PINA 16
Bakang Jah ka Morwawe yo o Tloditsweng
1. Jah o tloditse Morwawe
Go busa batho botlhe.
O busa ka tshiamiso gore,
Thato’a Modimo e dirwe
(KHORASE)
Bakang Jah o tloditse Kreste.
Bakang Jesu lona dinku.
Ba ba’ikanyegang mo go ene ba
reetsa ditaelo tsa ’gwe.
Bakang Jah o tloditse Kreste,
Ke Mmusi kwa legodimong,
O tloditswe ke Jehofa Mmopi,
Go tlotla leina la ’Gwe.
2. Batlodiwa ba tla busa
Le Kreste mo Bogosing.
Ba nna karolo ya Bogosi
Jo bo tlisang Paradaise.
(KHORASE)
Bakang Jah o tloditse Kreste.
Bakang Jesu lona dinku.
Ba ba’ikanyegang mo go ene ba
reetsa ditaelo tsa ’gwe.
Bakang Jah o tloditse Kreste,
Ke Mmusi kwa legodimong,
O tloditswe ke Jehofa Mmopi,
Go tlotla leina la ’Gwe.
(Bona le Dia. 29:4; Isa. 66:7, 8; Joh. 10:4; Tshen. 5:9, 10.)