Matseno a Karolo 4
Karolo eno e bua ka Josefa, Jobe, Moshe le Baiseraele. Botlhe ba ne ba itshokela go bogisiwa ke Diabolo. Bangwe ba bone ba ne ba sa tshwarwe sentle, ba tsenngwa mo kgolegelong, ba nna makgoba le go bolawa. Mme Jehofa o ne a ba sireletsa ka ditsela tse di farologaneng. Fa e le gore o motsadi, thusa bana ba gago go bona gore batlhanka bao ba ga Jehofa ba ile ba kgona jang go tswelela ba na le tumelo le fa ba ne ba bogisiwa.
Jehofa o ne a dirisa Dipetso Tse di Lesome go bontsha gore o maatla thata go gaisa medimo ya Egepeto. Ba bontshe gore Jehofa o ne a sireletsa batho ba gagwe jang mo nakong e e fetileng le gore o ba sireletsa jang gompieno.