Kgaolo 26
Sephiri se se Boitshepo sa Modimo—Konelo ya Sone e e Galalelang!
1. (a) Johane o re itsise jang gore sephiri se se boitshepo se a wediwa? (b) Ke ka ntlha yang fa matsholo a baengele a buela kwa godimo?
A O GAKOLOGELWA mafoko a a tlhomamisitsweng a moengele yo o nonofileng a neng a a bua a a kwadilweng mo go Tshenolo 10:1, 6, 7? O ne a re: “Ga go na go tlhola go nna le tiego; mme mo malatsing a modumo wa moengele wa bosupa, fa a tloga a letsa terompeta ya gagwe, sephiri se se boitshepo sa Modimo go ya ka dikgang tse di molemo tse a neng a di bolelela batlhanka ba gagwe e leng baporofeti eleruri se a wediwa.” Nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng ya go lediwa ga terompeta eo ya bofelo e gorogile! Sephiri se se boitshepo se wediwa jang he? Eleruri Johane o penologa ka boitumelo fa a re bolelela! O kwala jaana: “Mme moengele wa bosupa a letsa terompeta ya gagwe. Mme ga utlwala mantswe a a kwa godimo kwa legodimong, a re: ‘Bogosi jwa lefatshe bo fetogile bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe, mme o tla busa e le kgosi ka bosaengkae le go ya go ile.’” (Tshenolo 11:15) Matsholo ao a baengele a na le lebaka la go buela kwa godimo, le e leng ka mantswe a e keteng medumo ya maru! Ka gonne kitsiso eno e e sa lebalesegeng e botlhokwa mo lobopong lotlhe. Ke ya botlhokwa mo dibopiweng tsotlhe tse di tshelang.
2. Sephiri se se boitshepo se wediwa ka phenyo leng mme e le fa go direga tiragalo efe?
2 Sephiri se se boitshepo se konelwa ka tsela e e itumedisang! Ka tsela e e galalelang, le ka bontle jo bogolo, se wediwa ka phenyo ka 1914 fa Morena Jehofa a tlhoma Keresete wa gagwe mo setulong sa bogosi go nna Kgosi le ene. Jesu Keresete o thusa Rraagwe ka go simolola go busa ka tlhagafalo mo lefatsheng la batho ba e leng baba ba gagwe. Jaaka Losika lo lo solofeditsweng, o amogela maatla a Bogosi e le gore a nyeletse Noga le losika lwa yone a bo a tsosolose kagiso ya paradaise mo lefatsheng. (Genesise 3:15; Pesalema 72:1, 7) Jaaka Kgosi ya Bomesia, Jesu ka gone o tla diragatsa Lefoko la ga Jehofa a ba a tlotlomatse Rraagwe, e bong “Kgosi ya bosakhutleng,” yo o tshwanetseng go busa e le Morena Molaodimogolo “ka bosaengkae le go ya go ile.”—1 Timotheo 1:17.
3. Ke ka ntlha yang fa Jehofa Modimo a letleletse balaodi ba bangwe go nna gone mo lefatsheng le mororo a ntse a le Kgosi ka metlha?
3 Mme ke jang ‘bogosi jwa lefatshe bo fetogileng bogosi jwa Morena wa rona,’ Jehofa? A Jehofa o ne a ntse a se Kgosi ka metlha? Seo se boammaaruri, ka gonne Asafe wa Molefi o ne a opela a re: “Modimo ke Kgosi ya me go tloga bogologolong.” Mopesalema yo mongwe le ene o ile a re: “Jehofa e setse e le kgosi! . . . Setulo sa gago sa bogosi se tlhomamisitswe ka thata go tswa bogologolong; o tswa kwa bosasimologeng.” (Pesalema 74:12; 93:1, 2) Le fa go le jalo, ka botlhale jwa gagwe, Jehofa o letleletse balaodi ba bangwe go nna teng mo lefatsheng. Ka gone kganetsano e e neng ya tsosiwa kwa Edene ya gore a motho a ka kgona go ipusa kwantle ga Modimo e arabegile ka botlalo. Puso ya motho e reteletswe mo go maswe. Eleruri, mafoko a moporofeti wa Modimo a boammaaruri, a a reng: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Fa e sa le batsadi ba rona ba ntlha ba tlola molao, lefatshe lotlhe le le agilweng le ntse le le ka fa tlase ga bolaodi jwa “noga ya kwa tshimologong,” e bong Satane. (Tshenolo 12:9; Luke 4:6) Jaanong, ke nako ya phetogo e kgolo! E le gore a tle a tlotlomatse boemo jwa gagwe jo bo tshwanetseng, Jehofa o simolola go dirisa bolaodi jwa gagwe mo lefatsheng ka tsela e ntšha, ka Bogosi jwa gagwe jwa Bomesia jo bo tlhophilweng.
4. Fa go lediwa ga diterompeta go ne go simololwa ka 1922, ke eng se se neng sa tlotlomadiwa? Tlhalosa.
4 Fa go lediwa ga diterompeta tse supa go ne go simologa ka 1922, kopano ya Baithuti ba Baebele ya kwa Cedar Point, Ohio, e ne ya nna le puo e e neng ya neelwa ke J. F. Rutherford e e neng e theilwe mo lokwalong lo lo reng “Bogosi jwa legodimo bo atametse.” (Mathaio 4:17, King James Version) O ne a digela ka mafoko ano: “Jalo boelang kwa tshimong, lona bomorwa Modimo Mogodimodimo! Itlameng ka diaparo tsa lona tsa phemelo! Tsenyang marapo mo dinameng, tlhoafalang, tlhagafalang, nnang pelokgale. Nnang basupi ba ba ikanyegang le ba boammaaruri ba Morena. Gatelang pele mo tlhabanong go fitlha karolo nngwe le nngwe e e setseng ya Babelona e fedisiwa gotlhelele. Bolelang molaetsa gongwe le gongwe. Lefatshe le tshwanetse go itse fa Jehofa e le Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Motlha ono ke o mogolo mo metlheng yotlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lo baemedi ba yone ba ba anamisang molaetsa. Jalo itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.” Bogosi jwa Modimo ka Keresete Jesu bo ne jwa tlotlomadiwa, mme seo se ne sa simolola koketsego e kgolo ya go rera ka Bogosi e e neng ya akareletsa dikatlholo tse di neng tsa itsisiwe ka go lediwa ga diterompeta tsotlhe tse supa tsa seengele.
5. Ka 1928, ke eng se se neng sa direga kwa kopanong ya Baithuti ba Baebele se se neng sa godisa go gelebetega ga terompeta ya bosupa?
5 Go gelebetega ga terompeta ya moengele wa bosupa go ne ga gatelelwa mo dintlheng tse dikgolo tsa kopano ya Baithuti ba Baebele kwa Detroit, Michigan, ka July 30–August 6, 1928. Ka nako eo diradio di le 107 tsa kgaso di ne tsa golaganngwa le se The New York Times e neng ya se tlhalosa e le ‘kgokaganyo ya radio e kgolo le e e jeleng madi a mantsi go di feta tsotlhe mo ditiragalong.’ Batlakopanong ba ne ba amogela ka matlhagatlhaga “Boipolelo Kgatlhanong le Satane Mme Tumalanong le Jehofa” jo bo maatla, jo bo neng bo supa go fedisiwa ga ga Satane le phuthego ya gagwe e e bosula ka Haramagedona le go gololwa ga botlhe ba ba ratang tshiamo. Babusiwa ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa Modimo ba ne ba itumelela go amogela se se neng sa gololwa kwa kopanong eo, e leng buka ya ditsebe tse 368 ya Government. Eno e ne ya naya bosupi jo bo utlwalang sentle “jwa gore Modimo o ne a tlhoma Kgosi ya gagwe e e Tloditsweng mo setulong sa bogosi ka 1914.”
Jehofa o Tsaya Puso
6. Johane o bega jang kitsiso ya go tlhomiwa ga ga Keresete mo setulong sa Bogosi jwa Modimo?
6 Keresete o tlhomilwe mo setulong sa Bogosi jwa Modimo—a bo kitsiso eno e ne e lere boipelo jo bogolo jang ne! Johane o bega jaana: “Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bonè ba ba neng ba ntse fa pele ga Modimo mo ditulong tsa bone tsa bogosi ba wa ka difatlhego ba obamela Modimo, ba re: ‘Re a go leboga, Jehofa Modimo, Mothatayotlhe, Wena yo o gone le yo o neng a le gone, ka gonne o tsere maatla a gago a magolo mme wa simolola go busa o le kgosi.”—Tshenolo 11:16, 17.
7. Jehofa Modimo o ne a ntshediwa malebogo jang (a) ke masalela a bagolwane ba ba 24 ba tshwantshetso mo lefatsheng? (b) ke bagolwane ba ba 24 ba tshwantshetso ba ba tsoseditsweng go ya maemong a bone kwa legodimong?
7 Batho ba ba ntshetsang Jehofa Modimo malebogo ano ke bagolwane ba ba 24, ba ba tshwantshetsang bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng ba le mo maemong a bone a selegodimo. Go simologa ka 1922 go ya pele masalela a a mo lefatsheng a batlodiwa bano ba ba 144 000 a ne a tshwarega thata mo tirong e e neng e simolotswe ka go gelebetegisiwa ga diterompeta. Ba ne ba simolola go lemoga se ka botlalo se kaiwang ke sesupo se se mo go Mathaio 24:3–25:46. Le fa go ntse jalo, le e leng kwa tshimologong ya letsatsi la Morena, basupi mmogo le bone ba ba neng ba setse ‘ba itshupile ba ikanyega go ya losong’ ba ne ba tsositswe go ya go tsaya boemo jwa bone kwa legodimong, e le gore jaanong ba tle ba kgone go emela setlhopha sotlhe sa ba ba 144 000 ka go obama ka difatlhego tsa bone ba tlotla Jehofa. (Tshenolo 1:10; 2:10) A bo botlhe bano ba leboga jang ne go bo Molaodimogolo wa bone a sa diega go konela sephiri sa gagwe se se boitshepo!
8. (a) Go lediwa ga terompeta ya bosupa go ama ditšhaba jang? (b) Ditšhaba di galefetse bomang?
8 Mo letlhakoreng le lengwe, go lediwa ga terompeta ya bosupa ga go itumedise ditšhaba ka gope. Nako ya gore ba bone bogale jwa ga Jehofa e gorogile. Jaaka Johane a bolela: “Mme ditšhaba tsa galefa, mme bogale jwa gago jwa tla, le nako e e tlhomilweng ya gore baswi ba atlholwe, le go naya batlhanka ba gago baporofeti maduo a bone le baitshepi le ba ba boifang leina la gago, ba bannye le ba bagolo, le go senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Go simologa ka 1914 go ya pele, ditšhaba tsa lefatshe di supile go galefelana ga tsone ka bogale, le go galefela Bogosi jwa Modimo, mme segolobogolo go galefela basupi ba babedi ba ga Jehofa.—Tshenolo 11:3.
9. Ditšhaba di ntse di senya lefatshe jang, mme ke eng se Modimo a ikaeletseng go se dira ka gone?
9 Go kgabaganya ditiragalo, ditšhaba di nnile tsa senya lefatshe ka go tlhabana ga tsone le go sa laoleng dilo sentle. Le fa go ntse jalo, fa e sa le ka 1914, tshenyo eno e nnile ya oketsega ka selekanyo se se tsitsibanyang mmele. Bogagapa le tsietso di bakile go anama ga dikaka le go senyega thata ga lefatshe le le lengwang. Go na ga esiti le marang a a kotsi di sentse mafelo a magolo. Metswedi ya dijo e kgotletswe. Moya o re o hemang le metsi a re a nwang a kgotletswe. Leswe la madirelo le beile ditshedi tse di mo lefatsheng le mo lewatleng mo kotsing. Nako nngwe mebuso e megolo e ne ya ntsha matshosetsi a go senya batho gotlhelele ka phediso ya ntwa ya nuklea. Selo se se itumedisang ke gore, Jehofa o tla “senya ba ba senyang lefatshe”; o tla diragatsa katlholo mo bathong ba ba boikgodiso, ba ba boikepo, ba ba ikarabelelang ka maemo a a hutsafatsang a lefatshe le leng mo go one. (Duteronome 32:5, 6; Pesalema 14:1-3) Jalo, Jehofa o rulaganya go tlisa ijoo wa boraro go dira gore badirabosula bano ba ikarabelele ditiro tsa bone.—Tshenolo 11:14.
Ijoo Mo go Ba ba Senyang!
10. (a) Ijoo wa boraro ke eng? (b) Ke ka tsela efe ijoo wa boraro a tlisang se se fetang tlhokofatso fela?
10 Ijoo wa boraro ke o, o a goroga. O tla ka potlako! Ke tsela ya ga Jehofa ya go senya ba ba itshekololang ‘sebeo sa gagwe sa dinao,’ lefatshe leno le lentle le re tshelang mo go lone. (Isaia 66:1) O simololwa ke Bogosi jwa Bomesia—e leng sephiri se se boitshepo sa Modimo. Baba ba Modimo, mme segolobogolo baeteledipele ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, ba tlhokofaditswe ke boijoo ba ntlha ba babedi—ba segolobogolo ba neng ba leriwa ke sebetso sa tsie le bapalami ba dipitse tsa ntwa; mme ijoo wa boraro, o o dirwang ke Bogosi jwa ga Jehofa ka bojone, o lere se se fetang tlhokofatso fela. (Tshenolo 9:3-19) O tlisa sebetso se se bolayang sa go nyeletsa batho ba ba senyang lefatshe le babusi ba bone ba ba le senyang. Seno se tla diragala e le setlhoa sa katlholo ya ga Jehofa ka Haramagedona. Go ntse fela jaaka Daniele a ne a bolelela pele a re: “Mme mo metlheng ya dikgosi tseo [tse e leng babusi ba ba senyang lefatshe] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” Jaaka thaba e kgolo, Bogosi jwa Modimo bo tla busa mo lefatsheng le le galaleditsweng, bo tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa le go leretse batho boipelo jwa bosakhutleng.—Daniele 2:35, 44; Isaia 11:9; 60:13.
11. (a) Ke metseletsele efe e e tsweletseng pele gompieno ya ditiragalo tse di itumedisang e boporofeti bo e tlhalosang? (b) Ke bopelonomi bofe jo bo sa tshwanelang jo batho ba bo bonang, mme ba bo bona jang, mme gone ke bomang ba bo bonang?
11 Ijoo wa boraro o patilwe ke metseletsele ya ditiragalo tse di tsweletseng tse di itumedisang tse di tla diragalang kgato ka kgato mo letsatsing la Morena. Ke nako ‘ya baswi go atlholwa, le ya gore Modimo a neye batlhanka ba gagwe ba baporofeti le baitshepi le ba ba boifang leina la gagwe tuelo ya bone.’ Seo se raya go tsosiwa mo losong! Mo baitsheping ba ba tloditsweng ba ba setseng ba robetse mo losong, seno se diragala mo tshimologong ya letsatsi la Morena. (1 Bathesalonika 1:15-17) Ka nako e e tshwanetseng masalela a baitshepi bano a kopana le bano ka go tsosiwa ka ponyo ya leitlho. Ba bangwe le bone ba tshwanetse go duelwa, go akaretsa le batlhanka ba Modimo ba baporofeti ba motlha wa bogologolo le batho botlhe ba bangwe ba ba boifang leina la ga Jehofa, e ka ne e le ba boidiidi jo bogolo ba ba falolang pitlagano e kgolo kana ‘baswi, bagolo le bannye,’ ba ba tsosiwang mo nakong ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete. E re ka Kgosi ya Modimo ya Bomesia e na le dilotlolo tsa loso le tsa Hadese, puso ya gagwe ya Bogosi e mo naya sebaka sa go abela botlhe ba ba lekang go bona thulaganyo eo e e botlhokwa ya botshelo jo bo sa khutleng. (Tshenolo 1:18; 7:9, 14; 20:12, 13; Baroma 6:22; Johane 5:28, 29) E ka tswa e le botshelo jwa bosasweng kwa magodimong kana botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, mpho eno ya botshelo ke bopelonomi jo bo sa tshwanelang jo bo tswang kwa go Jehofa, jo moamogedi mongwe le mongwe wa jone a ka bo lebogelang ka bosakhutleng!—Bahebera 2:9.
Bonang Letlole la Kgolagano ya Gagwe!
12. (a) Go ya ka Tshenolo 11:19, Johane o bona eng kwa legodimong? (b) Letlole la kgolagano e ne e le tshwantshetso ya eng, mme go ne ga direga eng ka lone fa Iseraele e ile botshwarwa kwa Babelona?
12 Jehofa o a busa! Ka Bogosi jwa gagwe jwa Bomesia, o dirisa bolaodi jwa gagwe mo bathong ka tsela e e molemo. Seno se tlhomamisiwa ke se Johane a se bonang go tswa foo: “Mme lefelo le le boitshepo la tempele la Modimo le le kwa legodimong la bulega, mme letlole la kgolagano ya gagwe la bonwa mo lefelong la gagwe le le boitshepo la tempele. Mme ga nna dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru le thoromo ya lefatshe le sefako se segolo.” (Tshenolo 11:19) Fano ke gone fela mo bukeng ya Tshenolo mo go umakiwang letlole la kgolagano ya Modimo. Letlole e ne e ntse e le tshwantshetso e e bonalang ya go nna gone ga ga Jehofa mo bathong ba gagwe ba Iseraele. Mo motlaaganeng, mme moragonyana mo tempeleng e e neng ya agiwa ke Solomone, le ne le bewa mo Boitshepong jwa Maitshepo. Mme fa Iseraele a ne a ya botshwarwa kwa Babelona ka 607 B.C.E., Jerusalema o ne a sala a kgakgabetse mme letlole la kgolagano le ne la nyelela. E ne e le ka nako ya fa baemedi ba ntlo ya ga Dafide ba ne ba sa tlhole ba “nna mo setulong sa bogosi sa ga Jehofa jaaka kgosi.”—1 Ditiragalo 29:23.a
13. Ke eng se se kaiwang ke kgang ya go bo letlole la kgolagano ya Modimo le bonwa mo lefelong la boitshepo la Modimo la kwa legodimong?
13 Jaanong, morago ga dingwaga tse di fetang 2 600, Letlole le bonwa gape. Mo ponatshegelong ya ga Johane Letlole leno ga le mo tempeleng ya mo lefatsheng. Le bonala mo lefelong la boitshepo la Modimo la kwa legodimong. Jehofa o a busa gape a dirisa kgosi ya losika lwa segosi lwa ga Dafide. Le fa go ntse jalo, ka nako eno, Kgosi, e bong Keresete Jesu, o tlhomilwe mo setulong sa bogosi mo Jerusalema wa kwa legodimong—e leng boemo jo bo kwa godimo jo a diragatsang dikatlholo tsa ga Jehofa a le mo go jone. (Bahebera 12:22) Dikgaolo tse di latelang tsa Tshenolo di tla re sedimosetsa dilo tseno.
14, 15. (a) Mo Jerusalema wa bogologolo, ke mang fela yo o neng a bona letlole la kgolagano, mme ka ntlha yang? (b) Mo tempeleng ya Modimo ya kwa legodimong, ke bomang ba ba bonang letlole la kgolagano ya gagwe?
14 Mo Jerusalema wa bogologolo wa mo lefatsheng, Letlole le ne le sa bonwe ke Baiseraele ka kakaretso, le fa e le ke baperesiti ba ba neng ba direla mo tempeleng, ka gonne le ne le le mo Boitshepong jwa Maitshepo jo bo neng bo kgaogantswe le Lefelo le le Boitshepo ka sesiro. (Dipalo 4:20; Bahebera 9:2, 3) Le ne le bonwa ke moperesiti yo mogolo fela fa a ne a tsena mo Boitshepong jwa Maitshepo ka Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga. Le fa go ntse jalo, fa tempele e bulwa kwa magodimong, letlole la tshwantshetso le bonwa e seng ke Moperesiti yo Mogolo wa ga Jehofa, e bong Jesu Keresete fela, mme le bonwa le ke baperesiti ba babotlana ba gagwe, ba ba 144 000, go akareletsa le Johane.
15 Ba ntlha ba ba tsoseditsweng go ya legodimong ba bona letlole leno la tshwantshetso ba le gautshwane le lone, ka gonne ba eme mo maemong a bone e le karolo ya bagolwane ba ba 24 go dikologa setulo sa bogosi sa ga Jehofa. Mme ba setlhopha sa Johane mo lefatsheng ba sedimosediwa ke moya wa ga Jehofa go lemoga go nna gone ga Gagwe mo tempeleng ya Gagwe ya semoya. Gape go nnile le ditshupo tse di lemotshitseng batho ka kakaretso tiragalo eno e e gakgamatsang. Ponatshegelo ya ga Johane e bua ka dikgadima, mantswe, medumo ya maru, thoromo ya lefatshe, le sefako. (Bapisa Tshenolo 8:5.) Dilo tseno di tshwantshetsa eng?
16. Go nnile jang le dikgadima, mantswe, ditumo tsa maru, thoromo ya lefatshe, le sefako se segolo?
16 Fa e sa le ka 1914 go nnile le phetogo e kgolo mo bodumeding. Le fa go le jalo, se se itumedisang ke gore ‘thoromo eno ya lefatshe’ e patilwe ke mantswe a a ineetseng a a bolelang molaetsa o o utlwalang sentle kaga Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo. Go boletswe ‘ditlhagiso tse di jaaka sefefo’ tse e ke teng go duma ga maru tse di tswang mo Baebeleng. Jaaka logadima, matlhasedi a go tlhaloganya Lefoko la Modimo la boporofeti a ile a bonwa a ba a anamisiwa. “Sefako” se se itayang kwantle ga go kgaotsa sa dikatlholo tsa Modimo, se buletswe go itaya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete le bodumedi jwa maaka ka kakaretso. Batho ba tshwanetse ba ka bo ba ne ba tlhokomela seno. Le fa go le jalo, selo se se hutsafatsang ke gore, bontsi jwa bone—fela jaaka batho ba Jerusalema ba motlha wa ga Jesu—ba reteletswe ke go lemoga go diragadiwa ga ditshupo tseno tsa Tshenolo.—Luke 19:41-44.
17, 18. (a) Go lediwa ga dinaka tsa baengele ba ba supa go lerile boikarabelo bofe mo Bakereseteng ba ba ineetseng? (b) Bakeresete ba diragatsa thomo ya bone jang?
17 Baengele ba ba supa ba tswelela go letsa diterompeta tsa bone, ba itsise ditiragalo tse di sa lebalegeng mono lefatsheng. Bakeresete ba ba ineetseng ba na le boikarabelo jo bogolo jwa go tswelela ba bolela dikitsiso tseno mo lefatsheng. A bo ba diragatsa thomo eo ka boipelo jang ne! Seno se supiwa ke gore, mo dingwageng tse 20 tsa go tloga ka 1986 go ya go 2005, ba ile ba oketsa diura tse ba di fetsang ngwaga le ngwaga mo bodireding ka palo e e batlang e menagane gabedi—go tswa go 680 837 042 go ya go 1 278 235 504. Eleruri, “sephiri se se boitshepo sa Modimo go ya ka dikgang tse di molemo” se itsisiwe go ela “kwa dintlheng tsa lefatshe le le nang le banni.”—Tshenolo 10:7; Baroma 10:18.
18 Jaanong re letetswe ke diponatshegelo tse dingwe fa go ntse go senolwa maikaelelo a Bogosi jwa Modimo go ya pele.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Raditiragalo wa Moroma e bong Tacitus o bega gore fa Jerusalema e ne e gapiwa ka 63 B.C.E. mme Cneius Pompeius a tsena mo lefelong la boitshepo la tempele, o ne a fitlhela go se na sepe. Letlole la kgolagano le ne le seo mo teng.—History ya ga Tacitus, 5.9.
[Lebokoso mo go tsebe 173]
Dintlha Tse Dikgolo Tsa go Itsisiwe ga Dikatlholo Tsa ga Jehofa Tse di Jaaka Terompeta
1. 1922 Cedar Point, Ohio: Kgwetlho mo baeteledipeleng ba bodumedi ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, ba dipolotiki, le ba kgwebo e kgolo gore ba bolele lebaka la go retelelwa ga bone go lere kagiso, katlego le boitumelo. Bogosi jwa Bomesia ke jone tharabololo.
2. 1923 Los Angeles, California: Puo ya phatlalatsa e e reng, “Ditšhaba Tsotlhe Jaanong di Gwantela Kwa Haramagedona, Mme Dimilione Tse Jaanong di Tshelang ga di Kitla di Swa,” e ne ya laletsa “dinku” tse di ratang kagiso gore di tlogele lewatle le le bolayang la batho.
3. 1924 Columbus, Ohio: Baruti ba nyalediwa go itlotlomatsa le go gana go rera ka Bogosi jwa Bomesia. Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go rera ka pusoloso ya Modimo le go gomotsa batho ba ba mo khutsafalong.
4. 1925 Indianapolis, Indiana: Molaetsa wa tsholofelo o o neng o farologanya lefifi la semoya le le mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete le tsholofetso e e phatsimang ya Bogosi ya kagiso, katlego, botsogo jo bo molemo, botshelo, kgololesego, le boitumelo jwa bosakhutleng.
5. 1926 Lontone, Engelane: Go itewa jaaka e kete ka tsie ga dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete le baruti ba tsone, go senola go gana ga bone Bogosi jwa Modimo, le go bolela go tsalwa ga puso ya kwa legodimong.
6. 1927 Toronto, Canada: Taletso, e e neng e dirwa jaaka e kete ke bapalami ba dipitse ba ntwa, e e neng e laletsa batho go tlogela ‘Bokeresete jo bo rulagantsweng’ le go ineela ka pelo yotlhe mo go Jehofa Modimo le mo Kgosing ya gagwe le Bogosi jwa gagwe.
7. 1928 Detroit, Michigan: Boipolelo kgatlhanong le Satane mme tumalanong le Jehofa, go tlhalosiwa sentle gore Kgosi ya Modimo e e tloditsweng, e e tlhomilweng mo setulong sa bogosi ka 1914, e tla senya tsamaiso e e boikepo ya ga Satane mme e golole setho.
[Lebokoso mo go tsebe 175]
Go Senya Lefatshe
“Mo metsotswaneng mengwe le mengwe e meraro bontlhanngwe jwa dikgwa tsa bogologolo jwa selekanyo sa lebala la kgwele ya dinao di a nyelela. . . . Go senngwa ga dikgwa tse dikgolo go bolaya ditlhare tse dintsi le mefuta e e farolo-ganeng ya diphologolo.”—Illustrated Atlas of the World (Rand McNally).
“Mo makgolong a mabedi a dingwaga a go ntseng go nniwa mo kgaolong ya [Great Lakes] ka one, kgaolo eno e fetogile bolatlhelo jo bogolo jwa maswe mo lefatsheng lotlhe.”—The Globe and Mail (Canada).
Ka April 1986 go thunya le molelo kwa madirelong a nuklea kwa Chernobyl, U.S.S.R., “go ne ga nna tiragalo e kgolo go di feta tsotlhe ya nuklea . . . fa e sa le go thunya ga dibomo kwa Hiroshima le Nagasaki,” go kgwela “marang a le mantsi a a kotsi a a tsereng lobaka lo loleele mo moyeng wa lefatshe, mmu le metsi go feta jaaka go ne ga direga ka ditekeletso tsotlhe tsa nuklea le dibomo tse dingwe tse di kileng tsa thuntshiwa.”—JAMA; The New York Times.
Kwa Minamata, Japane, madirelo a dikhemikale a ne a kgwela methylmercury mo lobopong lwa lewatle. Go ja ditlhapi tse di neng di kgotletswe ke dikhemikale tseo go ne go tsenya batho bolwetse jwa Minamata e leng “bolwetse jo bo sa alafegeng jwa disele tsa boboko . . . Go fitlha gompieno [1985], batho ba le 2 578 go kgabaganya Japane yotlhe go tlhomamisitswe semolao fa ba tsenwe ke bolwetse jwa [Minamata].”—International Journal of Epidemiology.
[Lebokoso mo go tsebe 176]
Mafoko a a maatla a a mo go Tshenolo 11:15-19 ke ketapele ya diponatshegelo tse di latelang. Tshenolo kgaolo 12 ke poeletso ya ditiragalo tse di setseng di boletswe tse di tlhalosang ka botlalo dikitsiso tse di molemo tse di mo go Tshenolo 11:15, 17. Kgaolo 13 e ntsha dintlha tse di tlhalosang 11:18, fa e umaka tshimologo le go nna teng ga phuthego ya ga Satane ya sepolotiki e e lerileng tshenyo mo lefatsheng. Kgaolo 14 le 15 di tlhalosa go ya pele dikatlholo tsa Bogosi tse di tsamaisanang le go lediwa ga terompeta ya bosupa le ijoo wa boraro.
[Ditshwantsho mo go tsebe 174]
Jehofa o tla “senya ba ba senyang lefatshe”