Letsatsi la ga Jehofa le Atametse
“Utlwang se, lona bannabagolo, lo sekegeng tsebe, lona banni botlhe ba lefatshe!”—JOELE 1:2.
1, 2. Ke ka ntlha ya boemo bofe kwa Juda Jehofa a ileng a tlhotlheletsa Joele go bolela boporofeti jwa gagwe jo bo nonofileng?
“IJA we! A letsatsi le legolo! Gonne letsatsi la ga Jehofa le atametse, le tlaa tla jaaka tshenyo e e tswang kwa go Mothatayotlhe.” A bo e le kitsiso e e gakgamatsang jang ne! E ne e le molaetsa wa Modimo o moporofeti wa gagwe Joele a neng a o neela batho ba gagwe.
2 Mafoko ao a a mo go Joele 1:15 a ne a kwalwa kwa Juda, gongwe e le mo e ka nnang ka ngwaga wa 820 B.C.E. Dithabana tse ditala tse di tlhogang dimela di ne di kgabisa naga ka nako eo. Maungo le mabele a ne a le mantsi. Mafulo a ne a le magolo e bile a le matala. Le fa go ntse jalo, sengwe se ne se le phoso fela thata. Kobamelo ya ga Baale e ne e gola thata kwa Jerusalema le kwa nageng ya Juda. Batho ba ne ba nna le seabe mo meletlong ya boitlhapediso jwa botagwa fa pele ga modimo ono wa maaka. (Bapisa 2 Ditirafalo 21:4-6, 11.) A Jehofa o ne a tla letla dilo tseno tsotlhe gore di tswelele pele?
3. Jehofa o ne a tlhagisa ka eng, mme ditšhaba di tshwanetse go baakanyetsa eng?
3 Buka ya Baebele ya ga Joele ga e re tlogele re na le pelaelo malebana le karabo ya seno. Jehofa Modimo o ne a tla tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe le go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo. Letsatsi le legolo la ga Jehofa le ne le atametse. Morago ga foo Modimo o ne a tla atlhola ditšhaba tsotlhe kwa “molapong wa ga Jehošafate.” (Joele 3:12) A ba ipaakanyetse go lwa le Mothatayotlhe, Jehofa. Le rona re lebane le letsatsi le legolo la ga Jehofa. Ka jalo a re sekasekeng ka kelotlhoko mafoko a boporofeti jwa ga Joele mo motlheng wa rona le mo nakong e e fetileng.
Go Tlhasela ga Ditshenekegi
4. Tiragalo e Joele a tlhagisitseng ka yone e tla nna bogolo jo bo kana kang?
4 Jehofa o bolela jaana ka moporofeti wa gagwe: “Utlwang se, lona bannabagolo, lo sekegeng tsebe, lona banni botlhe ba lefatshe! A selo se, se kile sa nna mo metlheng ya lona, kgotsa mo metlheng ya borraeno? Bolelelang bana ba lona ka ga sone, a bana ba lona ba bolelele bana ba bone, mme bana ba bone ba bolelele kokomana e nngwe.” (Joele 1:2, 3) Bannabagolo le batho botlhe ba ne ba ka solofela sengwe se se iseng se ko se direge mo motlheng wa bone kana mo metlheng ya borrabone. E ne e tla nna selo se se gakgamatsang thata jaana mo e leng gore se ne se tla bolelelwa le kokomana ya boraro! Tiragalo e e sa tlwaelegang eno e ne e le eng? Gore re tle re bone, a re ipone re le mo motlheng wa ga Joele.
5, 6. (a) Tlhalosa petso e Joele a e porofetang. (b) Motswedi wa petso eo e ne e le mang?
5 Reetsa! Joele o utlwa sengwe se kurutla kgakajana. Legodimo le a fifala mme modumo o o tshosang oo o a oketsega fa go ntse go nna lefifi. Morago ga foo go tlhaga leru le e keteng ke mosi. Ke lesogodi la dimilione tsa ditshenekegi. A bo di senya thata jang ne! Jaanong akanya ka Joele 1:4. Ditshenekegi tse di tlhaselang ga se ditsie fela tse di nang le diphuka tse di fudugang. Nnyaa! Gape go tla lesomo le legolo le le bolailweng ke tlala la tsie e e gagabang e e se nang diphuka. Ditsie tseno di goroga ka tshoganyetso di tlisiwa ke phefo, mme modumo wa tsone o ntse jaaka wa dikara tsa ntwa. (Joele 2:5) Ka ntlha ya tsela e di jang thata ka yone, dimilione tsa tsone di ka fetola lefelo le le tshwanang le paradaise go nna naga fela.
6 Tse dingwe gape tse di fudugang ke diboko—di le mo seemong sa dibokwana tsa motoutwane le dirurubele. Masomosomo a magolo a diboko a kgona go fetsa matlhare a dijalo a a ja a iketlile, letlhare ka letlhare, go fitlha dijalo di sala di obotswe botala jwa tsone. Mme bontsi jwa se di se tlogelang, se jewa ke ditsie. Mme se ditsie di se tlogelang, mafele a a tsamayang ka lobelo lo logolo a tlile go se feleletsa. Mme ela seno tlhoko: Mo go Joele kgaolo 2 temana 11, Modimo o tlhalosa mophato wa ditsie e le “ntwa ya gagwe.” Ee, e ne e le ene Motswedi wa petso ya ditsie e e neng e tla senya naga le go baka leuba le le boitshegang. Leng? Pele fela ga “letsatsi la ga Jehofa.”
“Kubugang, Matagwa ke Lona”!
7. (a) Boemo jwa baeteledipele ba bodumedi ba Juda e ne e le bofe? (b) Baeteledipele ba Labokeresete gompieno ba mo boemong jo bo tshwanang le jwa baeteledipele ba bodumedi ba Juda jang?
7 Setlhopha sengwe se segolo se se nyatsegang sa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba tlhaolwa fa go bolelwa taolo eno: “Kubugang, matagwa ke lona, lo lele; bokolelang lona lotlhe banwi ba bojalwa jwa mofine, ka ntlha ya bojalwa jo bo monate; gonne bo kgaotswe mo ganong la lona.” (Joele 1:5) Ee, matagwa a semoya a Juda a ne a bolelelwa gore a ‘kubuge,’ gore a tlhapologelwe. Mme o se ka wa akanya gore seno ke hisitori fela ya bogologolo. Gone jaanong, pele ga letsatsi le legolo la ga Jehofa, baruti ba Labokeresete ba tletse ka bojalwa jo bo monate ka tsela ya tshwantshetso mo e leng gore ga ba kgone le go lemoga kgalemelo eno e e tswang go Mogodimodimo. A bo ba tla gakgamala jang ne fa ba tsosiwa mo tshereanong ya bone ya botagwa jwa semoya ke letsatsi le legolo le le boitshegang la ga Jehofa!
8, 9. (a) Joele o tlhalosa jang ditsie le matswela a petso ya tsone? (b) Gompieno, ke bomang ba ba emelwang ke ditsie?
8 Bona lesomosomo le legolo la ditsie! “Morafe mongwe o o thata, o o se nang palo, o tsile mo lefatsheng la me; meno a one ke meno a tau, o na le meno a lotlhaa a tau e tona. O kgakgabaditse mofine wa me, o kgobotse feige ya me makwati, o e kgoboletse ruri, o e latlhile, dikala tsa yone di ditshweu. Hutsafala jaaka lekgarebana le le itlamileng ka letsela la kgetse, le hutsafalela monna wa borweetsana jwa lone.”—Joele 1:6-8.
9 A jono ke boporofeti fela jwa “morafe” wa ditsie, losogodi lwa ditsie tse di tlhaselang Juda? Nnyaa, go kaya se se fetang seo. Mo go Joele 1:6 le Tshenolo 9:7, batho ba Modimo ba emelwa ke ditsie. Lesomosomo la ditsie la motlha wa segompieno ga se ope fa e se masole a ditsie tse di tloditsweng tsa ga Jehofa, tse jaanong di nang le ba bangwe ba ba ka nnang 5600 000 ba “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu. (Johane 10:16) A ga o itumele go nna karolo ya bontsi jo bogolo jono jwa baobamedi ba ga Jehofa?
10. Matswela a petso ya tsie ke eng kwa Juda?
10 Mo go Joele 1:9-12, re bala ka dilo tse petso ya tsie e di dirang. Masaisai a tsone a swafatsa lefatshe ka go latelana. E re ka baperesiti ba ba sa ikanyegeng ba se na korong, bojalwa jwa mofine le lookwane, ga ba kgone go tswelela pele ka ditiro tsa bone. Tota le lefatshe le a hutsafala, ka gonne ditsie di sentse korong ya lone, mme ditlhare tsa maungo di tlogetswe di sena maungo. E re ka ditlhare tsa mofine di senyegile, banwi ba ba feteletseng bao ba bojalwa ba ga Baale ba gape e neng e le matagwa a semoya ga ba tlhole ba na le beine.
“Lo Hutsafale Lona Baperesiti”
11, 12. (a) Ke bomang ba ba iphakang go nna baperesiti ba Modimo gompieno? (b) Petso ya tsie ya segompieno e ama jang baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete?
11 Reetsa molaetsa wa Modimo o a o neelang baperesiti ba ba fapogileng bao: “Itlameng ka letsela la kgetse, lo hutsafale lona baperesiti; bokolelang lona badiredi ba sebeso.” (Joele 1:13) Fa boporofeti jwa ga Joele bo diragadiwa la ntlha, baperesiti ba Balefi ba ne ba direla kwa sebesong. Mme go tweng ka ga tiragatso ya yone ya bofelo? Gompieno, baruti ba Labokeresete ba itseetse thata ya go direla mo sebesong sa Modimo, ba iphaka go nna badiredi ba gagwe, “baperesiti” ba gagwe. Le fa go ntse jalo, go diragala eng gone jaanong e re ka ditsie tsa Modimo tsa motlha wa segompieno di tsweletse?
12 Fa “baperesiti” ba Labokeresete ba bona batho ba ga Jehofa ba dira tiro ya bone mme ba utlwa tlhagiso ya bone ya katlholo ya Modimo, ba a gakala. Ba hutsafala ba gaketse e bile ba le bogale ka ntlha ya tshenyo e e maswemaswe e molaetsa wa Bogosi o e dirang mo go bone. Mme ba bokolela fa metlhape ya bone e ba tlogela. E re ka ba amogilwe mafulo a bone, a ba nne bosigo jotlhe ka letsela la kgetse, ba hutsafalela go latlhegelwa ke lotseno lwa bone. Go ise go ye kae, ba tla latlhegelwa le ke ditiro tsa bone! E bile tota, Modimo o ba bolelela gore ba hutsafale bosigo jotlhe ka gonne phediso ya bone e gaufi.
13. A Labokeresete e le setlhopha e tla arabela tlhagiso ya ga Jehofa sentle?
13 Go ya ka Joele 1:14, tsholofelo yosi e ba nang le yone e ikaegile ka gore ba ikwatlhaye le go “biletsa kwa go Jehofa.” A re ka solofela gore setlhopha sotlhe sa baruti ba Labokeresete se sokologele kwa go Jehofa? Le e seng! Go ka nna ga nna le bangwe mo go bone ba ba ka utlwang tlhagiso ya ga Jehofa. Mme boemo jwa leuba la semoya la baeteledipele bano ba bodumedi le balatedi ba bone e le setlhopha bo tla tswelela. Moporofeti Amose o ne a bolelela pele jaana: “‘Bonang metlha e etla,’ go bua Morena Modimo: ‘Ke tlaa tsosa leuba mo lefatsheng, e seng leuba la dijo le fa e le lenyora la metsi, fa e se leuba la go utlwa lefoko la ga Jehofa.’” (Amose 8:11) Mo letlhakoreng le lengwe, a bo rona re itumelela mokete o mogolo wa semoya jang ne o Modimo a re o nayang ka lorato ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela”!—Mathaio 24:45-47.
14. Petso ya tsie ke moetapele wa eng?
14 Petso ya ditsie e ne e le, e bile ke moetapele wa sengwe. Wa eng? Joele o re bolelela ka phepafalo ka go bolela jaana: “Ija we! A letsatsi le legolo! Gonne letsatsi la ga Jehofa le atametse, le tlaa tla jaaka tshenyo e e tswang kwa go Mothatayotlhe.” (Joele 1:15) Ditlhaselo tse di dirwang mo lefatsheng lotlhe ke lesomosomo la ditsie la Modimo gompieno go supa sentle gore letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa le atametse. Eleruri, botlhe ba ba dipelo tse di siameng ba lebeletse letsatsi le le kgethegileng leo la katlholo fa Modimo o atlhola ba ba boikepo mme Jehofa a bo a fenya jaaka Mogodimodimo wa Lobopo lotlhe.
15. Ka ntlha ya boemo jo bo hutsafatsang jwa naga, ba ba utlwang ditlhagiso tsa Modimo ba itshwara jang?
15 Jaaka Joele 1:16-20 e bontsha, dijo di ne tsa fedisiwa kwa Juda wa bogologolo. Le boitumelo fela jalo. Mabolokelo a ne a swafadiwa, le mabeelo a tshwanelwa gore a senngwe. E re ka go ne go se na mafulo ka go bo ditsie di ne di tlhotlhorile naga dijalo tsa yone, metlhape e ne e tsamaya fela e sa itse koo e yang teng mme metlhape ya dinku e ne ya swa. A bo e ne e le masetlapelo a magolo jang ne! Gareng ga maemo a a ntseng jalo, go tweng ka Joele? Go ya ka temana 19, o ne a bolela jaana: “Jehofa, ke goela koo go wena.” Le gompieno, ba le bantsi ba tsaya ditlhagiso tsa Modimo tsia mme ba goela kwa go Jehofa Modimo ka tumelo.
“Motlha wa ga Jehofa o Etla”
16. Ke ka ntlha yang fa “banni botlhe ba lefatshe” ba tshwanetse go roroma?
16 Reetsa taolo eno e e tswang go Modimo: “Letsang lonaka mo Sione, lo openg mokgosi wa tshoso mo thabeng ya me e e boitshepo; a banni botlhe ba lefatshe ba rorome.” (Joele 2:1) Ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go itshwara jalo? Boporofeti bo araba jaana: “Gonne motlha wa ga Jehofa o etla, gonne o fa gaufi. Motlha wa lefifi le letobo, motlha wa maru le lefifi le le kwenneng, jaaka bosa fa bo sel[e] le dithaba.” (Joele 2:1, 2) Go na le go potlaka ga mmatota go go amanang le letsatsi le legolo la ga Jehofa.
17. Lefatshe le batho ba Juda ba ne ba amiwa jang ke petso ya tsie?
17 A o ko o akanye ka tsela e ponatshegelo ya moporofeti e amang ka gone fa ditsie tse di setlhogo di fetola se e keteng tshimo ya Edena go nna naga e e swafetseng. Utlwa tlhaloso ya lesomosomo la ditsie: “Ponalo ya bone e ntse jaaka ponalo ya dipitse; ba bile ba taboga jaaka bapalami ba dipitse. Go tlola ga bone go ntse jaaka modumo wa dikara, mo godimo ga dithaba go ntse jaaka modumo wa kgabo ya molelo fa e ja dirite, jaaka batho ba ba thata fa ba abetswe go tlhabana. Ditšhaba di mo tlalelong e e mahehe ka ntlha ya bone; difatlhogo tsotlhe di khwatile.” (Joele 2:4-6) Ka nako ya petso ya ditsie mo motlheng wa ga Joele, botlhoko jwa baobamedi ba ga Baale bo ne jwa oketsega, mme maikutlo a go tlhobaela a ne a bonala mo difatlhegong tsa bone.
