobatsa Labokeresete jang fa e sale go tloga ka 1919?

◻ Moya wa ga Jehofa o ne wa tshololelwa mo bathong ba gagwe jang ka 33 C.E., mme gape le ka 1919?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela