LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 97 ts. 226-ts. 227 ser. 2
  • Korenelio o Newa Moya o o Boitshepo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Korenelio o Newa Moya o o Boitshepo
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Petere o Etela Korenelio
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • “Modimo Ga a Na Tlhaolele”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Modimo Ga a Na Tlhaolele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Jehofa “Ga a Na Tlhaolele”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 97 ts. 226-ts. 227 ser. 2
Korenelio a amogela Petere mo legaeng la gagwe

THUTO 97

Korenelio o Newa Moya o o Boitshepo

Kwa Kaesarea, go ne go na le mookamedi mongwe wa masole a Roma yo o neng a bidiwa Korenelio. Bajuda ba ne ba mo tlotla le fa e ne e se Mojuda. O ne a thusa batho ba ba humanegileng. Korenelio o ne a dumela mo go Jehofa e bile a mo rapela ka metlha. Letsatsi lengwe moengele o ne a tla kwa go Korenelio a bo a mo raya a re: ‘Modimo o utlwile dithapelo tsa gago. Jaanong romela banna gore ba ye kwa Jopa ba ye go tla le Petere.’ Ka bonako fela, Korenelio o ne a romela banna ba le bararo go ya koo.

Ka yone nako eo, Petere o ne a lora diphologolo tse Modimo a neng a re Bajuda ba se ka ba di ja. Mme o ne a utlwa lentswe le mo raya le re a di je. Petere o ne a gana mme a re: ‘Ga ke ise ke tsamaye ke je diphologolo tse di leswe.’ Lentswe leo le ne la re: ‘O se ka wa re diphologolo tseno di leswe. Modimo o di dirile phepa.’ Gape lentswe le ne la raya Petere le re: ‘Go na le banna ba bararo ba ba emeng mo kgorong. Tsamaya le bone.’ Petere o ne a bula kgoro mme a botsa banna bao gore ba batla eng. Ba ne ba mo raya ba re: ‘Re romilwe ke mookamedi wa masole a Roma e bong Korenelio. O kopile gore o tle kwa ntlong ya gagwe kwa Kaesarea.’ Petere o ne a ba kopa gore ba se ka ba tsamaya. Mo mosong wa letsatsi le le latelang, ene le bakaulengwe bangwe ba kwa Jopa ba ne ba tsamaya le banna bao go ya kwa Kaesarea.

Korenelio o ne a khubama fa a bona Petere. Petere o ne a mo raya a re: ‘Se dire jalo! Le nna ke motlhanka wa Modimo fela jaaka wena. Modimo o nthometse mo go wena le fa gone Bajuda ba sa tshwanela go tsena mo matlong a batho ba e seng Bajuda. Ke kopa o mpolelele gore o ne o tlhoka gore ke go direle eng.’

Korenelio o ne a raya Petere a re: ‘Malatsi a le manê a a fetileng fa ke ne ke rapela, moengele wa Modimo o ne a mpolelela gore ke romele banna ba ye go tla le wena. Tsweetswee re rute ka Jehofa.’ Petere o ne a re: ‘Jaanong ke a bona gore Modimo ga a tlhaole batho. O amogela mongwe le mongwe yo o batlang go mo obamela.’ Petere o ne a ba ruta dilo di le dintsi ka Jesu. Go tswa foo, Korenelio le ba lelapa la gagwe ba ne ba amogela moya o o boitshepo mme ba kolobediwa.

“Mme [Modimo] o amogela motho mongwe le mongwe yo o tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe yo o mmoifang e bile a dira se se siameng.”​—Ditiro 10:35

Dipotso: Ke eng fa Petere a ile a gana go ja diphologolo tse di leswe? Goreng Jehofa a ile a raya Petere a re a ye kwa ntlong ya motho yo e seng Mojuda?

Ditiro 10:1-48

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela