Kgaolo 27
Bogosi Jwa Modimo bo Tsetswe!
Ponatshegelo 7—Tshenolo 12:1-17
Setlhogo: Mosadi wa kwa legodimong o tshola ngwana, Mikaele o tlhabantshana le Satane a bo a mo latlhela mo lefatsheng
Nako ya go diragadiwa: Go simologa ka go tlhongwa mo setulong sa bogosi ga ga Keresete Jesu ka 1914 go fitlha ka nako ya pitlagano e kgolo
1. Go tlhaloganya ditshupo tse di tlhalosiwang mo go Tshenolo kgaolo 12 go ya go 14 go tla re thusa jang?
SEPHIRI se se boitshepo sa Modimo se senotswe. (Tshenolo 10:7) Bogosi jwa ga Jehofa ka Mesia wa gagwe jaanong ke selo se segolo se se ka se kang sa ganediwa. Bo a busa! Go busa ga jone go raya katlholo mo go Satane le losika lwa gagwe le phenyo e e galalelang mo Losikeng lwa phuthego ya Modimo ya selegodimo. Le fa go ntse jalo, moengele wa bosupa ga a ise a fetse go letsa terompeta ya gagwe, gonne o sa ntse a na le dilo di le dintsi go re di senolela kaga ijoo wa boraro. (Tshenolo 11:14) Ditshupo tse di tlhalosiwang mo go Tshenolo kgaolo 12 go ya go 14 di tla re thusa go atolosa go tlhaloganya ga rona sotlhe se se kopanyelediwang mo go ijoo yono le mo go wetseng sephiri se se boitshepo a Modimo.
2. (a) Ke sesupo sefe se segolo se Johane a se bonang? (b) Bokao jwa sesupo seo se segolo bo ne jwa senolwa leng?
2 Jaanong Johane o bona sesupo se segolo—se batho ba Modimo ba se kgatlhegelang fela thata. Se simolola ponatshegelo e e amang maikutlo ya boporofeti, e tlhaloso ya yone e neng ya gatisiwa la ntlha mo makasineng wa The Watch Tower ya March 1, 1925, mo setlhogong se se neng se re “Botsalo jwa Ditšhaba” mme go tswa foo gape ka 1926 mo bukeng e e bidiwang Deliverance. Lesedi leno le legolo la go tlhaloganya Baebele le ne la nna lotshwao lo lo sa lebalegeng mo kgatelopeleng ya tiro ya ga Jehofa. Jalo mma Johane a tlhalose tiragalo eo jaaka e simolola go diragala: “Mme ga bonwa sesupo se segolo kwa legodimong, mosadi a apere letsatsi, mme ngwedi e ne e le kafa tlase ga dinao tsa gagwe, mo tlhogong ya gagwe go ne go na le serwalo sa dinaledi di le lesome le bobedi, mme o ne a le moimana. Mme o goa a le mo ditlhabing le mo botlhokong jo bo ngomolang pelo jwa go belega.”—Tshenolo 12:1, 2.
3. Mosadi yo o bonwang kwa legodimong ke mang?
3 Johane o bona mosadi kwa legodimong e le la ntlha. Legale, ga se mosadi wa mmatota. Go na le moo, ke sesupo, kana o tshwantshetsa sengwe. (Tshenolo 1:1) O tshwantshetsa eng? Mo boporofeting jo bo tlhotlheleditsweng, basadi ka dinako tse dingwe ba emela diphuthego tse di “nyetsweng” ke batho ba maemo a a kwa godimo. Mo Dikwalong tsa Sehebera, go ne ga buiwa ka Iseraele go twe ke mosadi wa ga Jehofa Modimo. (Jeremia 3:14) Mo Dikwalong tsa Segerika, phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng go buiwa ka yone go twe ke monyadiwa wa ga Keresete. (Tshenolo 21:9-14) Mosadi yo Johane a mmonang fano le ene o nyetswe ke mongwe, mme o tloga a tshola ngwana. Monna wa gagwe ke mang? Ebu, moragonyana ngwana wa gagwe a “phamolelwa kwa Modimong le kwa setulong sa gagwe sa bogosi.” (Tshenolo 12:5) Ka gone Jehofa o bolela fa ngwana e le wa gagwe. Ka jalo, mosadi yo Johane a mmonang e tshwanetse ya bo e le mosadi wa ga Jehofa wa tshwantshetso.
4. Bomorwa mosadi wa Modimo wa tshwantshetso ke bomang, mme moaposetoloi Paulo o bitsa mosadi yo o bonwang ke Johane eng?
4 Makgolo a dingwaga a ka nna robedi pelenyana, Jehofa o ne a buile le mosadi yono wa gagwe wa tshwantshetso, a re: “Bomorwao botlhe e tla nna batho ba ba rutiwang ke Jehofa.” (Isaia 54:5, 13) Jesu o ne a nopola boporofeti jono a bo a bontsha gore barwa bano e ne e le balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang, ba moragonyana ba neng ba bopa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng. (Johane 6:44, 45) Jalo maloko a phuthego eno, a go buiwang ka one e le bomorwa Modimo, gape ke bana ba mosadi wa Modimo wa tshwantshetso. (Baroma 8:14) Moaposetoloi Paulo o oketsa ka tshedimosetso ya bofelo fa a re: “Jerusalema o o kwa godimo o gololesegile, mme ke mmaarona.” (Bagalatia 4:26) Ka gone, “mosadi” yo o bonwang ke Johane ke “Jerusalema o o kwa godimo.”
5. E re ka mosadi wa ga Jehofa wa tshwantshetso a rwele dinaledi tse 12, totatota Jerusalema o o kwa godimo ke eng?
5 Le fa go le jalo, tota Jerusalema o o kwa godimo ke eng? E re ka Paulo a mmitsa “o o kwa godimo,” mme Johane a mmona a le kwa legodimong, ga go pelaelo gore ga se motse wa mo lefatsheng; e bile ga se “Jerusalema yo Mosha,” e re ka phuthego eo e le monyadiwa wa ga Keresete, e seng mosadi wa ga Jehofa. (Tshenolo 21:2) Ela tlhoko gore o rwele dinaledi tse 12 mo tlhogong. Palo ya 12 e amanngwa le botlalo mo thulaganyong ya phuthego.a Ka gone, go lebega dinaledi tseno tse 12 di supa gore ke thulaganyo ya phuthego ya kwa legodimong, fela jaaka Jerusalema wa bogologolo a ne a ntse mo lefatsheng. Jerusalema o o kwa godimo ke phuthego ya ga Jehofa ya lobopo lotlhe ya dibopiwa tsa moya e e dirang jaaka mosadi wa gagwe, mo go mo direleng le mo go tsholeng bana.
6. (a) Ke eng se se supiwang ke kgang ya gore mosadi yo o bonwang ke Johane o apere letsatsi, ngwedi e le kafa tlase ga dinao tsa gagwe, e bile a rwele serwalo sa dinaledi? (b) Ke eng se se tshwantshediwang ke ditlhabi tsa pelegi tsa mosadi yo o moimana?
6 Johane o bona mosadi yono a apere letsatsi mme kafa tlase ga dinao tsa gagwe go na le ngwedi. Fa re oketsa ka serwalo sa dinaledi, o dikaganyeditswe gotlhelele ke masedi a kwa legodimong. O phatsimelwa ke kamogelo ya Modimo motshegare le bosigo. A bo e le setshwantsho se se tshwanelang phuthego e ntle ya kwa legodimong ya ga Jehofa sentle jang ne! Gape o moimana, o mo ditlhabing tsa pelegi. Go lela ga gagwe a kopa thuso ya Modimo go supa gore nako ya gagwe ya gore a tshole ngwana e gorogile. Mo Baebeleng, ditlhabi tsa pelegi gantsi di tshwantshetsa tiro ya bonatla e e tlhokegang gore go tlhagisiwe matswela a botlhokwa. (Bapisa Pesalema 90:2; Diane 25:23; Isaia 66:7, 8.) Ga go pelaelo gore phuthego ya ga Jehofa ya kwa legodimong e ne ya nna le ditlhabi tsa pelegi tsa mofuta ono fa e ne e ipaakanyetsa tsalo eno e e sa lebalegeng.
Kgogela e Kgolo e Khunou
7. Ke sesupo sefe se sengwe se Johane a se bonang kwa legodimong?
7 Ke eng se Johane a se bonang morago ga foo? “Ga bonwa sesupo se sengwe gape kwa legodimong, mme, bona! kgogela e kgolo e khunou, e na le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome mme mo ditlhogong tsa yone go le dirwalo tsa segosi di supa; mme mogatla wa yone o goga nngwetharong ya dinaledi tsa legodimo, mme ya di piriganyetsa kwa tlase kwa lefatsheng. Mme kgogela ya nna e eme fa pele ga mosadi yo o neng a tloga a belega, gore, fa a belega, e kometse ngwana wa gagwe.”—Tshenolo 12:3, 4.
8. (a) Kgogela e kgolo e khunou ke eng? (b) Ke eng se ditlhogo tse supa, dinaka tse some, le mekgabo mo tlhogong nngwe le nngwe ya kgogela, di se bolelang?
8 Kgogela eno ke Satane, “noga ya kwa tshimologong.” (Tshenolo 12:9; Genesise 3:15) Ke motlhasedi yo o setlhogo—kgogela e e dinaka tse supa, kana selalome se se ka kometsang setlhaselwa sotlhe sa sone ka gangwe fela. A bo ponalo ya gagwe e gakgamatsa jang ne! Ditlhogo tse supa tseo le dinaka tse di lesome di supa gore ke ene yo o bopileng sebatana sa sepolotiki se se tlogang se tlhalosiwa mo go Tshenolo kgaolo 13. Sebatana seno le sone se na le ditlhogo di supa le dinaka tse di lesome. E re ka Satane a na le mekgabo mo tlhogong nngwe le nngwe ya gagwe—yotlhe e le supa—re ka tlhomamisega gore mebuso ya lefatshe e e emelwang ke sebatana seo e ntse e busiwa ke ene. (Johane 16:11) Dinaka tse some ke tshwantshetso e e tshwanelang sentle ya kafa a busitseng lefatshe leno ka botlalo ka gone.
9. Ke eng se se kaiwang ke go bo mogatla wa kgogela o ‘gogolela nngwetharong ya dinaledi tsa legodimo’ mo lefatsheng?
9 Kgogela eno e laola gape le mo lefelong la semoya. Ka mogatla wa gagwe, “o goga nngwetharong ya dinaledi tsa legodimo.” Dinaledi di ka emela baengele. (Jobe 38:7) Go umakwa ga “nngwetharong” go gatelela gore palo e kgolwane ya baengele ba timeditswe ke Satane. Fa ba sena go tla kafa tlase ga taolo ya gagwe, ba ne ba se ka ba tlhola ba bona kgoro ya botso. Ba ne ba sa tlhole ba kgona go boela kwa phuthegong e e boitshepo ya Modimo. Ba ne ba nna badimona, ba gogiwa, jaaka go ka tualo, ke Satane kgosi ya bone, kana mmusi. (Mathaio 12:24) Satane gape o ba latlhela kwa tlase mo lefatsheng. Seno kwantle ga pelaelo se lebisitse mo motlheng wa ga Noa pele ga Morwalela, fa Satane a ne a pateletsa bomorwa Modimo ba ba sa utlweng go ya kwa tlase mo lefatsheng le go gokafala le bomorwadia batho. Modimo o ne a otlhaya ‘baengele bano ba ba neng ba leofa’ ka go ba latlhela mo boemong jwa sekakgolegelo jo bo bidiwang Tatarase.—Genesise 6:4; 2 Petere 2:4; Jude 6.
10. Go bonala diphuthego dife tse di ganetsanang, mme ke ka ntlha yang fa kgogela e batla go kometsa ngwana fa mosadi a belega?
10 Ka gone, go bonala sentle gore go na le diphuthego tse pedi tse di ganetsanang—phuthego ya ga Jehofa ya kwa legodimong e e tshwantshediwang ke mosadi le phuthego ya ga Satane ya badimona e e gwetlhang bolaodi jwa Modimo. Kganetsano e kgolo ya bolaodi e tshwanetse go rarabololwa. Jang? Satane, ka a sa ntse a goga badimona go mo sala morago, o tshwana le sebatana se se kotsi se matlho a sone a lebileng selo se se ikaeletseng go se tlhasela. O emetse gore mosadi a tshole ngwana. O batla go kometsa lesea leno le le imilweng ka gonne a itse gore ke matshosetsi a a boifisang mo go ene go ka tswelela a ntse a le gone le mo lefatsheng le a busang mo go lone.—Johane 14:30.
Ngwana wa Mosimane, Motho wa Monna
11. Johane o tlhalosa jang go belegwa ga ngwana wa mosadi, mme ke ka ntlha yang fa ngwana a bidiwa “ngwana wa mosimane, motho wa monna”?
11 Nako e e tlhomilweng ya go busa ga ditšhaba kwantle ga go kgorelediwa ke Modimo e ne ya khutla ka 1914. (Luke 21:24) Go tswa foo, ka nako e e tshwanetseng, mosadi o tshola ngwana wa gagwe: “Mme a belega ngwana wa mosimane, motho wa monna, yo o tla disang ditšhaba tsotlhe ka thobane ya tshipi. Mme ngwana wa gagwe a phamolelwa kwa Modimong le kwa setulong sa gagwe sa bogosi. Mme mosadi a tshabela kwa nageng, kwa a nang le lefelo gone le le baakantsweng ke Modimo, gore ba tle ba mo fepele gone malatsi a le sekete makgolo a mabedi le masome a marataro.” (Tshenolo 12:5, 6) Ngwana yo ke “ngwana wa mosimane, motho wa monna.” Ke ka ntlha yang fa Johane a dirisa ditlhaloso tseno tse pedi? O dira jalo go bontsha go tshwanelega ga ngwana, go kgona ga gagwe go busa ditšhaba ka maatla a a lekaneng. Gape go gatelela kafa tiragalo eno ya go tshola ngwana e leng kgolo ka gone, e itumedisang ka gone! E nna le seabe se segolo mo go wediweng ga sephiri se se boitshepo sa Modimo. Ee, ngwana yono wa mosimane e bile o tla ‘disa ditšhaba tsotlhe ka thobane ya tshipi’!
12. (a) Mo Dipesalemeng, Jehofa o ne a solofetsa eng ka tsela ya boporofeti malebana le Jesu? (b) Ke eng se se tshwantshediwang ke go tshola ga mosadi ngwana ‘yo o tla disang ditšhaba tsotlhe ka thobane ya tshipi’?
12 Jaanong, a mafoko ao a utlwala a tlwaelesegile? Ee, Jehofa o ne a solofetsa jaana ka boporofeti mabapi le Jesu: “O tla ba thubaganya ka lore lwa segosi lwa tshipi, o tla ba phatlakanya jaaka sejana sa mmopi wa letsopa.” (Pesalema 2:9) Gape go ne ga porofetiwa jaana ka ene: “Jehofa o tla romela thobane ya nonofo ya gago e tswa Siona, a re: ‘Tsamaya o fenye mo gare ga baba ba gago.’” (Pesalema 110:2) Ka jalo, go belega mo go bonwang ke Johane go amana le Jesu Keresete fela thata. Nnyaa, ga se go tsholwa ga ga Jesu ke kgarebane bogologolo pele ga lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona; e bile ga se go tsosediwa ga ga Jesu mo botshelong jwa semoya ka 33 C.E. Mo godimo ga moo, ga se go fetogela botshelong jo bongwe. Go na le moo, ke go tsalwa ga Bogosi jwa Modimo ka 1914 e le selo sa mmatota, Jesu—yo gone jaanong a nang le dingwaga di ka nna makgolo a le 20 a le kwa legodimong—a le mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi.—Tshenolo 12:10.
13. Ke eng se se supiwang ke go bo ngwana wa mosimane a “phamolelwa kwa Modimong le kwa setulong sa gagwe sa bogosi”?
13 Jehofa o ne a se kitla a letlelela Satane go kometsa mosadi wa Gagwe kana Morwawe yo o neng a sa tswa go tsalwa! Fa a sena go belegwa, ngwana yono wa mosimane o “phamolelwa kwa Modimong le kwa setulong sa gagwe sa bogosi.” Ka gone o sirelediwa ke Jehofa ka botlalo, yo o tla tlhokomelang Bogosi jono jo bo sa tswang go tsalwa ka botlalo, jo e leng jone jo a tla bo dirisang go itshepisa leina la Gagwe le le boitshepo. Ka nako e e tshwanang, mosadi o tshabela kwa lefelong le a le baakanyeditsweng ke Modimo kwa nageng. Re tla tlotla ka botlalo ka seo moragonyana! Fa e le Satane ene, go tloga go diragala tiragalo e kgolo e e tla dirang gore go se ka ga kgonega gotlhelele gore a tlhole a tshosetsa Bogosi kwa legodimong. Tiragalo eo ke efe?
Ntwa Kwa Legodimong!
14. (a) Jaaka Johane a bolela, ke tiragalo efe e e dirang gore Satane a se ka a tlhola a kgona go boa a nna matshosetsi mo Bogosing? (b) Satane le badimona ba gagwe ba kganeletswe mo lefelong lefe?
14 Johane o re bolelela jaana: “Mme ga tsoga ntwa kwa legodimong: Mikaele le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela, le kgogela le baengele ba yone ba tlhabana mme ya se ka ya fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba bonelwa bonno kwa legodimong. Jalo kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone.” (Tshenolo 12:7-9) Jalo jaaka tiragalo e kgolo e e wetsang sephiri se se boitshepo sa Modimo, Satane o a kobiwa, a lelekwa kwa legodimong, mme badimona ba gagwe ba piriganyediwa mo lefatsheng nae. Yo o tsieditseng lefatshe lotlhe go ya bokgakaleng jwa go nna modimo wa lone kwa bofelong o kganelelwa mo polaneteng eno, koo botsuolodi jwa gagwe bo simologileng teng la ntlha.—2 Bakorintha 4:3, 4.
15, 16. (a) Mikaele ke mang, mme re itse jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go bo Mikaele e le ene yo o piriganyang Satane go tswa kwa legodimong?
15 Ke mang yo o diragatsang phenyo e kgolo eno mo leineng la ga Jehofa? Baebele ya re ke Mikaele le baengele ba gagwe. Mme Mikaele ke mang? Leina “Mikaele” le kaya “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?” Jalo Mikaele o tshwanetse a bo a kgatlhegela go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa ka go supa gore ga go na ope yo o ka bapisiwang le Ene. Mo go Jude temana ya 9, o bidiwa “Mikaele moengele yo mogolo.” Selo se se kgatlhang ke gore, sereto “moengele yo mogolo” se dirisiwa golo gongwe gape mo Baebeleng se amanngwa le motho a le mongwe fela: e bong Jesu Keresete.b Paulo o bua jaana ka ene: “Morena ka boene o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi wa taelo, ka lentswe la moengele yo mogolo le ka terompeta ya Modimo.” (1 Bathesalonika 4:16) Sereto “moengele yo mogolo” se raya “mogolwane wa baengele.” Ka jalo ga go gakgamatse go bo Tshenolo e bua ka “Mikaele le baengele ba gagwe.” Mo mafelong a mangwe a Baebele e umakang baengele ba laolwa ke motlhanka yo o siameng wa Modimo go a bo go buiwa ka Jesu. Ka gone, Paulo o bua ka nako ya fa “Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla.”—2 Bathesalonika 1:7; bona le Mathaio 24:30, 31; 25:31.
16 Dikwalo tseno le tse dingwe di dira gore re tle mo tshwetsong e e ka se kang ya tilwa ya gore Mikaele ga se ope fela fa e se Morena Jesu Keresete a le mo boemong jwa gagwe jwa kwa legodimong. Jaanong, mo letsatsing la Morena, ga a tlhole a raya Satane fela a re: “A Jehofa a go kgaleme.” E re ka eno e le nako ya katlholo, Jesu, e le Mikaele, o piriganya Satane yo o boikepo le baengele ba gagwe ba madimona go tswa kwa legodimong. (Jude 9; Tshenolo 1:10) Go tshwanela tota go bo e le Ene yo o dirang seno, e re ka e le Ene Kgosi e e sa tswang go tlhongwa. Gape Jesu ke Losika, lo lo solofeditsweng bogologolo kwa Edene, yo la bofelo a tla gobatsang tlhogo ya Noga, ka gone a e nyeleletsa ruri. (Genesise 3:15) Ka go leleka Satane go tswa kwa legodimong, Jesu o setse a tsaya kgato eo ya bofelo ya go gobatsa noga mo tlhogong.
“Itumeleng, Lona Magodimo”
17, 18. (a) Johane o bega gore go itshwarwa jang kwa legodimong fa Satane a wa go tswa legodimong? (b) Lentswe le legolo le Johane a le utlwang e ka tswa e le la ga mang?
17 Johane o bega boitumelo jo bo neng jwa nna gone kwa legodimong ka nako ya go wa gono go gogolo ga ga Satane: “Mme ka utlwa lentswe le le kwa godimo kwa legodimong le re: ‘Jaanong go tlile poloko le maatla le bogosi tsa Modimo wa rona le taolo ya ga Keresete wa gagwe, ka gonne molatofatsi wa bakaulengwe ba rona o piriganyeditswe kwa tlase, yo o ba latofatsang bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona! Mme ba ne ba mo fenya ka ntlha ya madi a Kwana le ka ntlha ya lefoko la go neela bosupi ga bone, mme ba se ka ba rata meya ya bone le eleng fa ba lebane le loso. Ka lebaka leno itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one!’”—Tshenolo 12:10-12a.
18 Ke lentswe la ga mang le legolo le Johane a le utlwang? Baebele ga e bolele. Mme go goa mo go tshwanang le mo go buiwang ka gone mo go Tshenolo 11:17 go ne go tswa mo bagolwaneng ba ba 24 ba ba tsositsweng ba le mo maemong a bone a kwa legodimong, koo jaanong ba ka emelang baitshepi ba ba 144 000. (Tshenolo 11:18) Mme e re ka fano go buiwa ka batlhanka ba ba tloditsweng ba Modimo ba ba bogisitsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng e le “bakaulengwe ba rona,” mafoko ano a ka tswa a buiwa ke bone batho bao. Ga go pelaelo gore baikanyegi bano ba ka kopanela ka mantswe a bone, e re ka go tsosiwa ga bone go tla latela ka bokhutshwane morago ga Satane le matsholo a gagwe a madimona ba sena go lelekwa kwa legodimong.
19. (a) Go wediwa ga sephiri se se boitshepo sa Modimo go bulela Jesu tsela ya go dira eng? (b) Ke eng se se supiwang ke go bo Satane a bidiwa “molatofatsi wa bakaulengwe ba rona”?
19 Go wediwa ga sephiri se se boitshepo sa Modimo go tlhoka Jesu gore a tseye taolo mo Bogosing jwa ga Jehofa. Ka go rialo Modimo o tla bo o bulegetswe ke tsela ya go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jo bogolo jwa go golola batho ba ba ikanyegang. Jesu o boloka e seng fela barutwa ba gagwe ba ba boifang Modimo ba jaanong ba leng mo lefatsheng mme gape le dimilione tse di se nang palo tsa baswi ba ba mo mogopolong wa Modimo. (Luke 21:27, 28) Go bidiwa ga ga Satane “molatofatsi wa bakaulengwe ba rona” go bontsha gore, le fa dilo tse a ileng a latofatsa Jobe ka tsone di ne tsa supiwa di le maaka, o ne a nna a tswelela a gwetlha bothokgami jwa batlhanka ba Modimo ba mo lefatsheng. Go bonala a ile a nna a boeletsa ka makgetlo a le mantsi tatofatso ya gore motho o ne a ka ntshetsa botshelo jwa gagwe sengwe le sengwe se o nang naso. A bo Satane a reteletswe jang ne!—Jobe 1:9-11; 2:4, 5.
20. Bakeresete ba ba ikanyegang ba fentse Satane jang?
20 Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba bolelwang ba siame “ka ntlha ya madi a ga Kwana,” ba tsweletse ka go naya bosupi kaga Modimo le kaga Jesu Keresete go sa kgathalesege dipogiso. Go feta dingwaga tse 120, setlhopha seno sa Johane se nnile sa supela go dikgang tse dikgolo tse di amanang le go khutla ga Metlha ya Baditšhaba ka 1914. (Luke 21:24, King James Version) Mme ba boidiidi jo bogolo jaanong ba direla le bone ka boikanyegi. Ga go ope wa bone yo o ‘boifang ba ba bolayang mmele, me ba sa ka ke ba bolaya moya’ jaaka fa maitemogelo a botshelo jwa mmatota a Basupi ba ga Jehofa a nnile a bontsha gangwe le gape mo motlheng wa rona. Ka molomo le ka boitshwaro jo bo tshwanetseng jwa Bokeresete, ba fentse Satane, ka dinako tsotlhe ba supa fa e le moaki. (Mathaio 10:28; Diane 27:11; Tshenolo 7:9) Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba tsosediwa go ya legodimong, a bo ba tshwanetse ba bo ba itumela jang ne, e re ka Satane a sa tlhole a le kwa godimo koo go latofatsa bakaulengwe ba bone! Eleruri ke nako ya gore matsholo otlhe a baengele ba arabele ka boipelo pitsong eno: “Itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one!”
Tatlhego e e Leriwang ke Mmaba!
21. Satane o lerile tatlhego jang mo lefatsheng le mo lewatleng?
21 Ka go bo a gakaditswe ke ijoo wa boraro, Satane jaanong o ikaelela go tlhasela setho ka tatlhego ya mofuta wa gagwe. Yone ke: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12b) Go lelekwa ga ga Satane kwa legodimong eleruri go raya tatlhego mo lefatsheng la mmatota, le le ntseng le senngwa ke batho ba ba bogagapa ba ba laolwang ke ene. (Duteronome 32:5) Le e leng go feta moo, molao wa ga Satane wa ‘busa kana o senye’ o lere tatlhego mo lefatsheng la tshwantshetso, e leng tsamaiso ya batho, mmogo le lewatle la tshwantshetso, e leng batho ba bantsi ba ba sa iketlang ka bobone. Ka nako ya dintwa tse pedi tsa lefatshe, bogale jwa ga Satane bo ne jwa bonala mo go galefeng ga ditšhaba tse di busiwang ke ene, mme dikhuduego tse di tshwanang le tseo tse di bakiwang ke tšhakgalo ya badimona di ntse di tsweletse le go fitlha mo motlheng ono—le fa di se kitla di tsaya lobaka lo loleele! (Mareko 13:7, 8) Mme le fa maretshwa a ga Diabolo a ka tswa a le maswe go le kana kang, ga a kitla a tshwana le mahutsana a ijoo wa boraro—e e leng kgato e e tla tsewang ke Bogosi jwa Modimo—o tla a lereng mo phuthegong ya ga Satane e e bonalang!
22, 23. (a) Ke eng se Johane a reng se a direga morago ga fa kgogela e sena go latlhelwa kwa tlase mo lefatsheng? (b) Go kgonega jang gore kgogela e bogise “mosadi yo o neng a belega ngwana wa mosimane”?
22 Fa e sa le ka nako ya masetlapelo a go lelekwa ga ga Satane, bomonnawe Keresete ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba ikutlwetse botlhoko jwa bogale joo jwa gagwe. Johane o bega jaana: “Jaanong e rile kgogela e bona gore e piriganyeditswe kwa tlase kwa lefatsheng, ya bogisa mosadi yo o neng a belega ngwana wa mosimane. Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntsu e kgolo, gore a fofele kwa nageng kwa lefelong la gagwe; koo ke gone kwa a fepiwang gone ka motlha le metlha le sephatlo sa motlha a le kgakala le sefatlhego sa noga.”—Tshenolo 12:13, 14.
23 Fano ponatshegelo e bontsha kgopolo e go builweng ka yone mo temaneng ya 6, e e re bolelelang gore morago ga go belegwa ga ngwana, mosadi o tshabela kwa nageng, kgakala le kgogela. Re ka nna ra ipotsa gore kgogela e ka bogisa mosadi jang, e re ka a le kwa legodimong mme kgogela jaanong e latlhetswe mo lefatsheng. Ebu, gakologelwa gore mosadi o na le bana mono lefatsheng, losika lwa gagwe. Moragonyana mo ponatshegelong eno, re itsisiwe gore Satane o supa gore o shakgaletse mosadi yono ka go bogisa losika lwa gagwe. (Tshenolo 12:17) Se se diragalelang losika lwa mosadi mono lefatsheng se ka nna sa tsewa se diragalela mosadi yoo ka namana. (Bapisa Mathaio 25:40.) Mme palo e e oketsegang ya balekane ba losika mono lefatsheng le bone ba tla bogisiwa fela jalo.
Setšhaba se Sesha
24. Ke eng se se neng sa diragalela Baithuti ba Baebele se se tshwanang le go gololwa ga Baiseraele kwa Egepeto?
24 Fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ntse e lowa, bomonnawe Jesu ba ne ba nna ba tswelela ka go rera ga bone ka boikanyegi ka mo ba neng ba ka kgona ka gone. Seno se ne sa dirwa go lebanwe le kganetso e kgolo go tswa mo go Satane le balatedi ba gagwe ba ba galefileng. Kwa bokhutlong, go rera phatlalatsa ga Baithuti ba Baebele go ne go batla go emisitswe gotlhelele. (Tshenolo 11:7-10) E ne e le fa ba ne ba diragalelwa ke se se tshwanang le se se neng sa diragalela Baiseraele kwa Egepeto ba le bone ba neng ba itshokela kgatelelo e kgolo. E ne ya nna ka nako eo fa Jehofa a ne a ba phamola, jaaka e kete ka diphuka tsa ntswi, a ba isa kwa sekakeng sa Sinai go ya go babalesega gone. (Ekesodo 19:1-4) Ka tsela e e tshwanang, morago ga pogiso e e setlhogo ya 1918-19, Jehofa o ne a golola basupi ba gagwe, ba ba emelang mosadi wa gagwe, a ba isa mo seemong sa semoya se se neng se babalesegile mo go bone fela jaaka sekaka mo Baiseraeleng. Seno e ne e le karabo ya dithapelo tsa bone.—Bapisa Pesalema 55:6-9.
25. (a) Ke eng se Jehofa a neng a se tlhagisa ka 1919, fela jaaka a ne a tlhagisa Baiseraele e le setšhaba mo nageng? (b) Ke bomang ba ba bopang setšhaba seno, mme ba lerilwe mo go eng?
25 Jehofa o ne a lere Baiseraele mo nageng, e le setšhaba, a ba tlamela semoyeng le senameng. Ka tsela e e tshwanang, go simologa ka 1919, Jehofa o ne a tlhagisa losika lwa mosadi jaaka setšhaba sa semoya. Seno ga se a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le Bogosi jwa Bomesia jo bo nnileng jwa busa kwa magodimong fa e sa le ka 1914. Go na le moo, setšhaba seno se sesha se dirilwe ka masalela a basupi ba ba tloditsweng mo lefatsheng, ba ba neng ba leriwa mo boemong jo bo galalelang jwa semoya ka 1919. Ka go bo jaanong ba tlamelwa ka “dijo ka nako e e tshwanetseng,” ba ne ba nonotshediwa tiro e e neng e ba eme pele.—Luke 12:42; Isaia 66:8.
26. (a) Lobaka lwa nako lo lo umakilweng mo go Tshenolo 12:6, 14 lo boleele bo kae? (b) Boikaelelo jwa lobaka lwa metlha e meraro le sephatlo sa motlha e ne e le bofe, lo ne lwa simologa leng, mme lo ne lwa fela leng?
26 Go kgaosediwa gono ga losika lwa mosadi wa Modimo go ne ga tsaya lobaka lo lo kae? Tshenolo 12:6 ya re malatsi a le 1 260. Tshenolo 12:14 e bitsa lobaka loo motlha, metlha, le sephatlo sa motlha; ka mafoko a mangwe, ke metlha e le meraro le sephatlo. Tota e bile, ditlhaloso tsoopedi di emela dingwaga di le tharo le sephatlo, tse mo Hemisefereng ya Bokone di simologileng ka dikgakologo tsa 1919 go ya go letlhabula la 1922. Eno e ne e le nako e e lapolosang ya go tsosolosa le go rulaganngwa sesha ga setlhopha sa Johane.
27. (a) Go ya ka pego ya ga Johane, kgogela e ne ya dira eng morago ga 1922? (b) Boikaelelo jwa ga Satane fa a simolola go leretse Basupi morwalela wa pogiso e ne e le bofe?
27 Kgogela e ne ya se ka ya ineela! “Mme noga ya tšhabanya metsi jaaka noka e tswa mo molomong wa yone kafa morago ga mosadi, go dira gore a nwediwe ke noka.” (Tshenolo 12:15) Ke eng se se kaiwang ke “metsi jaaka noka,” kana “morwalela wa metsi”? (The New English Bible) Kgosi Dafide wa bogologolo o ne a bua ka banna ba ba boikepo ba ba neng ba ganetsana nae a re ke “merwalela e e elelang ya banna ba ba se nang molemo wa sepe [“melatswana ya batho ba ba se nang mosola,” Young].” (Pesalema 18:4, 5, 16, 17) Se jaanong Satane a se simololang ka tsela e e tshwanang ke pogiso ka batho ba ba se nang mosola kana “banna ba se nang molemo wa sepe.” Morago ga 1922 Satane o ne a leretse Basupi morwalela wa pogiso. (Mathaio 24:9-13) Seno se ne se akareletsa go itewa, “go rera mathata ka molao,” go latlhelwa mo dikgolegelong, le e leng go bolawa ka go kalediwa, go hulwa, le go kgaolwa tlhogo. (Pesalema 94:20) Satane yo o kokobeditsweng, ka go bo a ne a kganetswe go atamela mosadi wa Modimo wa kwa legodimong, o ne a bolola ka bogale go ya go tlhasela losika lwa gagwe lo lo setseng mo lefatsheng le go ba nyeletsa, e ka ne e le ka tlhamalalo kana ka go ba dira gore ba se ka ba tlhola ba amogelwa ke Modimo ka go se tlhole ba boloka bothokgami jwa bone. Le fa go ntse jalo, go ititaya sehuba ga bone go ne go tshwana le ga ga Jobe: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna!”—Jobe 27:5.
28. Morwalela wa pogiso o ne wa fitlha setlhoeng sa one jang ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II?
28 Morwalela ono o mogolo wa pogiso o ne wa fitlha kwa setlhoeng sa one ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Kwa Yuropa Basupi ba ka nna 12 000 ba ne ba latlhelwa mo dikampeng tsa Banasi tsa pogisetso, mme ba ka nna 2 000 ba ne ba swa. Kwa Italy, Japane, Korea, le Taiwan, Basupi ba ba ikanyegang ba ne ba tshwarwa setlhogo ka tsela e e tshwanang ka ntlha ya tlhotlheletso ya baeteledipele ba bagolo ba masole ba ba neng ba busa. Le e leng mo mafatsheng a go neng go twe ke a puso ya batho ka batho, Basupi ba ne ba itewa ke ditlhopha tsa Mokgatlho wa Katoliki wa Sepolotiki, ba tshelwa sekontere ba bo ba apesiwa diphuka le go lelekwa mo motseng. Dikopano tsa Bakeresete di ne tsa phatlaladiwa mme bana ba Basupi ba lelekwa mo dikolong.
29. (a) Johane o tlhalosa jang thuso e e neng ya tswa kwa e neng e sa solofelwa gone? (b) ‘Lefatshe le ne la thusa mosadi’ jang? (c) Ke eng se kgogela e neng ya tswelela pele go se dira?
29 Thuso e ne ya bonwa kwa e neng e sa solofelwa gone: “Mme lefatshe la thusa mosadi, mme lefatshe la bula molomo la kometsa noka e kgogela e e tšhabantseng e tswa mo molomong wa yone. Mme kgogela ya galefela mosadi yono, ya tswa ya ya go tlhabana ntwa le ba ba setseng ba losika lwa gagwe, ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 12:16, 17) “Lefatshe”—e leng mekgatlho e e mo tsamaisong ya ga Satane ya dilo—le ne la simolola go kometsa “noka,” kana “morwalela.” Ka bo1940 Basupi ba ne ba fenya ditsheko di le dintsinyana tse di neng di ba ema nokeng mo Kgotlatshekelong e Kgolo ya United States, le mo mebusong e e busang mo mafatsheng a mangwe, tse di neng di tshegetsa go obamela ka kgololesego. Kwa bokhutlong, dinaga tsa Allied di ne tsa kometsa mmuso o mogolo wa Banasi le wa Ba-Fascist, mme seo sa golola Basupi ba ba neng ba bogisiwa ke babusaesi ba ba setlhogo. Dipogiso di ne tsa se ka tsa ema gotlhelele, ka gonne kgogela e ne ya tswelela e ntse e galefile go tla go fitlha gompieno, mme e ntse e tsweletse go tlhabantshana le ba ba ‘nang le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.’ Mo mafatsheng a le mantsi, Basupi ba ba ikanyegang ba sa ntse ba le mo dikgolegelong, mme ba bangwe ba sa ntse ba swa ka ntlha ya bothokgami jwa bone. Mme mo go mangwe a mafatshe ano, gangwe le gape balaodi ba one ba tlhofofatsa kgatelelo ya bone, mme Basupi ba itumelela kgololesego e kgolwane.c Ka gone, boporofeti joo bo diragadiwa ka tsela ya gore, lefatshe le tsweletse pele ka go metsa noka ya pogiso.
30. (a) Lefatshe le thusitse go le gontsi gore go diragale eng? (b) Go boloka bothokgami ga batho ba Modimo go felela ka eng?
30 Ka tsela eno, lefatshe le thusitse thata mo go letleleleng tiro ya Modimo go anamela mo mafatsheng a ka nna 235 le go tlhagisa bareri ba ba fetang dimilione tse thataro ba ba ikanyegang ba dikgang tse di molemo. Mmogo le ba ba setseng ba losika lwa mosadi, boidiidi jo bogolo jwa ditšhaba tsotlhe jwa badumedi ba basha ba utlwa ditaelo tsa Modimo mabapi le go ikgaoganya le lefatshe, maitsholo a a phepa, le go rata bakaulengwe, mme ba naya bosupi kaga Bogosi jwa Bomesia. Go boloka bothokgami ga bone go araba kgwetlho e Satane a kgobang Modimo ka yone, e leng se se bolelang go senngwa ga ga Satane le tsamaiso ya gagwe ya dilo.—Diane 27:11.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bapisa ditso tse 12 tsa Iseraele wa senama, baaposetoloi ba ba 12, ditso tse 12 tsa Iseraele wa semoya, le dikgoro tse 12, baengele ba ba 12, le maje a motheo a a 12 a Jerusalema yo Mosha.—Tshenolo 21:12-14.
b Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Tshenolo 12:9 e bua ka “kgogela e kgolo . . . le baengele ba yone.” Jalo Diabolo ga a itire modimo wa tsietso fela mme gape o leka go itira moengele yo mogolo, le fa gone Baebele e se ke e mo naya sereto seo.
c Dikgotlatshekelo tse dikgolo mo mafatsheng a le mmalwa di golotse Basupi ba ga Jehofa; dingwe tsa dikatlholo tseno di nopotswe mo lebokosong le le mo tsebeng ya 92.
[Lebokoso mo go tsebe 185]
“Lefatshe la Bula Molomo”
Morwalela o mogolo wa pogiso ya ga Satane o ne wa phunyega mo mafatsheng a mantsi kgatlhanong le Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone. Le fa go le jalo, gantsi ditiragalo tse di diragalang mo tsamaisong ya ga Satane ya dilo di feletse ka gore morwalela oo o komediwe.
Morwalela wa tlhaselo ya digopa le go latlhelwa mo dikgolegelong kwa United States o ne wa komediwa fela thata ke dikatlholo tsa Kgotlatshekelo e Kgolo ka bo1940.
1945: Pogiso e e setlhogo kwa mafatsheng a a busiwang ke Jeremane le Japane e ne ya emisiwa ke diphenyo tsa mafatshe a Allied ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II.
Fa go ne go thibelwa Basupi ba ga Jehofa mo Dominican Republic, Basupi ba ne ba latlhelwa mo dikgolegelong, ba kgwathisiwa, ba itewa ka matshwaro a ditlhobolo. Ka 1960 go sa utlwaneng ga ga mmusaesi Rafael Trujillo le Kereke ya Katoliki ya Roma go ne ga gogela kwa go tlosiweng ga thibelo ya Basupi ba ga Jehofa.
Go hulwa, go tshubiwa ka molelo, go betelelwa, go itewa, go tlhokofadiwa, le go bolawa ga Basupi mo ntweng ya maraganela teng a bana ba mpa kwa Nigeria go ne ga khutla ka 1970 fa masole a puso a ne a fenya kgaolo ya batsuolodi e dilo tseno di neng di diragala kwa go yone.
Kwa Spain magae a ne a tlhaselwa mme Bakeresete ba ne ba duedisiwa ba bo ba latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya “molato” wa go bua kaga Modimo le go tshwara dipokano tsa Bokeresete. Kgabagare pogiso eno e ne ya fela ka 1970 fa, ka ntlha ya gore puso e ne e fetotse melao ya yone e e malebana le ditumelo tse e seng tsa Katoliki, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba letlelelwa semolao.
Kwa Portugal makgolokgolo a magae a ne a phuruphutshiwa kwantle ga go newa tetla. Basupi ba ne ba gobadiwa ba bo ba latlhelwa mo kgolegelong, mme Dibaebele tsa bone di ne tsa gapiwa. Bothubaki jono bo ne jwa ‘komediwa’ fa, ka 1974, masole a a batlang diphetogo a tlisa mmuso o mosha o o neng wa ntsha molao o o neng o letlelela go kokoana ga batho ka kgololesego.
Kwa Argentina, mo pusong ya sesole, bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lelekwa mo dikolong, mme Basupi mo nageng eo yotlhe ba ne ba tshwarelwa go rera dikgang tse di molemo. Pogiso eno kgabagare e ne ya khutla ka 1984 fa puso e e neng e busa ka nako eo e ne e amogela Lekgotla la Basupi ba ga Jehofa semolao.
[Tšhate mo go tsebe 183]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
1914 Go tsalwa ga Bogosi
1919 Go tsalwa ga setšhaba se sesha
1919-1922 Lobaka lwa tsosoloso
1922- Morwalela wa pogiso
[Ditshwantsho mo go tsebe 182]
Tatlhego mo lefatsheng