LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 105
  • Ba Letile mo Jerusalema

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Letile mo Jerusalema
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barutwa ba Newa Moya o o Boitshepo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Bontsi Jwa Batho ba Bona Jesu Pele ga Pentekosete
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Itlhagisa Labofelo, le Pentekosete 33 C.E.
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Bonala ga Bofelo le Pentekosete ya 33 C.E.
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 105
Diteme tsa molelo di bonala mo godimo ditlhogo tsa barutwa

POLELO 105

Ba Letile mo Jerusalema

BATHO bano ke balatedi ba ga Jesu. Ba utlwile taelo ya gagwe mme ba nna mo Jerusalema. Mme fa botlhe ba ntse ba letile, go utlwala modumo o mogolo o tlala mo ntlong yotlhe. O utlwala jaaka phefo e e maatla e e fokang. Go tswa foo, diteme tsa molelo di simolola go bonala mo ditlhogong tsa barutwa bano. A o bona molelo mo tlhogong ya mongwe le mongwe wa bone? Seno se kaya eng?

Ke kgakgamatso! Jesu o boetse kwa legodimong o na le Rraagwe, mme o tshololela moya wa Modimo o o boitshepo mo balateding ba gagwe. A o itse gore moya ono o ba thusa go dira eng? Botlhe ba simolola go bua ka dipuo tse di farologaneng.

Batho ba le bantsi mo Jerusalema ba utlwa modumo ono o e keteng wa phefo e e maatla, mme ba tla go bona se se diragalang. Bangwe ba batho bano ba tswa kwa ditšhabeng tse dingwe tse di tlileng mono mo moletlong wa Baiseraele wa Pentekosete. Ruri baeti bano ba gakgametse! Ba utlwa barutwa ba bua ka dipuo tsa bone ka ga dilo tse di gakgamatsang tse Modimo a di dirileng.

Baeti bano ba re: ‘Batho bano botlhe ba tswa mo Galalea. Go tla jang gore ba bo ba kgona go bua dipuo tse di farologaneng tsa dinaga tse re tswang kwa go tsone?’

Jaanong Petere o a ema mme o a ba tlhalosetsa. O tlhatlosetsa lentswe la gagwe kwa godimo a bo a bolelela batho kafa Jesu a neng a bolawa ka gone le gore Jehofa o ne a mo tsosa mo baswing. Petere o ba raya a re: ‘Jaanong Jesu o kwa legodimong ka fa seatleng sa moja sa Modimo. Mme o sa tswa go tsholola moya o o boitshepo o o neng o solofeditswe. Ke ka lebaka leo lo boneng le go utlwa dikgakgamatso tseno.’

Ka gone, fa Petere a bua dilo tseno, batho ba le bantsi ba hutsafadiwa ke se Jesu a se dirilweng. Ba mmotsa jaana: ‘Re tshwanetse go dira eng?’ Petere o ba raya a re: ‘Lo tshwanetse go fetola matshelo a lona mme lo kolobediwe.’ Ka jalo, mo go lone letsatsi leo go kolobediwa batho ba ka nna 3 000 mme ba nna balatedi ba ga Jesu.

Ditiro 2:1-47.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela