Kgaolo 131
Go Bonala ga Bofelo le Pentekosete ya 33 C.E.
KA NAKO nngwe Jesu o rulaganya gore baaposetoloi botlhe ba gagwe ba ba 11 ba ye go kopana le ene kwa thabeng kwa Galilea. Go lebega barutwa ba bangwe le bone ba boleletswe ka pokano eno, mme go phuthega batho ba ba fetang 500. Abo seno se itshupa e le kopano e e itumedisang jang ne fa Jesu a tlhaga mme a bo a simolola go ba ruta!
Gareng ga dilo tse dingwe, Jesu o tlhalosetsa boidiidi jo bogolo joo jwa batho gore Modimo o mo neile taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng. “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa,” o ba laya jalo, “lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”
A ko o akanye fela! Banna, basadi, le bana botlhe ba newa tiro eno e e tshwanang ya go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa. Baganetsi ba tla leka go ba thibela go rera le go ruta, mme Jesu o ba gomotsa jaana: “Bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” Jesu o nna le balatedi ba gagwe ka moya o o boitshepo, go ba thusa go diragatsa bodihedi jwa bone.
Lobaka lotlhe lo Jesu o iponatsang mo barutweng ba gagwe gore o a tshela ka lone ke malatsi a le 40 morago ga go tsoga ga gagwe mo baswing. Fa a ntse a itlhagisa jaana, o ba ruta kaga Bogosi jwa Modimo, mme o gatelela seo maikarabelo a bone e leng sone jaaka barutwa ba gagwe. Ka nako nngwe o bonala le mo go morwarraagwe wa ga mmaagwe ebong Jakobe a bo a tlhatswa pelo motho yono yoo ka nako nngwe a neng a sa dumele gore eleruri ke Ene Keresete.
Fa baaposetoloi ba santse ba le kwa Galilea, go lebega Jesu a ba laela gore ba boele kwa Jerusalema. Fa a kopana le bone koo, o ba raya a re: ‘Lo se ka lwa tloga mo Jerusalema, me lo lebelele polelo ya tsholofetso ya ga Rara, eo lo e utlwileng mo go nna; Gonne eleruri Johane o ne a kolobetsa ka metsi, me e tla re malatsi a ise a nne mantsi morago ga seno, lona lo tla kolobediwa ka Moya o o Boitshepo.’
Jesu o kopana le baaposetoloi ba gagwe gape moragonyana a bo a ba etelela pele go tswa mo motseng oo go ya go fitlha kwa Bethania, eo e leng kafa phataneng e e kafa botlhaba ya Thota ya Motlhware. Se se gakgamatsang ke gore, go sa kgathalesege sengwe le sengwe se a se buileng kaga gore o tla tloga a ya kwa legodimong, ba santse ba dumela gore Bogosi jwa gagwe bo tla tlhomiwa mo lefatsheng. Ka jalo ba botsa jaana: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?”
Go na le gore a leke gape go siamisa tsela e e phoso e ba akanyang ka yone, Jesu o araba fela ka go re: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseñ mo thateñ ea gagwè.” Go tswa foo, o gatelela gape tiro e ba tshwanetseng go e dira, a re: “E tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”
Fa ba santse ba lebile jalo, Jesu o simolola go tlhatlogela kwa legodimong, mme leru le mo sira mo ba sa tlholeng ba mmona. Fa a sena go tswa mo mmeleng wa gagwe wa senama, o tlhatlogela kwa legodimong jaaka motho wa semoya. Fa ba ba 11 ba ntse ba lebile kwa legodimong, banna bangwe ba ba 2 ba ba apereng diaparo tse ditshweu ba ema fa go bone. Baengele ba ba leng mo mebeleng ya batho bano ba botsa jaana: “Lona banna ba Galilea, lo emetseñ lo lebile kwa loapiñ? Yesu eo, eo o choleledicweñ kwa legodimoñ a cwa mo go lona, o tla tla yalo hèla, yaka lo mmonye a ea kwa legodimoñ.”
Jesu ga a ka a tloga mo lefatsheng a lelediwa diletso le megolokwane ke batho mme o ne a bonwa ke balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang fela. Ka jalo o tla boa ka mokgwa o o tshwanang—kwantle ga go lelediwa diletso le megolokwane ke batho mme e tla nna balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang fela ba ba tla lemogang gore o setse a boile le gore o simolotse go nna gone ga gagwe a le mo maemong a Bogosi.
Jaanong baaposetoloi ba fologa Thota ya Motlhware, ba kgabaganya Mokgatšha wa Kiderone, ba bo ba tsena mo Jerusalema gape. Ba nna koo ba dira jaaka Jesu a laotse. Malatsi a le lesome morago ga foo, fa ba le mo Moletlong wa Sejuda wa Pentekosete ka 33 C.E., fa barutwa ba ba ka nnang 120 ba kopane mo kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema, ntlo yotlhe e tlala modumo o o tshwanang le wa sefefo se segolo ka tshoganetso fela. Go bonala diteme tse di ntseng jaaka molelo, mongwe le mongwe wa bone o kotangwa mo godimo ke le le lengwe fela, mme barutwa botlhe ba simolola go bua ka dipuo tse di farologaneng. Seno ke go tshologa ga moya o o boitshepo moo Jesu a neng a go solofeditse! Mathaio 28:16-20; Luke 24:49-52; 1 Bakorintha 15:5-7; Ditihō 1:3-15; 2:1-4.
▪ Jesu o naya bomang ditaolo kwa thabeng nngwe ya Galilea, mme ditaolo tseno ke dife?
▪ Jesu o gomotsa barutwa ba gagwe jang, mme o tla nna a ntse le bone ka tsela efe?
▪ Jesu o bonala mo barutweng ba gagwe ka lobaka lo lo kana kang morago ga go tsosiwa ga gagwe mo baswing, mme o ba ruta kaga eng?
▪ Jesu o bonala mo mothong ofe yoo go bonalang a ne a ise a nne morutwa pele ga Jesu a swa?
▪ Jesu o nna le dipokano dife tse pedi tsa bofelo le baaposetoloi ba gagwe, mme go diragala eng mo makgetlong ano?
▪ Jesu o tla boa jang ka tsela e e tshwanang le eo a tlileng ka yone?
▪ Go diragala eng ka Pentekosete ya 33 C.E.?