LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 90 ts. 210
  • Jesu o Swela Kwa Gologotha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Swela Kwa Gologotha
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pilato le Herode ga ba Bone Jesu Molato
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Tswa kwa go Pilatwe go Ya kwa go Herode le go Boela kwa go Ene Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Tswa kwa go Pilatwe O Ya kwa go Herode A bo A Boela kwa go Ene Gape
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ponto Pilato E ne E le Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 90 ts. 210
Lesole lengwe le barutwa bangwe ba ga Jesu go akaretsa Marea le Johane ba lebile Jesu a pegilwe mo koteng

THUTO 90

Jesu o Swela Kwa Gologotha

Baperesiti ba bagolo ba ne ba isa Jesu kwa go Pilato. Pilato o ne a ba botsa a re: ‘Lwa re monna yono o dirileng se se phoso?’ Ba ne ba re: ‘O raya batho a re ke kgosi.’ Pilato o ne a botsa Jesu a re: ‘A o Kgosi ya Bajuda?’ Jesu o ne a mo araba a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.”

Go tswa foo, Pilato o ne a romela Jesu kwa kgosing ya Galalea e bong Herode gore a mmotse dipotso. Herode ga a ka a bona sepe se se phoso se go tweng Jesu o se dirile. O ne a mmusetsa kwa go Pilato. Pilato o ne a raya batho bao a re: ‘Nna le Herode ga re bone sepe se se phoso se monna yono a se dirileng. Ke tla mo golola.’ Batho ba ne ba goa ba re: ‘A a bolawe! A a bolawe!’ Masole a ne a itaya Jesu ka seme, a mo kgwela mathe le go mo itaya ka mabole. Ba ne ba mo rwesa serwalo sa mmitlwa ba bo ba mo sotla ba re: ‘Dumela wena Kgosi ya Bajuda.’ Pilato o ne a raya batho gape a re: ‘Monna yono ga a dira sepe se se phoso.’ Ba ne ba goa ba re: ‘A a bapolwe!’ Pilato o ne a mo golola gore ba mmolaye.

Ba ne ba isa Jesu kwa lefelong le le bidiwang Gologotha mme ba mo kokotela mo koteng. Jesu o ne a rapela a re: ‘Rre, ba itshwarele ka gonne ga ba itse se ba se dirang.’ Batho ba ne ba tshega Jesu ba re: ‘Fa e le gore o Morwa Modimo, fologa mo koteng eo! Ipoloke.’

Mongwe wa banna ba ba neng ba kokotetswe gaufi le Jesu o ne a mo raya a re: “O nkgakologelwe fa o tsena mo Bogosing jwa gago.” Jesu o ne a mo solofetsa a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” Go ne ga nna lefifi le legolo ka diura di le tharo le fa go ne go le motshegare. Ditsala dingwe tsa ga Jesu di ne di le gaufi le kota go akaretsa le mmaagwe Jesu e bong Marea. Jesu o ne a kopa Johane gore a mo tlhokomelele mmaagwe.

Morago Jesu o ne a re: “Go diragaditswe!” O ne a tsenya tlhogo mme a tlhokafala. Ka yone nako eo, lefatshe le ne la roroma. Mme garetene e kgolo e e kwa tempeleng e e kgaoganyang felo ga Boitshepo le felo ga Boitshepo Jwa Maitshepo e ne ya gagoga ka bogare. Mongwe wa masole o ne a re: ‘Ruri monna yono e ne e le Morwa Modimo.’

“Le fa ditsholofetso tsa Modimo di ka nna dintsi jang, di nnile “ee” ka ene.”​—2 Bakorintha 1:20

Dipotso: Goreng Pilato a ile a letla gore Jesu a bolawe? Jesu o ne a bontsha jang gore o amegile thata ka ba bangwe go na le ka se se mo diragalelang?

Mathaio 27:11-14, 22-31, 38-56; Mareko 15:2-5, 12-18, 25, 29-33, 37-39; Luke 23:1-25, 32-49; Johane 18:28–19:30

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela