LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 60 ts. 144-ts. 145 ser. 2
  • Bogosi jo bo Tla Nnelang Ruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogosi jo bo Tla Nnelang Ruri
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ema Le go Wa ga Setshwantsho se se Boitshegang
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Fa Jehofa a Ne a Ruta Dikgosi Dithuto
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Bogosi jo bo Tshwanang le Setlhare se Segolo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 60 ts. 144-ts. 145 ser. 2
Kgosi Nebukadenesare a lora setshwantsho se segolo se se thubiwang ke leje

THUTO 60

Bogosi jo bo Tla Nnelang Ruri

Bosigo bongwe, Kgosi Nebukadenesare o ne a lora sengwe se se sa tlwaelegang. O ne a tshwenyega thata e bile a sa kgone go robala. O ne a bitsa maselamose a gagwe a bo a ba raya a re: ‘Ntlhalosetsang toro ya me.’ Ba ne ba mo raya ba re: ‘Re bolelele gore o lorile eng kgosi.’ Nebukadenesare o ne a ba raya a re: ‘Nnyaa! Mpoleleleng gore ke lorile eng, go seng jalo ke tla lo bolaya!’ Ba ne ba mo raya gape ba re: ‘Re bolelele gore o lorile eng, mme re tla tlhalosa toro eo.’ O ne a ba raya a re: ‘Lo leka go ntsietsa. Mpoleleleng gore ke lorile eng!’ Ba ne ba raya kgosi ba re: ‘Ga go na ope yo o kgonang go dira jalo. Se o batlang re se dira ga se kgonege.’

Nebukadenesare o ne a galefile thata mo a neng a laela gore banna botlhe ba ba botlhale mo nageng ba bolawe. Daniele, Shaderake, Meshake le Abedenego e ne e le bangwe ba banna ba ba botlhale ba ba neng ba tla bolawa. Daniele o ne a kopa kgosi gore e ba neye nakwana. Go tswa foo, ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba rapela Jehofa le go mo kopa gore a ba thuse. Jehofa o ile a dira eng?

Jehofa o ile a bontsha Daniele toro ya ga Nebukadenesare le gore e kaya eng. Mo letsatsing le le latelang, Daniele o ne a ya kwa modireding wa kgosi a bo a mo raya a re: ‘O se ka wa bolaya banna ba ba botlhale. Ke tla tlhalosa toro ya kgosi.’ Modiredi yoo o ne a isa Daniele kwa go Nebukadenesare. Daniele o ne a raya kgosi a re: ‘Modimo o go bontshitse se se tla diregang. Seno ke se o se lorileng: O bone setshwantsho se segolo se na le tlhogo ya gauta, sehuba le matsogo a selefera, mpa le dirope tsa kopore, maoto a tshipi, le dinao tsa tshipi e e tlhakaneng le mmopa. Go tswa foo, go ne ga tswa leje kwa thabeng mme la itaya maoto a setshwantsho seo. Setshwantsho seo se ne sa silega jaaka bupi se bo se tsewa ke phefo. Leje leo le ne la fetoga thaba e kgolo e bo e tlala mo lefatsheng.’

Go tswa foo, Daniele o ne a re: ‘Seno ke se toro ya gago e se kayang: Bogosi jwa gago ke tlhogo ya gauta. Selefera ke bogosi jo bo tla busang morago ga gago. Mme go tla nna le bogosi jo bo tshwanang le kopore jo bo tla busang lefatshe lotlhe. Bogosi jo bo tlang morago ga joo bo tla nna maatla jaaka tshipi. Kwa bofelong go tla nna le bogosi jo bo kgaoganeng, jo dikarolo dingwe tsa jone di leng thata jaaka tshipi mme tse dingwe di le bokoa jaaka mmopa. Leje le le fetogang thaba ke Bogosi Jwa Modimo. Bo tla fedisa magosi ano otlhe mme bo tla nnela ruri.’

Nebukadenesare o ne a wela fa pele ga Daniele mme a oba sefatlhego. O ne a re: ‘Modimo wa gago o go senoletse toro eno. Ga go na Modimo yo o tshwanang le ene.’ Go na le gore Nebukadenesare a bolaye Daniele, o ne a mo naya maemo a a kwa godimo mo banneng botlhe ba ba botlhale le go mo dira mmusi wa kgaolo ya Babelona. A o kgona go bona gore Jehofa o ile araba jang thapelo ya ga Daniele?

“Tsa di phuthela mmogo kwa lefelong le le bidiwang Aramagedona ka Sehebera.”​—Tshenolo 16:16

Dipotso: Goreng Daniele a kgonne go tlhalosa toro ya ga Nebukadenesare? Toro eo e ne e kaya eng?

Daniele 2:1-49

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela