LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 6/1 ts. 30-31
  • O ne A le Tlhogoethata Mme Kgabagare a Reetsa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne A le Tlhogoethata Mme Kgabagare a Reetsa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lesole le Mosetsana yo Monnye
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O ne A Batla go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Mosetsanyana o Thusa Monna yo o Tlotlegang
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Morweetsana yo o Neng a Bua ka Bopelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 6/1 ts. 30-31

Ruta Bana ba Gago

O ne A le Tlhogoethata Mme Kgabagare a Reetsa

A O KILE wa nna tlhogoethata wa bo wa gana go reetsa?—a Gongwe o ile wa leba thulaganyo ya thelebishene e mmago kgotsa rrago ba rileng ga o a tshwanela go e leba. O ka tswa o ile wa akanya ka gone moragonyana o bo o ikwatlhaela go bo o sa reetsa. Leina la motho mongwe yo kwa tshimologong a neng a sa reetse ke Naamane. Mma re bone gore o ne a thusiwa jang gore a se ka a tlhola a nna tlhogoethata.

Akanya re tshela dingwaga di feta 3 000 tse di fetileng. Naamane ke molaodi wa sesole yo o tseelwang kwa godimo wa kwa Siria. O tlwaetse go bolelela masole a gagwe gore ba direng mme ba a mo reetsa. Le fa go ntse jalo, Naamane o tshwarwa ke bolwetse jo bo maswe jwa letlalo jo bo bidiwang lepero. Bo dira gore a lebege maswe tota e bile gongwe bo botlhoko thata.

Mosadi wa ga Naamane o na le lelata la mosetsanyana yo o tswang kwa Iseraele. Ka letsatsi lengwe mosetsana yono o bolelela mohumagadi wa gagwe ka monna mongwe yo o bidiwang Elisha wa kwa nagagaeng ya gagwe. A re a ka fodisa Naamane. Fa Naamane a sena go utlwa ka seo, o batla go ya kwa go Elisha ka yone nako eo. O tsaya dimpho di le dintsi a bo a tsaya loeto le masole a gagwe ba ya kwa Iseraele. O ya kwa kgosing ya Iseraele go mmolelela lebaka la bo go a tlile.

Elisha o utlwalela ka seno a bo a romela molaetsa kwa kgosing gore a romele Naamane kwa go ene. Fa Naamane a goroga kwa ntlong ya ga Elisha, Elisha o romela morongwa gore a bolelele Naamane gore a tlhape kwa Nokeng ya Joredane ka makgetlho a le supa. Elisha a re seo se tla dira gore Naamane a fole. O akanya gore Naamane o ikutlwa jang ka seno?—

O a galefa. O nna tlhogoethata e bile o gana go reetsa moporofeti wa Modimo. O raya masole a gagwe a re: ‘Go na le dinoka tse di botoka kwa nageng ya gaetsho tse nka tlhapang kwa go tsone.’ Naamane o a tsamaya. Le fa go ntse jalo, a o itse gore masole a gagwe a mmotsa dipotso dife?— ‘Fa se moporofeti a neng a kopile gore o se dire e ne e le selo se se thata, a o ne o se kitla o se dira? Ka jalo ke ka ntlha yang fa o sa reetse fa a go kopa selo se se motlhofo jalo?’

Naamane o a reetsa a bo a dira se masole a gagwe a reng a se dire. O itatlhela mo nokeng ka makgetlho a le marataro. Fa Naamane a tswa mo metsing ka lekgetlho la bosupa, o a gakgamala—bolwetse jwa gagwe jwa letlalo bo nyeletse! O fodile! Ka yone nako eo o ya kwa legaeng la ga Elisha le le ka nnang bokgakala jwa dikilometara di ka nna 48 a ya go mo leboga. O batla go naya Elisha dimpho tse di jang madi a mantsi mme moporofeti a ka se di amogele.

Ka jalo Naamane o kopa Elisha sengwe. A o itse gore o mo kopa eng?— ‘A ke newe mmu wa morwalo wa bommoulo ba babedi gore ke ye gae ka one.’ A o itse gore ke ka ntlha yang a o batla?— Naamane a re o batla go isetsa Modimo dimpho tsa setlhabelo mo mmung wa naga ya batho ba Modimo, Iseraele. Naamane o solofetsa gore ga a ka ke a tlhola a obamela modimo o mongwe kwantle ga Jehofa! Ga a tlhole a le tlhogoethata mme o ikaeletse go reetsa Modimo wa boammaaruri.

A o lemoga tsela e o ka tshwanang le Naamane ka yone?— Fa e le gore o ntse o le tlhogoethata jaaka ene, o ka fetoga. O ka thusiwa mme wa se tlhole o nna tlhogoethata.

Bala mo Baebeleng ya gago

  • 2 Dikgosi 5:1-19

  • Luke 4:27

a Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela