Dithuto tse di Tswang mo Dikwalong: Yoele 1:1–3:21
Bitsa Leina la ga Jehofa mme o Bolokege!
“FA SEBETSO seno se ka seka sa kgonwa go laolwa, se tla anamela kwa Afrika Botlhaba le Botlhaba jo bo Gaufi. E ka nna masetlapelo.” Go ne ga bua jalo moofisiri wa UN Food and Agriculture Organization kaga dibilione tsa ditshenekegi tse di senyang tseo jaanong di tlhasetseng Afrika kafa bokone bophirima—tsie.
Mo a ka nnang ka ngwaga wa 820 B.C.E., moperofeti wa Modimo Joele o ne a bua ka sebetso se se tshwanang. O ne a tlhalosa ka moo morale wa Juda o neng o tla senyediwa ke tlhaselo ya ditshenekegi ka gone, ka mafoko a a phepafetseng a a tlhomameng le a a boammaaruri. Lefa go ntse jalo, sebetso seo se ne se tshwantsha sengwe sa botlhokwa thata go gaisa kotsi ya tlhago. E ne a le go bolelwa ga “motlha oa ga Yehofa”! Kokomana ya rona a lebagane le’letsatsi leo le le boitshegang’ le bogale jwa lone jo bo senyang. A go na le tsholofelo ya phalolo? Mme re ka ithuta eng go tswa mo bukeng eno ya ga moperofeti Joele?
Tlhaselo e e Tshosang ya Ditshenekegi
Go re motho a bolokwe mo letsatsing le le boitshegang la ga Jehofa o tlhoka go ikwatlhaya. Ka Joele, re bona matlhotlhapelo jaaka dimela tsa naga di senngwa ke lesogodi la diboko, tsie, boijane, le mafele. Baperesiti, bannabagolo, le baagi ba bangwe ba Juda ba kgothalediwa go ikwatlhaya’le go kopa thuso kwa go Jehofa.’ Mabolokelo a a senngwa, le difala di a rutlololwa fa mabele a fela. Diruiwa di kgarakgatshega fela di tlhakane tlhogo, di batla mafulo mme a seyo. Abo a le letsatsi la tshenyo la Mothatayotlhe jang ne!—1:1-20.
Go bo letsatsi la ga Jehofa le le gaufi go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira ditiro tse di boitshepo le tsa bomodimo. (2 Petere 3:10-12) Joele o re kgonisa go bona letsatsi leo jaaka le le lefifi, la maru, le la lefifi le le kwenneng. Tsie ke sone selo sa ntlha se se tshosang sa letsatsi leo. Foo a fetileng gone, lonaga Iwa Juda to to tshwanang Ile Edena to fetoga sekaka se se senang sepe. Se se tshosang, gape, ke modumo wa tsie, ka go bo o tshwana le wa koloi ya ntwa le wa molelo o o lailang dirite tsa tlhaga. Jaaka tsie e atamela “yaka batho ba ba thata ha ba abecwe go tlhabana,” a palama mabota, e sianela mo motseng, e ba a tsena mo matlong. Le eleng letsatsi, ngwedi, le dinaledi di a fifala mo ‘letsatsing le le boitshegang la ga Jehofa.’—2:1-11.
Tsela ya Poloko
Gore re bolokwe, re tshwanetse go dumela gore ‘Jehofa ke ene Modimo mme ga go o mongwe gape.’ “Retologelari mo go nna ka pelo eotlhe,” Jehofa o ba kgalema jalo. Bagolo le bannye ba kgothalediwa go tla go kopana mmogo go kopa kamogelo ya bomodimo, Modimo o tla ba bontsha lorato, a duelele go senyediwa ga bone ke ditshenekegi, mme a segofatse batho ba gagwe mo gogolo. Ba ba dumelang gore Jehofa ke Modimo o o osi wa boammaaruri le Motswedi wa phalolo ga ba kitla ba tlhabisiwa ditlhong.—2:12-27.
Go falola ga rona go ikaegile gape ka go bitsa ga rona leina la ga Jehofa ka tumelo. Pele ga ‘motlha wa ga Jehofa o mogolo, le o o boitshegang thata,’ Modimo o tla “thela moea oa [gagwe] mo bathuh botlhe.” Bannye le bagolo, banna le basadi, ba tla dira tiro ya go perofesa. Ka jalo, batho ba le bantsi ba tla ithuta gore “leha a le man eo o tla bitsan leina ya ga Yehofa o tla gololwa.”—2:28-32.
Katlholo ya Merafe
Jehofa o tla boloka batho ba gagwe ba ba ikanyegang fa a atlhola merafe. (Bapisa Esekiele 38:18-23; Tshenolō 16:14-16.) Ture, Sidona, le F!lisitia di tshwanetse go duelela go sa tsholeng batho ba Mod imo sentle ga tsone le go ba rekisa mo bokgobeng. Jehofa o tla golola batshwarwa ba Juda le Jerusalema, mme o gwetlha baba ba gagwe, ka go bua jaana: “Lo baakanyen ntwa”! Mme ga ba kake ba emelelana le Modimo, yoo a ba atlholang “kwa molapori oa ga Yehoshafate” wa tshwantshetso. Lefa legodimo le lefatshe di Ole go tshikhinyega, Jehofa o tla nna botshabelo jwa batho ba gagwe. Ba ba ikanyegang ba tla falola katlholo eo a tlisediwang merafe mme ba tla ipelela botshelo mo maemong a paradaise.—3:1-21.
Dithuto tse di tshwanetsweng go gakologelwa: Gore motho a tle a bolokwe mo letsatsing le le boitshegang la ga Jehofa o tshwanetse go ikwatlhaya pele. Go bo letsatsi leo le le gaufi thata go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira ditiro tse di boitshepo le tsa bomodimo. Legale, go bolokega ga rona go ikaegile ka go dumela ga rona gore Jehofa ke ene Modimo fela. Mme fa re bitsa leina la gagwe ka tumelo, o tla re boloka fa a tla go atlhola merafe.
Boperofeti jwa ga Joele bo re naya sengwe se re tshwanetseng go akanya thata ka sone. Ebu, ‘motlha wa ga Jehofa o mogolo le o o boitshegang thata’ o atametse! Batho ba tshwanetse go tlhagisiwa. Jaaka tsie ya boperofeti jwa ga Joele, Basupi ba ga Jehofa ba senya La-Bodumedi ka go sa iponeng tsapa go senola boemo jwa gagwe jo bo suleng jwa semoya. Seno se tsosa kgalefo le kganetso ya baeteledipele ba gagwe, mme dikgoreletsi dipe fela tsa sekalebota tseo ba lekang go di baya mo tseleng ya tsie eno ya tshwantshetso di a palelwa. Jehofa o tshololetse moya wa gagwe mo bathong ba gagwe, a ba tlhomelela go bolela dikatlholo tsa gagwe. Ka gone, mo nakong a khutshwane e e setseng pe!e ga motlha o o boitshegang wa Modimo, a re tseyeng karolo ka botlalo mo go thuseng ba bangwe go ‘bitsa leina la ga Jehofa gore ba bolokege.’
[Lebokoso mo go tsebe 30]
GO TLHATLHOBIWA GA DITEMANA TSA BIBELA
○ 1:2—Joele o ne a bua le “banna bagolo” bao ba neng ba timeditse morale. Ka go bo “banni botlhe ba lehatshe” ba ne ba latela baeteledipele bao ba maaka, le bone ba ne ba ikarabelela fa pele ga ga Jehofa. Gompieno, ka mo go tshwanang baeteledipele ba bodumedi ba La-Bodumedi le bone ba timeditse matsomane a bone. Fela jaaka doele, Basupi ba ga Jehofa ba He ba lebisa melaetsa ya bone go setlhopha seo sa baruti. Lefa go le jalo, batho ka kakaretso ba tshwanetse go bolelelwa Lefoko la Modimo ka go bo le bone ba tla ikarabelela mo go Jehofa.—Isaia 9:15-17; Baroma 14:12.
○ 2:1-10, 28—Baiseraele ba ne ba tlhagisitswe gore fa Ina ne ba sa ikobele Modimo, tsie le ditshedi tse dingwe di ne di tla ba senyetsa dijalo. (Duteronome 28:38-45) Ereka Dikwalo di sa bue sepe ka go tlhaselwa ga Kanana ke ditshenekegi tsa selekanyo se Joele a buang ka sone, go bonala sebetso seo a se tlhalosang a le sa tshwantshetso. Go bonala gore boperofeti joo bo ne jwa simolola go diragadiwa ka Pentekosete ya 33 C.E., fa Jehofa a ne a simolola go ‘tshololela moya wa gagwe’ mo balateding ba ga Jesu, bao ba neng ba bogisa badumedi ba maaka ka molaetsa wa bone o ba neng ba o neilwe ke Modimo. (Ditihō 2:1, 14-21; 5:27-29) Basupi ba ga Jehofa jaanong ba dira tiro e e tshwanang ya go senya.
○ 2:12, 13—Mo metlheng ya bogologolo, go ikgagola diaparo a ne a le sesupo sa phatlalatsa sa gore motho o hutsafetse. (Genesise 37:29, 30; 44:13) Mme seno se ne se ka nna sa dirwa eseng ka bopeloephepa, mme a le ka boitimokanyo. Joele o ne a bontsha ka phepafalo gore go supa khutsafalo goo ga ka kwantle go ne go sa lekana. Batho ba ne ba tshwanetse gore ba “ikgagole dipelo” go bontsha boikwatlhao jo bo tswang mo pelong.
○ 2:31, 32—Jehofa o ne a baakanyetsa batho ba ba ikanyegang ba gagwe ba nako ya ga Joele go falola tshenyego. Jaanong, mo’metlheng eno ya bofelo,’ Modimo o dira gore ba kgone go falola ka Jesu Keresete. (2 Timotheo 3:1; Baroma 5:8, 12; 6:23) Lefa go ntse jalo, batho ba ba boikepo ba tshwanetse go bitsa leina la ga Jehofa gore ba bolokwe ka bosakhutleng. Seno se raya go itse leina la gagwe la bomodimo, go le tlotla ka botlalo, le go ikaega gotlhelele ka Mong wa lone. Ka jalo ba ba bitsang leina la ga Jehofa ka tumelo’ba tla bolokwa’ fa Jehofa a tla go atlhola merafe ‘mo motlheng wa gagwe o mogolo le o o boitshegang:—Sefania 2:2, 3; 3:12; Baroma 10:11-13.
○ 3:2, 14—Lefelo la tshwantshetso leo katiholo ya bomodimo a direlwang mo go lone mo ‘motlheng wa ga Jehofa’ le bidiwa’molapo wa katlholelo: Le bidiwa gape’molapo wa ga Jehoshafate.’ Seno se a tshwanela, ereka leina Jehoshafate le raya gore “Jehofa Ke Moatlhodi.” Mo pusong ya ga Kgosi Jehoshafate, Modimo o ne wa golola Juda le Jerusalema mo masoleng a Moaba, Amone, le mafelo a dithaba a Seira, a ba tlhakanya tlhogo le gore a bolaane ka boone. (2 Ditihalō 20:1-30) Mo motlheng wa rona, ‘molapo wa ga Jehoshafate’ o direla jaaka bogatisetso jwa tshwantshetso jwa bojalwa jwa mofine joo merafe a gatakelwang mo go jone jaaka mofine ka gonne a bogisa batho ba ga Jehofa.
○ 3:6—Ture, Sidona, le Filisitia di ne di le molato wa go rekisa batho ba Juda le Jerusalema jaaka makgoba mo Bagerikeng. Go lebega ekete, Bajuda bangwe ba ba neng ba thopilwe ke merafe a mengwe ba ne ba wela mo diatleng tsa bareki ba makgoba ba Ture, Sidona, le Filisitia. Se se maswe le eleng go feta, gongwe merafe eno a ne a dira Bajuda ba ba neng ba tshaba baba ba bone makgoba. Lefa go ka ne go diragetse eng, Modimo o ne wa sekisa barekisi bao ba batho ba ba neng ba bogisa batho ba gagwe. Seno se bontsha se se emetseng merafe e e bogisang batlhanka ba ga Jehofa gompieno.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est