LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 1/15 ts. 25-30
  • Itise mo Kobamelong ya Mefuta Yotlhe ya Medimo ya Disetwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itise mo Kobamelong ya Mefuta Yotlhe ya Medimo ya Disetwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Na le Seo Se Ileng sa Tshwantshetsa Kobamelo ya Medimo ya Disetwa ya Labokeresete
  • Mefuta E Mengwe ya Kobamelo ya Medimo ya Disetwa
  • Tila Bopelotshetlha le go Nna Bohula
  • Tila go Ikobamela
  • Nna O Itisitse!
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Itisa Kgatlhanong le Kobamelo ya Medimo ya Disetwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • ‘Bona Dilo Tse di Bosula, Tse di Makgapha Tse ba di Dirang’
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • “O Tlhome Pelo ya Gago” mo Tempeleng ya Modimo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Buka ya Bibela ya bo 26—Esekiele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 1/15 ts. 25-30

Itise mo Kobamelong ya Mefuta Yotlhe ya Medimo ya Disetwa

“Tempela ea Modimo e na le tumalanō ehe le medimo ea disètwa?”—2 BAKORINTHA 6:16.

1. Motlaagana le ditempele tsa kwa Iseraele di ne di tshwantshetsa eng?

JEHOFA o na le tempele e go sa nneng medimo ya disetwa mo go yone. E ne e tshwantshediwa ke motlaagana wa Iseraele o o neng o agilwe ke Moshe mmogo le ke ditempele tse di neng tsa agiwa morago ga moo kwa Jerusalema. Dikago tseo di ne di tshwantshetsa “motlaagana oa amarure,” eleng tempele e kgolo ya semoya ya ga Jehofa. (Bahebera 8:1-5) Tempele eo ke thulaganyo ya go buisana le Modimo mo kobamelong mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete.—Bahebera 9:2-10, 23.

2. Ke bomang ba ba nnang maotwana mo tempeleng e kgolo ya semoya ya Modimo, mme ke boemo bofe jo ba boidiidi jo bogolo ba nang le jone?

2 Mokeresete mongwe le mongwe yo o tloditsweng o fetoga “lekotwana mo tempeleñ ea Modimo,” ba amogela bonno kwa legodimong. “Boidiidi yo bogolo” jwa baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa bo ‘direla [Modimo]’ mo go seo se neng se emelwa ke lelapa la Baditšhaba kwa tempeleng e e neng ya agiwa sesha ke Herode. Ka ntlha ya tumelo e ba nang le yone mo setlhabelong sa ga Jesu, ba na le boemo jo bo siameng jo bo tla felelang ka gore ba bolokwe mo “pitlaganoñ e kgolo.”—Tshenolō 3:12; 7:9-15.

3, 4. Phuthego ya Bakeresete ba batlodiwa mo lefatsheng e tshwantshanngwa le eng, mme ke go leswefala gofe mo e sa tshwanelang go nna le gone?

3 Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba leng mo lefatsheng e lejwa ka tsela ya tshwantshetso e tshwana le tempele e nngwe eo e senang kobamelo ya medimo ya disetwa. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana ka ba ba ntseng jalo ‘ba ba kannweng ka Moya o o Boitshepo’: “Lo agilwe mo motheoñ oa baaposetoloi le baperofeti, Keresete Yesu ka esi e le èna lencwè ye legolo ya kgōkgōchō; Eo kagō ñwe le ñwe e e kitlancweñ ka tomaganō e ntlè, e golèlañ mo go èna, e le tempela e e boitshèpō mo Moreneñ; Eo le lona lo agilweñ mmōgō mo go èna, gore lo nnè boagō yoa Modimo ka Mōea.” (Baefesia 1:13; 2:20-22) Batho bano ba ba 144 000 ba ba kannweng ke “mayè a a tshedileñ” mme go “agiwa ntlo ea semōea ka [bone], go tla [ba] nna boperisito yo bo itshepileñ.”—1 Petere 2:5; Tshenolō 7:4; 14:1.

