KGAOLO 5
‘Bona Dilo Tse di Bosula, Tse di Makgapha Tse ba di Dirang’
SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Bajuda ba obamela medingwana e bile ba itshwara ka tsela e e sa siamang
1-3. Jehofa o ne a batla gore Esekiele a bone eng kwa tempeleng e e kwa Jerusalema, mme ka ntlha yang? (Bona setshwantsho se se mo tshimologong ya Karolo 2.)
RRAAGWE Esekiele e ne e le moperesiti. Ka jalo, Esekiele o ne a itse Molao wa ga Moshe sentle. Gape o ne a itse tempele ya kwa Jerusalema le gore batho ba tshwanetse go obamela Jehofa jang fa ba le mo go yone. (Esek. 1:3; Mal. 2:7) Mmaane jong, se se neng se direga kwa tempeleng ya ga Jehofa ka 612 B.C.E., se ne se ka gakgamatsa Mojuda mongwe le mongwe yo o ikanyegang go akaretsa le Esekiele.
2 Jehofa o ne a batla gore Esekiele a bone dilo tse di maswe tse di neng di dirwa kwa tempeleng le gore a bolelele “bagolwane ba Juda” ba ba kwa botshwarwa se a se boneng. (Bala Esekiele 8:1-4; Esek. 11:24, 25; 20:1-3) Esekiele o ne a le kwa ntlong ya gagwe kwa Tele-abibe gaufi le noka ya Kebare kwa Babelona kgakala le Jerusalema. Jehofa o ile a dirisa moya o o boitshepo go mmontsha se se neng se direga kwa Jerusalema ka ponatshegelo. Mo ponatshegelong eo, Jehofa o ne a dira gore Esekiele a bone dilo tse di neng di direga kwa tempeleng. O ne a simolola kwa kgorong e e kwa bokone ya lolwapa lo lo ka fa teng ga tempele. Go tswa foo, o ne a dira gore a bone dilo tse dingwe gape tse di neng di direga mo tempeleng.
3 Esekiele o ne a bona dilo di le nnê tse di tsitsibanyang mmele tse di bontshang gore batho ga ba tlhole ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Goreng batho ba ne ba sa tlhole ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang? Mme ponatshegelo eno e re thusa jang? Mma re tlotle ka dilo tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong. Pele re dira jalo, re tlhoka go itse gore Jehofa o batla gore batho ba mo obamele jang.
“Ke Modimo yo o Batlang Gore Batho ba Nkobamele ke le Esi”
4. Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba dire eng?
4 Dingwaga di ka nna 900 pele ga motlha wa ga Esekiele, Jehofa o ile a tlhalosa a sa potapote gore o batla go obamelwa jang. Mo molaong wa bobedi mo Melaong e e Lesome, o ne a raya Baiseraele a re:a “Nna Jehofa, Modimo wa gago, ke Modimo yo o batlang gore batho ba nkobamele ke le esi.” (Ekes. 20:5) Fa a ne a re o batla go obamelwa a le esi, o ne a raya gore batho ba gagwe ga ba a tshwanela go obamela medimo epe e mengwe. Mo Kgaolo 2, re ile ra ithuta gore re tshwanetse go obamela Jehofa fela. Jehofa o tshwanetse go nna botlhokwa thata mo go rona go feta sengwe le sengwe (Ekes. 20:3) Ka mafoko a mangwe, Jehofa ga a batle gore re mo obamele mme ka fa letlhakoreng le lengwe re obamela medimo e mengwe. Ka 1513 B.C.E., Baiseraele ba ne ba dira kgolagano ya Molao le Jehofa. Fa ba ne ba dira kgolagano eo, ba ne ba dumela gore ba tla obamela Jehofa fela. (Ekes. 24:3-8) Fa Jehofa a dirile kgolagano, o e dirile. Ga a fetoge. Mme o ne a solofetse gore Baiseraele le bone ba dire fela jalo.—Dute. 7:9, 10; 2 Sam. 22:26.
5, 6. Goreng Baiseraele ba ne ba tshwanetse go obamela Jehofa fela?
5 A go ne go utlwala gore Jehofa a batle gore Baiseraele ba obamele ene fela? Ee. Ka gonne ke Modimo Mothatayotlhe le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. Ke ene a neng a ba neile botshelo e bile ke ene a neng a ba thusa gore ba tswelele ba tshela. (Pes. 36:9; Dit. 17:28) Gape Jehofa ke ene a neng a golola Baiseraele fa ba le mo mathateng. Fa a ba naya Melao e e Lesome, o ne a ba raya a re: “Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, kwa lefatsheng la bokgoba.” (Ekes. 20:2) Ruri Baiseraele ba ne ba tshwanetse go obamela Jehofa fela mme ba dira jalo ka pelo yotlhe.
6 Jehofa ga a fetoge. (Mal. 3:6) O sa ntse a batla gore batho ba obamele ene fela. Akanya fela gore o ile a ikutlwa jang fa a bona batho ba dira dilo tse di tsitsibanyang mmele tse a neng a di bontsha Esekiele mo ponatshegelong.
Selo sa Ntlha se Esekiele a Ileng a se Bona: Setshwantsho sa Lefufa
7. (a) Bajuda ba ne ba dira eng kwa kgorong e e kwa bokone ya tempele mme Jehofa o ne a ikutlwa jang ka se ba neng ba se dira? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.) (b) Jehofa o ne a nna lefufa ka tsela efe? (Bona ntlha e e kwa tlase 2.)
7 Bala Esekiele 8:5, 6. Esekiele o tshwanetse a bo a ne a gamaregile tota. Kwa kgorong e e ka fa bokone jwa tempele, Bajuda ba ne ba obamela setshwantsho sengwe. E ka tswa e ne e le kota e e emelang Ashera modingwana wa maaka, o Bakanana ba neng ba re ke mosadi wa ga Baale. Le fa setshwantsho seno e ka tswa e ne e le eng, se se salang ke gore Baiseraele ga ba a ka ba dira se ba neng ba solofeditse Jehofa gore ba tla se dira. Fa Baiseraele ba ne ba obamela setshwantsho seo, ba ne ba galefisa Jehofa e bile ba dira gore a nne lefufa ka gonne ke ene fela yo ba neng ba tshwanetse go mo obamela.b (Dute. 32:16; Esek. 5:13) Kana lefelo leno le le boitshepo la tempele, le ne le na le dingwaga di feta 400 le tsewa e le kwa Jehofa a nnang teng. (1 Dikg. 8:10-13) Ka jalo, se Baiseraele ba neng ba se dira kwa tempeleng, se ne se dira gore Jehofa a “tsamaele kgakala le lefelo la [gagwe] le le boitshepo.”
8. Ponatshegelo ya ga Esekiele ya setshwantsho sa lefufa e ka re thusa jang gompieno?
8 Ponatshegelo e Esekiele a neng a e bona ya setshwantsho sa lefufa, rona e ka re thusa jang? Batho ba Juda ba ba ileng ba tlhanogela Jehofa ba tshwana fela le batho ba bodumedi jwa maaka. Batho ba ba tsenang dikereke, ba re ba obamela Modimo mme Modimo ga a amogele kobamelo ya bone ka gonne ba obamela ditshwantsho. Jehofa ga a fetoge. Ka jalo, fela jaaka dilo tse Bajuda ba neng ba di dira di ne di mo galefisa, dilo tse batho ba ba tsenang dikereke ba di dirang, le tsone di a mo galefisa. (Jak. 1:17) Eleruri, Jehofa o tsamaela kgakala le bodumedi jwa maaka!
9, 10. Re ka ithuta eng mo go se se neng se direga kwa tempeleng?
9 Re ka ithuta eng mo bathong ba Juda ba ba ileng ba tlhanogela Jehofa? Fa re batla go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, ga re a tshwanela go obamela medingwana. (1 Bakor. 10:14) O ka nna o a re, ‘Nka se dirise ditshwantsho fa ke obamela Jehofa.’ Mme go obamela medingwana ga go reye fela go obamela ditshwantsho. Motho a ka obamela medingwana a sa lemoge. Buka nngwe e a re: “Fa re tsaya sepe fela se le botlhokwa go feta go obamela Modimo, e ka tswa e le go nna le madi kgotsa taolo, go tshwana fela le fa re obamela medingwana.” Ka jalo, fa sengwe se le botlhokwa thata mo go rona go feta go obamela Jehofa, e ka tswa e le dikhumo, madi, tlhakanelodikobo kgotsa boitlosobodutu, tota re a bo re obamela selo seo. (Math. 6:19-21, 24; Baef. 5:5; Bakol. 3:5) Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra obamela medingwana ka gonne re tshwanetse go obamela Jehofa fela.—1 Joh. 5:21.
10 Selo sa ntlha se Esekiele a neng a se bona mo ponatshegelong eno, e ne e le “dilo tse di makgapha, tse di maswe.” Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a mo raya a re: “O tla bona dilo tse di makgapha, tse di maswe thata go feta tseno.” Ke eng se se ka tswang se le maswe go feta go obamela setshwantsho?
Selo sa Bobedi se Esekiele a Ileng a se Bona: Bagolwane ba le 70 ba ba Isetsang Medimo ya Maaka Maswalo
11. Esekiele o ne a bona dilo dife tse di tsitsibanyang mmele fa a sena go tsena mo lolwapeng lo lo kwa teng lwa tempele?
11 Bala Esekiele 8:7-12. Mo ponatshegelong eno, Esekiele o ne a phunya lobota lwa lolwapa lo lo ka fa teng ga tempele gore a kgone go tsena. Fa a sena go tsena, mo loboteng loo o ne a bona ditshwantsho tsa mefuta yotlhe tsa “dilo tse di gagabang le diphologolo tse di ilegang le medingwana yotlhe e e ferosang sebete.”c Ditshwantsho tseo di ne di emela medimo ya maaka. Esekiele o ne a bona sengwe se se tsitsibanyang mmele le go feta. O ne a bona “bagolwane ba Iseraele ba le 70” ba eme “mo lefifing” ba ntshetsa medimo ya maaka maswalo. Go ya ka Molao, monko o o monate wa maswalo o ne o emela dithapelo tsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang. (Pes. 141:2) Mme gone, maswalo a bagolwane ba le 70 ba neng ba a ntshetsa medimo ya maaka, a ne a nkgela Jehofa bosula. Dithapelo tsa bone di ne di kgopisa Jehofa, di nkga jaaka sebodu. (Diane 15:8) Bagolwane bano ba ne ba ikaketsa fa ba ne ba re: “Jehofa ga a re bone.” O ne a ba bona e bile o ile a bontsha Esekiele dilo tse di maswe tse ba neng ba di dira kwa tempeleng ya Gagwe.
Jehofa o bona sengwe le sengwe se se maswe se se dirwang mo lefifing (Bona serapa 11)
12. Ke eng fa re tshwanetse go ikanyega le fa go se na ope yo o re bonang, mme ke bomang ba ba tshwanetseng go re tlhomela sekao?
12 Re ithuta eng mo pegong ya ga Esekiele e e buang ka bagolwane ba le 70 ba Baiseraele ba ba ileng ba isetsa medimo ya maaka maswalo? Fa re batla gore Modimo a utlwe dithapelo tsa rona, le gore re mo obamele ka tsela e e mo itumedisang, re tshwanetse go ikanyega le fa go se na ope yo o re bonang. (Diane 15:29) Jehofa o bona sengwe le sengwe se re se dirang. Ka jalo, fa re dumela gore Jehofa o bona sengwe le sengwe se re se dirang, ga re kitla re dira dilo tse a sa di rateng tota le fa re le nosi. (Baheb. 4:13) Bagolwane ba tshwanetse go tlhomela ba bangwe mo phuthegong sekao se sentle ka go ikobela melao ya ga Jehofa. (1 Pet. 5:2, 3) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba lebeletse gore mogolwane yo o emang kwa seraleng a ba ruta, a ikobele melao ya ga Jehofa le fa go se na ope yo o mmonang.—Pes. 101:2, 3.
Selo sa Boraro se Esekiele a Ileng a se Bona: “Basadi . . . ba Lelela Modimo Tamuse”
13. Esekiele o ne a bona basadi bangwe ba dira eng kwa kgorong nngwe ya tempele?
13 Bala Esekiele 8:13, 14. Fa Esekiele a sena go bona dilo tse di maswe tse di neng di direga kwa tempeleng, Jehofa o ne a mo raya a re: “O tla bona dilo tse dingwe tse di makgapha, tse di maswe thata tse ba di dirang.” E le gore Esekiele o ile a bona eng? “Kwa kgorong e e kwa bokone ya ntlo ya ga Jehofa,” o ile a bona “basadi ba ntse fa fatshe e bile ba lelela modimo Tamuse.” Tamuse ke modingwana wa kwa Mesopotamia mme mo mekwalong ya kwa Sumere, o bidiwa Dumuzi. Go tsewa gore modingwana oo ke mogatsa Ishetare yo e leng modingwana wa tsalo.d Go bonala se basadi bano ba Iseraele ba neng ba se dira e ne e le karolo ya moetlo mongwe wa bodumedi o o amanang le loso lwa ga Tamuse. Basadi bano ba ne ba obamela medimo ya maaka kwa lefelong le ba neng ba tshwanetse go obamela Jehofa kwa go lone. Mme gone, Jehofa o ne a ka se amogele se ba se dirang fela ka gonne ba se direla mo tempeleng ya gagwe. Tota e bile go ya ka Jehofa, basadi bano ba ne ba dira ‘dilo tse di makgapha.’
14. Re ka ithuta eng mo pegong ya ga Esekiele ya se basadi ba Bajuda ba neng ba se dira?
14 Re ka ithuta eng mo pegong e e buang ka se basadi bano ba neng ba se dira? Fa re batla go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, ga re a tshwanela go dira sepe se se amanang le bodumedi jwa maaka. Seno se raya gore, ga re a tshwanela go keteka meletlo epe e e simolotseng mo bodumeding jwa maaka. A mme go botlhokwa gore meletlo eo e simologile kae? Ee, go botlhokwa. Meletlo e batho ba le bantsi ba e ratang e e jaaka Keresemose, Ista le Ngwaga o Mosha, e ka lebega e itshiametse fela. Mme gone, Jehofa ene o a itse gore meletlo eo e simologile mo bodumeding jwa maaka e bo e feleletsa e tsewa e le meletlo e e itshiametseng fela. Jehofa ga a amogele meletlo eo fela ka gonne batho ba na le nako e telele ba e keteka kgotsa ka gonne ba akanya gore ke tsela nngwe ya go mo obamela.—2 Bakor. 6:17; Tshen. 18:2, 4.
Selo sa Bonê se Esekiele a Ileng a se Bona: Banna ba le 25 “ba Ikobela Letsatsi”
15, 16. Banna ba le 25 ba ne ba dira eng mo lolwapeng lo lo kwa teng lwa tempele mme ke eng fa se ba neng ba se dira se ne se bontsha gore ga ba bone Jehofa ka sepe?
15 Bala Esekiele 8:15-18. Mo lekgetlong leno, Jehofa o boa a raya Esekiele a re: “O tla bona dilo tse di makgapha, tse di maswe go feta tseno.” Gongwe Esekiele o ne a ipotsa gore: ‘Ijo! a go sa ntse go na le sengwe se se maswe go feta dilo tse ke di boneng?’ Mo ponatshegelong eno, jaanong Esekiele o mo lolwapeng lo lo kwa teng lwa tempele. O ne a bona banna ba le 25 kwa kgorong ya tempele ba obamela “letsatsi ba lebile kwa botlhaba.” Ruri banna bao ba ne ba bontsha gore ga ba bone Jehofa ka sepe. Re raya jang?
16 Kgoro ya tempele e ne e lebile kwa botlhaba. Seno se raya gore fa batho ba ne ba tsena kwa tempeleng, ba ne ba tsena ba lebile kwa bophirima ba fularetse letsatsi le le neng le le ka fa botlhaba. Mme banna bao ba le 25 ba ne ba “furaletse tempele,” ba lebile kwa botlhaba gore ba obamele letsatsi. Tota re ka re, ba ne ba fularetse Jehofa ka gonne tempele eo e ne e le ‘ntlo ya ga Jehofa.’ (1 Dikg. 8:10-13) Banna bao e ne e le batlhanogi. Ba ile ba itlhokomolosa Jehofa e bile ga ba a ka ba ikobela taelo e e mo go Duteronome 4:15-19. Banna bao ba ne ba tlhapaditse Modimo mo go maswe, Modimo yo o leng ene fela yo re tshwanetseng go mo obamela.
Jehofa ke ene fela yo o tshwanelwang ke go obamelwa
17, 18. (a) Re ka ithuta eng mo pegong ya banna ba ba neng ba obamela letsatsi kwa tempeleng? (b) Baiseraele ba ne ba senya botsala jwa bone le Jehofa jang mme goreng ba ne ba sa tlhole ba utlwana?
17 Re ka ithuta eng mo pegong e e buang ka banna bao ba ba neng ba obamela letsatsi? Fa re batla go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, re tshwanetse go mo kopa gore a re thuse gore re nne botlhale le gore re nne le temogo. Gopola gore, “Jehofa Modimo ke letsatsi,” e bile Lefoko la gagwe ke “lesedi” la tselana ya rona. (Pes. 84:11; 119:105) Jehofa o dirisa Baebele le dikgatiso go re thusa gore re nne botlhale. Seno se re thusa gore re dire ditshwetso tse di siameng gore re tle re itumelele botshelo gone jaanong le mo nakong e e tlang. Fa re itlhokomolosa melao ya ga Jehofa re bo re batla kgakololo mo bathong ba lefatshe leno, tota re tla bo re fularela Jehofa. Fa re dira jalo, re tla bo re mo utlwisa botlhoko fela thata. Tota ga re batle go utlwisa Jehofa botlhoko. Gape ponatshegelo eno ya ga Esekiele, e re ruta gore re tsamaele kgakala le batlhanogi.—Diane 11:9.
18 Jaaka re setse re bone, Esekiele o ile a bona dilo tse di tsitsibanyang mmele tse Bajuda ba neng ba di dira tse di neng di bontsha gore ba obamela medimo ya maaka. E re ka ba ne ba dira dilo tse di maswe, botsala jwa bone le Jehofa bo ne jwa senyega. Mme go obamela medimo ya maaka le boitshwaro jo bo sa siamang, ke monwana le lonala. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Baiseraele ba ne ba simolola go itshwara ka tsela e e sa siamang e e neng e dira gore ba se ka ba tlhola ba utlwana. Mma jaanong re bone kafa moporofeti Esekiele a ileng a tlhalosa tsela e e maswe e Bajuda ba neng ba itshwara ka yone.
“Boitshwaro jo bo Maswe Thata”
19. Esekiele o ile a tlhalosa jang tsela e e sa siamang e batho ba ga Jehofa ba neng ba itshwarwa ka yone?
19 Bala Esekiele 22:3-12. Baiseraele botlhe ba ne ba sa itshware sentle. “Dikgosana” kgotsa baeteledipele, ba ne ba dirisa taolo ya bone go bolaya batho. E re ka tlhako ya morago e gata mo ya pele e gatileng teng, batho le bone ba ne ba sa ikobele Molao wa Modimo fela jaaka dikgosana tsa bone. Bana ba ne “ba nyatsa” batsadi ba bone e bile batho ba ne ba tlhakanela dikobo le ba masika a bone. Batho ba ne ba tsietsa batswakwa e bile ba tshwara dikhutsana le batlholagadi makgwakgwa. Banna ba ne ba tlhakanela dikobo le basadi ba banna ba bangwe. Mo godimo ga moo, batho ba ne ba tsadisa madi, ba amogela pipamolomo e bile ba tseela batho madi ka dikgoka. Jehofa o ne a utlwa botlhoko tota fa a ne a bona Baiseraele ba itlhokomolosa melao ya gagwe. Ba ne ba paletswe ke go bona gore Jehofa o ne a ba neile melao eo ka gonne a ba rata. Boitshwaro jwa bone jo bo maswe bo ne jwa utlwisa Jehofa botlhoko fela thata. O ne a raya Esekiele a re: “Eleruri ba ntebetse.”
Bodumedi jwa maaka bo dira gore batho ba rate ntwa le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo (Bona serapa 20)
20. Ke eng fa se Esekiele a ileng a se bua ka boitshwaro jwa Bajuda se sa ntse se bereka le gompieno?
20 Ke eng fa se Esekiele a neng a se bua ka boitshwaro jwa Bajuda se sa ntse se bereka le gompieno? Ke ka gonne batho ba re tshelang le bone gompieno ba tshwana fela le Bajuda ba motlha wa ga Esekiele. Balaodi ba gatelela batho e bile ba dirisa taolo ya bone ka tsela e e sa siamang. Baruti ba rapelela masole fa a ya go tlhasela dinaga tse dingwe mme dintwa tseo di dirile gore go bolawe batho ba le bantsintsi. Melao ya Modimo e e buang ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ba e tsaya lotsatsa fela. Ka ntlha ya seo, batho ba tsaya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e le selo se se itshiametseng fela. Ntle le pelaelo, Jehofa a ka raya batho bao se a ileng a se raya Bajuda: “Eleruri [lo] ntebetse.”
21. Re ka ithuta eng mo pegong e e buang ka tsela e e sa siamang e Bajuda ba neng ba itshwere ka yone?
21 Re ithuta eng? Fa re batla go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, re tshwanetse go itshwara ka tsela e e siameng. Eno ga se kgetsi e potlana ka gonne re tshela le batho ba ba sa itshwareng sentle. (2 Tim. 3:1-5) Mme gone, re a itse gore Jehofa o tlhoile boitsholo jotlhe jo bo sa siamang. (1 Bakor. 6:9, 10) Re ikobela melao ya ga Jehofa ka gonne re a e rata le ene re a mo rata. (Pes. 119:97; 1 Joh. 5:3) Fa re itlhokomolosa melao ya gagwe, re tla bo re bontsha gore ga re mo rate. Ga re batle go dira sepe se se ka dirang gore Jehofa a re reye a re: “Eleruri [lo] ntebetse.”
22. (a) O ikemiseditse go dira eng? (b) Re tla tlotla ka eng mo kgaolong e e latelang?
22 Go tlotla ka dilo tse di maswe tse Baiseraele ba neng ba di dira, go re rutile go le gontsi. Re ikemiseditse le go feta gore re tla obamela Jehofa ka gonne ke ene fela yo o tshwanelwang ke go obamelwa. Seno se raya gore ga re kitla re obamela medimo ya maaka e bile ga re kitla re itshwara ka tsela e e sa siamang. Mme gone, Jehofa o ile a dira eng ka batho bao ba ba neng ba sa mo ikobele? Fa Jehofa a sena go bontsha Esekiele dilo tse di neng di direga kwa tempeleng, o ne a mo raya a re: “Ke tla dirisana le bone ke galefile.” (Esek. 8:17, 18) Re tshwanetse go itse gore Jehofa o ne a otlhaya Bajuda jang ka gonne o tlile go otlhaya batho ba ba sa mo ikobeleng ka tsela e e tshwanang. Mo kgaolong e e latelang, re tla bona gore Jehofa o ne a otlhaya Bajuda jang.
a Mo bukeng ya Esekiele, lefoko “Iseraele” gantsi le kaya baagi ba Juda le baagi ba Jerusalema.—Esek. 12:19, 22; 18:2; 21:2, 3.
b E re ka go dirisitswe lefoko “lefufa,” seno se re thusa go bona gore Jehofa o ne a tsaya kgang ya go ikanyega mo go ene e le masisi tota. Re ka tshwantsha lefufa la gagwe le go fufega ga monna yo mosadi wa gagwe a sa ikanyegeng mo go ene. (Diane 6:34) Fela jaaka monna a galefa fa mosadi wa gagwe a sa ikanyege, Jehofa le ene o ne a galefa fa batho ba gagwe ba ne ba obamela ditshwantsho. Buka nngwe e a re: “Modimo o lefufa . . . ka gonne o boitshepo. E re ka e le ene fela Modimo yo o Boitshepo . . . , Ga a batle batho ba gagwe ba obamela medimo e mengwe.”—Ekes. 34:14.
c Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.
d Ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore Tamuse ke leina le lengwe la ga Nimerode.