Matseno a Karolo 13
Jesu o tlile mo lefatsheng gore a swele baleofi. Le fa a ile a swa, o ne a fentse lefatshe. Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ka go tsosa Jesu mo baswing. Jesu o ne a le boikokobetso, a thusa batho ba bangwe e bile a itshwarela ba ba mo direlang diphoso. O ne a dira jalo go fitlha a swa. Fa a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a ya go bonala mo barutweng ba gagwe. O ne a ba ruta gore ba dire jang tiro ya botlhokwa e a neng a ba neile yone. Fa e le gore o na le bana, ba thuse go lemoga gore tiro eo e sa ntse e dirwa le gompieno.