Nako ya Modimo ya Katlholo a Gorogile
“Boihan Modimo, to o nee hgalaledo; gonne nahd ea hatlholo ea ona a tsile.”—TSHENOLO 14:7.
1. Dikgaolo tse di simololang tsa Tshenolo di kopanyeletsa eng?
BUKA ya Tshenolo a na le dipolelelopele tse di kgatlhisang tse di diragadiwang mo motlheng wa rona. Setlhogo se se fetileng se ne sa tlhatlhoba dingwe tsa tsone, go kopanyeletsa le go bulwa ga dikano tse thataro tsa tshwantshetso. Dikano tseno tse di kanolotsweng di ne tsa senola go palama go go senyang ga dipitse tse nne tsa apokalipise mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1; Tshenolo 6:1-8) Di ne tsa re bolelela gape ka bao ba tla busang le Keresete kwa legodimong le bao ba tla falolang ‘pitlagano a kgolo’ go tshelela ruri mo lefatsheng. Dikano tse thataro di bontsha gore ‘nako e e tlhomilweng’ ya Modimo ya go diragatsa katlholo a “tsile.”—Tshenolo 1:3; 7:4, 9-17.
2. Dinaka tse sups tsa tshwantshetso tsa Tshenolō kgaolo 8 di dirisiwa jang?
2 Mme go na le sekano se sengwe gape, eleng sa bosupa. Tshenolo 8:2 a re bolelela seo se senolwang fa se kanololwa: “Me ka bona baengele ba shupa, ba ba tlen ba eme ha pele ga Modimo; me ba newa dinaka di shupa.” Temana ya 6 e bua jaana: “Me baengele ba shupa ba ba chotsen dinaka tse shupa, ba ipaakanyetsa go di letsa.” Mo metlheng ya Bibela, lonaka to ne to lediwa go tshwaya tiragalo ya botlhokwa. Ka tsela e e tshwanang, go lela ga dinaka tseno tse supa go re tlhokomedisa dilo tsa botlhokwa tse di rayang botshelo le loso mo motlheng wa rona. Mme fa baengele ba letsa dinaka tseno, Basupi ba batho ba ba mo lefatsheng ba latela ka go gasa mafoko a botlhokwa ao lonaka longwe le longwe to a goeletsang.
Seo go Lela ga Dinaka go se Bolelang
3. Go lediwa ga dinaka tse supa go kaya eng?
3 Go lela ga dinaka tseno go re gakolola dipetso tseo Jehofa a neng a di tlisetsa Egepeto wa bogologolo. Dipetso tseo a ne a le sesupo sa go atlholwa ga mmuso oo wa ntlha wa lefatshe le bodumedi jwa one jwa maaka ke Jehofa, mme gape di ne tsa bulela batho ba Modimo tsela ya go falola. Ka tsela e e tshwanang, go lediwa ga dinaka tsa Tshenolō ke dipetso tsa segompieno, mme jaanong a le mo lefatsheng lotlhe la ga Satane le mo bodumeding jwa lone jwa maaka. Lefa go le jalo, ga se dipetso tsa mmatota mme ke melaetsa ya sekadipetso ya dikatlholo tsa ga Jehofa. Mme gape di supa le tsela eo batlhanka ba Modimo ba tla falolang ka yone.
4. Go lediwa ga dinaka tse supa mo motlheng wa rona go He ga diragadiwa jang?
4 Go dumalana le go lela ga dinaka tseno tse supa, batho ba ga Jehofa ba ne ba tsaya maitlhomo a a nonofileng kgatlhanong le lefatshe la ga Satane mo dikopanong tse supa tse di kgethegileng tsa ngwaga le ngwaga go tloga ka 1922 go fitlha ka 1928. Go ne ga gasiwa dikaelo tse di dimilione tsa maitlhomo ano. Lefa go ntse jalo, go goelediwa ga melaetsa e e bogale eo ga go a ka ga dirwa fela mo dingwageng tseo, mme go ile ga tswelela go tla go fitlha mo metlheng eno ya bokhutlo. Mme gompieno a bolelwa ka tsela e e nonofileng le go feta ka jaana dimilione tsa ba “boidiidi yo bogolo” di He tsa kopanya mantswe a tsone le setlhopha se sennye sa ba ba tloditsweng ba ba neng ba simolola go rera morago ga Ntwa ya Lefatshe I. (Tshenolō 7:9) Jaanong ngwaga mongwe le mongwe, batho bano ba ba dimilione bao Palo ya bone le nonofo di oketsegang, ba ntse ba bontsha gore lefatshe la ga Satane le atlhotswe.
5. “Ntlha ea seraro” ya lefatshe e e atlholwang pele ke eng, mme ka ntlhayang?
5 Mo go Tshenolō 8:6-12, go lediwa dinaka tsa ntlha tse nne. Sefako, molelo, le madi di a tshololwa, mme di felela ka go senngwa ga “ntlha ea seraro” ya lefatshe. Ke ka ntlhayang fa go umakiwa “ntlha ea seraro” jaaka karolo e e nang le molato mo lefatsheng eo a leng yone e e atlholwang mo go botlhoko pele? Ke ka go bo lefa tsamaiso yotlhe ya ga Satane e le molato mo Modimong, go na le karolo a le nngwe e e leng molato go di gaisa tsotlhe. Ke karolo efe? Ke karolo e e neng ya ipitsa ka leina la ga Keresete—eleng La-Bodumedi. Mme fa a ne a tlelwa ke melaetsa ya katlholo ya ga Jehofa morago ga Ntwa ya Lefatshe I, La-Bodumedi ka nako eo a ne a akareditse karolo ya boraro ya batho.
6. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a tlogeletse La-Bodumedi go senngwa?
6 Ditumelo tsa La-Bodumedi di nnile gone ka ntlha ya botenegi joo bo ileng jwa nna gone mo Bakereseteng ba boammaaruri joo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba bo bolelela pele dingwaga tse 1 900 pele ga foo. (Mathaio 13:24-30; Ditihō 20:29, 30) Baruti ba La-Bodumedi ba ipolela fa a le baruti ba Bokeresete, mme dithuto tsa bone di kgakala le boammaaruri jwa Bibela, mme ditiro tsa bone tse di maswe di ntse di senya leina la Modimo. Go nna ga bone le molato wa madi ka baka la go ema nokeng dintwa mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga go ile ga senolwa. La-Bodumedi ke karolo ya tsamaiso ya ga Satane ya dilo ka botlalo. Ka jalo, o amogela melaetsa e e nonofileng, ya sekadipetso go tswa kwa go Jehofa e e bontshang gore ga a tshwanela go amogelwa ke Modimo. Jehofa o latlhile ntlo ya La-Bodumedi gore a senngwe fela jaaka a ne a dira ka ntlo ya Bajuda mo lekgolong la ntlha la dingwaga!—Mathaio 23:38.
Go Tsosolosediwa go Rera mo Kgolokweng Yotlhe
7, 8. (a) Ke eng seo Tshenolō kgaolo 9 e se senolang ka go lediwa ga lonaka lwa botlhano? (b) Tsie e tshwantshetsa bomang?
7 Moengele wa botlhano o letsa lonaka lwa gagwe mo go Tshenolō 9:1, mme ponatshegelo eo a bontsha naledi nngwe a fologela mo lefatsheng. Naledi eno a tshotse sekopololo ka letsogo. Ka sone o bula molete o mogolo oo go tswaletsweng lesogodi la tsie mo go one. Naledi eno ke Kgosi e e sa tswang go tlhongwa ya selegodimo ya ga Jehofa, ebong Jesu Keresete. Tsie ke batlhanka ba ga Jehofa, bao ba neng ba bogisiwa mme ga ba ga lebega ekete ba tla senyediwa ruri fa baeteledipele ba bone ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ka 1918. Mme Keresete, yoo jaanong a nang le maatla a Bogosi kwa legodimong, o a ba golola gore ba simolole tiro ya go rera mo kgolokweng, seo se gakgamatsang baruti, ba ba neng ba logile maano a go nyeletsa tiro ya bone.—Mathaio 24:14.
8 Tsie a tlhalosiwa ka tsela eno mo go Tshenolō 9:7: “Me popego ea tsie ea bo a chwana yaka ea dipitse tse di baakanyedicwefi ntwa; me mo tlhogofi tsa eona ga bo go le ekete dirwalo tse di chwanan le gouda, me sehatlhogo sa eona sa bo se nntse yaka ekete sehatlhogo sa motho.” Temana ya 10 a oketsa jaana: “Me a na le megatla e e nntsen yaka ea diphephefi le dipolela.” Tsie eno a tshwantshetsa masalela a a tsosolositsweng a baruaboswa ba Bogosi bao ba boetseng gape mo tlhabanong ya semoya go tloga ka 1919 go ya pele. Ka ba filwe nonofo gape, ba He ba bolela melaetsa e e lomang ya Modimo ya katlholo, segolo bogolo kgatlhanong le La-Bodumedi e e boikepo.
9, 10. (a) Go lediwa ga lonaka lwa borataro go senola eng? (b) Ke bomang ba ba kopanyelediwang mo dimireateng tse di maatla tsa dipitse?
9 Morago ga foo, moengele wa borataro o letsa lonaka lwa gagwe. (Tshenolō 9:13) Seno se senola go gololwa ga masomosomo a bapagami ba dipitse. Temana ya bo-16 a bolela gore palo ya bone ke ‘dimireate tse pedi tsa dimireate,’ eleng dimilione tse 200! Mme ba tlhalosiwa jaana mo ditemaneng tsa 17 le 19: “Ditlhogo tsa dipitse tsa bo di nntse yaka ditlhogo tsa ditau; me go cwa mo ganofi ya cona molelo, le mosi, le sulefura . . . megatla ea cona a chwana le dinoga.” Masomosomo ano a tswelela pele kafa tlase ga kaelo ya ga Kgosi, Keresete Jesu. Mme abo seno a le pono e e tshosang jang ne!
10 Ke eng seo dipitse tse di nonofileng tseno di se emelang? Ereka palo ya tsone a le dimilione, ga di kake tsa bo di emela fela masalela a a tloditsweng, ao jaanong go setseng a a ka nnang 8 800 fela mo lefatsheng. Dipitse tse di dimireate tseno di tshwanetse tsa bo di kopanyeletsa “boidiidi yo bogolo” jwa Tshenolō kgaolo 7, joo bo nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Mo Bibeleng, lefoko “mireate” gantsi le kaya palo a kgolo e e sa feleng. Ka jalo, dipitse tseno tsa tshwantshetso di tla akareletsa le palo e e fokotsegang ya batlodiwa mme eseng fela palo e e oketsegang gape le mantswe a a dimilione a “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tseo di tsweledisang tiro e e simolotsweng ke masalela a a tloditsweng a sekatsie.—Yohane 10:16.
11. Ke ka ntlhayang fa go ka twe ‘thata ya dipitse e mo melomong ya tsone,’ mme di ‘senya ka megatla ya tsone’ jang?
11 Tshenolō 9:19 a bua jaana: “Thata ea dipitse tse a mo ganofi ya cona,” mme “di utlwis[a] botlhoko ka [megatla ya tsone].” Ke ka tsela efe thata ya tsone a leng mo melomong ya tsone? Ke ka go bo batlhanka ba ga Jehofa ba He ba rutiwa ka moo ba ka rerang melaetsa ya gagwe ya katlholo ka gone ka taolo ka masomesome a dingwaga ka molomo mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo le mo dipokanong tse dingwe. Mme ba utlwisa botlhoko ka megatla ya bone ka tsela efe? Ka go gasa dikete tsa dimilione tsa dikgatiso tse di thailweng mo Bibeleng mo lefatsheng lotlhe, ka jalo ba tlogela melaetsa e e lomang kgatlhanong le lefatshe la ga Satane. Masomosomo ano a bapagami ba dipitse tsa ntwa eleruri a lebega jaaka dimireate tsa dimireate, mo babeng ba one.
12. Ke eng seo tsie ya tshwantshetso le dipitse di tshwanetseng go tswelela go se dira, mme ka matswela afe?
12 Ka jalo, tsie ya tshwantshetso le dipitse di tshwanetse go bolela ka melaetsa ya ga Jehofa ya katlholo ka lentswe le le phepa le le utlwalang jaaka letsatsi la gagwe la ipusolosetso le atamela. Melaetsa eo ke mafoko a a molemo go gaisa mo lefatsheng, mo go ba ba pelo di ikanyegang. Mme go bao ba ratang lefatshe la ga Satane, ke mafoko a a bosula, ka go bo a kaya gore lefatshe la bone le tla tloga le senngwa.
13. “Tatlhego ea boraro” e e amanang le go lediwa ga lonaka lwa bosupa a kopanyeletsa eng, mme ke jang a leng “tatlhego”?
13 Tsie eno e e tlhasetseng le masomosomo a bapagami ba dipitse tsa ntwa di tlhalosiwa jaaka “tatlhego” ya ntlha le ya bobedi ya ditatlhego tse tharo tseo di leriwang ke Modimo. (Tshenolō 9:12; 11:14) “Tatlhego ea boraro” ke eng? Re bolelelwa jaana mo go Tshenolō 10:7: “Me a tla re mo metlhefi ea lencwe ya moengele oa boshupa, . . . hofi go bo go wediwa bosaitsiwefi yoa Modimo, kaha mahokufi a a molemo a o a boleletsefi baperofeti batlhanka ba ona.” Bosaitseweng jono jo bo boitshepo bo kopanyeletsa “losika” loo to ileng lwa solofediwa lantlha kwa Edena. (Genesise 3:15) “Losika” loo tota-tota ke Jesu mme to kopanyeletsa gape le ditsala tsa gagwe tse di tloditsweng tse di tla busang le ene kwa legodimong. Jalo bosaitseweng jo bo boitshepo joo bo ama Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. Bogosi jono bo tla tlisa “tatlhego” ya boraro eo a leriwang ke Modimo, ka go bo bo tla diragatsa dikatlholo tsa Modimo kgatlhanong le lefatshe la ga Satane ka botlalo.
Bogosi bo a Tlhomiwa
14. Ke eng seo go lediwa ga lonaka lwa bosupa lwa Tshenolō 11:15 go se itseseng?
14 Jaanong go a diragala! Tshenolō 11:15 e bua jaana: “Me moengele oa boshupa a letsa; me ga tloga ga nna mancwe a magolo mo legodimofi, a re, Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morena [Jehofa] oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwe: me o tla busa ka bosakhutlefi le ka bosaeefikae.” Ee, go bolelwa gore Bogosi jwa Modimo ka Keresete bo ne jwa tlhomiwa kwa legodimong ka ngwaga wa 1914. Mme fa masalela a ne a tsosolosiwa morago ga Ntwa ya Lefatshe I, ba ne ba tlisa mafoko ano a a molemo.
15. Ka 1922, ke tiragalo efe e e ileng ya bontsha maitlhomo a masha a go rera ka Bogosi?
15 Mme kwa kopanong ya batlhanka ba ga Jehofa ka 1922 kwa Cedar Point Ohio, kwa U.S.A., diketekete tse di neng di le gone koo di ne tsa utlwa kitsiso eno e e kgatlhisang: “Leno ke letsatsi le legolo mo malatsing otlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lona to baboledi ba gagwe. Ka jalo itseseng, itseseng, itseseng, Kgosi le Bogosi jwa gagwe.” Seno se ne sa simolodisa tiro ya go rera eo a ileng ya kopanyeletsa go bolelwa ga dikatlholo tsa baletsi ba dinaka ba ba supang ba baengele. Gompieno, mo a ka nnang dimilione tse tharo le sephatlo tsa batlhanka ba ga Jehofa mo diphuthegong tse di fetang 57 000 go kgabaganya lefatshe lotlhe di tsaya karolo mo tirong eno ya go rera ka Bogosi mo kgolokweng yotlhe. Ke dimireate eleruri!
16. Mo go Tshenolō kgaolo 12, ke ditiragalo dife tse dingwe tse di neng di kopanyeletsa legodimo le lefatshe tse di neng tsa senolwa ke go lediwa ga lonaka lwa bosupa?
16 Mme moengele wa bosupa o santse a na le mo gontsi go go senola. Tshenolō 12:7 e bolela gore go ne ga “nna ntwa mo legodimon.” Temana ya 9 e re bolelela phelelo ya kgato eo ya ga Keresete jaaka Kgosi jaana: “Me kgogela a kgolo, noga ea bogologolo ea piriganwa, eona e e bidiwan Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa kon kwa lehatshin, le baengele ba eona ba piriganyediwa kwa tlhatse naeo.” Temana ya 12 a oketsa jaana: “Ke gona a to ko to itumelen lona magodimo, le lona ba lo agilen mo go aona.” Ee, tlhotlheletso ya ga Satane a ne ya khutlisiwa kwa legodimong, eleng sone seo se neng se dira gore baengele ba ba ikanyegang ba ipele. Mme seno se kaya eng mabapi le batho? Temana eo a araba jaana: “A bo go latlhega lehatshe le lewatle! ka diabolo a hologetse kwa go Iona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwe to setse to le lokhutshane.”
17. Ke ka ntlhayang fa go tshwantshetsa mebuso ya lefatshe ka “sebatana” mo go Tshenolō kgaolo 13 go tshwanela?
17 Tshenolō 12:3 a tlhalosa Satane jaaka ‘kgogela a kgolo e e nang le ditlhogo di supa, le dinaka di le some,’ seo a leng mosenyi wa sekasebatana se se tshosang. Seno se bontsha gore ke ene modiri wa “sebatana” sa bopolotiki sa mo lefatsheng seo se tlhalosiwang mo go kgaolo 13, mo ditemaneng tsa 1 le 2. Sebatana seo le sone se na le ditlhogo tse supa le dinaka di le lesome, go tshwana fela le Satane. Temana 2 e bua jaana: “Me kgogela [Satane] ea se naea thata ea eona, le setulo sa eona sa bogosi, le taolo a kgolo.” Eleruri go a tshwanela go tshwantshetsa dipuso tsa bopolotiki tsa lefatshe jaaka sebatana sa naga, ka go bo go ne ga bolawa batho ba ba fetang dimilione di le lekgolo mo dintweng tsa merafe, mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga fela.
18. Sebatana sa dinaka tse pedi sa Tshenolō 13:11 ke eng, mme ditiro tsa sone di re thusa jang go bona gore ke eng?
18 Ponatshegelo e e latelang e e mo go Tshenolō 13, temana ya 11 a senola, ‘sebatana sengwe se tlhatloga mo lefatsheng, se na le dinaka di le pedi jaaka kwana, mme se bua jaaka kgogela.’ Sebatana seno sa dinaka tse pedi ke mebuso e e kopaneng ya bopolotiki ya Maesemane le Maamerika. Se tshwana le Kwana ka go bo se itira jaaka ekete ga se kotsi, le gore ke mofuta o o botlhale thata wa puso. Mme se bua jaaka kgogela, jaaka Satane, mme se bidiwa “sebatana se senwe” ka go bo se busa jaaka sebatana. Se a gatelela ebile se a tshosetsa mme se dirisa thubakanyo gongwe le gongwe koo puso ya sone a sa amogelweng gone. Ga se kgothaletse go ikobelwa ga Bogosi jwa Modimo, mme, go na le moo, go direla lefatshe la ga Satane. Ke ka gone temana ya 14 a buang jaana: “Se [tsietsa] ba ba agilen mo lehatshin.”
19, 20. (a) Ke eng seo bothokgami jwa batho ba ga Jehofa bo se bontshang? (b) Re itse jang gore masalela a a tloditsweng a tla fenya mo lefatsheng la ga Satane?
19 Lefatshe leno le le busiwang ke Satane, ke lefelo leo go seng motlhofo mo go bao, tumalanong le taolo ya ga Jesu go Bakeresete ba boammaaruri, ba seng karolo ya lone, go tshela mo go lone. (Yohane 17:16) Ka jalo, ke pontsho e e tlhomologileng ya maatla le tshegofatso tsa ga Jehofa go bo batlhanka ba gagwe go ralala lefatshe gompieno ba boloka bothokgami jwa bone ba bile ba utlwana mo go goletseng Jehofa le ditsela tsa gagwe tsa tshiamo. Ba dira seno kafa tlase ga kganetso, pogiso, le eleng loso.
20 Masalela a a tloditsweng a He a tlhaselwa ke Satane segolo bogolo ka go bo ba tlile go busa le Keresete. Mme Tshenolō kgaolo 14 e bontsha gore ba le palo e e tletseng, ya 144 000, ba kopana ka boitumelo le Keresete mo maatleng a Bogosi. Ba He ba ngaparela Morena wa bone ka boikanyego, ka go bo temana 4 e bua jaana: “Bauo ke ba ba bopelan Kwana gonwe le gonwe kwa o can gona”—seno ba se dira go sa kgathalesege pogiso e e botlhoko eo Satane a e ba leretseng.
Go Amogela Dikatlholo tsa Modimo Pele
21, 22. (a) Ke dikitsiso dife tse baengele ba di dirang mo go Tshenolō 14:7, 8? (b) Ke ka ntlhayang fa moengele a itsise gore Babelona wa bodumedi o ole mme a santse a le gone?
21 Moengele o goa jaana mo go Tshenolō 14:7: “Boihan Modimo, to o nee kgalalelo; gonne nako ea katlholo ea ona a tsile: me to obamele ona o o dihilen legodimo, le lehatshe, le lewatle, le mecwedi ea metse.” Ke bomang bao ba amogelang katlholo e e botlhoko eo pele? Temana ya 8 e araba jaana: “Me moengele eo monwe, a le oa bobedi, a tla morago ga eouo, a re, Babelona o mogolo o ole, o ole, o o dihilen gore merahe eotlhe a nosiwe boyalwa yoa bogale yo bo cosicwen ke kgokahalo ea gagwe.” Fano ke lantlha, mme eseng labofelo, Tshenolō a bua ka “Babelona o Mogolo,” mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka.
22 Ereka bodumedi bo santse bo tlhotlheletsa dikarolo tse dintsi tsa lefatshe, ke ka ntlhayang fa moengele a bolela gore Babelona o Mogolo o setse o ole? Ebu, ke eng seo se ileng sa diragala ka 539 B.C.E. fa Babelona wa bogologolo a ne a wa mme a ise a senngwe gotlhelele? Ebu, batlhanka ba ga Jehofa ba e neng a le ditshwarwa ba ne ba busediwa kwa lefatsheng la bone dingwaga tse pedi morago ga foo mme kobamelo ya boammaaruri ya tsosolosiwa! Ka tsela e e tshwanang, go tsosolosediwa ga batlhanka ba Modimo mo tirong e e shahaditsweng le katlegong ya semoya go go simologileng ka 1919 a ne a le bosupi jo bo phepafetseng jwa gore mo ponong ya ga Jehofa, Babelona o Mogolo o ne a wa tota ka 1919. Ka nako eo o ne a atlholelwa go tla go senngwa moragonyana.
23. (a) Tsela ya go senngwa ga Babelona o Mogolo a betliwa jang? (b) Ke dipolelelopele dife tse di oketsegileng tse go tla tlotliwang ka tsone mo tokololong e e tlang ya Tora ya Tebelo?
23 Jaaka ketapele ya go senngwa ga gagwe go go tlang, Babelona wa segompieno o setse a le mo mathateng a magolo. Boikepo jwa gagwe, boitsholo jwa gagwe jo bo sa siamang, go sa ikanyegeng, le go itlhakatlhakanya ga gagwe le dipolotiki go senotswe gongwe le gongwe. Mo Yuropa, ke batho ba sekae fela ba ba santseng ba ya kerekeng. Mo dinageng tse dintsi tsa puso ya bojammogo, bodumedi bo lejwa jaaka “matekwane a batho.” Gape, Babelona wa segompieno o makgapha mo matlhong a batho ba ba ratang Lefoko la boammaaruri la Modimo. Jalo jaanong o eme, jaaka go ne go ka buiwa, mo moleng wa loso ka ntlha ya katlholo ya gagwe e e mo tshwanelang. Ee, “nako e e tlhomilweng a gaufi” ya ditiragalo tse di tla senyang lefatshe! Mme mo tokololong e e tlang ya Tora ya Tebelo go thle go tlotliwa ka ditlhogo tse di latelang tsa boperofeti jwa Tshenolō malebana le tshenyego e e tlelang “seaka” sa bodumedi, gammogo le tsamaiso yotlhe ya ga Satane ya dilo.
O ne o ka Araba Jang?
◻ Ke eng se go lediwa ga dinaka tse supa mo go simologang mo go Tshenolō kgaolo 8 go se kayang mo motlheng wa rona?
◻ Ke ka ntlhayang fa La-Bodumedi e ikamogelela katlholo e e botlhoko pele?
◻ Tiro ya go rera ya masalela a a tloditsweng le “boidiidi yo bogolo” e tlhalosiwa jang mo go Tshenolō kgaolo 9?
◻ Ke eng seo kitsiso e e mo go Tshenolō 11:15 a se kayang ka legodimo le lefatshe?
◻ Jaaka go tlhalositswe mo go Tshenolō 14:8, Babelona o Mogolo o ne a wa jang ka 1919, mme seno se ne sa kaya eng mo go ene?