PINA 59
Bakang Jah le Nna
E e Gatisitsweng
1. Bakang Mmopi;
Ka dipina!
Ka gonne o re file botshelo.
A re mmakeng,
Nako tsotlhe.
O lorato gape o mogolo.
Re tla baka leina la gagwe.
2. Bakang Mmopi;
Motlamedi.
Wa re utlwa fa re mo rapela.
O nonotsha
Ba bokoa;
O thusa botlhe ba ba boikobo.
Re tla mmaka gonne a le maatla.
3. Bakang Mmopi;
O tshiamo.
Ka metlha o re naya kgomotso.
O tla tlosa
Matshwenyego.
Mme a tlisetse batho masego.
A re mmakeng ka boitumelo!
(Bona le Pes. 94:18, 19; 145:21; 147:1; 150:2; Dit. 17:25.)