Matseno a Karolo 11
Kgaolo eno e bua ka Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Jesu o tsholetswe mo lelapeng le le humanegileng le le neng le nna mo toropong e nnye. O ne a dira le rraagwe wa mmetli. Jesu ke ene a neng a tla boloka batho. Jehofa o ne a tlhophile ene gore e nne Kgosi ya Bogosi jwa kwa legodimong. Fa e le gore o motsadi, thusa ngwana wa gago go bona gore Jehofa o ne a tlhopha jang lelapa le lefelo le Jesu a neng a tla golela mo go lone. Sekaseka kafa Jehofa a ileng a sireletsa Jesu ka gone gore Herode a se ka a mmolaya le kafa a ka se palelweng ke go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka gone. Bona gore Jehofa o ne a tlhopha Johane jang go baakanyetsa Jesu go tshela mo lefatsheng. Gatelela ntlha ya gore Jesu o ne a bontsha jang gore o rata botlhale jwa ga Jehofa go tloga fa a sa ntse a le monnye.