LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 72 ts. 170-ts. 171 ser. 2
  • Jesu a le Monnye

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu a le Monnye
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne a Amogela Kaelo ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • O Golela Kwa Nasaretha
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 72 ts. 170-ts. 171 ser. 2
Jesu a le dingwaga di le 12 a dutse mo gare ga barutisi kwa tempeleng

THUTO 72

Jesu a le Monnye

Josefa le Marea ba ne ba nna kwa Nasaretha le Jesu le bana ba bone ba basetsana le ba basimane. Josefa o ne a dira tiro ya go betla gore a kgone go tlhokomela lelapa la gagwe e bile o ne a ba ruta ka Jehofa le Molao wa gagwe. Lelapa leo le ne le ya kwa sinagogeng ka metlha go ya go obamela Jehofa e bile le ya kwa Jerusalema ngwaga le ngwaga go ya go keteka moletlo wa Tlolaganyo.

Fa Jesu a le dingwaga di le 12, lelapa la gagwe le ne la tsaya loeto lo loleele go ya kwa Jerusalema. Motse o ne o na le batho ba le bantsi ba ba neng ba tlile go keteka Tlolaganyo. Morago ga Tlolaganyo, Josefa le Marea ba ne ba boela gae ba akanya gore Jesu o teng mo bathong ba ba neng ba tsamaya le bone. Mme fa ba mmatla mo go ba masika, o ne a seyo.

Ba ne ba boela Jerusalema mme ba fetsa malatsi a le mararo ba ntse ba mmatla. Labofelo, ba ne ba ya kwa tempeleng. Ba ne ba fitlhela Jesu a ntse le barutisi, a ba reeditse ka kelotlhoko e bile a ba botsa dipotso. Barutisi ba ne ba kgatlhilwe ke Jesu thata mme ba simolola go mmotsa dipotso. Mme ba ne ba gakgamadiwa ke dikarabo tsa gagwe. Ba ne ba kgona go lemoga gore o ne a tlhaloganya Molao wa ga Jehofa.

Josefa le Marea ba ne ba tshwenyegile tota. Marea o ne a re: ‘Ngwanake, re ntse re go batla! O ntse o le kae?’ Jesu o ne a re: ‘A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse go nna mo ntlong ya ga Rre?’

Jesu o ne a ya gae le batsadi ba gagwe kwa Nasaretha. Josefa o ne a ruta Jesu tiro ya go betla. O akanya gore Jesu e ne e le motho yo o ntseng jang fa e le mosha? Fa Jesu a ntse a gola, o ne a nna botlhale thata mme o ne a ratiwa ke Modimo le batho.

Josefa le Marea ba dutse le Jesu le bana ba bangwe ba bone mo tafoleng

“Ke itumedisiwa ke go dira thato ya gago, Modimo wa me, mme molao wa gago o mo pelong ya me.”​—Pesalema 40:8

Dipotso: Josefa le Marea ba ne ba fitlhela Jesu kae? O ne a dira eng koo?

Mathaio 13:55, 56; Mareko 6:3; Luke 2:40-52; 4:16; Duteronome 16:15, 16

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela