LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 62 ts. 148-ts. 149 ser. 1
  • Bogosi jo bo Tshwanang le Setlhare se Segolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogosi jo bo Tshwanang le Setlhare se Segolo
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senola Masaitsiweng a Setlhare se Segolo
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Bogosi jo bo Tla Nnelang Ruri
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Fa Jehofa a Ne a Ruta Dikgosi Dithuto
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Go Ema Le go Wa ga Setshwantsho se se Boitshegang
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 62 ts. 148-ts. 149 ser. 1
Setlhare se se mo torong ya ga Kgosi Nebukadenesare se a remiwa

THUTO 62

Bogosi jo bo Tshwanang le Setlhare se Segolo

Bosigo bongwe, Nebukadenesare o ne a lora toro e e tshosang. O ne a bitsa badiredi ba gagwe ba ba botlhale gore ba mo tlhalosetse gore e kaya eng. Mme go ne go se na ope wa bone yo o neng a kgona go e tlhalosa. Labofelo, kgosi e ne ya bua le Daniele.

Nebukadenesare o ne raya Daniele a re: ‘Ke ne ka lora setlhare. Se ne sa gola thata mme sa fitlha kwa loaping. Gongwe le gongwe kwa batho ba neng ba le gone ba ne ba kgona go se bona. Se ne se na le matlhare a mantle le maungo a mantsi. Diphologolo di ne di ikhutsa mo moriting wa sone le dinonyane di ne di aga dintlhaga tsa tsone mo go sone. Mme moengele o ne a fologa kwa legodimong. O ne a goa a re: “Remang setlhare, mme lo kgaole dikala tsa sone. Mme tlogelang kutu le medi ya sone mo lefatsheng, lo bo lo e bofa ka sebofo sa tshipi le sa kgotlho. Pelo ya setlhare e e tshwantshetsang pelo ya motho, e tla fetoga go nna pelo ya phologolo, mme se tla nna jaana go fitlha metlha e e supa e fela. Batho botlhe ba tla itse gore Modimo ke Mmusi, le gore o naya bogosi ope fela yo a batlang go bo mo naya.”’

Jehofa o ne a senolela Daniele gore toro eo e kaya eng. Fa Daniele a sena go tlhaloganya toro eo, o ne a tshoga. O ne a re: ‘Kgosi, ke eletsa e kete toro eno e ka bo e bua ka baba ba gago e seng ka wena. Ke wena setlhare se segolo se se neng sa remiwa. O tla latlhegelwa ke bogosi mme o tla ja tlhaga jaaka phologolo ya naga. Mme o tla nna kgosi gape ka gonne moengele o ne a re go tlogelwe kutu ya sone.’

Morago ga ngwaga, Nebukadenesare o ne a tsamayatsamaya mo borulelong jo bo sephara jwa ntlo ya gagwe ya segosi a lebile bontle jwa Babelona. O ne a re: ‘Bona gore ke agile motse o montle jang! Bona gore ke na le maatla a magolo jang!’ Fa a ntse a bua go ne ga tswa lentswe kwa legodimong le re: ‘Nebukadenesare! Jaanong o latlhegetswe ke bogosi.’

Ka yone nako eo, Nebukadenesare o ne a simolola go tsenwa a bo a itshwara jaaka phologolo ya naga. O ne a patelediwa go tswa mo ntlong ya gagwe ya segosi mme a ya go tshela le diphologolo kwa nageng. Moriri wa gagwe o ne wa nna moleele jaaka diphuka tsa ntsu le dinala tsa gagwe tsa nna jaaka tsa nonyane.

Morago ga dingwaga di le supa, Nebukadenesare o ne a siama mme Jehofa o ne a mo dira kgosi ya Babelona gape. Nebukadenesare o ne a re: ‘Ke galaletsa Jehofa, Kgosi ya magodimo. Jaanong ke a itse gore Jehofa ke Mmusi. O kokobetsa ba ba mabela e bile o tlhopha gore a ka naya mang bogosi.’

“Boikgogomoso bo dira gore motho a we, e bile go nna mabela go dira gore motho a we.”​—Diane 16:18

Dipotso: Toro ya ga Nebukadenesare ya setlhare e ne e kaya eng? Nebukadenesare o ne a re o ithutile eng?

Daniele 4:1-37

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela