LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 51 ts. 124-ts. 125 ser. 2
  • Lesole le Mosetsana yo Monnye

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lesole le Mosetsana yo Monnye
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Batla go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • O ne A le Tlhogoethata Mme Kgabagare a Reetsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Mosetsanyana o Thusa Monna yo o Tlotlegang
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Morweetsana yo o Neng a Bua ka Bopelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 51 ts. 124-ts. 125 ser. 2
Naamane o ya kwa go Elisha gore a mo fodise

THUTO 51

Lesole le Mosetsana yo Monnye

Go ne go na le mosetsana mongwe yo monnye wa Moiseraele yo o neng a nna kwa Siria. Kwa ga bone go ne go le kgakala. Masole a Baasiria a ne a mo tsere mo go ba lelapa la gagwe mme jaanong e ne e le lelata la mosadi wa ga Naamane, yo e neng e le moeteledipele wa masole. Mosetsana yoo o ne a obamela Jehofa le fa batho ba a neng a tshela le bone ba ne ba obamela medimo e mengwe.

Naamane o ne a na le bolwetse jo bo kotsi jwa letlalo e bile o ne a nna fela a le mo ditlhabing. Mosetsana yoo o ne a batla go mo thusa. O ne a raya mosadi wa ga Naamane a re: ‘Ke itse mongwe yo o ka fodisang monna wa gago. Go na le moporofeti mongwe wa ga Jehofa yo o bidiwang Elisha kwa Iseraele. A ka fodisa monna wa gago.’

Mosadi wa ga Naamane o ne a bolelela Naamane se mosetsana yoo a se buileng. O ne a batla go fola, ka jalo, o ne a ya kwa ntlong ya ga Elisha kwa Iseraele. Naamane o ne a batla gore Elisha a mo tseye a le botlhokwa. Mme Elisha ga a ka a ya go bua le ene. O ne a romela batlhanka ba gagwe gore ba ye go mo dumedisa le go mo naya molaetsa o o reng: ‘Tsamaya o ye go tlhapa mo Nokeng ya Joredane ga supa. Go tswa foo o tla fola.’

Naamane o ne a kgobegile marapo tota. O ne a re: ‘Ke ne ke ithaya ke re moporofeti yono o tla mphodisa ka go bitsa Modimo wa gagwe le go mpaya diatla. Mme o nthaya a re ke ye kwa nokeng eno ya Iseraele. Re na le dinoka tse di botoka kwa Siria. Goreng ke sa ye gone?’ Naamane o ne a galefa mme a tswa mo legaeng la ga Elisha.

Naamane o tlhapela mo nokeng ya Joredane a bo a fola

Batlhanka ba ga Naamane ba ne ba mo thusa go akanya sentle. Ba ne ba mo raya ba re: ‘A o ka se dire sengwe le sengwe gore o fole? Se moporofeti yono a reng o se dire se motlhofo thata. Goreng o sa se dire fela?’ Naamane o ne a ba reetsa. O ne a ya kwa Nokeng ya Joredane mme a tlhapa mo metsing ga supa. Morago ga lekgetlo la bosupa, Naamane o ne a tswa mo metsing a fodile. O ne a itumetse tota a bo a ya go leboga Elisha. Naamane o ne a re: ‘Jaanong ke a itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.’ O akanya gore mosetsana wa Moiseraele o ne a ikutlwa jang fa Naamane a boa a fodile?

“O itliseditse pako ka mafoko a a tswang mo melomong ya bana le masea.”​—Mathaio 21:16

Dipotso: A o akanya gore go ne go le motlhofo gore mosetsana wa Moiseraele a bue le mosadi wa ga Naamane? O akanya gore ke eng se se mo thusitseng gore a se ka a boifa sepe?

2 Dikgosi 5:1-19; Luke 4:27

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela