LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 93 ts. 216-ts. 217 ser. 5
  • Jesu o Boela Kwa Legodimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Boela Kwa Legodimong
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bontsi Jwa Batho ba Bona Jesu Pele ga Pentekosete
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Itlhagisa Labofelo, le Pentekosete 33 C.E.
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Bonala ga Bofelo le Pentekosete ya 33 C.E.
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Mo Thabeng ya Lotlhware
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 93 ts. 216-ts. 217 ser. 5
Jesu a tlhatlogela kwa legodimong mme barutwa ba gagwe ba mo lebile

THUTO 93

Jesu o Boela Kwa Legodimong

Jesu o ne a kopana le barutwa ba gagwe kwa Galalea. O ne a ba naya taelo ya botlhokwa e e reng: ‘Tsamayang lo ye go rerela batho ba lefatshe lotlhe. Ba ruteng dilo tse ke di lo rutileng lo bo lo ba kolobetsa.’ Go tswa foo, o ne a ba tshepisa jaana: ‘Gopolang gore ke tla nna ke na le lona.’

Mo malatsing a le 40 Jesu a tsositswe, o ne a bonwa ke barutwa ba gagwe ba le bantsi kwa Galalea le kwa Jerusalema. O ne a ba ruta dilo tsa botlhokwa a bo a dira dikgakgamatso di le dintsi. Go tswa foo, Jesu o ne a kopana le barutwa ba gagwe lekgetlo la bofelo kwa Thabeng ya Lotlhware. O ne a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa tswa mo Jerusalema. Nnang lo letetse se Rara a se lo solofeditseng.’

Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba sa mo tlhaloganye. Ba ne ba mmotsa ba re: ‘A jaanong o ya go nna Kgosi ya Iseraele?’ Jesu o ne a ba raya a re: ‘Ga e ise e nne nako ya gore Jehofa a ntire Kgosi. Lo tla amogela maatla a moya o o boitshepo mme lo tla bolelela batho ka nna. Tsamayang lo ye go rera kwa Jerusalema, Judea, Samarea le kwa mafelong a a kgakala.’

Go tswa foo, Jesu o ne a tlhatlosediwa kwa legodimong mme leru la mo khurumetsa. Barutwa ba gagwe ba ne ba lebile kwa godimo mme Jesu o ne a nyelela.

Ba ne ba fologa Thaba ya Lotlhware mme ba ya kwa Jerusalema. Ba ne ba tlhola ba kopana mo kamoreng e e kwa godimo e bile ba rapela mo go yone. Ba ne ba letetse Jesu gore a ba neye ditaelo tse dingwe.

“Dikgang tseno tse di molemo tsa Bogosi di tla rerelwa batho ba ba mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe, mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”​—Mathaio 24:14

Dipotso: Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re ba sale ba dira eng? Go ile ga diragalang kwa Thabeng ya Lotlhware?

Mathaio 28:16-20; Luke 24:49-53; Johane 20:30, 31; Ditiro 1:2-14; 1 Bakorintha 15:3-6

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela