LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 5/1 ts. 13-19
  • Ke Mang Yo o Tla “Falolang”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Yo o Tla “Falolang”?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditiragatso Tse Pedi Tsa Boporofeti
  • Re Bitsa Jang Leina la ga Jehofa?
  • Paradaise ya Semoya
  • Bokhutlo Jwa Tsamaiso ya Dilo
  • Buka ya Bibela ya bo 29—Yoele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Tlhaselo e e Tswang Kwa Bokone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Go Itshokela Diteko go Dirile Gore re Ikanye Jehofa Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Nnang Lo Gakologetswe Letsatsi la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 5/1 ts. 13-19

Ke Mang Yo o Tla “Falolang”?

“Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” —DITIRO 2:21.

1. Ke ka ntlha yang fa Pentekosete wa 33 C.E. e ne e le letsatsi le le botlhokwatlhokwa mo hisitoring ya lefatshe?

PENTEKOSETE ya 33 C.E. e ne e le letsatsi le le botlhokwatlhokwa mo hisitoring ya lefatshe. Ka ntlha yang? Ka gonne ka letsatsi leo go ne ga tsholwa setšhaba se sesha. Sa ntlha, e ne e se setšhaba se segolo thata—barutwa ba le 120 fela ba ga Jesu ba ba neng ba phuthegetse mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema. Mme gompieno, fa bontsi jwa ditšhaba tse di neng di le teng ka nako eo di setse di lebetswe, setšhaba se se neng sa tsholwa mo phaposing e e kwa godimo eo se sa ntse se na le rona. Ntlha eno e botlhokwa thata mo go rona rotlhe, ka gore setšhaba seno ke se se tlhomilweng ke Modimo gore e nne mosupi wa gagwe mo bathong.

2. Ke ditiragalo dife tsa kgakgamatso tse di ileng tsa tshwaya go tsholwa ga setšhaba se sesha?

2 Fa setšhaba se sesha seo se simolola go nna teng, go ne ga diragala dilo tse di botlhokwa tse di neng di diragatsa mafoko a boporofeti jwa ga Joele. Re bala jaana ka ditiragalo tseno mo go Ditiro 2:2-4: “Ka tshoganyetso ga utlwala modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang, mme wa tlala ka ntlo yotlhe e ba neng ba ntse mo go yone. Mme ba bona diteme tse e keteng tsa molelo mme tsa gasanngwa, mme e le nngwe ya nna mo go mongwe le mongwe wa bone, mme botlhe ba tlala moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng, fela jaaka moya o ne o ba naya gore ba bue.” Ka tsela eno banna le basadi bao ba ba ikanyegang ba le 120 ba ne ba nna setšhaba sa semoya, e le maloko a ntlha a se moaposetoloi Paulo a neng a re ke “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 6:16.

3. Ke boporofeti bofe jwa ga Joele jo bo ileng jwa diragadiwa ka Pentekosete ya 33 C.E.?

3 Boidiidi bo ne jwa phuthega go tlhotlhomisa ka “phefonyana e e maatla e e tsubutlang,” mme moaposetoloi Petere a ba tlhalosetsa gore boporofeti bongwe jwa ga Joele bo ne bo diragadiwa. Boporofeti bofe? Reetsa he, gore o ne a reng: “Modimo wa re: ‘Mme mo malatsing a bofelo ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme barwalona le barwadialona ba tla porofeta le makau a lona a tla bona diponatshegelo le bannabagolo ba lona ba tla lora ditoro; le eleng mo batlhankeng ba me ba banna le mo batlhankeng ba me ba basadi ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo malatsing ao, mme ba tla porofeta. Mme ke tla naya dikgakgamatso tse di bolelelang pele isagwe mo legodimong kwa godimo le ditshupo mo lefatsheng kwa tlase, madi le molelo le mouwane wa mosi; letsatsi le tla fetolwa lefifi le ngwedi madi pele ga letsatsi le legolo le le le tlhomologileng thata la ga Jehofa le goroga. Mme mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.’” (Ditiro 2:17-21) Mafoko ano a Petere a a nopotseng a bonwa mo go Joele 2:28-32, mme go diragadiwa ga one go ne go kaya gore setšhaba sa Bajuda se siiwa ke nako. “Letsatsi le legolo le le le tlhomologileng thata la ga Jehofa,” nako ya tatlhego ya Iseraele yo o sa ikanyegeng e ne e atametse. Mme ke mang yo o neng a tla bolokiwa, kana a falola? Mme seno se ne se tshwantshetsa eng?

Ditiragatso Tse Pedi Tsa Boporofeti

4, 5. Ka ntlha ya ditiragalo tse di tlang, Petere o ne a neela kgakololo efe, mme ke ka ntlha yang fa kgakololo eo e dira le morago ga motlha wa gagwe?

4 Mo dingwageng tse di neng di latela 33 C.E., Iseraele wa semoya wa Modimo o ne a atlega, mme setšhaba sa tlholego sa Iseraele se ne se sa atlege. Ka 66 C.E., Iseraele wa tlholego o ne a lwa le Roma. Ka 70 C.E., Iseraele o ne a batla a sa tlhole a le teng mme Jerusalema le tempele ya yone e ne ya fisiwa gore e se tlhole e bonala. Ka Pentekosete ya 33 C.E., Petere o ne a neela kgakololo e e molemo a akantse ka bomadimabe joo jo bo tlang. O ne a bolela jaana gape fa a ne a nopola Joele: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” Mojuda mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go dira tshwetso ka boene go bitsa leina la ga Jehofa. Seno se ne se akaretsa go tsaya tsia ditaelo tse dingwe tseno tsa ga Petere: “Ikotlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete gore lo itshwarelwe maleo a lona.” (Ditiro 2:38) Bareetsi ba ga Petere ba ne ba tshwanetse go amogela Jesu yo Baiseraele jaaka setšhaba ba mo ganneng e le Mesia.

5 Mafoko ao a boporofeti a ga Joele a ne a na le bokao jo bogolo mo bathong ba ba pelonomi mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Le fa go ntse jalo, a na le bokao jo bogolo le go feta gompieno ka gonne, jaaka ditiragalo tsa lekgolo la dingwaga la bo20 di supa, go ne ga nna le tiragatso ya bobedi ya boporofeti jwa ga Joele. A re bone gore jang.

6. Iseraele wa Modimo o ne a simolola go bonala sentle jang fa 1914 e atamela?

6 Fa baaposetoloi ba sena go swa, Iseraele wa Modimo o ne a hupediwa ke mefero ya Bokeresete jwa maaka. Le fa go ntse jalo, ka nako ya bofelo, e e neng ya simologa ka 1914, setšhaba seno sa semoya se ne sa bonala sentle gape. Seno sotlhe e ne e le go diragadiwa ga setshwantsho sa ga Jesu sa korong le mefero. (Mathaio 13:24-30, 36-43) Fa 1914 e ne e ntse e atamela, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba simolola go ikgaoganya le Labokeresete yo o sa ikanyegeng, ba gana dithuto tsa gagwe tsa maaka ka bopelokgale e bile ba rera ka bokhutlo jo bo tlang jwa “dinako tse di tlhomilweng tsa merafe.” (Luke 21:24) Mme ntwa ya lefatshe ya ntlha, e e neng ya tlhagoga ka 1914, e ne ya tsosa dikgang tse ba neng ba sa di ipaakanyetsa. Kafa tlase ga kgatelelo e kgolo, ba le bantsi ba ne ba ngodiega, mme bangwe ba ne ba ineela. Ka 1918 tiro ya bone ya go rera e ne e emisitse gotlhelele.

7. (a) Ke tiragalo efe e e tshwanang le ya Pentekosete ya 33 C.E. e e neng ya diragala ka 1919? (b) Go simologa ka 1919, go tshololelwa ga moya wa Modimo go ne ga ama batlhanka ba ga Jehofa jang?

7 Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa tsaya sebaka. Go simologa ka 1919, Jehofa o ne a simolola go tshololela moya wa gagwe mo bathong ba gagwe ka tsela e e neng e ba gakolola Pentekosete ya 33 C.E. Gone mme, ka 1919 go ne go sa buiwe ka diteme e bile go ne go se na phefonyana e e maatla e e tshubutlang. Go ya ka mafoko a ga Paulo a a kwadilweng mo go 1 Bakorintha 13:8 re tlhaloganya gore nako ya dikgakgamatso e ne e fetile bogologolo. Le fa go ntse jalo, moya wa Modimo o ne o bonala sentle ka 1919 fa, kwa kopanong e kgolo kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba tsosolosiwa mme ba simolola gape tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka 1922 ba ne ba boela Cedar Point mme ba rotloediwa ka boikuelo jo bo reng “Itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa gagwe.” Jaaka go ne go diragetse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, lefatshe le ne la patelesega go tlhokomela se go tshololwa ga moya wa Modimo go neng go se dira. Mokeresete mongwe le mongwe yo o ineetseng—monna le mosadi, mogolo le mosha—ba ne ba simolola go “porofesa,” e leng go bolela “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditiro 2:11) Jaaka Petere, ba ne ba kgothaletsa ba ba pelonomi jaana: “Bolokwang mo kokomaneng eno e e kgopameng.” (Ditiro 2:40) Batho ba ba arabelang ba ne ba ka dira seo jang? Ka go tsaya tsia mafoko a ga Joele a a mo go Joele 2:32: “Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la ga Jehofa o tlaa gololwa.”

8. Dilo di ne tsa tswelela pele jang mo go Iseraele wa Modimo fa e sale ka 1919?

8 Fa e sale ka dingwaga tseo tsa bogologolo, ditiro tsa Iseraele wa Modimo di ile tsa tswelela pele. Go bonala fa go kaniwa ga batlodiwa go tsweletse pele thata mme fa e sale ka bo1930 go ne ga bonala boidiidi jo bogolo jwa ba ba pelonomi ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. (Tshenolo 7:3, 9) Botlhe ba bona gore dilo di potlakile, ka gonne tiragatso ya bobedi ya ga Joele 2:28, 29 e supa gore re gaufi le letsatsi le legolo le go feta le le boitshegang la ga Jehofa, fa tsamaiso eno ya dilo ya bodumedi jwa lefatshe lotlhe, bopolotiki le ya kgwebo e tla bo e senngwa. Re na le lebaka le le utlwalang la go ‘bitsa leina la ga Jehofa’ re na le tumelo e e nonofileng ya gore o tla re golola!

Re Bitsa Jang Leina la ga Jehofa?

9. Dingwe tsa dilo tse di akarediwang mo go bitseng leina la ga Jehofa ke dife?

9 Ke eng se se akarediwang mo go bitseng leina la ga Jehofa? Se se buiwang mo go Joele 2:28, 29 se re thusa go araba potso eo. Ka sekai, Jehofa ga a reetse mongwe le mongwe yo o mmitsang. Jehofa o ne a bolelela Iseraele jaana ka moporofeti yo mongwe e bong Isaia: “E tlaa re lo huporolola diatla tsa lona ke tlaa lo ipipela matlho; ee, e tlaa re lo dira merapelo e le mentsi, ga nketla ke utlwa.” Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a gana go utlwa setšhaba sa gagwe? Ene ka boene o tlhalosa jaana: “Diatla tsa lona di tladikilwe madi thata.” (Isaia 1:15) Jehofa ga a kitla a utlwa ope yo o nang le molato wa madi kana yo o dirang boleo. Ke ka lebaka leo Petere a neng a bolelela Bajuda ka Pentekosete gore ba ikwatlhaye. Mo go se se buiwang mo go Joele 2:28, 29, re bona gore Joele le ene o ne a gatelela boikwatlhao. Ka sekai, re bala jaana mo go Joele 2:12, 13: “‘Le gompieno,’ go bua Jehofa, ‘retologelang mo go nna ka pelo yotlhe, le ka go ikitsa go ja, le ka go lela, le ka go hutsafala. Lo ikgagole dipelo, e seng diaparo, lo retologele mo go Jehofa Modimo wa lona, gonne o pelontle, o tletse bopelotlhomogi, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko.’” Go simologa ka 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba dira tumalanong le mafoko ano. Ba ne ba ikwatlhaela ditlhaelo tsa bone mme ba ititaya sehuba gore le ka motlha ba ka se tlhole ba ineela kana ba ngodiega. Seno se ne sa bula tsela ya gore moya wa Modimo o tshololwe. Mongwe le mongwe yo o batlang go bitsa leina la ga Jehofa mme a batla go utlwiwa o tshwanetse go dira se se tshwanang.

10. (a) Boikwatlhao jwa mmatota ke eng? (b) Jehofa o itshwara jang malebana le boikwatlhao jwa mmatota?

10 Gakologelwa, go ikwatlhaya ka mmatota go feta go bolela fela o re, “Ke maswabi.” Baiseraele ba ne ba tle ba ikgagole diaparo go supa boteng jwa maikutlo a bone. Mme Jehofa o bolela jaana: “Lo ikgagole dipelo, e seng diaparo.” Go ikwatlhaya ga mmatota go tswa mo pelong, go tswa mo botennyeng jwa rona. Go akaretsa go tlogela go dira diphoso, fela jaaka fa re bala jaana mo go Isaia 55:7: “A moikepi a latlhe tsela ya gagwe, le motho yo o sa siamang kgopolo tsa gagwe; a a boele kwa go Jehofa.” Go akaretsa go ila boleo jaaka Jesu a ne a dira. (Bahebera 1:9) Morago ga foo, re tshepa gore Jehofa a re itshwarele mo motheong wa setlhabelo sa thekololo ka gonne Jehofa o “pelontle, o tletse bopelotlhomogi, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko.” O tla amogela kobamelo ya rona, tshupelo ya rona ya boupe le tshupelo e e nowang ya semoya. O tla reetsa fa re bitsa leina la gagwe.—Joele 2:14.

11. Kobamelo ya boammaaruri e tshwanetse go tsaya boemo bofe mo matshelong a rona?

11 Mo Therong ya mo Thabeng, Jesu o ne a bua sengwe se se tshwanetseng go gakologelwa, fa a ne a bolela jaana: “Jalo, nnang lo senke pele bogosi le tshiamo ya gagwe.” (Mathaio 6:33) Kobamelo ya rona ga e a tshwanela go tsewa motlhofo, jaaka sengwe se re se dirang fela go ikgolola re se dira fela go ritibatsa digakolodi tsa rona. Go direla Modimo go tshwanetse ga tla pele mo botshelong jwa rona. Ka jalo, ka Joele, Jehofa o tswelela pele go bolela jaana: “Letsang lonaka mo Sione . . . phuthang batho, itshepiseng phuthego, phuthang banna bagolo, phuthang banyana, le ba ba anyang mabele. A monyadi a tswe mo ntlwaneng ya gagwe, le monyadwi mo borobalong jwa gagwe.” (Joele 2:15, 16) Ke ga tlholego fela gore batho ba ba sa tswang go nyalana ba iteege tsebe, ba tlhokomelana bone fela. Mme le mo go bone, go direla Jehofa go tshwanetse go tla pele. Ga go na sepe se se tshwanetseng go tla kwa pele ga go phuthegela Modimo wa rona, re bitsa leina la gagwe.

12. Mo pegong ya Segopotso ya ngogola go bonala go ka nna le koketsego efe?

12 Re sa ntse re akantse ka seno, a re sekasekeng dipalo tse di senotsweng ke Pego ya Ngwaga wa Tirelo ya Basupi ba ga Jehofa ya 1997. Ngogola go ne ga nna le tlhora ya baboledi ba Bogosi ba le 5599 931—boidiidi jo bogolo tota jwa babaki! Palo ya ba ba nnileng teng kwa Segopotsong e ne e le 14 322 226—mo e ka nnang dimilione di le robedi le sephatlo go feta palo ya baboledi. Palo eo e supa gore go ka nna le koketsego e e itumedisang. Bontsi jwa dimilione di le robedi le sephatlo ba setse ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa e le batho ba ba kgatlhegang kana e le bana ba batsadi ba ba kolobeditsweng. Bontsi bo ne bo simolola go nna teng kwa dipokanong ka lekgetlho la ntlha. Go nna teng ga bone go ne ga naya Basupi ba ga Jehofa sebaka se se molemo sa gore ba ba itse botoka le go ithaopa go ba thusa go gatela pele. Mo godimo ga moo, go ne go na le ba ba nnang teng kwa Segopotsong ngwaga le ngwaga mme gongwe ba nna teng le kwa dipokanong tse dingwe di le mmalwa, mme ba sa dire kgatelo pele epe. Mme gone, ba ba ntseng jalo re ba amogela ka matsogo oomabedi gore ba nne teng kwa dipokanong. Mme re ba kgothaletsa go tlhatlhanya mafoko a ga Joele a boporofeti ka kelotlhoko mme ba akanyetse gore ba tshwanetse go tsaya dikgato dife tse dingwe gore ba tlhomamisege gore Jehofa o tla ba utlwa fa ba bitsa leina la gagwe.

13. Fa re setse re bitsa leina la ga Jehofa, re na le boikarabelo bofe mo go ba bangwe?

13 Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela karolo e nngwe ya go bitsa leina la Modimo. Mo lekwalong le a neng a le kwalela Baroma, o ne a nopola mafoko a ga Joele a boporofeti: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” Morago ga foo a akantsha jaana: “Ba tla bitsa jang yo ba sa bayang tumelo mo go ene? Le gone, ba tla baya tumelo jang mo go yo ba sa utlwang ka ene? Le gone, ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang?” (Baroma 10:13, 14) Ee, ba bangwe ba le bantsi ba go fitlha le jaanong ba iseng ba itse Jehofa ba tshwanetse go bitsa leina la gagwe. Ba ba setseng ba itse Jehofa ba na le boikarabelo e seng fela jwa go rera mme gape le go ba fitlhelela le go ba thusa.

Paradaise ya Semoya

14, 15. Batho ba ga Jehofa ba itumelela masego afe a paradaise ka ntlha ya go bitsa leina la gagwe ka tsela e e mo kgatlhang?

14 Ke ka tsela eo batlodiwa mmogo le dinku tse dingwe ba lebang dilo ka yone, mme ka ntlha ya moo, Jehofa o a ba segofatsa. “Jehofa a hufanela lefatshe la gagwe, a tlhomogela batho ba gagwe pelo.” (Joele 2:18) Ka 1919, Jehofa o ne a tlhagafalela le go tlhomogela batho ba gagwe pelo fa a ne a ba busetsa le go ba tsenya mo tirong ya gagwe ya semoya. Eno eleruri ke paradaise ya semoya, e e tlhalosiwang sentle ke mafoko ano a ga Joele: “O se ka wa boifa, wena lefatshe, ipele o itumele; gonne Jehofa o dirile dilo tse dikgolo. Lo se ka lwa boifa lona diphologolo tsa naga; gonne mafulo a naga a a tlhoga, gonne setlhare se a ungwa, ditlhare tsa mofeige le tsa mafine di ntsha thata ya tsone. Ke gone, ipeleng lona bana ba Sione, lo itumele mo go Jehofa Modimo wa lona; gonne o lo naya pula ya sephai ka selekanyo se se siameng, o lo nesetsa pula, pula ya sephai le pula ya kgogolammoko ka kgwedi ya ntlha. Dibopi di tlaa tlala mabele, le didibeletso di tlaa penologa bojalwa jwa mofine le lookwane.”—Joele 2:21-24.

15 A bo e le setshwantsho se se itumedisang jang ne! Ba ne ba fiwa dilo tse tharo tse ba neng ba di dirisa thata mo botshelong kwa Iseraele—korong, lookwane lwa motlhware le bojalwa jwa mofine—mmogo le metlhape e mentsi. Mo motlheng wa rona mafoko ao a boporofeti a diragadiwa ka tsela ya semoya tota. Jehofa o re neela dijo tsotlhe tsa semoya tse re di tlhokang. A ga re itumele rotlhe go bo Modimo a re naya dilo tse dintsi jaana? Eleruri, jaaka Malaki a boleletse pele, Modimo wa rona o ‘re buletse dikgoro tsa legodimo, le go re goromeletsa lesego le go se kitlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le baya.’—Malaki 3:10.

Bokhutlo Jwa Tsamaiso ya Dilo

16. (a) Go tshololwa ga moya wa ga Jehofa go kaya eng mo motlheng wa rona? (b) Isagwe e re tsholetse eng?

16 E ne e le fa Joele a sena go bolelela pele ka boemo jwa paradaise ya batho ba Modimo fa a ne a porofeta ka go tshololwa ga moya wa ga Jehofa. Fa Petere a ne a nopola boporofeti jono ka Pentekosete, o ne a re bo diragaditswe mo “malatsing a bofelo.” (Ditiro 2:17) Go tshololwa ga moya wa Modimo ka nako eo go ne go kaya gore malatsi a bofelo a tsamaiso ya dilo ya Sejuda a ne a simologile. Go tshololelwa ga moya wa Modimo mo go Iseraele wa Modimo mo lekgolong la dingwaga la bo20 go kaya gore re tshela mo malatsing a bofelo a tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya dilo. Ka ntlha ya seno, isagwe e re tsholetse eng? Boporofeti jwa ga Joele bo tswelela pele go re bolelela jaana: “Ke tlaa bonatsa dikgakgamatso mo magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo, le dithogomosi tsa mosi. Letsatsi le tlaa fetolwa lefifi le kgwedi madi, pele motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle.”—Joele 2:30, 31.

17, 18. (a) Ke letsatsi lefe le le boitshegang la ga Jehofa le le ileng la wela Jerusalema? (b) Go tlhomama ga letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa la isagwe go re tlhotlheletsa go dira eng?

17 Ka 66 C.E., mafoko ano a boporofeti a ne a simolola go diragala mo Judea fa ditiragalo di ntse di diragala kwantle ga go emisa go ya kwa setlhoeng sa letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa ka 70 C.E. A bo go tshosa jang ne go nna fa gare ga ba ba sa tlotlomatseng leina la ga Jehofa ka nako eo! Gompieno, ditiragalo tse di tshosang fela jalo di tla tloga di diragala, fa Jehofa a tla bo a senya tsamaiso yotlhe ya lefatshe leno ya dilo. Le fa go ntse jalo, go falola go sa ntse go ka kgonega. Boporofeti bo tswelela pele ka go bolela jaana: “Go tlaa dirala go re, le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la ga Jehofa o tlaa gololwa; gonne mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema go tlaa nna ba ba falolang, jaaka Jehofa a buile, le mo masaleleng go tlaa nna bone ba Jehofa o ba bitsang.” (Joele 2:32) Basupi ba ga Jehofa ba leboga tota go bo ba itse leina la ga Jehofa mme ba na le tshepo e e tletseng ya gore o tla ba boloka fa ba bitsa leina la gagwe.

18 Le fa go ntse jalo, go tla diragala eng fa letsatsi la ga Jehofa le legolo le le boitshegang le tlhasela lefatshe leno ka bogale jwa lone lotlhe? Seo se tla sekasekiwa mo setlhogong se se ithutiwang sa bofelo.

A o A Gakologelwa?

◻ Jehofa o ne a tshololela moya wa gagwe leng la ntlha mo bathong ba gagwe?

◻ Ke dilo dingwe dife tse di akarediwang mo go bitseng leina la ga Jehofa?

◻ Letsatsi la ga Jehofa le legolo le le le boitshegang le ile la wela Iseraele wa tlholego leng?

◻ Jehofa o segofatsa jang ba ba bitsang leina la gagwe gompieno?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go ne ga tsholwa setšhaba se sesha ka Pentekosete ya 33 C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Pelenyana mo lekgolong leno la dingwaga, Jehofa o ne a tshololela moya wa gagwe gape mo bathong ba gagwe go diragatsa Joele 2:28, 29

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Batho ba tshwanetse go thusiwa go bitsa leina la ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela