LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 94 ts. 220-ts. 221 ser. 1
  • Barutwa ba Newa Moya o o Boitshepo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barutwa ba Newa Moya o o Boitshepo
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Letile mo Jerusalema
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • ‘Mo Leineng la Moya O O Boitshepo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Jehofa ke Molaodi wa Rona!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Bontsi Jwa Batho ba Bona Jesu Pele ga Pentekosete
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 94 ts. 220-ts. 221 ser. 1
Batho kwa Jerusalema ba gakgamadiwa ke go utlwa barutwa ba ga Jesu ba bua dipuo tsa bone

THUTO 94

Barutwa ba Newa Moya o o Boitshepo

Malatsi a le lesome fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, o ne a romelela barutwa ba gagwe moya o o boitshepo. Seno se diragetse ka ngwaga wa 33 fa batho ba ne ba tlile kwa Jerusalema go tla go keteka moletlo wa Pentekosete. Barutwa ba ga Jesu ba ka nna 120 ba ne ba kopane mo kamoreng e e kwa godimo mo ntlong nngwe. Go ne ga direga sengwe se se gakgamatsang. Go ne ga bonala selo se e keteng ke molelo mo ditlhogong tsa barutwa mme ba ne ba simolola go bua dipuo tse di farologaneng. Go ne ga utlwala modumo o e keteng ke wa phefo mo ntlong.

Batho ba ba neng ba tlile moletlong kwa Jerusalema ba ne ba utlwa modumo oo mme ba ya go tlhola gore go direga eng. Ba ne ba gakgamala tota fa ba utlwa barutwa ba bua dipuo tse di farologaneng. Ba ne ba re: ‘A batho bano ga ba tswe kwa Galalea? Ba ithutile kae dipuo tsa rona?’

Go tswa foo, Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba ema fa pele ga batho bao. Petere o ne a ba bolelela gore Jesu o bolailwe jang le gore Jehofa o ile a mo tsosa mo baswing. Petere o ne a re: ‘Gone jaanong Jesu o ntse ka fa seatleng sa moja sa Modimo mme o re neile moya o o boitshepo jaaka a ne a re solofeditse. Ke ka moo lo boneng dikgakgamatso tseno di direga.’

Batho ba ne ba amiwa pelo ke mafoko a ga Petere mme ba mmotsa ba re: ‘Re tshwanetse go dira eng?’ O ne a ba raya a re: ‘Tlogelang dilo tse di sa siamang tse lo di dirang mme lo kolobediwe mo leineng la ga Jesu. Le lona o tla lo naya mpho ya moya o o boitshepo.’ Go ile ga kolobediwa batho ba ka nna 3 000 mo letsatsing leo. Go tloga ka nako eo, palo ya barutwa ba ga Jesu kwa Jerusalema e ne ya oketsega thata. Moya o o boitshepo o ne wa thusa baaposetoloi gore ba tlhome diphuthego tse di oketsegileng gore ba kgone go ruta barutwa bano ba basha dilo tsotlhe tse Jesu a ba boleletseng tsone.

“Gonne fa o bolela phatlalatsa ka molomo gore Jesu ke Morena o bo o dumela mo pelong gore Modimo o ne a mo tsosa mo baswing, o tla bolokwa.”​—Baroma 10:9

Dipotso: Go ile ga diragalang ka Pentekosete ya ngwaga wa 33? Goreng go ile ga kolobediwa batho ba bantsi jaana mo letsatsing leo?

Ditiro 1:15; 2:1-42; 4:4; Johane 15:26

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela