PINA 68
Go Jala Peo ya Bogosi
E e Gatisitsweng
1. Tlang mo tirong ya Mong wa rona,
Mo ikobeleng ka metlha.
O solofetsa go lo thusa;
Le go lo kaela tsela.
Batho ba ba dipelo di siameng
Ba amogela molaetsa.
A re lweleng go dira ka bojotlhe
Mo tirong eno ya go jala.
2. Gore re kgone go atlega,
Re tlhoka go tlhagafala.
Ba ba amogelang molaetsa
Ba tlhoka thuso ya rona.
Re ba thuse gore ba itshoke
Fa ba tlelwa ke diteko.
Fa o bona ba dira diphetogo,
O tla nna le boitumelo.
(Bona le Math. 13:19-23; 22:37.)