Kgaolo 21
Dipetso Tsa ga Jehofa mo Dikerekeng Tse di Ipitsang Tsa Bokeresete
Ponatshegelo 5—Tshenolo 8:1–9:21
Setlhogo: Go lediwa ga diterompeta tse thataro tsa tse supa
Nako ya go diragadiwa: Go simologa ka go bewa mo setulong sa bogosi ga ga Keresete Jesu ka 1914 go ya go pitlagano e kgolo
1. Go diragala eng fa Kwana a kanolola sekano sa bosupa?
‘DIPHEFO tse nnè’ di nnile tsa nna tsa tshwarwa go fitlhelela ba ba 144 000 ba Iseraele wa semoya ba tshwaiwa le ba boidiidi jo bogolo ba tshwanelegela phalolo. (Tshenolo 7:1-4, 9) Le fa go ntse jalo, pele ga setsuatsue se segolo seo se simolola go tsubutla mo lefatsheng, dikatlholo tsa bogale jwa ga Jehofa kgatlhanong le lefatshe la ga Satane le tsone di tshwanetse go bolelwa! Jaaka Kwana a tswelela ka go kanolola sekano sa bosupa le sa bofelo, Johane o tshwanetse a bo a lebile ka kelotlhoko go bona se se tla diragalang. Jaanong o re bolelela se a se bonang: “Mme e rile [Kwana] a bula sekano sa bosupa, ga nna tidimalo mo legodimong mo e ka nnang ka sephatlo sa ura. Mme ka bona baengele ba le supa ba ba emang fa pele ga Modimo, mme ba newa diterompeta di supa.”—Tshenolo 8:1, 2.
Nako ya go Rapela ka Tlhoafalo
2. Ke eng se se diragalang mo tuulalong ya sephatlo sa ura ya tshwantshetso kwa legodimong?
2 Eno ke tuulalo ya botlhokwa eleruri! Sephatlo sa ura e ka lebega e le nako e telele fa o emetse gore sengwe se diragale. Jaanong, ga go tlhole go utlwiwa le eleng pina ya pako ya selegodimo eo e neng e ntse e opelwa ka metlha yotlhe. (Tshenolo 4:8) Ka ntlha yang? Johane o bona lebaka mo ponatshegelong: “Mme moengele yo mongwe a goroga mme a ema fa sebesong, a tshotse sejana sa gouta sa maswalo; mme o ne a newa maswalo a mantsi thata gore a a ise tshupelo le dithapelo tsa baitshepi botlhe mo sebesong sa gouta se se neng se le fa pele ga setulo sa bogosi. Mme mosi wa maswalo wa tlhatloga fa pele ga Modimo o tswa mo seatleng sa moengele o na le dithapelo tsa baitshepi.”—Tshenolo 8:3, 4.
3. (a) Go tshubiwa ga maswalo go re gakolola eng? (b) Boikaelelo jwa tuulalo ya sephatlo sa ura kwa legodimong ke bofe?
3 Seno se re gakolola gore mo tsamaisong ya dilo ya Bajuda, maswalo a ne a tshubiwa letsatsi le letsatsi mo motlaaganeng mme, mo dingwageng tsa morago, le mo tempeleng kwa Jerusalema. (Ekesodo 30:1-8) Ka nako eo ya go tshubiwa ga maswalo, Baiseraele ba e neng e se baperesiti ba ne ba letela ka kwantle ga felo fa go boitshepo, ba rapela—kwantle ga pelaelo ba rapela ka tidimalo mo dipelong tsa bone—ba rapela Yoo mosi wa maswalo o neng o tlhatlogela kwa go ene. (Luke 1:10) Jaanong Johane o bona sengwe se se tshwanang se diragala kwa legodimong. Maswalo ao a tshubiwang ke moengele a amanngwa le “dithapelo tsa baitshepi.” E bile tota, mo ponatshegelong ya pele ga eno, go bolelwa fa maswalo a emela dithapelo tseno. (Tshenolo 5:8; Pesalema 141:1, 2) Ka phepafalo, he, tuulalo ya tshwantshetso e e kwa legodimong e direlwa gore dithapelo tsa baitshepi mo lefatsheng di utlwiwe.
4, 5. Ke ditiragalo dife tse di sa lebalegeng tse di re thusang go lemoga sebaka sa nako se se tshwanang le sa tuulalo ya sephatlo sa ura ya tshwantshetso?
4 A re ka bolela ka tlhomamo gore seno se diragetse leng? Ee, re ka dira jalo, ka go sekaseka mokwalo ka kakaretso, mmogo le ditiragalo tsa hisitori tse di diragetseng mo tshimologong ya letsatsi la Morena. (Tshenolo 1:10) Mo dingwageng tsa 1918 le 1919, ditiragalo tsa mo lefatsheng di ne tsa nyalana ka mo go gakgamatsang le ditiragalo tsa ponatshegelo tse di tlhalosiwang mo go Tshenolo 8:1-4. Mo dingwageng tse 40 pele ga 1914, Baithuti ba Baebele—jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo—ba ne ba ntse ba itsise ka bopelokgale gore metlha ya Baditšhaba e ne e tla khutla ka ngwaga oo. Ditiragalo tse di hutsafatsang tsa 1914 di ne tsa supa fa ba ne ba bua boammaaruri. (Luke 21:24; Mathaio 24:3, 7, 8) Mme bontsi jwa bone le bone ba ne ba dumela gore ka 1914 ba ne ba tla tsewa mo lefatsheng leno ba isiwa kwa bosweng jwa bone jwa selegodimo. Seo se ne sa seka sa diragala. Go na le moo, ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, ba ne ba itshokela motlha wa pogiso e e botlhoko. Ka October 31, 1916, mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, e bong Charles T. Russell, o ne a tlhokafala. Go tswa foo, ka July 4, 1918, mookamedi yo mosha, e bong Joseph F. Rutherford, le baemedi ba bangwe ba supa ba Mokgatlho ba ne ba isiwa kwa kgolegelong ya puso kwa Atlanta, Georgia, ba atlholetswe dingwaga tse dintsi mo kgolegelong ba se na molato.
5 Bakeresete ba ba peloephepa ba setlhopha sa Johane ba ne ba akabetse. Ke eng se Modimo o neng o batla gore ba se dire jaanong? Ba ne ba tla isiwa legodimong leng? Setlhogo se se neng se re “Thobo e Weditswe—Go Tla Latela Eng Jaanong?” se ne sa tlhaga mo tokololong ya Tora ya Tebelo, ya May 1, 1919 (ka Seesemane). Se ne sa supa boemo jono jwa go sa tlhomamisege mme sa kgothaletsa ba ba ikanyegang go tswelela ba itshokile, se oketsa ka go re: “Re dumela gore jaanong ke mafoko a boammaaruri gore thobo ya ba setlhopha sa bogosi ke selo se se fitlheletsweng, gore botlhe ba go nna jalo ba tshwailwe ka tshwanelo le gore kgoro e tswetswe.” Mo nakong eno e e boima, dithapelo tse di neng di rapelwa ka tlhoafalo ke ba setlhopha sa Johane di ne di tlhatloga, jaaka e kete mo mosing wa maswalo a mantsi. Mme dithapelo tsa bone di ne di utlwiwa!
Go Latlhelwa ga Molelo mo Lefatsheng
6. Go diragala eng morago ga tuulalo ya kwa legodimong, mme seno e le karabelo ya eng?
6 Johane o a re bolelela: “Mme gone fela foo moengele a tsaya sejana sa maswalo, a se tlatsa ka mongwe wa molelo wa sebeso mme a o latlhela mo lefatsheng. Mme ga nna ditumo tsa maru le mantswe le dikgadima le thoromo ya lefatshe.” (Tshenolo 8:5) Morago ga tuulalo, ka tshoganetso go dirwa tiro e kgolo! Seno ka phepafalo ke karabelo ya dithapelo tsa baitshepi, e re ka e simololwa ke molelo o o tsewang mo sebesong sa maswalo. Bogologolo ka 1513 B.C.E., kwa Thabeng ya Sinai, ditumo tsa maru le dikgadima, modumo o mogolo, molelo, le go roroma ga thaba go ne ga supa gore Jehofa jaanong o ne a tlhokometse batho ba gagwe. (Ekesodo 19:16-20) Diponatshegelo tse di tshwanang le tse di begiwang ke Johane le tsone di supa go tlhokomela ga ga Jehofa batlhanka ba gagwe mo lefatsheng. Mme seo Johane a se bonang se neelwa ka ditshupo. (Tshenolo 1:1) Jalo molelo wa tshwantshetso, medumo ya maru, mantswe, dikgadima, le thoromo ya lefatshe di ka ranolwa jang gompieno?
7. (a) Ke molelo ofe wa tshwantshetso oo Jesu a neng a o tlhosetsa mo lefatsheng ka nako ya bodiredi jwa gagwe? (b) Ke jang bomonnawe Jesu ba semoya ba neng ba tlhosetsa molelo mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete?
7 Ka nako nngwe, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke tlile go gotsa molelo mo lefatsheng.” (Luke 12:49) Eleruri, o ne a tlhosetsa molelo. Ka go rera ka botlhaga, Jesu o ne a dira gore Bogosi jwa Modimo e nne kgang e kgolo fa pele ga batho ba Bajuda, mme seno se ne sa tsosa kganetsano e kgolo mo setšhabeng seo sotlhe. (Mathaio 4:17, 25; 10:5-7, 17, 18) Ka 1919 bomonnawe Jesu ba semoya mo lefatsheng, setlhopha se sebotlana sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba falotse metlha e e boima ya Ntwa ya Lefatshe I, ba ne ba tlhosetsa molelo o o tshwanang mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete. Ka September ngwaga one oo, moya wa ga Jehofa o ne wa bonala sentle fa Basupi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba phuthegetse kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A. go tswa mafelong a a farologaneng. Joseph F. Rutherford, yo a neng a sa tswa go gololwa mo kgolegelong e bile dilo tse a neng a latofadiwa ka tsone di ne di tloga di phimolwa, o ne a bua le batlakopanong bao ka bopelokgale, a re: “Ka go utlwa taolo ya Mong wa rona, re bile re amogela tshiamelo ya rona le tiro ya go lwantshana le bathata ba bosula ba ba sa bolong go tshwara batho, tiro ya rona e ne e le go itsise bogosi jwa ga Mesia jo bo galalelang jo bo tlogang bo busa e bile e sa ntse e le yone.” Eo ke yone kgangkgolo—Bogosi jwa Modimo!
8, 9. (a) J. F. Rutherford o ne a tlhalosa boikutlo le keletso ya batho ba Modimo ka nako ya dingwaga tse di boima tsa ntwa jang? (b) Ke ka tsela efe molelo o neng wa latlhelwa mo lefatsheng? (c) Go duma ga maru, mantswe, dikgadima, le thoromo ya lefatshe di diragetse jang?
8 Fa sebui se ne se bua ka dilo tse di utlwisang botlhoko tse di sa tswang go diragalela batho ba Modimo, se ne sa re: “Tlhaselo ya mmaba e ne e le setlhogo mo e leng gore bontsi jwa letsomane le le rategang la Morena ba ne ba tsenwa ke letshogo ba bo ba ema fela ba tseanye, ba rapela ba bile ba letetse gore Morena a ba kaele thato ya gagwe. . . . Mme go sa kgathalesege go kgobega marapo moo ga nakwana, ba ne ba na le keletso e kgolo ya go bolela molaetsa wa bogosi.”—Bona tokololo ya Tora ya Tebelo, ya September 15, 1919, tsebe 280 (ka Seesemane).
9 Keletso eo e ne ya kgotsofadiwa ka 1919. Setlhopha seno se se botlana mme e le se se tlhagafetseng sa Bakeresete se ne sa tlhosediwa molelo, fa go buiwa ka tsela ya semoya, gore ba simolole letsholo la go rera mo lefatsheng ka bophara. (Bapisa 1 Bathesalonika 5:19.) Molelo o ne wa latlhelwa mo lefatsheng ka gore Bogosi jwa Modimo bo ne jwa dirwa kgangkgolo, mme bo sa ntse bo le yone! Mantswe a magolo a ne a tseela tuulalo sebaka, a bolela molaetsa wa Bogosi ka phepafalo. Go ne ga utlwala ditlhagiso tse di tswang mo Baebeleng tse di neng di tshwana le go duma ga maru. Jaaka go gadima ga dikgadima, marang a a phatsimang a boammaaruri a ne a phatsima go tswa Lefokong la ga Jehofa la polelelopele, mme, ditumelo di ne tsa tshikinngwa go ya fela kwa moding, jaaka e kete di tshikhinngwa ke thoromo e kgolo ya lefatshe. Ba setlhopha sa Johane ba ne ba bona fa go na le tiro e e neng e tshwanetse go dirwa. Mme go tla go fitlha motlheng ono, tiro eo e sa ntse e tsweletse e oketsega fela thata mo lefatsheng lotlhe le le agilweng!—Baroma 10:18.
Go Baakanyetsa go Gelebetega ga Diterompeta
10. Baengele ba ba supa ba ipaakanyetsa go dira eng, mme ka ntlha yang?
10 Johane o tswelela pele ka go re: “Mme baengele ba ba supa ba ba tshotseng diterompeta tse supa ba baakanyetsa go di letsa.” (Tshenolo 8:6) Go lediwa ga dinaka tseo go kaya eng? Mo metlheng ya Iseraele, go gelebetegisiwa ga lonaka go ne go dirisiwa go tshwaya malatsi a botlhokwa kana ditiragalo tse dikgolo. (Lefitiko 23:24; 2 Dikgosi 11:14) Ka mo go tshwanang, go gelebetega ga diterompeta moo Johane a tlogang a go utlwa go dira gore re ele tlhoko dilo dingwe tse di botlhokwa thata.
11. Ke tiro efe ya paakanyetso mo lefatsheng e setlhopha sa Johane se neng sa tshwarega thata mo go yone go simologa ka 1919 go ya go 1922?
11 Jaaka baengele ba ipaakanyetsa go letsa diterompeta tseo, kwantle ga pelaelo ba ne gape ba kaela tiro ya go baakanya mo lefatsheng. Go simologa ka 1919 go ya go 1922, setlhopha se se tsosolositsweng sa Johane se ne se tshwaregile mo go rulaganyeng bodiredi jwa phatlalatsa le go aga dikago tsa bogatisetso. Ka 1919 makasine wa The Golden Age, o gompieno o itsiweng jaaka Tsogang!, o ne o supilwe fa e le “Makasine wa Boammaaruri, wa Tsholofelo, le wa Tumelo”—sedirisiwa sa sekaterompeta se se neng se tla nna le seabe se segolo mo go senoleng go tsenelela ga bodumedi jwa maaka mo bopolotiking.
12. Ke eng se se bolelwang ke go gelebetega ga terompeta nngwe le nngwe, mme seno se re gakolola ka eng mo motlheng wa ga Moshe?
12 Jaaka jaanong re tla bona, go gelebetega gongwe le gongwe ga terompeta go itsise ponatshegelo e kgolo eo mo go yone dipetso tse di maswe di amang dikarolo dingwe tsa lefatshe. Dingwe tsa tseno di re gakolola dipetso tseo Jehofa a neng a di romela go otlhaya Baegepeto mo motlheng wa ga Moshe. (Ekesodo 7:19–12:32) Tseno e ne e le ditshupo tsa go atlhola ga ga Jehofa setšhaba seo, mme di ne tsa bulela batho ba Modimo tsela ya go falola mo bokgobeng. Dipetso tse di bonwang ke Johane di dira selo se se tshwanang. Le fa go ntse jalo, ga se dipetso tsa mmatota. Ke ditshupo tse di tshwantshetsang dikatlholo tsa ga Jehofa tsa tshiamo.—Tshenolo 1:1.
Go Tlhaola Karolo ya “Nngwetharong”
13. Go diragala eng fa diterompeta tsa ntlha tse nnè di lediwa, mme seno se tsosa potso efe?
13 Jaaka re tla bona, fa diterompeta tsa ntlha tse nnè di lediwa, “nngwetharong” ya lefatshe, ya lewatle, ya dinoka le metswedi ya metsi, le ya metswedi ya lesedi la lefatshe, e itewa ka dipetso. (Tshenolo 8:7-12) Nngwetharong ke karolo e kgolo ya selo mme ga se selo seo sotlhe. (Bapisa Isaia 19:24; Esekiele 5:2; Sekaria 13:8, 9.) Jalo ke “nngwetharong” efe e e tshwanelwang fela thata ke dipetso tseno? Bontsi jo bogolo jwa batho bo foufaditswe le go bodisiwa ke Satane le losika lwa gagwe. (Genesise 3:15; 2 Bakorintha 4:4) Seemo sa bone se tshwana le se se neng sa tlhalosiwa ke Dafide: “Botlhe ba fapogile, botlhe ba a tshwana ba boikepo; ga go na ope yo o dirang molemo, le fa e le a le mongwe.” (Pesalema 14:3) Ee, setho sotlhe se mo kotsing ya go amogela katlholo e e botlhoko. Mme karolo nngwe ya bone e molato go feta tsotlhe. Karolo e le nngwe fela—“nngwetharong”—e ka bo e ne e dirile botoka go gaisa tse dingwe! ‘Nngwetharong eo’ ke eng?
14. Nngwetharong ya tshwantshetso e e amogelang melaetsa ya sebetso go tswa kwa go Jehofa ke eng?
14 Ke dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete! Ka bo1920, di ne di tshwere mo e ka nnang nngwetharong ya setho. Bodumedi jwa tsone bo bakilwe ke go tlhanoga mo go golo mo go neng ga diragala mo Bokereseteng jwa boammaaruri—botlhanogi joo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba bolelela pele ka jone. (Mathaio 13:24-30; Ditiro 20:29, 30; 2 Bathesalonika 2:3; 2 Petere 2:1-3) Baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba iphaka gore ba mo tempeleng ya Modimo e bile ba ipolela fa ba le barutisi ba Bakeresete. Mme dithuto tsa bone tsa motheo di kgakala thata le boammaaruri jwa Baebele, mme gangwe le gape ba tlontlolola leina la Modimo. Ka di emelwa ke ntlha ya seraro ya tshwantshetso ka tshwanelo, dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di amogela melaetsa e e maatla, e leng melaetsa ya dipetso e e tswang kwa go Jehofa. Nngwetharong eo ya batho ga e tshwanelwe ke kamogelo ya Modimo ka gope!
15. (a) A go gelebetega gongwe le gongwe ga terompeta go diragala mo ngwageng o o rileng? Tlhalosa. (b) Ke lentswe la bomang le le okeditseng la ba setlhopha sa Johane mo go boleleng dikatlholo tsa ga Jehofa?
15 Tumalanong le go tlhomagana ga go gelebetega ga diterompeta, go ne ga tlhagisiwa maitlhomo a a kgethegileng kwa dikopanong tse supa go simologa ka 1922 go ya go 1928. Mme go lediwa ga terompeta ga go a ka ga dirwa fela mo dingwageng tseo. Go senolwa ka maatla ga ditsela tsa boikepo tsa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete go nnile ga tswelela, go tswetse pele, jaaka letsatsi la Morena le tswelela. Dikatlholo tsa ga Jehofa di tshwanetse go bolelwa mo lobopong lotlhe, mo ditšhabeng tsotlhe, le fa seno se ka nna sa raya gore ba ba di bolelang ba tla ilwa kgotsa ba bogisiwe ke ditšhaba. Ke morago ga seo fela go tla tlang bokhutlo jwa tsamaiso ya ga Satane. (Mareko 13:10, 13) Sengwe se se itumedisang ke gore, boidiidi jo bogolo jaanong bo tshwaragane le ba setlhopha sa Johane mo go boleleng mafoko a a tshwanang le go duma ga maru a a leng botlhokwa mo lefatsheng ka bophara.
Nngwetharong ya Lefatshe e Jewa ka Molelo
16. Go latela eng fa moengele wa ntlha a letsa terompeta?
16 Fa Johane a bega ka baengele bao, o kwala jaana: “Mme wa ntlha a letsa terompeta ya gagwe. Mme ga nna sefako le molelo di tlhakanye le madi, mme ga latlhelwa mo lefatsheng; mme nngwetharong ya lefatshe ya jewa ka molelo, le nngwetharong ya ditlhare ya jewa ka molelo, le dimela tsotlhe tse ditala tsa jewa ka molelo.” (Tshenolo 8:7) Seno se tshwana le sebetso sa bosupa sa Egepeto, mme se kaya eng mo motlheng wa rona?—Ekesodo 9:24.
17. (a) Ke eng se se tlhalosiwang ke lefoko “lefatshe” mo go Tshenolo 8:7? (b) Ke jang nngwetharong ya lefatshe ya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete e lailwang ka molelo?
17 Mo Baebeleng lefoko “lefatshe” gantsi le raya batho. (Genesise 11:1; Pesalema 96:1) E re ka sebetso sa bobedi se itaya mo lewatleng, le le lone le amanang le setho, “lefatshe” le tshwanetse la bo le raya batho ka kakaretso ba go lebegang ba tlhomame ba ba rulagantsweng ke Satane mme e le ba ba tlogang ba senngwa. (2 Petere 3:7; Tshenolo 21:1) Ditiragalo tsa ponatshegelo tsa dipetso di senola gore nngwetharong ya lefatshe, e bong dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, e fisiwa ke mogote o mogolo wa go sa amogelweng ke Jehofa. Batlotlegi ba dikereke tseno—ba ba emeng jaaka ditlhare mo gare ga tsone—ba fisiwa ke go bolelwa ga katlholo ya bogale jwa ga Jehofa. Maloko otlhe a dikereke a a dimilionemilione, fa ba tswelela ka go ema nokeng bodumedi jwa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, ba nna jaaka megwang ya bojang e e fisitsweng ke letsatsi, ba swabile semoyeng mo matlhong a Modimo.—Bapisa Pesalema 37:1, 2.a
18. Molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo o ne wa bolelwa jang kwa kopanong ya 1922 kwa Cedar Point?
18 Molaetsa ono wa katlholo o bolelwa jang? Ka kakaretso, ga o bolelwe ke baanamisi ba dikgang tsa lefatshe, ba e leng karolo ya lefatshe mme e bile ba kgoba “motlhanka” wa Modimo. (Mathaio 24:45) O ne wa bolelwa ka maatla kwa phuthegong ya bobedi e e sa lebalesegeng ya batho ba Modimo kwa Cedar Point, Ohio, ka September 10, 1922. Bano ka bongwefela jwa pelo le ka matlhagatlhaga ba ne ba amogela maitlhomo ao setlhogo sa one se neng se re “Kgwetlho mo Baeteledingpele ba Lefatshe.” Ka mafoko a a sa potologeng, a ne a tlhagisa lefatshe la motlha wa segompieno la tshwantshetso, jaana: “Ka jalo re kopa ditšhaba tsa lefatshe, babusi le baeteledipele ba tsone, le baruti ba makoko otlhe a dikereke tsotlhe tsa lefatshe, balatedi ba tsone le ditsala tsa bone, bagwebi ba bagolo le bapolotiki ba bagolo, go ntsha bosupi jwa bone ba supa fa boemo jo ba bo tsereng jwa gore ba ka kgona go tlhoma kagiso le katlego mo lefatsheng ba bo ba leretse batho boitumelo bo siame; mme fa ba retelelwa mo go seno, re kopa gore ba reetse molaetsa o re o neelang jaaka basupi ba Morena, mme go tswa foo ba bolele gore a bosupi jwa rona bo boammaaruri kana nnyaa.”
19. Batho ba Modimo ba ne ba neela dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete bosupi bofe malebana le Bogosi jwa Modimo?
19 Bakeresete bano ba ne ba neela bosupi bofe? Jono: “Re dumela re bile re bolela gore bogosi jwa Bomesia ke jone makgonatsotlhe o o ka kgonang go alafa matshwenyego a batho le gore bo tla lere kagiso mo lefatsheng bo ba bo leretse batho boitumelo, se eleng keletso ya ditšhaba tsotlhe, gore botlhe ba ba ineelang ka go rata mo pusong ya gagwe ya tshiamo e jaanong e simolotseng go busa ba tla segofadiwa ka kagiso ya bosakhutleng, botshelo, kgololesego, le boitumelo jo bo sa khutleng.” Mo metlheng eno e e bosula, fa dipuso tsa batho, segolo bogolo tsa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, di retelelwa gotlhelele go rarabolola mathata a lefatshe, kgwetlho eo e e tshwanang le go lela ga terompeta e bolelwa le eleng ka maatla a magolo go feta ka 1922. A bo e le boammaaruri jang ne gore Bogosi jwa Modimo jo bo mo diatleng tsa ga Keresete wa gagwe wa mofenyi ke jone tsholofelo e le yosi fela ya setho!
20. (a) Melaetsa ya katlholo e ne ya bolelwa ka eng ka 1922 le morago ga moo ke phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng? (b) Ke eng se go lediwa ga terompeta ya ntlha go neng ga felela ka sone mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete?
20 Ka maitlhomo, dipampitshana, dibukana, dibuka, dimakasine, le dipolelo, kitsiso eno le tse dingwe tsa moragonyana di ne tsa bolelwa ke phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Go gelebetega ga ntlha ga terompeta go ne ga felela ka gore dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di itewe jaaka e kete ka metsi a a gatsetseng a sefako se se itaakanyang. Molato wa tsone wa madi, o di o dirileng ka go tsenelela mo dintweng tsa lekgolo la bo20 la dingwaga, o senotswe, mme di supilwe fa di tshwanelwa ke bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa. Setlhopha sa Johane, se moragonyana se neng sa engwa nokeng ke boidiidi jo bogolo, se tsweletse ka go utlwatsa go gelebetega ga ntlha ga terompeta, se tlhokomedisa pono ya ga Jehofa ka dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, gore di tshwanelwa ke go senngwa.—Tshenolo 7:9, 15.
Jaaka Thaba e e Tukang Molelo
21. Go diragala eng fa moengele wa bobedi a letsa terompeta ya gagwe?
21 “Mme moengele wa bobedi a letsa terompeta ya gagwe. Mme sengwe se se tshwanang le thaba e kgolo e e tukang molelo sa latlhelwa mo lewatleng. Mme nngwetharong ya lewatle ya nna madi; le nngwetharong ya dibopiwa tse di mo lewatleng tse di nang le meya tsa swa, le nngwetharong ya mekoro ya thubega.” (Tshenolo 8:8, 9) Ponatshegelo eno e e boifisang e tshwantshetsa eng?
22, 23. (a) Ke maitlhomo afe ao kwantle ga pelaelo a neng a dirwa ka ntlha ya go lediwa ga terompeta ya bobedi? (b) Ke eng se se tlhalosiwang ke “nngwetharong ya lewatle”?
22 Re ka e tlhaloganya botoka fa re e bapisa le se se neng sa diragala kwa kopanong ya batho ba ga Jehofa e e neng ya tshwarelwa kwa Los Angeles, California, U.S.A., ka August 18-26, 1923. Puo e go neng ga itsisiwe fa e tla neelwa mo thapameng ya Matlhatso ke J. F. Rutherford e ne e na le setlhogo se se reng “Dinku le Dipodi.” “Dinku” di ne tsa tlhaolwa ka phepafalo fa e le batho ba ba ratang tshiamo ba ba neng ba tla rua karolo ya lefatshe ya Bogosi jwa Modimo. Maitlhomo a a neng a latela a ne a tlhokomedisa boitimokanyo jwa “baruti ba batlhanogi le ‘batho ba ba kwa godimo ba letsomane la bone,’ ba eleng batho ba lefatshe ba ba nang le madi a mantsi e bile e le bapolotiki ba bagolo.” E ne ya kopa “batho ba bantsi ba barati ba kagiso le tolamo mo makokong a dikereke . . . go intsha mo tsamaisong e e sa siamang ya baruti e e tlhalosiwang ke Morena jaaka ‘Babelona’” le go ipaakanyetsa “go amogela masego a Bogosi jwa Modimo.”
23 Kwantle ga pelaelo, maitlhomo ano a ne a dirwa ka ntlha ya go lediwa ga terompeta ya bobedi. Ba e neng e tla re mo nakong e e tlang ba tsibogele molaetsa oo ba ne ba tla ikgaoganya le setlhopha se Isaia a neng a se tlhalosa ka mafoko ano: “Mme baikepi ba ntse jaaka lewatle le le kgaphaselang, fa le sa kgone go sisibala, metsi a lone a ntse a bilola mofero wa lewatle le loraga.” (Isaia 57:20; 17:12, 13) Ka gone, “lewatle” le tshwantshetsa sentle batho ba ba sa iketlang, ba ba tlhakatlhakaneng, le ba ba tsuololang ba ba tsosang dikhuduego le diphetogo. (Bapisa Tshenolo 13:1.) Go tla tla nako ya fa “lewatle” leo le tla bong le sa tlhole le le teng. (Tshenolo 21:1) Mo nakong eno, ka go gelebetega ga terompeta ya bobedi, Jehofa o bolela katlholo ya gagwe kgatlhanong le nngwetharong ya lone—e leng karolo ya ba ba sa laolegeng ba ba leng mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete ka botsone.
24. Ke eng se se tshwantshediwang ke sengwe se se tshwanang le thaba e kgolo se se neng sa latlhelwa mo lewatleng?
24 Selo se se tshwanang le thaba e kgolo se se tukang molelo se latlhelwa mo “lewatleng” leno. Mo Baebeleng dithaba gantsi di tshwantshetsa dipuso. Ka sekai, Bogosi jwa Modimo bo tshwantshiwa le thaba. (Daniele 2:35, 44) Babelona wa mosenyi o ne a nna “thaba e e fisitsweng.” (Jeremia 51:25) Mme selo se se tshwanang le thaba e kgolo se Johane a se bonang se sa ntse se tuka molelo. Go latlhelwa ga sone mo lewatleng go tshwantshetsa sentle kafa, ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe le morago ga yone, kgang kaga puso e neng ya nna kganetsano e e gotetseng gareng ga setho, segolo bogolo mo mafatsheng a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Kwa Italy, Mussolini o ne a simolola puso ya Bo-Fascist. Jeremane o ne a dirisa puso ya ga Hitler ya Bonasi, fa dinaga tse dingwe tsone di ne tsa leka mefuta e e farologaneng ya puso ya bojammogo. Go ne ga diragala phetogo e kgolo kwa Russia, koo diphetogo tsa Bolshevik di neng tsa tlhagisa naga ya ntlha ya Bokomonisi, se se neng sa felela ka gore baeteledipele ba bodumedi ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba latlhegelwe ke maatla le tlhotlheletso mo go se pele e neng e le nngwe ya dinaga tsa bone tse dikgolo.
25. Ke jang puso e neng ya tswelela go nna kganetsano e kgolo morago ga Ntwa ya Lefatshe II?
25 Dipuso tsa Bo-Fascist le Bonasi di ne tsa nyelediwa ke ntwa ya bobedi ya lefatshe, mme puso e ne ya tswelela e ntse e le kgang e kgolo, le lewatle la batho le ne la tswelela go simolola le go tlhoma dipuso tse disha tsa diphetogo. Mo dingwageng tse dintsi morago ga 1945, tseno di ne tsa tlhomiwa mo mafelong a le mantsi, a a tshwanang le China, Vietnam, Cuba, le Nicaragua. Kwa Greece puso ya bobusaesi ya sesole e ne ya se ka ya atlega. Kwa Kampuchea (Cambodia) go fetogela mo pusong ya Bokomonisi go ne ga felela ka go swa ga batho ba ba begwang ba le dimilione di le pedi le go feta.
26. Ke jang ‘thaba e e tukang molelo’ e neng ya nna ya tswelela go dira makhubu mo lewatleng la setho?
26 ‘Thaba e e tukang molelo’ e ne ya tswelela e dira makhubu mo lewatleng la setho. Go lwela puso go ile ga begwa mo Afrika, kwa Amerika, kwa Asia, le kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific. Bontsi jwa dintwa tseno di ile tsa diragala mo mafatsheng a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete kana koo barongwa ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba tseneletseng thata mo dipusong teng. Baruti ba Katoliki ya Roma ba tshwaragane le masomo a barukhutlhi ba Bokomonisi e bile ba lwa jaaka maloko a bone. Ka nako e e tshwanang, ditlhopha tsa baefangele ba Baporotesetanta ba tlhabanye kwa Amerika Bogare ba re ba lwantshana le se ba se bitsang “go nyorelwa puso ka bogale le ka go sa iponeng tsapa” ga Bokomonisi. Mme ga go na dikgoberego dipe tseno tsa lewatle la batho tse di lerileng kagiso le polokesego.—Bapisa Isaia 25:10-12; 1 Bathesalonika 5:3.
27. (a) Ke jang “nngwetharong ya lewatle” e ntseng jaaka madi? (b) “Nngwetharong ya dibopiwa tse di mo lewatleng” e ne ya swa jang mme go tla diragala eng ka “nngwetharong ya mekoro”?
27 Go gelebetega ga terompeta ya bobedi go senola gore batho ba ba neng ba tsenelela mo go lweleng puso ka go dira diphetogo go na le go ikobela Bogosi jwa Modimo ba na le molato wa madi. Dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, e bong “nngwetharong ya lewatle” ke tsone tse segolo bogolo di ntseng jaaka madi. Ditshedi tsotlhe tse di mo go tsone di sule mo matlhong a Modimo. Ga go na mekgatlho epe e e tlhagafaletseng diphetogo e e kokobetseng jaaka mekoro mo nngwetharong eo ya lewatle e e ka tilang go thubega ga bofelo ga sekepe. A bo re itumela jang ne go bo dimilione tsa batho ba sekadinku jaanong ba utlwile pitso e e tshwanang le ya terompeta ya go kgaogana le ba ba sa ntseng ba bidikama ka botlalo mo botšhabeng jwa botlhogoethata le molato wa madi mo lewatleng leo!
Naledi e e Wang Kwa Legodimong
28. Go diragala eng fa moengele wa boraro a letsa terompeta ya gagwe?
28 “Mme moengele wa boraro a letsa terompeta ya gagwe. Mme naledi e kgolo e e tukang jaaka lobone ya wa kwa legodimong, ya wela mo nngwetharong ya dinoka le mo metsweding ya metsi. Mme leina la naledi eno ke Longana. Mme nngwetharong ya metsi ya fetoga longana, mme ba le bantsi ba batho ba swa ka ntlha ya metsi, ka gonne a ne a dirilwe bogalaka.” (Tshenolo 8:10, 11) Le fano, dikarolo tse dingwe tsa Baebele di re thusa go bona kafa lokwalo lono lo dirang ka teng mo letsatsing la Morena.
29. Ke eng se se diragatsang tshwantshetso ya ‘naledi e kgolo e e tukang jaaka lobone,’ mme ka ntlha yang?
29 Re setse re lemogile tshwantshetso ya naledi mo melaetseng ya ga Jesu e e yang kwa diphuthegong tse supa, e mo go yone dinaledi tse supa di tshwantshetsang bagolwane ba diphuthego.b (Tshenolo 1:20) “Dinaledi” tse di tloditsweng, mmogo le batlodiwa ba bangwe botlhe, ba nna mo mannong a selegodimo ka tsela ya semoya go simologa ka nako e ba tshwaiwang ka moya o o boitshepo e le sesupo sa boswa jwa bone jwa selegodimo. (Baefeso 2:6, 7) Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka gore gareng ga batho bano ba sekadinaledi go ne go tla nna le batlhanogi, boramakoko, ba ba neng ba tla timetsa letsomane. (Ditiro 20:29, 30) Go sa ikanyegeng mono go ne go tla felela ka gore go nne le botlhanogi jo bogolo, mme bagolwane bano ba ba oleng ba ne ba tla bopa setlhopha sa monna yo o se nang molao yo o neng a tla ipaya mo boemong jo bo kwa godimo jwa sekamodimo gareng ga batho. (2 Bathesalonika 2:3, 4) Ditlhagiso tsa ga Paulo di ne tsa nna boammaaruri fa go ne go nna le baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete mo lefatsheng. Setlhopha seno se emelwa sentle ke tshwantshetso ya “naledi e kgolo e e tukang jaaka lobone.”
30. (a) Fa kgosi ya Babelona e ne e tewa go twe e ole kwa legodimong, go ne go kaiwa eng? (b) Go wa kwa legodimong go ka raya eng?
30 Johane o bona naledi eno e wa kwa legodimong. Jang? Maitemogelo a kgosi nngwe ya bogologolo a re thusa go tlhaloganya seno. Fa a ne a bua le kgosi ya Babelona, Isaia o ne a re: “A bo o ole kwa legodimong, wena yo o phatsimang, morwa bosa! A bo o kgaoletswe mo lefatsheng, wena yo o neng o koafatsa ditšhaba!” (Isaia 14:12) Polelelopele eno e ne ya diragadiwa fa Babelona a ne a thankgolwa ke masole a ga Kuruse, mme kgosi ya gagwe e ne e wa ka tshoganetso mo go buseng lefatshe e fentswe mo go tlhabisang ditlhong. Ka gone, go wa kwa legodimong go ka raya go latlhegelwa ke boemo jo bo kwa godimo le go wa ga matlhabisa ditlhong.
31. (a) Baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba wa go tswa boemong jwa “selegodimo” leng? (b) Ke jang metsi a batho ba neng ba a sielwa ke baruti a neng a fetoga “longana,” mme seo se ne sa felela ka eng mo bathong ba le bantsi?
31 Fa baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba tlhanogela Bokeresete jwa boammaaruri, ba ne ba wa go tswa boemong jo bo kwa godimo jwa “selegodimo” jo bo tlhalosiwang ke Paulo mo go Baefeso 2:6, 7. Go na le go siela batho metsi a a phepa a boammaaruri, ba ne ba ba siela “longana,” seo e leng maaka a a botlhoko a a tshwanang le molelo wa dihele, pakatori, Tharonngwe, le thuto ya gore re laoletswe go sa le gale se se tla re diragalelang; gape, ba ne ba etelela ditšhaba pele go ya ntweng, ba palelwa ke go ba agelela go nna batlhanka ba Modimo ba ba nang le boitsholo jo bo siameng. Phelelo e ne ya nna efe? E ne ya nna go bodisiwa semoyeng ga ba ba neng ba dumela maaka ao. Kgang ya bone e ne ya tshwana le ya Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba motlha wa ga Jeremia, ba Jehofa a neng a ba raya a re: “Bonang, ke dira gore ba je longana, mme ke tla ba naya metsi a a botlhole gore ba a nwe. Gonne mo baporofeting ba Jerusalema go dule botlhanogi bo tswela mo lefatsheng lotlhe.”—Jeremia 9:15; 23:15.
32. Go wa ga dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete go tswa magodimong a semoya go ne ga lemotshega leng, mme seno se ne sa supega jang?
32 Go wa kwa magodimong a semoya mono go ne ga lemotshega sentle mo ngwageng wa 1919 fa, mo boemong jwa baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, masalela a palo e potlana a Bakeresete ba ba tloditsweng a ne a abelwa go tlhokomela dilo tsa Bogosi. (Mathaio 24:45-47) Mme go simolola ka 1922 go wa mono go ne ga supega fa setlhopha seno sa Bakeresete ba ne ba tsosolosa letsholo la bone la go senola go retelelwa ga baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete kwantle ga go okaoka.
33. Ke go senolwa gofe ga baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete mo go neng ga dirwa kwa kopanong ya 1924 kwa Columbus, Ohio, U.S.A.?
33 Seo se neng se tlhomologile mo ntlheng eno e ne e le polelo e e neng ya dirwa kwa go seo makasine wa The Golden Age o neng wa se tlhalosa jaaka “kopano ya Baithuti ba Baebele e kgolo go di feta tsotlhe tse di kileng tsa tshwarwa mo dingwageng tsotlhe.” Kopano eno e ne ya tshwarelwa mo Columbus, kwa Ohio, ka July 20-27, 1924. Kwantle ga pelaelo ka kaelo ya moengele yo o neng a letsa terompeta ya boraro, go ne ga amogelwa maitlhomo a a maatla koo mme moragonyana ga abiwa dikhopi di le dimilione tse 50 tsa one e le pampitshana. A ne a gatisiwa ka setlhogo se se reng Baruti ba Bonwa Molato. Setlhogwana sengwe sa one se ne sa bua ka kgang e e neng e re: “Losika lwa Tsholofetso Kgatlhanong le Losika Lwa Noga.” Tatofatso eo ka boyone e ne ya senola ka botlalo baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete mo dikgannyeng tse di tshwanang le go nna le direto tse di kwa godimo tsa bodumedi, go dira bagwebi ba bagolo le batlhalefi ba dipolotiki go nna batho ba ba kwa godimo mo letsomaneng la bone, go eletsa ga bone go itshupa fa pele ga batho, le go gana ga bone go rerela batho molaetsa wa Bogosi jwa Bomesia. E ne ya gatelela gore Mokeresete mongwe le mongwe yo o ineetseng o laolwa ke Modimo go bolela “letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.”—Isaia 61:2.
34, 35. (a) Go diragetse eng ka maatla a baruti le tlhotlheletso fa e sa le moengele wa boraro a simolola go letsa terompeta ya gagwe? (b) Ke eng se isagwe e se tsholetseng baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete?
34 Fa esale moengele wa boraro a simolola go letsa terompeta ya gagwe, boemo jwa baruti jwa go laola batho bo nnile jwa fokotsega go fitlhela, mo motlheng ono le ngwaga, e le ba sekae fela ba bone ba ba sa ntseng ba na le maatla a semodimo a ba neng ba na nao mo makgolong a pele a dingwaga. Ka ntlha ya go rera ga Basupi ba ga Jehofa, batho ba le bantsi ba ile ba lemoga gore dithuto tse dintsi tsa motheo tse di rutwang ke baruti ke botlhole jwa semoya—“longana.” Gape, baruti ba Yuropa bokone ba gaufi le go felelwa ke maatla, fa mo dinageng dingwe, puso e lekanyetsa tlhotlheletso ya bone fela thata. Mo dikarolong tsa Katoliki tsa Yuropa le mo Amerika Bokone le Borwa, boitshwaro jo bo maswe jwa baruti mo mererong ya tsa madi, ya bopolotiki le ya boitsholo bo ba sentse leina. Go simolola gompieno go ya pele, boemo jwa bone e tla nna jo bo senyegelang pele fela, e re ka mo nakong e khutshwane ba tla felela ka tsela e e tshwanang le ya bodumedi jotlhe jwa maaka.—Tshenolo 18:21; 19:2.
35 Jehofa gaa ise a fetse go itaya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Ela tlhoko se se diragalang morago ga go gelebetega ga terompeta ya bonè.
Lefifi!
36. Go diragala eng morago ga moengele wa bonè a sena go letsa terompeta ya gagwe?
36 “Moengele wa bonè a letsa terompeta ya gagwe. Mme nngwetharong ya letsatsi ya itewa le nngwetharong ya ngwedi le nngwetharong ya dinaledi, gore nngwetharong ya tsone e fifadiwe mme motshegare o tle o se ka wa bonesa nngwetharong ya one, le bosigo ka tsela e e tshwanang.” (Tshenolo 8:12) Sebetso sa borobongwe mo Egepeto e ne e le sebetso sa lefifi la mmatota. (Ekesodo 10:21-29) Mme lefifi leno la tshwantshetso le le welang batho ke eng?
37. Moaposetoloi Petere le Paulo ba ne ba tlhalosa jang boemo jwa semoya jwa ba ba leng ka kwantle ga phuthego ya Bokeresete?
37 Moaposetoloi Petere o ne a bolelela badumedi ka ene gore ba ne ba ntse ba le mo lefifing, fa go buiwa ka tsela ya semoya, pele ga ba nna Bakeresete. (1 Petere 2:9) Paulo le ene o ne a dirisa lefoko “lefifi” go tlhalosa boemo jwa semoya jwa ba ba leng ka kwantle ga phuthego ya Bokeresete. (Baefeso 5:8; 6:12; Bakolosa 1:13; 1 Bathesalonika 5:4, 5) Mme go tweng ka ba ba mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ba iphakang fa ba dumela mo Modimong le ba ba bolelang gore ba amogela Jesu jaaka Mmoloki wa bone?
38. Moengele wa bonè o letsa terompeta go bontsha ntlha efe kaga “lesedi” la dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete?
38 Jesu o ne a bolela gore Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tla lemogiwa ka maungo a bone le gore bontsi jwa batho ba ba iphakang go nna balatedi ba gagwe e tla bo e le ba ba “dirang ka go tlhoka molao.” (Mathaio 7:15-23) Ga go na ope yo o bonang ditiro tsa nngwetharong ya lefatshe eo e leng dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete yo o ka ganetsang gore o kaila mo lefifing le legolo la semoya. (2 Bakorintha 4:4) O na le molato go gaisa botlhe, ka gonne o iphaka fa e le Mokeresete. Ka gone, go tshwanela sentle gore moengele wa bonè a goeletse ntlha ya gore “lesedi” la dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete tota ke lefifi, le gore “lesedi” la tsone ke la Sebabelona—eseng la Bokeresete.—Mareko 13:22, 23; 2 Timotheo 4:3, 4.
39. (a) Maitlhomo a a neng a amogelwa kwa kopanong ya 1925 a ne a tlhalosa jang lesedi le e seng la boammaaruri la dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete? (b) Ke go senolwa gofe mo gongwe mo go neng ga dirwa ka 1955?
39 Tumalanong le kitsiso eo ya selegodimo, boidiidi jo bogolo jwa batho ba Modimo ba ne ba phuthega kwa kopanong kwa Indianapolis, kwa Indiana, U.S.A., ka August 29, 1925, mme ba dumalana gore go gatisiwe maitlhomo a a neng a opa kgomo lonaka a setlhogo se se reng “Molaetsa wa Tsholofelo.” Go ne ga abiwa dikhopi di le dimilione tse 50 ka dipuo di le mmalwa gape. Maiphako ano a ne a tlhalosa lesedi le e seng la boammaaruri le le neng le tshotswe ke bagwebi ba tsietso, baeteledipele ba bopolotiki, le baruti ba bopolotiki botlhe ba kopane mmogo, leo ‘batho ba wetseng mo lefifing ka ntlha ya lone.’ Mme a ne a supa fa Bogosi jwa Modimo e le tsholofelo ya mmatota ya go amogela “masego a kagiso, katlego, botsogo jo bontle, botshelo, kgololesego le boitumelo jwa go ya go ile.” Go ne ga tlhoka setlhopha se sebotlana sa Bakeresete ba ba tloditsweng bopelokgale go bolela melaetsa e e ntseng jalo kgatlhanong le phuthego e kgolo ya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Mme ka go sa kgaotse, go simolola ka dingwaga tsa masimologo a bo1920 go fitlha jaanong, ba dirile jalo. Mo metlheng ya bosheng thata jaana, ka 1955, go senolwa mo gongwe ga setlhopha sa baruti go ne ga dirwa ka go abiwa ga bukana ya setlhogo se se reng Christendom or Christianity—Which One Is “the Light of the World”? mo lefatsheng ka bophara ka dipuo tse dintsi. Gompieno, boitimokanyo jwa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete bo bonala sentle fela thata mo eleng gore batho ba le bantsi mo lefatsheng ba kgona go bo iponela ka bobone. Mme batho ba ga Jehofa ga ba a lesa go senola seo tota a leng sone: gore ke bogosi jwa lefifi.
Ntsu e e Fofang
40. Go gelebetega ga diterompeta tse nnè go ne ga bontsha gore dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ke eng?
40 Go gelebetega mono ga diterompeta tsa ntlha tse nnè eleruri go ne ga felela ka go bipololwa ga boemo jwa tshwafalo le jo bo bolayang jwa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Karolo ya “lefatshe” e di leng mo go yone e ne ya senolwa fa e tshwanelwa ke katlholo ya ga Jehofa. Dipuso tsa diphetogo tse di tlhomiwang mo mafatsheng a dikereke tseno le mo mafelong a mangwe go ne ga bontshiwa fa di ila botshelo jwa semoya. Boemo jo bo oleng jwa baruti ba tsone bo ne jwa bipololwa, le lefifi la kakaretso la boemo jwa tsone jwa semoya bo ne jwa senolwa gore botlhe ba bo bone. Eleruri dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ke karolo e e nang le mokgobo go feta tsotlhe mo tsamaisong ya dilo ya ga Satane.
41. Fa metseletsele ya go gelebetega ga terompeta e sa ntse e emisitswe, Johane o bona le go utlwa eng?
41 Ke eng se se sa ntseng se tshwanetse go senolwa? Pele ga re bona karabo ya potso eno, go gelebetega ga lonaka go emisiwa ka bokhutshwane. Johane o tlhalosa se a se bonang morago ga moo: “Mme ka leba, mme ka utlwa ntsu e fofa mo gare ga legodimo e bua ka lentswe le le kwa godimo e re: ‘Ijoo, ijoo, ijoo lona ba lo nnang mo lefatsheng ka ntlha ya dikgelebetego tse dingwe tsotlhe tsa terompeta tsa baengele ba bararo ba ba tlogang ba letsa diterompeta tsa bone!’”—Tshenolo 8:13.
42. Ke eng se se ka tswang se kaiwa ke go fofa ga ntsu, mme molaetsa wa yone ke ofe?
42 Ntsu e fofela kwa godimodimo mo loaping, e le gore batho ba ba mo karolong e kgolo ba kgone go e bona. E na le matlho a a bogale ka tsela e e tlhomologileng mme e bile e ka kgona go bonela kgakala go tswa fa e leng gone. (Jobe 39:29) Nngwe ya ditshedi tse nnè tsa ditšheruba tse di dikologileng setulo sa Bogosi sa Modimo e ne ya tshwantshiwa le ntsu e e fofang. (Tshenolo 4:6, 7) E ka ne e le tšheruba eno kana motlhanka mongwe wa Modimo yo o bonelang kgakala, e buela kwa godimo molaetsa o o maatla: “Ijoo, ijoo, ijoo”! E kete baagi ba lefatshe ba ka ela tlhoko, jaaka go gelebetega ga terompeta mo goraro mo go setseng go utlwala, nngwe le nngwe ya gone e tsamaisana le nngwe ya boijoo bano.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Phapaanong le seo, Tshenolo 7:16 e bontsha gore boidiidi jo bogolo ga ba fisiwe ke mogote o mogolo wa go sa amogelwe ke Jehofa.
b Le mororo dinaledi tse supa tse di mo seatleng se segolo sa ga Jesu di tshwantshetsa balebedi ba ba tloditsweng mo phuthegong ya Bokeresete, bagolwane mo bontsing jwa diphuthego di ka nna 100 000 tse di mo lefatsheng gompieno ke ba boidiidi jo bogolo. (Tshenolo 1:16; 7:9) Boemo jwa bone ke bofe? E re ka ba tlhongwa ka moya o o boitshepo ke setlhopha sa batlodiwa sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, bano go ka bolelwa fa ba laolwa ke Jesu ka seatla sa gagwe se segolo, ka gonne gape ke badisa ba gagwe ba babotlana. (Isaia 61:5, 6; Ditiro 20:28) Ba ema nokeng “dinaledi di le supa” ka gore ba direla koo go se nang bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba ba tloditsweng gone.
[Tšhate mo go tsebe 139]
Metsi a Dikereke Tse di Ipitsang Tsa Bokeresete a Senolwa Fa e Le Longana
Ditumelo le Maikutlo a Dikereke
Tse di Ipitsang Tsa Bokeresete Se Totatota Baebele e se Buang
Leina la Modimo ga le botlhokwa: Jesu o ne a rapelela gore
“Go dirisiwa ga leina la Modimo leina la Modimo le itshepisiwe.
o o osi fela . . . ga go a Petere o ne a re: “Mongwe le
tshwanela gotlhelele mo tumelong mongwe yo o bitsang leina la
yotlhe ya Kereke ya Bokeresete.” ga Jehofa o tla bolokwa.”
(Ketapele ya Revised Standard (Ditiro 2:21; Joele 2:32;
Version) Mathaio 6:9; Ekesodo 6:3;
Modimo ke Tharonngwe: “Rara ke Baebele ya re Jehofa o mogolo
Modimo, Morwa ke Modimo, le Moya mo go Jesu gape ke Modimo le
o o Boitshepo ke Modimo, le fa tlhogo ya ga Keresete.
go le jalo ga se Medimo e (Johane 14:28; 20:17;
meraro, mme ke Modimo o le 1 Bakorintha 11:3) Moya o o
mongwe fela.” (The Catholic boitshepo ke maatla a a dirang
Encyclopedia, kgatiso ya 1912) a Modimo. (Mathaio 3:11;
Moya wa motho ga o swe: “Fa Motho ke moya. Morago ga loso,
motho a swa moya wa gagwe le moya ga o tlhole o akanya kana
mmele di a kgaogana. Mmele wa o ikutlwa mme o boela mo
gagwe . . . o a bola . . . Le leroleng le o dirilweng ka
fa go ntse jalo, moya wa motho, lone. (Genesise 2:7; 3:19;
ga o swe.” (What Happens After Pesalema 146:3, 4;
Death, kgatiso ya Katoliki ya Moreri 3:19, 20; 9:5, 10;
Roma) Esekiele 18:4, 20)
Baikepi ba a otlhaiwa morago ga Maduo a boleo ke loso, e seng
loso mo diheleng: “Go ya ka go tshelela mo tlhokofatsong.
tumelo ya Bokeresete, dihele ke (Baroma 6:23) Baswi ba ga ba
lefelo la tlalelo le botlhoko ikutlwe mme ba ikhuditse mo
tse di sa feleng.” (The World diheleng (Hadese, Sheole), ba
Book Encyclopedia, kgatiso ya letetse tsogo. (Pesalema 89:48;
1987) Johane 5:28, 29; 11:24, 25;
“Sereto Mediatrix [motsereganyi Motsereganyi a le esi fela
wa mosadi] se dirisiwa fa go gareng ga Modimo le batho ke
buiwa ka Mohumagatsana wa Rona.” Jesu. (Johane 14:6;
(New Catholic Encyclopedia, 1 Timotheo 2:5; Bahebera 9:15;
kgatiso ya 1967) 12:24)
Masea a tshwanetse go Kolobetso ke ya ba ba
kolobediwa: “Go tswa fela kwa dirilweng barutwa e bile ba
tshimologong Kereke e ne e rutilwe go ikobela ditaolo tsa
dirisa Tshegofatso ya Kolobetso ga Jesu. Gore motho a
mo maseeng. Tlwaelo eno e ne e tshwanelegele kolobetso, o
sa tsewe e le ya kafa molaong tshwanetse go tlhaloganya
fela, mme gape go ne go rutwa Lefoko la Modimo le go nna le
gore e botlhokwa fela thata gore tumelo. (Mathaio 28:19, 20;
motho a bone poloko.” (New Luke 3:21-23; Ditiro 8:35, 36)
Catholic Encyclopedia, kgatiso
ya 1967)
Bontsi jwa dikereke di kgaogane Bakeresete botlhe ba lekgolo
ka setlhopha sa maloko a kereke la ntlha la dingwaga e ne e le
le setlhopha sa baruti, seo se badiredi e bile ba ne ba
direlang maloko. Gantsi baruti kopanela mo go rereng dikgang
ba newa madi ka ntlha ya tse di molemo.
bodiredi jwa bone ba bile ba (Ditiro 2:17, 18;
tlotlomadiwa mo godimo ga maloko Baroma 10:10-13; 16:1)
ka direto tse di tshwanang le Mokeresete o tshwanetse go
“Yo o Tlotlegang,” “Rara,” kana ‘naya mahala,’ e seng gore a
“Motlotlegi.” lebelele go duelwa.
(Mathaio 10:7, 8) Jesu o ne a
iletsa go dirisiwa ga direto
tsa bodumedi fela thata.
Ditshwantsho, le difapaano di Bakeresete ba tshwanetse go
dirisiwa mo kobamelong: tshaba mofuta mongwe le mongwe
“Ditshwantsho . . . tsa ga wa kobamelo ya medimo ya
Keresete, tsa Kgarebane disetwa, go akareletsa le e go
Mmamodimo, le tsa baitshepi ba tweng ke kobamelo e e
bangwe, di tshwanetse go . . . lekanyeditsweng.
bewa mo dikerekeng mme di (Ekesodo 20:4, 5;
sisimogiwe le go neelwa tlotlo 1 Bakorintha 10:14;
e e di tshwanetseng.” 1 Johane 5:21) Ba obamela
(Declaration of the Council of Modimo eseng ka pono mme ka
Trent [1545-63]) moya le ka boammaaruri.
Maloko a kereke a rutiwa gore Jesu o ne a rera ka Bogosi jwa
maikaelelo a Modimo a tla Modimo, eseng ka tsamaiso nngwe
diragadiwa ka dipolotiki. Moswi ya sepolotiki, jaaka tsholofelo
Moruti Spellman o ne a tlhalosa ya setho. (Mathaio 4:23;
jaana: “Go tsela e le nngwe 6:9, 10) O ne a gana go
fela e e isang kwa kagisong tsenelela mo dipolotiking.
. . . , ke tselakgolo ya (Johane 6:14, 15) Bogosi jwa
temokerasi.” Dikgang di bega ka gagwe e ne e se karolo ya
go tsenelela ga bodumedi mo lefatshe leno; ka gone,
bopolotiking jwa lefatshe balatedi ba gagwe ba ne ba sa
(le e leng mo botsuoloding) tshwanela go nna karolo ya
le mo go emeng nokeng ga bone lefatshe. (Johane 18:36; 17:16)
lekgotla la Ditšhaba Tse di Jakobe o ne a tlhagisa
Kopaneng jaaka “tsholofelo ya kgatlhanong le go itsalanya le
bofelo ya tshwaragano le lefatshe. (Jakobe 4:4)
kagiso.”
[Setshwantsho mo go tsebe 132]
Go kanololwa ga dikano tse supa go gogela kwa go lediweng ga diterompeta tse supa
[Ditshwantsho mo go tsebe 140]
“Kgwetlho go Baeteledipele ba Lefatshe” (1922)
Maitlhomo ano a ne a thusa mo go itsiseng sebetso sa ga Jehofa kgatlhanong le “lefatshe”
[Setshwantsho mo go tsebe 140]
“Tlhagiso mo Bakereseteng Botlhe” (1923)
Katlholo ya ga Jehofa e e bogale kgatlhanong le “nngwetharong ya lewatle” e ne ya bolelwa mo lefatsheng lotlhe ka maitlhomo ano
[Setshwantsho mo go tsebe 141]
“Baruti ba Bonwa Molato” (1924) Go abiwa thatathata ga pampitshana eno go ne ga thusa mo go tlhokomediseng batho gore “naledi” ya baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete e ne e ole
[Setshwantsho mo go tsebe 141]
“Molaetsa wa Tsholofelo” (1925) Maitlhomo ano a a neng a opa kgomo lonaka a ne a dirisiwa mo go senoleng seo go ka bong go ne go twe ke metswedi ya lesedi ya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete gore tota e ne e le metswedi ya lefifi