LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dp kgao. 6 ts. 82-97
  • Go Senola Masaitsiweng a Setlhare se Segolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Senola Masaitsiweng a Setlhare se Segolo
  • Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGOSI E TLOTLOMATSA MOGODIMODIMO
  • SETLHARE SE SE BOITSHEGANG
  • KGOSI E BOLELELWA DIKGANG TSE DI SENG MONATE
  • GO DIRAGADIWA GA NTLHA GA TORO
  • GO TSOSOLOSIWA GA GA NEBUKADENESARE
  • A GO NA LE BOSUPI JO BO TSWANG MO DILONG TSA LEFATSHE?
  • METLHA E SUPA E E RE AMANG
  • Bogosi jo bo Tshwanang le Setlhare se Segolo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Go Ema Le go Wa ga Setshwantsho se se Boitshegang
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Fa Jehofa a Ne a Ruta Dikgosi Dithuto
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tatelano ya Ditiragalo Tsa Baebele e Bontsha Eng ka Ngwaga wa 1914?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
dp kgao. 6 ts. 82-97

Kgaolo ya Borataro

Go Senola Masaitsiweng a Setlhare se Segolo

1. Go ne ga diregang ka Kgosi Nebukadenesare, mme seno se tsosa dipotso dife?

JEHOFA o ne a letla Kgosi Nebukadenesare gore a nne mmusi wa lefatshe. Jaaka kgosi ya Babelona, o ne a humile thata, a ja dijo tsa maemo, a na le ntlo e ntle ya segosi—a na le sengwe le sengwe se a neng a se eletsa sa dilo tse di bonalang. Mme ka tshoganyetso fela a kokobediwa. E ne ya re fa Nebukadenesare a latlhegelwa ke tlhaloganyo, a itshwara jaaka phologolo! O ne a lelekwa mo tafoleng ya segosi le mo boagong jwa gagwe jwa segosi, mme a nna kwa nageng, a ja bojang jaaka poo. Ke eng se se bakileng masetlapelo ano? Mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshwenyega ka gone?—Bapisa Jobe 12:17-19; Moreri 6:1, 2.

KGOSI E TLOTLOMATSA MOGODIMODIMO

2, 3. Kgosi ya Babelona e ne ya eleletsa babusiwa ba yone eng, mme e ne e leba jang Modimo Mogodimodimo?

2 Ka bonakonyana fela fa Nebukadenesare a sena go fola mo bolwetseng jwa gagwe jwa tlhaloganyo, o ne a romelela puso yotlhe ya gagwe pego e e tlhomologileng ya se se neng se diragetse. Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti Daniele gore a boloke pego e e tlhomameng ya ditiragalo tseno. E simolola ka mafoko ano: “Ke le kgosi Nebukatenesare, ke kwalela ditšhaba tsotlhe, le merafe yotlhe, le ba dipuo tsotlhe, ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe, ka re: A kagiso e lo totafalele. Go nkgatlhile go bolela ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo wa Mogodimodimo o di ntiretseng. ‘Ana ditshupo tsa one di dikgolo jang! Dikgakgamatso tsa one di bonatla jang! Bogosi jwa one ke bogosi jo bo sa khutleng, puso ya one e ya mo tshikatshikeng.’”—Daniele 4:1-3.

3 Batho ba Nebukadenesare a neng a ba busa ba ne ba ‘agile mo lefatsheng lotlhe’—mmuso o mogolo wa gagwe o ne o akaretsa karolo e kgolo ya lefatshe le go buiwang ka lone mo Baebeleng. Malebana le Modimo wa ga Daniele, kgosi e ne ya bolela jaana: “Bogosi jwa one ke bogosi jo bo sa khutleng.” A bo mafoko ao a ile a tlotlomatsa Jehofa jang ne gotlhe mo Mmusomogolong wa Babelona! Mo godimo ga moo, leno e ne e le lekgetlo la bobedi Nebukadenesare a bontshiwa gore ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo nnetseng ruri, jo bo emeng “ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

4. Malebana le Nebukadenesare, “ditshupo le dikgakgamatso” tsa ga Jehofa di ne tsa simolola jang?

4 “Modimo wa Mogodimodimo” o ne a dira “ditshupo le dikgakgamatso” dife? Di ne tsa simolola ka se se neng sa diragalela kgosi ka boyone se se boletsweng mo mafokong ano: “Nna ke le Nebukatenesare, ke ne ke le mo boiketlong fela mo ntlong ya me, ke galalela fela mo ntlong ya me ya bogosi. Ka bona toro e e mpoifisitseng; dikgopolo tsa me, ke le mo bolaong jwa me, le diponatshegelo tsa tlhogo ya me tsa nkhidia.” (Daniele 4:4, 5) Kgosi ya Babelona e ne ya dirang ka toro eno e e neng e mo tshwenya?

5. Nebukadenesare o ne a leba Daniele jang, mme ka ntlha yang?

5 Nebukadenesare o ne a phutha banna ba ba botlhale ba Babelona mme a ba bolelela toro eno. A bo ba ne ba palelwa jang ne! Ba ne gotlhelele ba sa kgone go ntsha tlhaloso ya yone. Pego e ne ya oketsa jaana: “Kwa morago Daniele a tla fa pele ga me, ene yo leina la gagwe go tweng Beletešasare, ka fa leineng la modimo wa me, e le motho yo mowa wa medimo e e itshepileng o mo go ene, mme ka bolela toro fa pele ga gagwe.” (Daniele 4:6-8) Leina la ga Daniele la kwa kgotleng e ne e le Beleteshasare, mme modimo wa maaka o kgosi e mmitsang “modimo wa me” e ka tswa e ne e le Bel kana Nebo kana Maraduke. E re ka a ne a obamela medimo e mentsintsi, Nebukadenesare o ne a leba Daniele e le yo mo go ene go neng go na le “mowa wa medimo e e itshepileng.” Mme ka ntlha ya boemo jo Daniele a neng a na le jone jaaka motlhankedimogolo wa banna botlhe ba ba botlhale ba Babelona, kgosi e ne ya mmitsa “mogolo wa baitseanape.” (Daniele 2:48; 4:9; bapisa Daniele 1:20.) Gone mme Daniele yo o ikanyegang ga a ise a ko a tlogele kobamelo ya ga Jehofa go ya go dira dilo tsa boitseanape.—Lefitiko 19:26; Duteronome 18:10-12.

SETLHARE SE SE BOITSHEGANG

6, 7. O ka tlhalosa jang se Nebukadenesare a neng a se bona mo torong ya gagwe?

6 Toro e e tshosang ya kgosi ya Babelona e ne e reng? Nebukadenesare o ne a bolela jaana: “Diponatshegelo tsa tlhogo ya me mo bolaong jwa me tsa nna jaana: Ka leba, mme bonang, ga bo go le setlhare mo gare ga lefatshe, mme go gola ga sone go le gogolo. Setlhare seo sa gola, sa nna thata, mme go gola ga sone ga fitlha kwa legodimong, le go bonala ga sone ga fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe lotlhe fela. Makakaba a sone a ne a le mantle, le loungo lwa sone lo le logolo, mme go le dijo tsa botlhe mo go sone: Diphologolo tsa naga tsa kwaya mo go sone, le dinonyane tsa loapi tsa aga mo dikaleng tsa sone, le batho botlhe ba otlwa ke sone.” (Daniele 4:10-12) Go begwa gore Nebukadenesare o ne a rata ditlhare tse dikgolo tsa mosedara tsa Lebanona, o ne a ya go di bona, mme a dira gore dingwe di tlisiwe kwa Babelona e le dikota. Mme o ne a ise a ko a bone sepe se se tshwanang le setlhare se a se boneng mo torong ya gagwe. Se ne se le segolo thata “mo gare ga lefatshe,” se ne se bonala mo lefatsheng lotlhe, e bile se ne se ungwa thata mo se neng se naya nama yotlhe dijo.

7 Toro eno ga e felele fano, ka gonne Nebukadenesare o ne a oketsa jaana: “Ka leba mo diponatshegelong tsa tlhogo ya me mo bolaong jwa me, mme bonang, molebedi mongwe yo o leng moitshepi a fologa mo legodimong. A kua thata, a bua, a re: ‘Remang setlhare se, lo kgaole dikala tsa sone, lo tlhotlhore makakaba a sone, lo gasagase loungo lwa sone; a diphologolo tsa naga di tloge fa tlase ga sone, le dinonyane tsa loapi mo dikaleng tsa sone. Le fa go ntse jalo lo tlogele sesipi se na le metswe ya sone mo mmung, se bofilwe, ka mofiri wa tshipi le kgotlho, mo bojangnyeng jo botalana jwa naga; a se kolobediwe ke monyo wa legodimo, mme a kabelo ya gagwe e nne le diphologolo mo bojangnyeng jwa lefatshe.’”—Daniele 4:13-15.

8. “Molebedi” e ne e le mang?

8 Bababelona ba ne ba na le pono ya bone ya bodumedi ka ditshedi tsa moya tse di molemo le tse di boikepo. Mme “molebedi” yono kana modisa yo o tswang legodimong yono e ne e le mang? E re ka a bidiwa “moitshepi,” e ne e le moengele yo o siameng yo o neng a emela Modimo. (Bapisa Pesalema 103:20, 21.) Akanya fela dipotso tse Nebukadenesare a tshwanetseng a bo a ne a ipotsa tsone! Setlhare seno se remelwang? Go ne go tla thusa eng gore sesipi sa sone se kganelwe go gola ka go se bofa ka mefiri ya tshipi le kgotlho? Ee, boikaelelo jwa sesipi seno e ne e le eng?

9. Tota, molebedi o ne a reng, mme go tsoga dipotso dife?

9 Nebukadenesare o tshwanetse a bo a ile a akabala tota fa a utlwa mafoko a mangwe gape a molebedi a a reng: “A pelo ya gagwe e fetoge e se tlhole e le ya motho, mme a newe pelo ya sephologolo fela; a fetwe ke metlha e supa. Katlholo eo, e ka taolo ya balebedi, le topo eo e ka lefoko la baitshepi; e le gore batshedi ba tle ba itse fa Mogodimodimo a busa mo bogosing jwa batho, mme o tlaa a bo neye mongwe fela yo o mo ratang a bo tlhomele motho yo o nyatsegang fela.” (Daniele 4:16, 17) Sesipi ga se na pelo ya motho e e nnang e ntse e itaya mo teng ga sone. Le gone, sesipi se ka newa jang pelo ya sebatana? “Metlha e supa” ke eng? Mme seno sotlhe se amana jang le bobusi jwa ‘bogosi jwa batho’? Ruri Nebukadenesare o ne a batla go itse.

KGOSI E BOLELELWA DIKGANG TSE DI SENG MONATE

10. (a) Mo Dikwalong, ditlhare di ka tshwantshetsa eng? (b) Setlhare se segolo se emela eng?

10 E ne ya re fa Daniele a utlwa toro eno, o ne a akabala ka lobakanyana, mme a boifa. E ne ya re fa Nebukadenesare a mo emelela gore a e tlhalose, moporofeti yono a bolela jaana: “Morena wa me, a toro e nne ka ga ba ba go ilang, le phuthololo ya yone e nne ka ga baba ba gago. Setlhare se o se bonyeng, se se neng sa gola, sa nna thata . . . , ke wena kgosi, o godile, o thatafetse; gonne bogolo jwa gago bo godile, bo fitlha kwa legodimong, le puso ya gago kwa bokhutlong jwa lefatshe.” (Daniele 4:18-22) Mo Dikwalong, ditlhare di ka tshwantshetsa batho, babusi le magosi. (Pesalema 1:3; Jeremia 17:7, 8; Esekiele, kgaolo 31) Fela jaaka setlhare se se boitshegang sa toro ya gagwe, Nebukadenesare o ne a ‘gola a nna thata’ e le kgosi ya mmuso wa lefatshe. Mme setlhare se segolo seno se tshwantshetsa ‘puso e e fitlhang kwa bokhutlong jwa lefatshe’ go akaretsa bogosi jotlhe jwa batho. Ka gone se tshwantshetsa bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe, bogolo jang malebana le lefatshe.—Daniele 4:17.

11. Toro ya kgosi e ne ya bontsha jang gore o ne a tlile go fetoga ka tsela e e tla mo tlontlololang?

11 Nebukadenesare o ne a tlile go fetoga ka tsela e e tla mo tlontlololang fela thata. Daniele fa a ne a bua ka go fetoga gono, o ne a oketsa jaana: “E re ka kgosi e bonye molebedi mongwe a bile a le moitshepi a fologa mo legodimong, a re: ‘Remang setlhare, lo se senye; le fa go ntse jalo lo tlogele sesipi sa metswe ya sone mo mmung se bofilwe ka mofiri wa tshipi le kgotlho, mo bojangnyeng jo botalana jwa naga; mme a se kolobediwe ke monyo wa legodimo, mme a kabelo ya gagwe e nne le diphologolo tsa naga, go tsamaya a fetwa ke metlha e supa.’ Phuthololo ke e, kgosi: Ke taolo ya Mogodimodimo e e tsileng mo kgosing, morena wa me.” (Daniele 4:23, 24) Ruri go ne go tlhokega bopelokgale go naya kgosi e e maatla eno molaetsa oo!

12. Ke eng se se neng se tlile go diragalela Nebukadenesare?

12 Ke eng se se neng se tlile go diragalela Nebukadenesare? Akanya fela gore o ne a nna jang fa Daniele a oketsa jaana: “O tlaa lelekwa mo bathong, mme boago jwa gago bo tla nna le diphologolo tsa naga, o tlaa fudisiwa bojang jaaka dikgomo, o tlaa kolobediwa ke monyo wa legodimo, mme o tlaa fetwa ke metlha e supa; go tsamaya o itse fa Mogodimodimo a busa mo bogosing jwa batho, mme o tle a bo neye mongwe fela yo o mo ratang.” (Daniele 4:25) Go bonala le bone badiredi ba bagolo ba kgotla ya ga Nebukadenesare ba ne ba tla ‘mo leleka mo bathong.’ Mme a o ne a tla tlhokomelwa ke badisa ba ba kutlwelobotlhoko? Nnyaa, ka gonne Modimo o ne a laetse gore Nebukadenesare a nne le “diphologolo tsa naga,” a je dimedi tsa naga.

13. Toro ya setlhare e ne ya bontsha gore ke eng se se neng se tla diragalela boemo jwa ga Nebukadenesare jaaka mmusi wa lefatshe?

13 Fela jaaka setlhare se ne sa rengwa, Nebukadenesare o ne a tla menolwa mo bobusing jwa lefatshe—mme e le ka nakwana fela. Daniele o ne a tlhalosa jaana: “E re ka ba laotse gore go lesiwe metswe ya sesipi sa setlhare; bogosi jwa gago bo tlaa tlhomama mo go wena, o sena go itse fa magodimo a a busa.” (Daniele 4:26) Mo torong ya ga Nebukadenesare modi, kana sesipi, sa setlhare se se remilweng se ne sa letlwa gore se sale, le mororo se ne se bofilwe gore se se ka sa gola. Ka mo go tshwanang, “sesipi” sa kgosi ya Babelona se ne se tla sala, le fa se ne se tla bo se thibetswe gore se se ka sa gola ka “metlha e supa.” Boemo jwa gagwe jaaka mmusi wa lefatshe bo ne bo tla tshwana le sesipi sa setlhare se se bofilweng. Bo ne bo tla nna bo bolokilwe jalo go fitlha bo fetwa ke metlha e supa. Jehofa o ne a tla tlhomamisa gore ka lobaka loo, ga go na yo o neng a tla tlhatlhama Nebukadenesare jaaka mmusi yo o esi wa Babelona, le mororo morwawe e bong Efile-merodake a ka tswa a ile a mo tshwarela e le mmusi wa nama o sa tshwere.

14. Daniele o ne a kgothaletsa Nebukadenesare go dira eng?

14 Ka ntlha ya se se neng sa bolelelwa pele ka Nebukadenesare, Daniele o ne a kgothatsa jaana ka bopelokgale: “Ke gone kgosi, a kgakololo ya me e amogelesege mo go wena, mme o khutlise maleo a gago ka tshiamo, le maikepo a gago ka go iponatsa boutlwelobotlhoko mo bahumaneging; fa ekare kgotsa go ka nna go lelefatsa kagiso ya gago.” (Daniele 4:27) Fa Nebukadenesare a ne a ka hularela tsela ya gagwe ya boleo ya go gatelela le go ikgogomosa, gongwe seno se ne se tla fetola dilo gore di se ka tsa mo diragalela ka tsela eno. Gape kana, makgolo a ka nna mabedi a dingwaga pele ga moo, Jehofa o ne a ikaeletse go senya batho ba motsemogolo wa Asiria, e bong Ninefe, mme ga a ka a dira jalo ka gonne kgosi ya teng le babusiwa ba yone ba ne ba ikwatlhaya. (Jona 3:4, 10; Luke 11:32) Go tweng ka Nebukadenesare yo o ikgogomosang? A o ne a tla fetola ditsela tsa gagwe?

GO DIRAGADIWA GA NTLHA GA TORO

15. (a) Nebukadenesare o ne a nna a bontsha boikutlo bofe? (b) Mekwalo mengwe ya bogologolo e senola eng ka ditiro tsa ga Nebukadenesare?

15 Nebukadenesare o ne a sala a ntse a le boikgogomoso. E ne ya re a tsamayatsamaya mo borulelong jwa ntlo ya segosi dikgwedi di le 12 morago ga toro ya gagwe ya setlhare, a ikgantsha a re: “A ga se one Babilone o mogolo, o ke o agileng gore o nne boago jwa segosi, ka bonatla jwa thata ya me, le ka ntlha ya kgalalelo ya borena jwa me?” (Daniele 4:28-30) Nimerode o ne a theile Babelona (Babele), mme Nebukadenesare a e naya kgalalelo. (Genesise 10:8-10) Mo go nngwe ya mekwalo ya gagwe ya cuneiform, o ikgantsha a re: “Nebukaderesare, Kgosi ya Babelona, yo o tsosolositseng Esagila le Esida, ke nna morwa Nabopolasare. . . . Ke nonotshitse dikago tsa phemelo tsa Esagila le Babelona ka ba ka tlhomamisa leina la puso ya me ka bosakhutleng.” (Archaeology and the Bible, ya ga George A. Barton, 1949, ditsebe 478-9) Mokwalo o mongwe o bua ka ditempele di ka nna 20 tse a neng a di tlhabolola kana a di aga sesha. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Mo pusong ya ga Nebukadenesare, Babelona e ne ya nna mongwe wa metse e mentlentle ya lefatshe la bogologolo. Mo dipegong tsa gagwe ka namana, o umaka ditiro tsa gagwe tsa ntwa sewelo, mme a bo a kwala ka ditiro tsa gagwe tsa go aga le tsela e a neng a nna a tlhokometse medimo ya Babelonia ka yone. Go bonala Nebukadenesare a ile a aga Ditshingwana Tsa mo Dithabeng Tsa Babelona, e leng dingwe tsa Dikgakgamatso Tse Supa Tsa Lefatshe la Bogologolo.”

16. Nebukadenesare o ne a tloga a kokobediwa ka tsela efe?

16 Le fa gone a ne a ikgantsha jalo, Nebukadenesare yo o ikgogomosang yono o ne a tloga a kokobediwa. Pego e e tlhotlheleditsweng e bolela jaana: “E rile lefoko le sa ntse le le mo molomong wa kgosi, ga fologa lentswe kwa legodimong, la re: ‘Kgosi Nebukatenesare, ke wena yo o rewang: Bogosi bo tlogile mo go wena. O tlaa lelekwa mo bathong, le boago jwa gago bo tlaa nna le diphologolo tsa naga; o tlaa fudisiwa bojang jaaka dikgomo, mme o tlaa fetwa ke metlha e supa; go tsamaya o itse fa Mogodimodimo a busa mo bogosing jwa batho, mme o tle a bo neye mongwe fela yo o mo ratang.’”—Daniele 4:31, 32.

17. Go ne ga diregang ka Nebukadenesare yo o ikgogomosang, mme go ise go ye kae o ne a iphitlhela a le mo maemong afe?

17 Ka yone nako eo Nebukadenesare a latlhegelwa ke tlhaloganyo. O ne a lelekwa mo bathong, a ja bojang “jaaka dikgomo.” Fa a le koo mo gare ga dibatana tsa naga, nnyaa, o ne a sa nne a iketlile mo bojannyeng jwa sekaparadaise, a itumelela moya o o lapolosang letsatsi le letsatsi. Kwa Iraq wa segompieno, koo go nang le matlotla a Babelona gone, dithemperetšha di nna kwa godimo go tloga go didikirii di le 50 tsa Celsius mo dikgweding tsa selemo go ya go tse di kwa tlase ga boswakgapetla mo dikgweding tsa mariga. E re ka a ne a sa tlhokomelwe e bile a nna mo gare ga maemo a a maswe ano a bosa, moriri o moleele o o dikgobe wa ga Nebukadenesare o ne o tshwana le diphofa tsa ntsu le dinala tsa gagwe tsa mabogo le tsa maoto tse di neng di sa kgaolwe di ne di tshwana le tsa menoto ya nonyane. (Daniele 4:33) A bo mmusi yono wa lefatshe yo o ikgogomosang a ne a kokobediwa jang ne!

18. Mo lobakeng lwa metlha e supa, go ne ga diregang ka setulo sa bogosi sa Babelona?

18 Mo torong ya ga Nebukadenesare, setlhare se segolo se ne sa rengwa mme sesipi sa sone se ne sa bofiwa go se thibela gore se se ka sa golela kwa godimo ka metlha e supa. Ka mo go tshwanang, Nebukadenesare o ne a “a pagololwa mo setulong sa gagwe sa bogosi” fa Jehofa a ne a mo itaya ka botsenwa. (Daniele 5:20) Ka go dira jalo, seno se ne sa fetola pelo ya kgosi eo e neng e le ya motho go e dira ya poo. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne wa bolokela Nebukadenesare setulo sa gagwe sa bogosi go fitlha metlha e supa e wela. Fa Efile-merodake gongwe e ne e le ene tlhogo ya nama o sa tshwere ya puso eo, Daniele o ne a direla e le “molaodi wa kgaolo yotlhe ya lefatshe la Babilone, le tlhogo ya batlhale botlhe ba Babilone.” Ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera di ne tsa tswelela go nna le seabe mo go laoleng dilo tsa kgaolo eo. (Daniele 1:11-19; 2:48, 49; 3:30) Batshwarwa bano ba banè ba ne ba letetse gore Nebukadenesare a busediwe gape mo setulong sa gagwe sa bogosi e le kgosi e e tsayang sentle mo tlhaloganyong e e ithutileng gore “Mogodimodimo a busa mo bogosing jwa batho, mme o tle a bo neye mongwe fela yo o mo ratang.”

GO TSOSOLOSIWA GA GA NEBUKADENESARE

19. Fa Jehofa a sena go fodisa botsenwa jwa ga Nebukadenesare, kgosi eo ya Babelona e ne ya lemoga eng jaanong?

19 E ne ya re mo bokhutlong jwa metlha e supa, Jehofa a fodisa botsenwa jwa ga Nebukadenesare. Morago ga moo kgosi e ne ya bua jaana, e bontsha fa e lemoga gore go na le Modimo Mogodimodimo: “E rile metlha eo e sena go feta, nna Nebukatenesare ka tsholeletsa matlho a me legodimong, mme tlhaloganyo ya me ya boela mo go nna, ka baka Mogodimodimo, ka boka ka ba ka tlotla yo o tshelang ka bosakhutleng; gonne puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng, le bogosi jwa gagwe ke jo bo yang mo tshikatshikeng. Banni botlhe ba lefatshe ba kaiwa jaaka ba se sepe; mme o dira ka fa go rateng ga gagwe mo ntweng ya legodimo, le mo banning ba lefatshe; mme ga go na ope yo o ka thibang seatla sa gagwe, kgotsa a mo raya a re: ‘O dirang?’” (Daniele 4:34, 35) Ee, Nebukadenesare o ne a lemoga gore eleruri Mogodimodimo ke Mmusi Molaodi mo bogosing jwa batho.

20, 21. (a) Go ntshiwa ga dibofo tsa tshipi mo moding wa setlhare sa toro go ne ga tshwana jang le se se neng sa diragalela Nebukadenesare? (b) Nebukadenesare o ne a lemoga eng se a neng a se bolela, mme a seno se ne sa mo dira moobamedi wa ga Jehofa?

20 Fa Nebukadenesare a boela mo setulong sa gagwe sa bogosi, go ne go ntse jaaka e kete dibofo tsa tshipi tse di neng di le go dikologa modi wa setlhare sa toro di ne di ntshitswe. O ne a bolela jaana malebana le go tsosolosiwa ga gagwe: “Tlhaloganyo ya me ya boela mo go nna ka baka loo; le borena jwa me jwa boela mo go nna le phatsimo ya me, ka ga kgalalelo ya bogosi jwa me; le bagakolodi ba me le bagolwane ba me ba mpatla; mme ka tlhomama mo bogosing jwa me, ka ba ka okelediwa bogolo jo bo feteletseng.” (Daniele 4:36) Fa e le gore badiredi bape ba bagolo ba ntlo ya kgosi ba ne ba nyatsa kgosi eno e e neng e tsenwa, ba ne jaanong ba ‘mmatla’ gore ba mo direle ka botlalo.

21 A bo Modimo Mogodimodimo a ne a dira “ditshupo le dikgakgamatso” jang ne! Ga go a tshwanela ga re gakgamatsa go bo kgosi ya Babelona e e tsosolositsweng e bo e ile ya bua jaana: “Jaana nna Nebukatenesare ka baka Kgosi ya legodimo, ke ba ke e godisa ke e tlotla; gonne ditiro tsotlhe tsa yone di boammaaruri, mme le ditsela tsa yone di tekatekanyo; ba ba sepelang mo pelafalong o nonofile go ba isa tlase.” (Daniele 4:2, 37) Le fa go ntse jalo, temogo e e ntseng jalo ga e a ka ya dira gore Nebukadenesare e nne moobamedi wa ga Jehofa wa Moditšhaba.

A GO NA LE BOSUPI JO BO TSWANG MO DILONG TSA LEFATSHE?

22. Bangwe ba tsere gore botsenwa jwa ga Nebukadenesare e ne e le bolwetse bofe, mme ke eng se re tshwanetseng go se lemoga ka se se bakileng botsenwa jwa gagwe?

22 Bangwe ba tsere gore botsenwa jwa ga Nebukadenesare e ne e le bolwetse jwa motho yo o ithayang a re ke ene phiri. Dikishinare nngwe ya kalafi e bolela jaana: “LYCANTHROPY . . . e tswa mo go [lyʹkos], lupus, phiri; [anʹthro·pos], homo, motho. Leina leno le ne la newa bolwetse jwa batho ba ba dumelang gore ba fetogile phologolo, ba ba etsang modumo kana go lela, dipopego kana go itshwara ga phologolo eo. Batho bano gantsi ba ipona ba fetogile phiri, ntša kana katse; ka dinako tse dingwe ba fetogile poo, jaaka fa go ne go ntse ka Nebukadenesare.” (Dictionnaire des sciences médicales, par une société de médicins et de chirurgiens, Paris, 1818, Bolumo 29, tsebe 246) Ditshupo tsa bolwetse jono jwa lycanthropy di tshwana le tsa fa Nebukadenesare a ne a tsenwa. Le fa go ntse jalo, e re ka bolwetse jwa gagwe jwa tlhaloganyo e ne e le jo bo laotsweng ke Modimo, ga bo ka ke jwa tsewa e le bolwetse bongwe jo bo rileng jo bo itsiweng.

23. Go na le bosupi bofe jo bo tswang mo dilong tsa lefatshe jo bo bontshang go tsenwa ga ga Nebukadenesare?

23 Mokanoki John E. Goldingay o nopola dilo di le mmalwa tse di neng di tsamaisana le botsenwa jwa ga Nebukadenesare le go fola ga gagwe. Ka sekai, o bolela jaana: “Mokwalo mongwe o o sa felelang wa cuneiform go bonala o bua ka bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo jwa ga Nebukadenesare, gongwe le go tlhokomologa ga gagwe Babelona le go tswa ga gagwe teng.” Goldingay o nopola lekwalo lengwe le le bidiwang “The Babylonian Job [Jobe wa Babelona]” mme o bolela gore le “neela bosupi jwa go otlhaiwa ke Modimo, go lwala, go kokobediwa, go batla tlhaloso ya toro e e tshosang, go menolwa jaaka setlhare, go latlhelwa kwa ntle, go ja bojang, go latlhegelwa ke tlhaloganyo, go tshwana le kgomo, go nelwa ke Maraduke, dinala tse di sentsweng, go gola ga moriri, go bofiwa ka mefiri le go fodisiwa gape mo a neng a baka modimo ka ntlha ya gone.”

METLHA E SUPA E E RE AMANG

24. (a) Setlhare se segolo sa toro se tshwantshetsa eng? (b) Ke eng se se neng sa thibelwa ka metlha e supa, mme seo se ne sa direga jang?

24 Jaaka fa go bontshitswe ke setlhare se segolo, Nebukadenesare o ne a tshwantshetsa bobusi jwa lefatshe. Mme gakologelwa, setlhare seno se emela bobusi le bolaodi jo bo fetang jwa kgosi ya Babelona kgakala. Se tshwantshetsa bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa, “Kgosi ya magodimo,” bogolo jang malebana le lefatshe. Pele Jerusalema e senngwa ke Bababelona, bogosi jo bo neng bo le mo motseng oo, Dafide le baruaboswa ba gagwe ba ntse mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa,” bo ne bo tshwantshetsa bolaodi jwa Modimo malebana le lefatshe. (1 Ditiragalo 29:23) Modimo ka boone o ne wa dira gore bolaodi joo bo kgaolwe mme bo bofiwe ka 607 B.C.E. fa a ne a dirisa Nebukadenesare gore a senye Jerusalema. Bolaodi jwa Modimo mo lefatsheng ka bogosi jwa losika lwa ga Dafide bo ne jwa thibelwa go tlhola bo dira ka metlha e supa. Metlha eno e supa e ne e le lobaka lo lo kana kang? E ne ya simolola leng, mme ke eng se se neng se tshwaya go fela ga yone?

25, 26. (a) Mo kgannyeng ya ga Nebukadenesare, “metlha e supa” e ne e le lobaka lo lokae, mme ke ka ntlha yang fa o araba jalo? (b) Mo tiragatsong e kgolwanyane, “metlha e supa” e ne ya simolola leng, le gone jang?

25 Ka nako ya botsenwa jwa ga Nebukadenesare, ‘moriri wa gagwe o ne wa gola wa nna jaaka diphuka tsa ntswi yo motona, le dinala tsa gagwe jaaka menoto ya dinonyane.’ (Daniele 4:33) Seno se ne sa tsaya lobaka lo loleele go feta malatsi a le supa kana dibeke di le supa. Dithanolo di le mmalwa di balega ka gore “metlha e le supa,” mme ditsela tse dingwe tsa go e bala ke “metlha e e beilweng (e e tlhomameng)” kana “dipaka.” (Daniele 4:16, 23, 25, 32) Thanolo e nngwe ya (Septuagint) ya Segerika sa Bogologolo e balega ka gore “dingwaga di le supa.” Mokwalahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Mojuda e bong Josephus o ne a bala “metlha e le supa” jaaka “dingwaga di le supa.” (Antiquities of the Jews, Buka 10, Kgaolo 10, serapa 6) Bakanoki bangwe ba Bahebera ba ne ba leba “metlha” eno e le “dingwaga.” An American Translation, Today’s English Version, le thanolo ya ga James Moffatt di balega ka gore “dingwaga di le supa.”

26 Go bonala “metlha e supa” ya ga Nebukadenesare e ne e akaretsa dingwaga di le supa. Mo boporofeting ngwaga o na le malatsi a ka nna 360, kana dikgwedi di le 12, tseo nngwe le nngwe ya tsone e nang le malatsi a le 30. (Bapisa Tshenolo 12:6, 14.) Ka jalo “metlha e supa” ya kgosi, kana dingwaga di le supa, e ne e le malatsi a le 360 ga 7, kana malatsi a le 2 520. Mme go tweng ka tiragatso e kgolo ya toro ya gagwe? “Metlha e supa” ya boporofeti e ne e le lobaka lo loleele thata go feta fela malatsi a le 2 520. Seno se ne sa bontshiwa ke mafoko ano a ga Jesu: “Jerusalema o tla gatakwa ke merafe, go fitlha dinako tse di tlhomilweng tsa merafe di diragadiwa.” (Luke 21:24) Go “gatakwa” goo go ne ga simolola ka 607 B.C.E. fa Jerusalema e ne e senngwa mme bogosi jo bo tshwantshetsang jwa Modimo bo ne bo sa tlhole bo dira mo Juda. Go gatakwa gono go ne go tla khutla leng? Ka “dinako tsa go tsosolosiwa ga dilo tsotlhe,” fa bolaodi jwa Modimo bo ne bo tla boa bo bonala gape mo lefatsheng ka Jerusalema wa tshwantshetso, Bogosi jwa Modimo.—Ditiro 3:21.

27. Ke ka ntlha yang fa o ka bolela gore “metlha e supa” e e simolotseng ka 607 B.C.E. ga ya ka ya khutla morago ga malatsi a le 2 520 a mmatota?

27 Fa re ne re ka bala malatsi a mmatota a le 2 520 go tloga ka nako ya go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E., seo se ne se tla re isa fela kwa go 600 B.C.E., ngwaga o go se nang pego epe ka one mo Dikwalong. Tota le eleng ka 537 B.C.E., fa Bajuda ba ba golotsweng ba ne ba boetse kwa Juda, bolaodi jwa ga Jehofa bo ne bo sa bonale mo lefatsheng. Go ne go ntse jalo ka gonne Serubabele, moruaboswa wa setulo sa bogosi sa ga Dafide, o ne a sa dirwa kgosi mme e ne e le molaodi fela wa porofense ya Peresia ya Juda.

28. (a) Go tshwanetse ga dirisiwa molao ofe malebana le malatsi a le 2 520 a “metlha e supa” ya boporofeti? (b) “Metlha e supa” ya boporofeti e ne e le lobaka lo lo kanakang, mme ke matlha afe a a tshwayang go simolola ga yone le go khutla ga yone?

28 E re ka “metlha e supa” eno e le ya boporofeti, re tshwanetse ra dirisa molao wa Dikwalo mo malatsing ano a a 2 520 e leng: “Letsatsi lengwe le lebaganye le ngwaga.” Molao ono o boletswe mo boporofeting jo bo malebana le go dikanyetsa ga Babelona Jerusalema. (Esekiele 4:6, 7; bapisa Dipalo 14:34.) Ka gone “metlha e supa” eo mo go yone lefatshe le neng le laolwa ke dipuso tsa Baditšhaba di sa tle di kgorelediwa ke Bogosi jwa Modimo e ne ya nna lobaka lwa dingwaga di le 2 520. E ne ya simolola ka go senngwa ga Juda le Jerusalema mo kgweding ya bosupa ya ngwedi (Tishri 15) ya 607 B.C.E. (2 Dikgosi 25:8, 9, 25, 26) Fa re e bala go tloga mo nakong eo go fitlha ka 1 B.C.E. ke dingwaga di le 606. Dingwaga tse dingwe tse di setseng di le 1 914 di simolola go tswa moo go fitlha go 1914 C.E. Ka gone “metlha e supa,” kana dingwaga di le 2 520, e ne ya fela ka Tishri 15, kana October 4/5, 1914 C.E.

29. “Motho yo o nyatsegang fela” ke mang, mme Jehofa o ne a dirang gore a mo tlhome mo setulong sa bogosi?

29 Mo ngwageng oo “metlha e e tlhomilweng ya merafe” e ne ya diragadiwa, mme Modimo o ne a naya “motho yo o nyatsegang fela”—Jesu Keresete—bobusi, yo baba ba gagwe ba neng ba mo tsaya e le yo o nyatsegang thata mo ba neng ba dira gore a bapolwe. (Daniele 4:17) Go tlhoma Kgosi ya Bomesia mo setulong sa bogosi, Jehofa o ne a bofolola dibofo tsa tshipi le tsa kgotlho tsa tshwantshetso mo ‘sesiping’ sa bolaodi jwa gagwe. Ka go dira jalo, Modimo Mogodimodimo o ne a letla “letlhogela” la segosi gore le gole mo go sone e le go bontsha bolaodi jwa Modimo mo lefatsheng ka Bogosi jwa selegodimo mo diatleng tsa Moruaboswa yo mogolo go gaisa botlhe wa ga Dafide, e bong Jesu Keresete. (Isaia 11:1, 2; Jobe 14:7-9; Esekiele 21:27) A bo re leboga Jehofa jang ne gore dilo di bo di ile tsa direga ka tsela e e itumedisang eno le go re senolela masaitsiweng a setlhare se segolo!

O LEMOGILENG?

• Setlhare se segolo sa toro ya ga Nebukadenesare se ne se tshwantshetsang?

• Ke eng se se neng sa diragalela Nebukadenesare fa toro ya gagwe ya setlhare e ne e diragadiwa la ntlha?

• Fa toro e sena go diragadiwa, Nebukadenesare o ne a dumela eng?

• Mo tiragatsong e kgolo ya toro ya setlhare sa boporofeti, “metlha e supa” e ne e le lobaka lo lo kana kang, mme e ne ya simolola leng ya bo ya khutla leng?

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 83]

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 91]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela