LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 22 ts. 142-148
  • Ijoo wa Ntlha—Tsie

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ijoo wa Ntlha—Tsie
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sebetso sa Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
  • Sebetso sa Tsie Gompieno
  • Tsie Eo e E Tlhokofatsang!
  • Tsie e Tlhomeletse go ya Ntweng
  • Go Tlhokomedisiwa Babusi ba Lefatshe
  • Tlhaselo e e Tswang Kwa Bokone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Letsatsi la ga Jehofa le Atametse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Nako ya Modimo ya Katlholo a Gorogile
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 22 ts. 142-148

Kgaolo 22

Ijoo wa Ntlha—Tsie

1. Go latelang fa baengele ba gelebetegisa diterompeta, mme go gelebetega ga terompeta ya botlhano go itsise eng?

MOENGELE wa botlhano o ipaakanyetsa go letsa terompeta ya gagwe. Go setse go ledile diterompeta di le nnè tsa selegodimo, mme nngwetharong ya lefatshe e Jehofa a e lebang e na le mokgobo go feta tsotlhe tse dingwe—eleng dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete—e setse e iteilwe ka dipetso di le nnè. Boemo jwa gagwe jwa go lwalela la go swa bo senotswe. Fa baengele ba gelebetegisa diterompeta, go latela batho ba ba opang mokgosi mo lefatsheng. Jaanong terompeta ya botlhano ya moengele e tloga e itsise ijoo wa ntlha, yo o tshosang le eleng go gaisa se se setseng se diragetse. O tshwantshiwa le sebetso se se boifisang sa tsie. Le fa go le jalo, a pele re tlhatlhobiseng dikwalo tse dingwe tse di tla re thusang go tlhaloganya sebetso seno botoka.

2. Ke buka efe ya Baebele e e tlhalosang sebetso sa tsie se se tshwanang le se Johane a se bonang, mme se ne sa ama jang Iseraele wa bogologolo?

2 Lokwalo lwa Baebele lwa Joele, lo lo kwadilweng mo lekgolong la borobongwe la dingwaga B.C.E., lo tlhalosa sebetso sa ditshenekegi go akareletsa le tsie, e e tshwanang le e Johane a e bonang. (Joele 2:1-11, 25)a E ne e tshwanetse go tlhokofatsa Iseraele wa motenegi mme gape e ne e tla felela ka go ikotlhaya le go boela mo kamogelong ya ga Jehofa ga Bajuda motho ka bongwe. (Joele 2:6, 12-14) Fa nako eo e goroga, Jehofa o ne a tla tshololela moya wa gagwe mo “nameng ya mofuta mongwe le mongwe,” fa ditshupo tse di boifisang le dikgakgamatso tse dikgolo di ne di tla etelela pele ‘go tla ga letsatsi le legolo e bile le boitshega thata la ga Jehofa.’—Joele 2:11, 28-32.

Sebetso sa Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

3, 4. (a) Go ne ga diragadiwa Joele kgaolo 2 leng, mme jang? (b) Ke jang go neng ga nna le sebetso se se tshwanang le lesogodi la tsie mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., mme sebetso seo se ne sa tswelela lobaka lo lo kae?

3 Go ne ga nna le tiragatso ya Joele kgaolo 2 mo lekgolong la ntlha la dingwaga. E ne ya nna gone ka nako eo, eleng ka Pentekosete ya 33 C.E., moya o o boitshepo o neng wa tshololwa, o tlotsa Bakeresete ba ntlha o bile o ba nonotsha go bua “dilo tse dikgolo tsa Modimo” ka dipuo tse dintsi. Ka ntlha ya moo, go ne ga phuthega boidiidi jo bogolo jwa batho. Moaposetoloi Petere o ne a bua le babogedi bao ba ba neng ba gakgametse, a nopola Joele 2:28, 29 a bile a tlhalosa gore ba ne ba iponela ka matlho tiragatso ya yone. (Ditiro 2:1-21) Mme ga go na pego epe ya sebetso sa ditshenekegi tsa mmatota ka nako eo, tse di neng di tlhokofatsa bangwe di bile di dira gore ba bangwe ba ikotlhae.

4 A mme go ne ga nna le sebetso sa tshwantshetso mo metlheng eo? Ee ruri! Se ne sa tla ka ntlha ya go rera kwantle ga go kgaotsa ga Bakeresete ba ba neng ba sa tswa go tlodiwa.b Ka bone, Jehofa o ne a laletsa Bajuda ba ba neng ba tla reetsa gore ba ikotlhae ba bo ba ipelele masego a a tswang kwa go ene. (Ditiro 2:38-40; 3:19) Batho ka bongwe ba ba neng ba arabela ba ne ba bona le kamogelo ya gagwe ka selekanyo se segolo. Mme mo go ba ba neng ba gana taletso eo, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba nna jaaka lesogodi la tsie e e senyang. Go simolola mo Jerusalema, ba ne ba anamela kwa Judea yotlhe le Samarea. Mo nakong e khutshwane fela ba ne ba setse ba le gongwe le gongwe, ba tlhokofatsa Bajuda ba ba sa dumeleng ka go bolela phatlalatsa tsogo ya ga Jesu, le sotlhe se seno se neng se se kaya. (Ditiro 1:8; 4:18-20; 5:17-21, 28, 29, 40-42; 17:5, 6; 21:27-30) Sebetso seo se ne sa tswelela go fitlha mo ‘letsatsing le le boitshegang,’ ka 70 C.E., fa Jehofa a ne a lere masole a Roma kgatlhanong le Jerusalema go tla go mo senya. Ke fela Bakeresete ba ka tumelo ba neng ba bitsa leina la ga Jehofa ba neng ba bolokwa.—Joele 2:32; Ditiro 2:20, 21; Diane 18:10.

Sebetso sa Tsie Gompieno

5. Polelelopele ya ga Joele e ne ya diragadiwa jang fa esale ka 1919?

5 Ka mo go utlwalang, re ka lebelela gore polelelopele ya Joele e tla nna le tiragatso ya bofelo mo motlheng wa bokhutlo. A bo seno se itshupile se le boammaaruri jang ne! Kwa kopanong ya Baithuti ba Baebele ya kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., ya September 1-8, 1919, go tshololwa ga moya wa ga Jehofa mo go tlhomologileng go ne ga tlhagafaletsa batho ba gagwe go rulaganyetsa tlhabano ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Mo bathong botlhe ba ba neng ba ipolela fa ba le Bakeresete, e ne ya nna bone ba le bosi, ka ba ne ba dumela gore Jesu o ne a tlhomilwe mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi ya selegodimo, ba neng ba se ka ba ipona tsapa go bolela dikgang tseo tse di molemo mo lefatsheng ka bophara. Go rera ga bone kwantle ga go kgaotsa, e le fa ba diragatsa polelelopele, go ne ga nna jaaka sebetso se se tlhokofatsang mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa botlhanogi.—Mathaio 24:3-8, 14; Ditiro 1:8.

6. (a) Johane o ne a bona eng fa moengele wa botlhano a ne a letsa terompeta ya gagwe? (b) “Naledi” eno e tshwantshetsa mang, mme ka ntlha yang?

6 Tshenolo e e kwadilweng dingwaga di ka nna 26 morago ga go senngwa ga Jerusalema, le yone e tlhalosa sebetso seo. E oketsa tlhaloso ya ga Joele ka eng? A re lebeng pego, jaaka e kwadilwe ke Johane: “Mme moengele wa botlhano a letsa terompeta ya gagwe. Mme ka bona naledi e e neng e wetse mo lefatsheng e tswa legodimong, mme a newa selotlolo sa khuti ya molete o o se nang bolekanngo.” (Tshenolo 9:1) “Naledi” eno e farologane le ya Tshenolo 8:10 eo Johane a neng a e bona e sa ntse e wa. O bona “naledi e e neng e wetse mo lefatsheng e tswa legodimong” mme jaanong e na le kabelo mo lefatsheng leno. A seno ke motho wa semoya kana wa senama? Motho yo go tweng o tshotse “selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo” moragonyana o tlhalosiwa a latlhela Satane mo “moleteng o o se nang bolekanngo.” (Tshenolo 20:1-3) Jalo e tshwanetse ya bo e le motho yo o maatla wa semoya. Mo go Tshenolo 9:11, Johane o re bolelela gore tsie e na le ‘kgosi e e e okametseng, moengele wa molete o o se nang bolekanngo.’ Ditemana tseno ka bobedi di tshwanetse tsa bo di bua ka motho a le mongwe fela, e re ka go utlwala gore moengele yo o tshotseng selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo e tla nna moengele wa molete o o se nang bolekanngo. Mme naledi e tshwanetse ya bo e tshwantshetsa Kgosi e e tlhomilweng ke Jehofa, e re ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba amogela Kgosi e le nngwe fela ya moengele, e bong Jesu Keresete.—Bakolosa 1:13; 1 Bakorintha 15:25.

7. (a) Go diragala eng fa “molete o o se nang bolekanngo” o bulwa? (b) “Molete o o se nang bolekanngo” ke eng, mme ke bomang ba ba nnang nako e khutshwane mo go one?

7 Pego eo e a tswelela: “Mme a bula khuti ya molete o o se nang bolekanngo, mme mosi wa tlhatloga o tswa mo khuting jaaka mosi wa bokepiso jo bogolo, mme letsatsi, le moya, tsa fifadiwa ke mosi wa khuti. Mme tsie ya tswela mo lefatsheng e tswa mo mosing; e ne ya newa taolo, taolo e e tshwanang le e diphepheng tsa lefatshe di nang le yone.” (Tshenolo 9:2, 3) Go ya ka Dikwalo, “molete o o se nang bolekanngo” ke lefelo la go sa dire, le eleng loso. (Bapisa Baroma 10:7; Tshenolo 17:8; 20:1, 3.) Setlhopha se sebotlana sa bomonnawe Jesu se ne sa senya nako e khutshwane mo ‘moleteng oo o o se nang bolekanngo’ wa go sa direng mo go tshwanang kwa bokhutlong jwa ntwa ya lefatshe ya ntlha (1918-1919). Mme fa Jehofa a ne a tshololela moya wa gagwe mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikotlhaileng ka 1919, ba ne ba oketsega go diragatsa kgwetlho ya tiro e ba neng ba tshwanetse go e dira.

8. Go tla jang gore go bulelwa ga tsie go patiwe ke “mosi” o montsi?

8 Jaaka Johane a tlhalosa, go bulelwa ga tsie go patilwe ke mosi o montsi, o o tshwanang le “mosi wa bokepiso jo bogolo.”c Ke gone kafa go neng ga supega go ntse ka teng ka 1919. Dilo di ne tsa fifalela dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete le lefatshe ka kakaretso. (Bapisa Joele 2:30, 31.) Go bulelwa ga tsie eo, e bong setlhopha sa Johane, tota e ne e le go fenngwa ga baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, ba ba neng ba logile maano ba bile ba rulaganyeditse go fedisetsa ruri tiro ya Bogosi le ba jaanong ba neng ba gana Bogosi jwa Modimo. Bosupi jo bo tshwanang le mosi o montsi bo ne jwa simolola go apesa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa motlhanogi jaaka fa setlhopha seo sa tsie se ne se neelwa taolo ya bomodimo mme se simolola go e dirisa mo go boleleng melaetsa e e maatla ya katlholo. “Letsatsi” la dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete—go bonala ga tsone jaaka tse di nayang tshedimosetso—le ne la fifala, mme “moya” o ne wa tlala dipolelo tsa katlholo ya bomodimo jaaka fa go ne go bontshiwa gore “mmusi wa taolo ya moya” ya lefatshe leno e ntse ke modimo wa dikereke tseno tse di ipitsang tsa Bokeresete.—Baefeso 2:2; Johane 12:31; 1 Johane 5:19.

Tsie Eo e E Tlhokofatsang!

9. Tsie e ne ya amogela ditao dife tsa ntwa?

9 Tsie eo e ne ya amogela ditao dife tsa ntwa? Johane o bega jaana: “Mme e ne ya bolelelwa gore e se ka ya gobatsa dimela dipe tsa lefatshe le fa e le selo sepe se se tala le fa e le setlhare sepe, fa e se fela batho ba ba se nang lotshwao lwa Modimo mo diphatleng tsa bone. Mme tsie e ne ya newa gore e se ka ya ba bolaya, mme gore ba tlhokofadiwe dikgwedi di le tlhano, mme tlhokofatso mo go bone e ne e tshwana le tlhokofatso ya phepheng fa e loma motho. Mme mo malatsing ao batho ba tla batla loso mme ga ba na go le bona ka gope, mme ba tla eletsa go swa mme loso lo nna lo ba tshaba.”—Tshenolo 9:4-6.

10. (a) Sebetso se ya kwa go bomang segolo bogolo, mme se ba ama jang? (b) Go kopanyelediwa tlhokofatso ya mofuta ofe? (Bona le mokwalo o o kwa tlase.)

10 Ela tlhoko gore sebetso seno ga se ye pele kwa bathong kana batho ba ba kwa godimo ba bone—e leng ‘dimela le ditlhare tsa lefatshe.’ (Bapisa Tshenolo 8:7.) Tsie e tshwanetse go loma fela batho ba ba se nang lotshwao lwa Modimo mo diphatleng tsa bone, batho ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ba reng ba tshwailwe mme ditiro tsa bone di latofatsa se ba se buang. (Baefeso 1:13, 14) Ka gone, mafoko a a tlhokofatsang a tsie eno ya motlha wa segompieno a ne a ya pele kwa baeteledingpele ba bodumedi ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. A bo banna bano ba ba boikgodiso ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlhokofala jang ne fa ba utlwa go itsisiwe phatlalatsa gore ga ba retelelwe fela ke go etelela pele letsomane la bone go ya kwa legodimong mme bone ka bobone ga ba kitla ba fitlha koo!d Eleruri, e nnile kgang ya ‘motho yo o foufetseng a goga motho yo o foufetseng’!—Mathaio 15:14.

11. (a) Tsie e laolelwa go tlhokofatsa baba ba Modimo ka lobaka lo lo kae, mme ke ka ntlha yang fa seo tota e se nako e khutshwane? (b) Tlhokofatso eo e botlhoko go le kana kang?

11 Tlhokofatso eo e tsaya dikgwedi tse tlhano. A go lebega e le nako e khutshwane? Ga go a nna jalo ka tsie ya mmatota. Dikgwedi tse tlhano ke selekanyo sa botshelo jwa e le nngwe fela ya ditshenekegi tseno. Ka jalo, tsie ya motlha wa segompieno e tswelela ka go loma baba ba Modimo fa fela e ntse e tshela. Mo godimo ga moo, tlhokofatso e botlhoko fela thata mo eleng gore batho ba senka go swa. Ke boammaaruri gore ga re na pego epe ya gore ope fela mo go ba ba lomilweng ke tsie o ne a leka go ipolaya ka tsela ya mmatota. Mme mafoko ao a re thusa go akanyetsa botlhoko jwa tlhokofatso eo—e e tshwanang le go lomelwa ruri ga diphepheng. E tshwana le tlhokofatso e e neng ya bonelwa pele ke Jeremia mo Baiseraeleng bao ba ba neng ba sa ikanyege ba ba neng ba tla phatlaladiwa ke bafenyi ba Bababelona le ba ba neng ba tla bona go le botoka go swa go na le go tshela.—Jeremia 8:3; bona le Moreri 4:2, 3.

12. Ke ka ntlha yang fa tsie e letlelelwa go tlhokofatsa baeteledipele ba bodumedi ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, ka tsela ya semoya, mme e seng go ba bolaya?

12 Ke ka ntlha yang fa e letlelelwa go tlhokofatsa bano, ka tsela ya semoya, mme e seng go ba bolaya? Eno ke ijoo wa ntlha mo go senoleng maaka a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete le go retelelwa ga gagwe, mme e tla nna moragonyana fela, jaaka letsatsi la Morena le ntse le tswelela, go tla anamisiwang ka botlalo seemo sa gagwe sa go swa semoyeng. Nngwetharong ya batho ba tla bolawa ka ijoo wa bobedi.—Tshenolo 1:10; 9:12, 18; 11:14.

Tsie e Tlhomeletse go ya Ntweng

13. Tsie e bopegile jang?

13 A bo tsie eo e na le sebopego se se gakgamatsang jang ne! Johane o e tlhalosa jaana: “Mme ditshwano tsa tsie di ne di ntse jaaka tsa dipitse tse di baakanyeditsweng tlhabano; mo ditlhogong tsa yone go ne go na le se se neng se bonala e le dirwalo tse di tshwanang le gouta, difatlhego tsa yone di ne di tshwana le difatlhego tsa batho, e ne e na le moriri o o tshwanang le moriri wa basadi. Meno a yone a ne a tshwana le a ditau; e ne e na le diiphemelo tsa sehuba di tshwana le diiphemelo tsa sehuba tsa tshipi. Modumo wa diphuka tsa yone e ne e kete modumo wa dikara tsa dipitse di le dintsi di sianela mo tlhabanong.”—Tshenolo 9:7-9.

14. Ke ka ntlha yang fa tlhaloso ya ga Johane kaga tsie e tshwanela setlhopha sa Bakeresete ba ba neng ba tsosolosiwa ka 1919?

14 Seno se tshwantshetsa sentle setlhopha sa Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tsosolositsweng ka 1919. Jaaka dipitse, ba ne ba ipaakanyeditse ntwa, ba tlhagafaletse go tlhabanela boammaaruri ka tsela e e tlhalosiwang ke moaposetoloi Paulo. (Baefeso 6:11-13; 2 Bakorintha 10:4) Mo godimo ga ditlhogo tsa bone Johane o bona se e keteng dirwalo tsa gouta. Go tla bo go sa tshwanele gore ba rwale dirwalo tsa mmatota ka gonne ga ba simolole go busa fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng. (1 Bakorintha 4:8; Tshenolo 20:4) Mme ka 1919 ba ne ba setse ba lebega jaaka dikgosi. Ba ne ba le bomonnawe Kgosi, mme ba ne ba boloketswe dirwalo tsa bone tsa selegodimo fa fela ba ne ba ka tswelela ba ikanyegile go ya bokhutlong.—2 Timotheo 4:8; 1 Petere 5:4.

15. Ke eng se mo tsieng se kaiwang ke (a) seiphemelo sa sehuba sa tshipi? (b) difatlhego tse di tshwanang le tsa batho? (c) moriri o o tshwanang le wa basadi? (d) meno a e keteng a tau? (e) go dira modumo o mogolo?

15 Mo ponatshegelong, tsie e na le diiphemelo tsa sehuba tsa tshipi tse di tshwantshetsang tshiamo e e sa reketleng. (Baefeso 6:14-18) Gape e na le difatlhego tse e keteng tsa batho, sebopego seno se supa nonofo ya lorato, e re ka motho a bopilwe mo setshwanong sa Modimo, yo o lorato. (Genesise 1:26; 1 Johane 4:16) Moriri wa yone o moleele jaaka wa mosadi, se se tshwantshetsang sentle gore ba ineetse mo Kgosing ya bone, e bong moengele wa molete o o se nang bolekanngo. Mme meno a yone a tshwana le meno a tau. Tau e dirisa meno a yone go garola nama. Go simolola ka 1919 go ya pele, ba setlhopha sa Johane gape ba ne ba kgona go ja dijo tse di loileng tsa semoya, segolo bogolo boammaaruri kaga Bogosi jwa Modimo jo bo busiwang ke “Tau e e leng ya lotso lwa Juda,” e bong Jesu Keresete. Fela jaaka tau e tshwantshetsa bopelokgale, jalo bopelokgale jo bogolo bo nnile jwa tlhokega go amogela molaetsa ono o o sa potologeng, go o bolela ka dikgatiso, le go o aba go dikologa lefatshe. Tsie eo ya tshwantshetso e dirile modumo o mogolo, o o tshwanang le “modumo wa dikara tsa dipitse di le dintsi di sianela mo tlhabanong.” Ka ba latela sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ga baa ikaelela go nna ba didimetse.—1 Bakorintha 11:7-15; Tshenolo 5:5.

16. Ke eng se se supiwang ke go bo tsie e na le “megatla le malomo jaaka diphepheng”?

16 Go rera mono go kopanyeletsa se se fetang go buiwa ga lefoko fela! “Gape, e na le megatla le malomo jaaka diphepheng; mo megatleng ya yone go na le taolo ya go utlwisa batho botlhoko dikgwedi di le tlhano.” (Tshenolo 9:10) Seno se ka tswa se kaya eng? Jaaka ba ntse ba tsamaya ba dira tiro ya bone ya Bogosi, Basupi ba ga Jehofa, ka go bua le ka go dirisa dibuka tse di gatisitsweng, ba ntsha mafoko a taolo, ao a theilweng mo Lefokong la Modimo. Molaetsa wa bone o loma jaaka phepheng ka gonne o tlhagisa batho kaga letsatsi le le atamelang la pusoloso ya ga Jehofa. (Isaia 61:2) Pele ga kokomana ya gompieno ya tsie ya semoya e digela botshelo jwa yone, tiro ya yone e e laotsweng ke Modimo ya go bolela dikatlholo tsa ga Jehofa e tla bo e weditswe—se se tla utlwisang batlhapatsi botlhe ba ba thamo e thata botlhoko.

17. (a) Ke eng se se neng sa itsisiwe kwa kopanong ya 1919 ya Baithuti ba Baebele se se neng se tla gotetsa go loma ga go rera ga bone? (b) Baruti ba ile ba tlhokofadiwa jang, mme ba ne ba tsibogela seo jang?

17 Setlhopha seo sa tsie se ne sa itumela fela thata fa makasine o mosha, The Golden Age, o ne o itsisiwe kwa kopanong ya bone ya 1919. E ne e le makasine o o tswang morago ga dibeke dingwe le dingwe tse pedi, o o neng o tshwanetse go oketsa go loma ga go rera ga bone.e Tokololo ya one ya No. 27, ya September 29, 1920, e ne ya senola boitsoketso jwa baruti mo go bogiseng Baithuti ba Baebele kwa United States mo lobakeng lwa 1918-19. Go kgabaganya dingwaga tsa bo1920 go ya go bo1930, The Golden Age e ne ya tlhokofatsa baruti ka ditlhogo tse dingwe tse di lomang le ditshwantsho tse di neng di senola boferefere jwa bone le go sunya nko ga bone mo dipolotiking, mme segolo bogolo ditumalano tsa bone tsa seruti tseo ba neng ba di dirile le babusaesi ba ba-Fascist le ba Banasi. Fa ba tsibogela seno, baruti ba ne ba ‘rera mathata ka taelo’ mme ba rulaganya digopa tsa batho go tlhasela batho ba Modimo.—Pesalema 94:20.

Go Tlhokomedisiwa Babusi ba Lefatshe

18. Tsie e ne ya tshwanelwa ke go dira tiro efe, mme ke eng se se neng sa direga morago ga go gelebetega ga terompeta ya botlhano?

18 Tsie ya motlha wa segompieno e ne e na le tiro e e neng e tshwanetse go e dira. Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ne di tshwanetse go rerwa. Maaka a ne a tshwanetse go senolwa. Dinku tse di latlhegileng di ne di tshwanetse go batliwa. Jaaka tsie e ntse e tsweletse ka ditiro tseno, lefatshe le ne la patelesega go nna sentle le go ela tlhoko. Ba setlhopha sa Johane ba nnile ba tswelela go senola dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete gore di tshwanelwa ke dikatlholo tsa ga Jehofa tse di bogale, ba utlwa go gelebetega ga diterompeta tsa baengele. Fa terompeta ya botlhano e lela, karolo e e kgethegileng ya dikatlholo tseno e ne ya gatelelwa kwa kopanong ya Baithuti ba Baebele kwa London, England, ka May 25-31, 1926. Eno e ne ya bua ka maitlhomo a a reng, “Bosupi mo Babusing ba Lefatshe,” le puo ya phatlalatsa kwa Royal Albert Hall e e neng e re “Lebaka La go Bo Mebuso ya Lefatshe e Thetheekela—Tharabololo,” mafoko otlhe a tseno tsoopedi a gatisiwa mo pampiring e kgolo ya dikgang ya London mo letsatsing le le latelang. Moragonyana, ka dipampitshana, setlhopha sa tsie se ne sa aba lefatshe ka bophara, dikhopi tse di dimilione tse 50 tsa maitlhomo ao—se ruri e neng e le tlhokofatso mo baruting! Dingwaga moragonyana, batho ba England ba ne ba sa ntse ba ntse ba bua kaga go senolwa mono mo go neng go loma.

19. Ke sedirisiwa sefe se sengwe sa ntwa se tsie ya tshwantshetso e neng ya se amogela, mme se ne se reng kaga maitlamo a kwa London?

19 Kwa kopanong eno, tsie ya tshwantshetso e ne ya amogela gape didirisiwa tsa ntwa, se se tlhomologileng thata e le buka e ntšha ya setlhogo se se reng Deliverance. E ne e na le motlotlo wa Dikwalo kaga sesupo se se supang gore puso ya ‘ngwana wa mosimane,’ e bong Bogosi jwa selegodimo jwa ga Keresete, e ne ya tsalwa ka 1914. (Mathaio 24:3-14; Tshenolo 12:1-10) Morago ga moo, e ne ya nopola maitlamo a a neng a gatisiwa kwa London ka 1917 a bo a saenwa ke baruti ba le robedi, ba ba neng ba tlhalosiwa e le “bangwe ba bareri ba bagolo go feta botlhe mo lefatsheng.” Ba ne ba emela dikereke tse dikgolo tsa Porotesetanta—tsa Baptist, Congregational, Presbyterian, Episcopalian, le Methodist. Maitlamo ano a ne a bolela gore “mathata a gompieno a supa bofelo jwa metlha ya Baditšhaba” le gore “go bonala ga Morena go ka nna ga diragala ka nako nngwe le nngwe fela.” Ee, baruti bao ba ne ba lemogile sesupo sa go nna gone ga ga Jesu! Mme a ba ne ba batla go dira sengwe ka gone? Buka ya Deliverance e re itsise jaana: “Karolo e e gakgamatsang thata ya tiragalo eno ke gore bone banna bano ba ba neng ba saena maitlamo ao kwa morago ba ne ba a itatola mme ba gana bosupi jo bo neng bo supa gore re mo bokhutlong jwa lefatshe le mo letsatsing la go nna gone ga bobedi ga Morena.”

20. (a) Baruti ba ikgethetse eng mabapi le setlhopha sa tsie le Kgosi ya bone? (b) Johane o bolela gore setlhopha sa tsie se laolwa ke mang mme leina la gagwe ke mang?

20 Go na le go itsise ka Bogosi jwa Modimo jo bo tlogang bo busa, baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ikgethetse go nna ba lefatshe la ga Satane. Ga ba batle go amana ka gope le setlhopha sa tsie le Kgosi ya bone, bao Johane a tlhalosang jaana ka bone: “E na le kgosi e e e okametseng, moengele wa molete o o se nang bolekanngo. Ka Sehebera leina la gagwe ke Abadona [le le rayang “Tshenyo”], mme ka Segerika leina la gagwe ke Apolione [le le rayang “Mosenyi”].” (Tshenolo 9:11) Jaaka “moengele wa molete o o se nang bolekanngo” le “Mosenyi,” Jesu eleruri o ne a buletse sebetso sa tatlhego mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete. Mme go sa ntse go tla diragala mo go oketsegileng!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bapisa Joele 2:4, 5, 7 (koo ditshenekegi di tlhalosiwang jaaka dipitse, batho, le banna, le tse di dirang modumo o o tshwanang le wa kara) le Tshenolo 9:7-9; gape, bapisa Joele 2:6, 10 (eo e tlhalosang phelelo e e botlhoko ya sebetso sa ditshenekegi) le Tshenolo 9:2, 5.

b Bona setlhogo se se reng “Re Eme re le Seoposengwe Kgatlhanong le Ditšhaba mo Molatswaneng wa Katlholelo” mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya December 1, 1961 (ka Seesemane).

c Ela tlhoko gore lokwalo lono ga lo ka ke lwa dirisiwa go supa gore go ne go na le molelo mo moleteng o o se nang bolekanngo, jaaka e kete molete o o se nang bolekanngo ke dihele tsa molelo tsa mofuta mongwe. Johane o bolela gore o ne a bona mosi o montsho oo o neng o ntse “jaaka,” kana o tshwana le, mosi wa bokepiso jo bogolo. (Tshenolo 9:2) Ga a bege gore o bona dikgabo tsa molelo tsa mmatota mo moleteng oo o o se nang bolekanngo.

d Lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano le tswa mo go ba·sa·niʹzo, le fa gongwe le dirisiwang go kaya tlhokofatso ya mmatota, le fa go ntse jalo, le ka nna la dirisiwa go kaya tlhokofalo ya mogopolo. Ka sekai, mo go 2 Petere 2:8 re utlwa gore Lote ‘o ne a tlhokofatsa moya wa gagwe o o siameng’ ka ntlha ya boikepo joo a neng a bo bona mo Sodoma. Baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa baaposetoloi ba ne ba tlhokofala mogopolo le mororo, legale, e ne e le ka lebaka le le farologaneng gotlhelele.

e Makasine ono, o ne wa fiwa leina le lesha la Consolation ka 1937 le Tsogang! ka 1946.

[Setshwantsho mo go tsebe 143]

Go lediwa ga terompeta ya botlhano go itsise ka ijoo wa ntlha wa tse tharo

[Setshwantsho mo go tsebe 146]

Metswi ya gago e bogale mo pelong ya baba ba Kgosi. (Pesalema 45:5) Setshwantsho se se fa godimo, se se neng se kwadilwe mafoko ano fa tlase, se tshwana le tse dintsi tse di neng tsa gatisiwa ka bo1930 tse di neng tsa loma ‘batho ba ba se nang lotshwao lwa Modimo’

[Ditshwantsho mo go tsebe 147]

Royal Albert Hall, koo buka ya Deliverance e neng ya gololwa teng ga ba ga amogelwa maitlhomo a a neng a re “Bosupi mo Babusing ba Lefatshe”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela