LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 89 ts. 208-ts. 209 ser. 1
  • Petere o Itatola Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Petere o Itatola Jesu
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moperesiti yo Mogolo yo o Neng a Atlholela Jesu Loso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Petere o Itatola Jesu Kwa Ntlong ya ga Kaiafase
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O Isiwa Kwa go Anase, Morago Kwa go Kaiafase
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Fa Lasaro A Tsosiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 89 ts. 208-ts. 209 ser. 1
Petere a itatola Jesu kwa ntlong ya ga Kaiafase

THUTO 89

Petere o Itatola Jesu

Fa Jesu a ne a na le baaposetoloi ba gagwe kwa phaposing e e kwa godimo, o ne a ba raya a re: ‘Mo bosigong jono, lotlhe lo tlile go ntlogela.’ Petere o ne a re: ‘E seng nna! Le fa ba bangwe ba ka go latlha, nna ka se go latlhe.’ Mme Jesu o ne a raya Petere a re: ‘Pele mokoko o lela, o tla bo o intatotse makgetlo a le mararo.’

Fa masole a isa Jesu kwa ntlong ya ga Kaiafase, baaposetoloi ba bangwe ba ile ba tshaba. Mme ba babedi ba ne ba mo sala morago. Mongwe wa bone e ne e le Petere. O ne a ya kwa ntlong ya ga Kaiafase mme a ya go ikomosa mo molelong. Fa a le koo, mosetsana mongwe wa lelata o ne a leba Petere mme a mo raya a re: ‘Sefatlhego se ke a se itse! O ne o tlhola o tsamaya le Jesu!’

Petere o ne a re: ‘Ga go a nna jalo! Ga ke itse gore o bua ka eng!’ O ne a ya kwa hekeng. Mme mosetsana yo mongwe wa lelata o ne a mmona a bo a raya batho a re: ‘Monna yo o ne a tlhola a na le Jesu!’ Petere o ne a re: ‘Ga ke itse le gore Jesu ke mang!’ Monna mongwe o ne a re: ‘O mongwe wa ditsala tsa gagwe! O utlwala ka lentswe gore o motho wa kwa Galalea fela jaaka Jesu.’ Petere o ne a rogana a bo a re: ‘Ga ke itse gore Jesu ke mang!’

Ka yone nako eo, mokoko o ne a wa lela. Petere o ne a bona Jesu a mo lebile. O ne a gopola mafoko a ga Jesu mme a tswela kwa ntle a ya go lela botlhoko.

Kgotla ya Sanehederine e ne e kopane go tla go sekisetsa Jesu mo ntlong ya ga kgosi Kaiafase. Ba ne ba setse ba dirile tshwetso ya gore a bolawe mme ba batla mabaka a go mo latofatsa. Mme go ne go se na sepe se ba ka mo latofatsang ka sone. Kaiafase o ne a botsa Jesu a re: ‘A o Morwa Modimo?’ Jesu o ne a re: ‘Ee ke ene.’ Kaiafase o ne a re: ‘Ke yoo o buile ka molomo wa gagwe. O tlhapaditse Modimo!’ Kgotla e ne ya re: ‘A monna yono a bolawe.’ Batho ba ne ba mo kgwela mathe, ba mo kaba matlho mme ba mo itaya ba ntse ba re: ‘Fa e le gore o moporofeti, re bolelele gore ke mang yo o go iteileng!’

Mo mosong ba ne ba isa Jesu kwa holong ya kgotla ya Sanehederine mme ba mmotsa ba re: ‘A o Morwa Modimo?’ Jesu o ne a re: ‘Ke lona lo reng jalo.’ Go tswa foo, ba ne ba mmona molato wa gore o tlhapaditse Modimo mme ba mo isa kwa ntlong ya ga kgosi Ponto Pilato yo e neng e le mmusi wa Roma. Go ile ga diragalang morago ga moo? A re boneng.

“Nako e etla . . . e mo go yone mongwe le mongwe wa lona a tla tshabelang kwa ntlong ya gagwe mme lo tla ntlogela ke le nosi. Le fa go ntse jalo, ga ke nosi ka gonne Rara o na le nna.”​—Johane 16:32

Dipotso: Go ile ga diragalang kwa ntlong ya ga kgosi Kaiafase? Goreng kgotla e ile ya ntsha katlholo ya gore Jesu a bolawe?

Mathaio 26:31-35, 57–27:2; Mareko 14:27-31, 53–15:1; Luke 22:55-71; Johane 13:36-38; 18:15-18, 25-28

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela