Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Itlhagisa Labofelo, le Pentekosete 33 C.E.
KA NAKO nngwe Jesu o rulaganya gore baaposetoloi botlhe ba gagwe ba ba 11 ba ye go kopana le ene kwa thabeng kwa Galilea. Go lebega barutwa ba bangwe le bone ba boleletswe ka kokoano eno, mme go phuthega batho ba ba fetang 500. Abo seno se itshupa e le kokoano e e itumedisang jang ne fa Jesu a tlhaga mme a simolola go ba ruta!
Gareng ga tse dingwe, Jesu o tlhalosetsa boidiidi jo bogolo joo jwa batho gore Modimo o mo neile taolo kwa legodimong le mo lefatsheng. “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”
Akanya fela ka seo! Banna, basadi, le bana botlhe ba newa tiro e e tshwanang ya go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa. Baganetsi ba tla leka go ba thibela go rera le go ruta, mme Jesu o ba gomotsa jaana: “Bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” Jesu o nna le balatedi ba gagwe ka moya o o boitshepo, go ba thusa go dira bodihedi jwa bone.
Jesu o itlhagisa mo barutweng ba gagwe gore o a tshela ka lobaka lwa malatsi a le 40 morago ga tsogo ya gagwe. Fa a ntse a itlhagisa jaana, o ba ruta kaga Bogosi jwa Modimo, mme o gatelela maikarabelo ao barutwa ba gagwe ba nang nao. Ka nako nngwe o itlhagisa le mo go morwarraagwe wa ga mmaagwe ebong Jakobe mme o tlhatswa yono yoo ka nako nngwe a neng a sa dumele pele gore eleruri ke Ene Keresete.
Fa baaposetoloi ba santse ba le kwa Galilea, go lebega Jesu a ba laela gore ba boele kwa Jerusalema. Fa a kopana le bone koo, o ba raya a re: ‘Lo se ka lwa tswa mo Jerusalema, me lo lebelele polelo ya tsholofetso ya ga Rara, e lo reng, lo e utlwile mo go nna: Gonne le gale Johane o ne a kolobetsa ka metsi; me e tla re malatsi a ise a nne mantsi, lona lo tla kolobediwa ka Moya o o Boitshepo.’
Jesu o kopana le baaposetoloi ba gagwe gape moragonyana mme o ba etelela pele go tswa mo motseng o ba boela kwa Bethania, eo e leng kafa mokgokoloseng o o kafa botlhaba wa Thota ya Motlhware. Se se gakgamatsang ke gore lemororo a ba boleletse gore o tla tloga a ya kwa legodimong, ba santse ba dumela gore Bogosi jwa gagwe bo tla tlhomiwa mo lefatsheng. Ka jalo ba botsa jaana: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?”
Go na le gore a leke gape go siamisa tsela e e phoso e ba akanyang ka yone, Jesu o araba fela jaana: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseñ mo thateñ ea gagwè.” Morago o bolela jaana a gatelela gape tiro e ba tshwanetseng go e dira: “Me e tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yeusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”
Fa ba santse ba lebile jalo, Jesu o simolola go tlhatlogela kwa legodimong, mme leru le mo sira gore ba se ka ba tlhola ba mmona. Fa a sena go tswa mo mmeleng wa gagwe wa senama, o tlhatlogela kwa legodimong jaaka motho wa semoya. Fa ba ba 11 ba ntse ba lebile kwa legodimong, banna bangwe ba ba 2 ba ba apereng diaparo tse ditshweu ba ema fa go bone. Baengele ba ba leng mo mebeleng ya batho bano ba botsa jaana: “Lona banna ba Galilea, lo emetseñ lo lebile kwa loapiñ? Yesu eo, eo o choleleditsweñ kwa legodimoñ a cwa mo go lona, o tla tla yalo hèla, yaka lo mmonye a ea kwa legodimoñ.”
Jesu ga a ka a tloga mo lefatsheng a lelediwa diletso le megolokwane mme o ne a bonwa ke balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang fela. Ka jalo o tla boa ka mokgwa o o tshwanang—kwantle ga diletso le megolokwane mme balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ke bone fela ba tla lemogang gore o setse a boile le gore o simolotse go busa mo Bogosing jwa gagwe a sa bonale.
Baaposetoloi ba fologa Thota ya Motlhware, ba kgabaganya Mokgatšha wa Kiderone, ba bo ba boela kwa Jerusalema gape. Ba nna koo go latela taolo ya ga Jesu. Malatsi a le lesome morago ga foo, fa ba le Moletlong wa Pentekosete ka 33 C.E., fa barutwa ba ba ka nnang 120 ba kokoane mo kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema, ntlo e tlala modumo o o jaaka wa sefefo se segolo ka bonakonyana fela. Go bonala diteme tse di jaaka tsa molelo, mme e le nngwe e nna mo godimo ga mongwe le mongwe wa bone, mme barutwa botlhe ba simolola go bua ka dipuo tse di farologaneng. Seno ke fa moya o o boitshepo oo Jesu a neng a o solofeditse o ne o tshololwa! Mathaio 28:16-20; Luke 24: 49-52; 1 Bakorintha 15:5-7; Ditihō 1:3-15; 2:1-4.
◆ Jesu o naya bomang ditaolo kwa thabeng ya Galilea, mme ditaolo tseno ke dife?
◆ Jesu o gomotsa barutwa ba gagwe jang, mme o tla nna a ntse le bone ka tsela efe?
◆ Jesu o ne a itlhagisa mo barutweng ba gagwe ka lobaka lo lo kana kang, mme o ba ruta kaga eng?
◆ Jesu o itlhagisa mo mothong ofe yoo go bonalang a ne a ise a nne morutwa pele Jesu a swa?
◆ Jesu o nna le dikokoano dife tse pedi tsa bofelo le barutwa ba gagwe, mme go diragala eng mo makgetlong ano?
◆ Jesu o tla boa jang ka mokgwa o o tshwanang le oo a tlileng ka one?
◆ Go diragala eng ka Pentekosete 33 C.E.?