18, 19. Gompieno tiro ya batho ba Modimo e tshwana jang le petso ya tsie?
18 Go ne go se na sepe se se ka emisang ditsie tse di rulagantsweng sentle, tse di sa lapeng. Di ne di taboga “jaaka batho ba ba nonofileng” di bile di palama le dithako. Fa ‘dingwe tsa tsone di sotlhomela mo dibolaong, tse dingwe di ne di sa kgaogane mo go sepeleng ga tsone.’ (Joele 2:7, 8) A bo e le tsela e e phepafetseng jang ne ya go tshwantshetsa mophato wa tshwantshetso wa ditsie tsa motlha wa segompieno tsa Modimo! Gompieno le gone, mophato wa ditsie tsa ga Jehofa o nna o gatela pele. Ga go na “lorako” lope lwa kganetso lo lo ba kgoreletsang. Ga ba latlhe bothokgami jwa bone mo Modimong go na le moo ba ikemiseditse go lebana le loso, jaaka go dirile Basupi ba le diketekete ba ba ileng ba ‘sotlhomela mo dibolaong’ ka ntlha ya go gana go galaletsa Hitler ka nako ya puso ya Jeremane ya Bonasi.
19 Mophato wa motlha wa segompieno wa ditsie wa Modimo o neetse bosupi jo bo feletseng mo “motseng” wa Labokeresete. (Joele 2:9) Ba dirile jalo mo lefatsheng lotlhe. Ba sa ntse ba fenya dikgoreletsi, ba tsena mo matlong a a dimilione, ba atamela batho mo mebileng, ba bua le bone mo founong le go ikgolaganya le bone ka tsela epe fela e e ka kgonegang fa ba ntse ba bolela molaetsa wa ga Jehofa. Eleruri, ba anamisitse dikgatiso tsa Baebele di le dimilione di le dikete mme ba sa ntse ba tla anamisa di le dintsi, di le dintsi thata mo bodireding jwa bone jo bo sa feleng—phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.—Ditiro 20:20, 21.
20. Ke mang yo o tshegetsang ditsie tsa segompieno, mme ka matswela afe?
20 Joele 2:10 e bontsha gore lesogodi le legolo la ditsie le ntse jaaka leru le le ka sirang letsatsi, ngwedi le dinaledi. (Bapisa Isaia 60:8.) A go na le pelaelo epe ya gore ke mang yo o tlhotlheletsang ntwa eno? Mo godimo ga modumo wa ditshenekegi, re utlwa mafoko ano a ga Joele 2:11: “Jehofa o ntsha lentswe la gagwe fa pele ga ntwa ya gagwe; gonne ntwa ya gagwe e e tlhaolelang e kgolo thata; gonne go thata yo o dirafatsang lefoko la gagwe. Gonne motlha wa ga Jehofa o mogolo, o boitshega thata; mme e mang yo o ka o itshokelang?” Ee, Jehofa Modimo o romela ntwa ya gagwe ya ditsie gone jaanong—pele ga letsatsi la gagwe le legolo.
“Jehofa ga a Bonya”
21. Go tla diragala eng fa ‘letsatsi la ga Jehofa le tla jaaka legodu’?
21 Jaaka Joele, moaposetoloi Petere o ne a bua ka letsatsi le legolo la ga Jehofa. O ne a kwala jaana: “Letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu, le mo go lone magodimo a tla fetang ka modumo o o sumang, mme dilo tse di a bopang e re ka di tla bo di le mogote mo gogolo di tla nyerologa, mme lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa.” (2 Petere 3:10) Kafa tlase ga tlhotlheletso ya ga Satane Diabolo, mebuso e e bosula ya “magodimo” e busa “lefatshe” e leng batho ba ba sa itseng Modimo. (Baefeso 6:12; 1 Johane 5:19) Magodimo le lefatshe leno la tshwantshetso ga di kitla di falola mogote wa bogale jwa Modimo ka nako ya letsatsi le legolo la ga Jehofa. Go na le moo, a tla emisediwa ke “magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:13.
22, 23. (a) Re tshwanetse go itshwara jang ka ntlha ya go bontsha ga ga Jehofa bopelotelele ka boutlwelobotlhoko? (b) Re tshwanetse go itshwara jang ka ntlha ya go atamela ga letsatsi la ga Jehofa?
22 Ka ntlha ya dilo tsotlhe tsa segompieno tse di itayang tsebe le tse di lekang tumelo, re ka nna ra se ka ra bona kafa metlha ya rona e potlakileng ka gone. Mme jaaka ditsie tsa tshwantshetso di ntse di tswelela pele, batho ba le bantsi ba utlwa molaetsa wa Bogosi. Le fa Modimo a dumeletse nako ya gore seno se diragale, ga re a tshwanela go tlhakanya bopelotelele jwa gagwe le bonya. “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.”—2 Petere 3:9.
23 Fa re ntse re letile letsatsi le legolo la ga Jehofa, a re tseyeng tsia mafoko ano a ga Petere a a kwadilweng mo go 2 Petere 3:11, 12: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo bolokile gaufi mo mogopolong go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa, le mo go lone magodimo ka a tla bo a le mo molelong a tla nyerologang le dilo tse di a bopang ka di tla bo di le mogote mo gogolo di tla tlhaologang!” Ditiro tseno ruri di akaretsa gore re tsamaisane le mophato wa ditsie tsa ga Jehofa ka go nna le seabe sa ka metlha le ka tsela e e mosola mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi pele ga bokhutlo bo tla.—Mareko 13:10.
24, 25. (a) O tsibogela jang tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong ya mophato wa tsie ya ga Jehofa? (b) Joele o botsa potso efe e e botlhokwa?
24 Mophato wa ditsie wa Modimo o ka se ka wa emisa tiro ya one go fitlha letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa le simologa. Go nna gone fela ga mophato ono wa ditsie tse di ka se kang tsa emisiwa ke bosupi jo bo gakgamatsang jwa gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi. A ga o itumele go dira mmogo le ditsie tse di tloditsweng tsa Modimo le ditsala tsa tsone mo tlhaselong ya bofelo pele ga letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa?
25 A bo letsatsi la ga Jehofa le tla nna legolo jang ne! Ga go gakgamatse go bo go bodiwa potso eno: “E mang yo o ka [le] itshokelang?” (Joele 2:11) Potso eno le tse dingwe tse dintsi di tla sekasekiwa mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.
A o Ka Tlhalosa?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a tlhagisa ka petso ya ditshenekegi e e neng e tla wela Juda?
◻ Mo go diragadiweng ga segompieno ga boporofeti jwa ga Joele, ditsie tsa ga Jehofa ke bomang?
◻ Baeteledipele ba Labokeresete ba itshwara jang ka ntlha ya petso ya tsie, mme bangwe ba bone ba ka falola jang matswela a yone?
◻ Petso ya tsie e nnile kgolo go le kana kang mo lekgolong la bo20 la dingwaga, mme e tla tswelela pele go fitlha leng?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Petso ya ditshenekegi e ne e le moetapele wa sengwe se se maswe le go feta
[Motswedi wa Setshwantsho]
Barren tree: FAO photo/G. Singh
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Jehofa Modimo ke ene motswedi wa petso ya segompieno ya tsie
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
Locust: FAO photo/G. Tortoli; locust swarm: FAO photo/Desert Locust Survey