Matseno a Karolo 6
Fa Baiseraele ba fitlha kwa lefatsheng le Modimo a neng a ba solofeditse lone, ba ne ba obamela Modimo mo motlaaganeng. Baperesiti ba ne ba ruta batho Molao wa Modimo mme baatlhodi ba ne ba kaela setšhaba. Karolo eno e bontsha kafa ditshwetso le ditiro tsa rona di amang batho ba bangwe ka gone. Go ne go na le dilo tse Jehofa a neng a lebeletse gore Moiseraele mongwe le mongwe a di dire le go di direla moagelani wa gagwe. Tlhalosa kafa ditshwetso tsa ga Debora, Naomi, Joshua, Hana, morwadie Jefetha le Samuele di ileng tsa ama ba bangwe ka gone. Gatelela ntlha ya gore batho ba e neng e se Baiseraele ba ba jaaka Rahabe, Ruthe, Jaele le Bagibeone ba ile ba obamela Modimo ka gonne ba itse gore ke ene a thusang Baiseraele.