4 Ereka baperesiti bano ba babotlana e le “kagō ea Modimo,” ga a letlelele gore tempele eno e itshekololwe. (1 Bakorintha 3:9, 16, 17) “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ,” Paulo o ne a tlhagisa jalo. “Gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale? kgotsa eo o dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ? Le tempela ea Modimo e na le tumalanō ehe le medimo ea disètwa?” Bakeresete ba ba tloditsweng, bao e leng ba ga “Yehofa Mothataeotlhe,” ga ba a tshwanela go obamela medimo ya disetwa. (2 Bakorintha 6:14-18) Ba boidiidi jo bogolo le bone ba tshwanetse go tila mefuta yotlhe ya kobamelo ya medimo ya disetwa.

5. Ka ntlha ya go lemoga gore Jehofa o tshwanelwa ke go obamelwa a le nosi fela, Bakeresete ba boammaaruri ba dira eng?

5 Go na le mefuta e e mo pepeneneng ya kobamelo ya medimo ya disetwa mmogo le e e itikeditseng. Nnyaa, kobamelo ya medimo ya disetwa ga se go obamela medimo ya maaka mmogo le medimogadi ya maaka fela. Ke go obamela sengwe se sele kana mongwe o sele kwantle ga ga Jehofa. Jaaka Molaodi wa Lobopo Lotlhe, o batla gore go ineelwe mo go ene fela mme ebile o tshwanelwa ke seo. (Duteronome 4:24) Ereka Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga seno, ba reetsa ditlhagiso tsa Dikwalo kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa. (1 Bakorintha 10:7) A re tlhatlhobeng mefuta mengwe e e rileng ya kobamelo ya medimo ya disetwa eo batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetseng go e tila.

Go Na le Seo Se Ileng sa Tshwantshetsa Kobamelo ya Medimo ya Disetwa ya Labokeresete

6. Ke dilo dife tse di makgapha tse Esekiele a neng a di bona mo ponatshegelong?

6 Ka nako ya fa moperofeti Esekiele a ne a le setshwarwa kwa Babelona ka 612 B.C.E., o ne a bona ponatshegelo ya dilo tse di makgapha tseo Bajuda ba batenegi ba neng ba di dira kwa tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Esekiele o ne a bona “sechwanchō sa lehuha.” O ne a bona bagolwane ba le masome a supa ba ntsha setlhabelo sa maswalo mo tempeleng. O ne a bona basadi bangwe ba lelela modimo mongwe wa maaka. Mme go ne go na le banna bangwe ba le 25 ba obamela letsatsi. Ditiro tseno tsa botenegi di ne di bolela eng?

7, 8. “Sechwancō sa lehuha” e ka nna ya bo e ne e le eng, mme ke ka ntlha yang fa se ne se dira gore Jehofa a fufege?

7 Kobamelo ya medimo ya disetwa ya Labokeresete e ne e tshwantshediwa ke dilo tse di makgapha tseo Esekiele a neng a di bona mo ponatshegelong eno. Ka sekai, o ne a bolela jaana: “Bōnañ, ntlheñ ea botsheka ga kgōrō ea sebesho ga bo go dutse sechwanchō se, sa lehuha se le ha botsenoñ. Me [Jehofa Modimo] a nthaea, a re, Morwa motho, a u bōna se ba se dihañ? eboñ dilō tse dikgolo tse di makgapha tse ba ntlo ea Iseraela ba di dihañ mono, gore ke tlè ke eè kgakala le helō ga me ga boitshèpō?”—Esekiele 8:1-6.

8 Setshwantsho sa lefufa sa kobamelo ya medimo ya disetwa se ka tswa e ne e le leotwana le le boitshepo le le emelang modimogadi wa maaka o Bakanana ba neng ba o leba jaaka mosadi wa modimo wa bone ebong Baale. Go sa kgathalesege gore setshwantsho seo se ka tswa e ne e le sa eng, se ne se tlhotlheletsa Jehofa gore a nne lefufa ka ntlha ya go bo se ne se dira gore Baiseraele ba seka ba ineela mo go ene a le esi fela ba tlola taelo eno ya gagwe: “Ke nna Yehofa Modimo oa gago . . . U se ka ua nna le medimo epè e sele ha e se nna. U se ka ua itihèla sechwanchō sepè se se setilweñ, leha e le sechwanō sa sebopègō sepè se se kwa legodimoñ kwa godimo, leha e le sa se se mo lehatshiñ kwa tlhatse, leha e le sa se se mo metsiñ a a kwa tlhatse ga lehatshe: U se ka ua di ikōbèla, leha e le go di dihèla: ka gonne Nna, Yehofa, Modimo oa gago, ke Modimo o o lehuha.”—Ekesodo 20:2-5.

9. Ke ka tsela efe Labokeresete e dirileng gore Modimo o fufege?

9 Go obamela setshwantsho sa lefufa mo tempeleng ya Modimo e ne e le sengwe sa dilo tse dikgolo tse di makgapha tseo di neng di dirwa ke Baiseraele ba batenegi. Ka mo go tshwanang, dikereke tsa Labokeresete di itshekolotswe ka ditshwantsho le medingwana e e tlontlololang Modimo tseo di dirang gore ba kgaoganye Yo ba iphakang gore ba a mo obamela le tsone boineelo jwa bone. Gape se se tlhotlheletsang Modimo go nna lefufa ke ka gonne baruti ba ganetsa gore Bogosi jwa gagwe ke jone fela tsholofelo ya setho mme ba obamela Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng jaaka modimo wa sesetwa—selo “se se makgapha a a shwahatsañ . . . se eme mo heloñ ga boitshèpō,” foo se sa tshwanelang go ema teng.—Mathaio 24:15, 16; Mareko 13:14.

10. Esekiele o ne a bona eng mo tempeleng, mme seno se tshwana jang le se se lemotshegang mo go Labokeresete?

10 Fa Esekiele a tsena mo tempeleng o re bolelela jaana: “Bōnañ, ga bo go le sechwanō señwe le señwe sa dilō tse di gagabañ, le sa ditshedi tse di mashwè, le medimo eotlhe ea disètwa ea ba ntlo ea Iseraela, tsa bo di kwalakwadicwe dichwanchō mo lomoteñ tikologoñ. Me ga bo go eme ha pele ga cōna banna ba le mashomè a shupa ba bagolwane ba ntlo ea Iseraela, . . . moñwe le moñwe a chotse leishwana ya gagwè; me monkō oa leru ya mashwalō oa bo o tlhatloga.” A o ko o akanye fela! Bagolwane ba Iseraele ba le mo tempeleng ya ga Jehofa, ba ntshetsa medimo ya maaka setlhabelo sa maswalo, medimo eo e neng e emelwa ke ditshwantsho tse di makgapha tseo di neng di le mo loboteng. (Esekiele 8:10-12) Ka tsela e e tshwanang, dinonyane mmogo le dibatana tseo batho ba di obamelang di dirisediwa go emela mafatshe a Labokeresete. Mo godimo ga moo, bontsi jwa baruti bo na le molato wa go thusa go tsietsa batho ba le bantsi ka go tshegetsa thuto e e phoso ya gore motho o itlhageletse fela go tswa mo dilong tsa maemo a a kwa tlase ga a batho, ditshedi tse e leng diphologolo mo boemong jwa gore ba tshegetse pego e e boammaaruri ya Bibela ya gore motho o bopilwe ke Jehofa Modimo.—Ditihō 17:24-28.

11. Ke ka ntlha yang fa basadi ba batenegi ba Iseraele ba ne ba lelela Tamuse?

11 Fa mojakong o go tsenwang ka one mo ntlong ya ga Jehofa, Esekiele o ne a bona basadi ba batenegi ba Iseraele wa botenegi ba lelela Tamuse. (Esekiele 8:13, 14) Bababelona le Basiria ba ne ba leba Tamuse jaaka modimo wa dimela tseo di melang ka dipaka tsa dipula mme di swa ka nako ya komelelo. Fa di swa seo se ne se tshwantshetsa go swa ga ga Tamuse, yo a neng a hutsafalelwa ngwaga le ngwaga ke baobamedi ba gagwe ka nako eo go neng go le mogote o o ntshang noga mo mosimeng ka yone. Go ne go bolelwa gore ka nako ya fa dimela di boa di tlhoga gape ka dipaka tsa dipula, Tamuse o ne a boa gape go tswa bobipong. O ne a emelwa ke tlhaka ya ntlha ya leina la gagwe, tau wa bogologolo yo e neng e le mofuta mongwe wa sefapaano. Seno se ka re gakolola sentle ka fa Labokeresete e sisimogang sefapaano ka teng ka tsela ya kobamelo.

12. Ke eng seo Esekiele a neng a se bona se dirwa ke banna ba le 25 ba batenegi ba Iseraele, mme ke eng se se tshwanang le seo se se dirwang ke Labokeresete?

12 Go tsweng foo, mo malapaneng a tempele a a ka kwa teng, Esekiele o bona banna ba le 25 ba batenegi ba Iseraele ba obamela letsatsi—mo e neng e le go tlola taolo ya ga Jehofa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa e e ntseng jalo. (Duteronome 4:15-19) Baobamedi bao ba medimo ya disetwa ba ne gape ba dirisa kalana e e makgapha fa pele ga Modimo, e gongwe e neng e tshwana le mapele a monna. Ka jalo ga go gakgamatse go bo Modimo o ne o sa arabe dithapelo tsa bone, mme go tla nna fela jalo ka Labokeresete e le yone e tla batlang thuso mme e se kitla e e bona ka nako ya “sepitla se segolo.” (Mathaio 24:21) Fela jaaka batenegi bale ba Baiseraele ba ne ba obamela letsatsi le le ntshang lesedi ba furaletse tempele ya ga Jehofa, Labokeresete le yone e itlhokomolosa lesedi le le tswang kwa Modimong, o ruta dithuto tsa maaka, e tlotlomatsa botlhale jwa selefatshe ebile ga e tseye kgato ka ba ba dirang boitsholo jo bo maswe.—Esekiele 8:15-18.

13. Basupi ba ga Jehofa ba tila jang mefuta ya kobamelo ya medimo ya disetwa e e bonweng ke Esekiele mo ponatshegelong?

13 Basupi ba ga Jehofa ba tila mekgwa ya kobamelo ya medimo ya disetwa e e dirwang ke Labokeresete, kgotsa setshwani sa Jerusalema, jaaka go bonetswe pele ke Esekiele. Ga re obamele ditshwantsho tse di tlontlololang Modimo. Le mororo re tlotla “babusi ba bagolo,” go ba ikobela ga rona go lekanyeditswe. (Baroma 13:1-7; Mareko 12:17; Ditihō 5:29) Re ineetse ka bojotlhe mo Modimong le mo Bogosing jwa gagwe. Ga re emisetse Mmopi le popo ya gagwe ka thutotlhagelelo. (Tshenolō 4:11) Le ka motlha ga re ke re galaletsa sefapaano kgotsa re obamela botlhale jo bo kwa godimo, matlhajana, kgotsa botlhale bope fela jwa selefatshe. (1 Timotheo 6:20, 21) Gape re itisa mo mefuteng yotlhe ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Mengwe ya yone ke efe?

Mefuta E Mengwe ya Kobamelo ya Medimo ya Disetwa

14. Boemo jwa batlhanka ba ga Jehofa ke bofe mabapi le “sebatana” sa Tshenolō 13:1?

14 Bakeresete ga ba etse setho ka kakaretso ka go obamela “sebatana” sa tshwantshetso. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Me ka bōna sebatana señwe se tlhatloga mo lewatleñ, se na le dinaka di shomè le ditlhōgō di shupa, me mo dinakeñ tsa shōna ga bo go le dirwalō tsa mekgabō di le shomè . . . Me botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ ba tla se ōbamèla.” (Tshenolō 13:1, 8) Dibatana di ka tshwantshetsa “dikgosi,” kgotsa dipuso tsa sepolotiki. (Daniele 7:17; 8:3-8, 20-25) Ka jalo ditlhogo tse supa tsa sebatana sa tshwantshetso di emela dipuso tse dikgolo tsa lefatshe—Egepeto, Asiria, Babelona, Medo-Persia, Gerika, Roma, le mmuso o o kopanetsweng ke Borithane le United States of America wa Anglo-American. Baruti ba Labokeresete ba bontsha go tlhoka tlotlo mo Modimong le mo go Keresete ka go gogela batho mo go obameleng tsamaiso ya sepolotiki ya ga Satane, “kgōsana ea lehatshe yeno.” (Yohane 12:31) Lefa go le jalo, jaaka Bakeresete ba ba sa tseyeng letlhakore le babueledi ba Bogosi, batlhanka ba ga Jehofa ba gana go obamela medimo ya disetwa ka tsela e e ntseng jalo.—Yakobe 1:27.

15. Batho ba ga Jehofa ba leba jang dikgantshwane tsa lefatshe, mme ke eng seo mongwe wa Basupi a ileng a se bua mabapi le seno?

15 Batho ba Modimo gape ba ikeha mo go obameleng dikgantshwane tsa lefatshe tsa boitlosobodutu le tsa metshameko. Morago ga go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, moopedi mongwe o ne a re: “Mmino wa go itlosa bodutu le go bina o ka tsosa dikeletso tse di sa siamang . . . Moletsi o opela ka boitumelo le ka go neneketsa tse moreetsi a ka nna a akanya gore molekane wa gagwe wa lenyalo ga a na natso. Gantsi moletsi o amanngwa thata le se a se opelang. Ka lebaka leno bangwe ba baletsi le baopedi ba ba itshedisang ka gone ba ke ba itseng ba ratwa ke basadi fela thata. Fa motho a ka ikina mo lefatsheng leno la ditoro, go ka felela ka gore a obamele moletsi yoo. Go ka nna ga simologa e se sepe fela se se kalokalo ka go kopa gore a ba saenele ka monwana wa gagwe go nna segopotso. Mme lefa go le jalo bangwe ba felela ba leba motshameki yoo jaaka sekao sa bone se se itekanetseng, mme ka go mmaya marota ka tsela e e sa tshwanelang jalo, ba mo dira modingwana wa bone. Ba ka nna ba baya setshwantsho sa motshameki yoo mo loboteng mme ba bo simolola go apara le go ikgabisa jaaka ene. Bakeresete ga baa tshwanela go lebala gore go obamelwa Modimo fela.”

16. Ke eng se se bontshang gore baengele ba ba boitshepo ba ganana le kobamelo ya medimo ya disetwa?

16 Ee, ke Modimo fela yo o tshwanelwang ke kobamelo. Fa Johane a ne a ‘wela fa fatshe fa dinaong tsa moengele go mo obamela,’ eleng moengele yo a neng a mmontshitse dilo tse di gakgamatsang, sebopiwa seo sa semoya se ne sa gana go obamelwa ka tsela epe fela mme se ne sa re: “U se ka ua ba ua go diha mouō: ke motlhanka ka wèna, le ka baperofeti ba ga eno, le ka ba ba bolokileñ mahoko a lokwalō lo: ōbamèla Modimo.” (Tshenolō 22:8, 9) Go boifa Jehofa, kgotsa go mo neela tlotlo e kgolo, go re dira gore re obamele ene fela. (Tshenolō 14:7) Ka jalo, go ineela mo Modimong ka boammaaruri go re sireletsa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa.—1 Timotheo 4:8.

17. Re ka itisa jang kgatlhanong le go obamela boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

17 Boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ke mokgwa o mongwe wa kobamelo ya medimo ya disetwa oo batlhanka ba ga Jehofa ba gananang le one. Ba itse “ha go se seaka, leha e le motho eo o mashwè leha e le moiphetlhi, eo e leñ moōbamedi oa medimo ea disètwa, eo ka dihañ le boshwa bopè mo bogosiñ yoa ga Keresete le Modimo.” (Baefesia 5:5) Kobamelo ya medimo ya disetwa e a akarediwa mo go seno ka gore go eletsa go ja monate ka tsela e e sa tshwanelang e ka nna selo se motho a ka ineelang mo go sone. Dinonofo tsa bomodimo di kgorelediwa ke dikeletso tse e seng tsone tsa tlhakanelodikobo. Ka go tlhwaela tsebe le go tlhoma matlho a gagwe mo dilong tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, motho o a bo a senya kamano epe fela e a ka nnang a tswa a na le yone le Modimo o o boitshepo, Jehofa. (Isaia 6:3) Ka lebaka leo he, go itisa mo kobamelong e e ntseng jalo ya medimo ya disetwa, batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go tila dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo le mmino o o bodisang. Ba tshwanetse go ngaparela thata ditekanyetso tse di nonofileng tsa semoya tse di thailweng mo Dikwalong, le go tswelela ba bolokile ‘botho jo bosha jo bo bopilweng go ya ka thato ya Modimo ka tshiamo ya boammaaruri le boikanyegi.’—Baefesia 4:22-24.

Tila Bopelotshetlha le go Nna Bohula

18, 19. (a) Bopelotshetlha le go nna bohula ke eng? (b) Re ka tila jang go obamela bopelotshetlha le go nna bohula?

18 Bakeresete gape ba itisa kgatlhanong le bopelotshetlha le go nna bohula, tse e leng mefuta e e bapileng thata ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Bopelotshetlha ke go eletsa dilo ka tsela e e feteletseng, mme go nna bohula gone ke go meletsa dilo tsa ba bangwe mathe. Jesu o ne a tlhagisa kgatlhanong le go nna bohula mme a bo a bua ka monna mongwe yo o neng a le bohula yo o ileng a seka a solegelwa molemo ke khumo ya gagwe fa a ne a swa mme o ne a hutsafadiwa ke go bo a ne “a sa humèla Modimo.” (Luke 12:15-21) Ka tsela e e tshwanelang Paulo o ne a gakolola badumedi ka ene jaana: “Bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ . . . bopelotshètlha [go nna bohula], [mo] e leñ tihèlō ea medimo ea disètwa.”—Bakolosa 3:5.

19 Batho ba ba ratang madi go feta selekanyo, ba ba sekeng ba re ke kgotshe, kgotsa ba ba ratang maemo ba dira dikeletso tseo medingwana ya bone. Mme fela jaaka Paulo a boletse, motho yo o pelotshetlha ke moobamedi wa medimo ya disetwa mme ga a kitla a rua Bogosi jwa Modimo. (1 Bakorintha 6:9, 10; Baefesia 5:5) Ka jalo, batho ba ba kolobeditsweng ba ba obamelang medimo ya disetwa ka go nna pelotshetlha ba ka kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete. Lefa go le jalo, fa re dirisa Dikwalo le go rapela ka tlhoafalo, re ka tila bopelotshetlha. Diane 30:7-9 ya re: “[Jehofa Modimo] ke gu lopile dilō di le pedi; u se ka ua di ntatolèla ke e se ke shwe: ka re, boithamakō le maaka u di beè kgakala le nna: u seka ua nnaea khumanègō leha e le khumō; nkotla ka diyō tse di ntekanyeñ: nka tla ka kgora me ka gu itatola ka re, Yehofa e mañ? kgotsa ha ke humagile, nka tla ka ucwa, me ka diha leina ya Modimo oa me matlhapa.” Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka re dira gore re itise kgatlhanong le go laolwa ke bopelotshetlha le ke go nna bohula.

Tila go Ikobamela

20, 21. Batho ba ga Jehofa ba itisa jang kgatlhanong le go ikobamela?

20 Batho ba ga Jehofa gape ba itisa kgatlhanong le go ikobamela. Mo lefatsheng leno go tlwaelesegile go ikobamela le go obamela thato ya motho ka namana. Go eletsa go tuma le go galalediwa go dira gore bontsi bo dire dilo tse di sa tlhamalalang. Ba batla go dirwa go rata ga bone, e seng ga Modimo. Mme ga re kake ra nna le kamano le Modimo fa re ineela mo go ikobameleng ka go batla ka bolalome gore go dirwe thato ya rona le go batla go laola matshelo a ba bangwe. (Diane 3:32; Mathaio 20:20-28; 1 Petere 5:2, 3) Rona jaaka balatedi ba ga Jesu, re latlhile dilo tse di dirwang ka bokukuntshwane tsa lefatshe leno.—2 Bakorintha 4:1, 2.

21 Go na le go batla go tuma, batho ba Modimo ba reetsa kgakololo eno ya ga Paulo: “Me ke gōna, leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo.” (1 Bakorintha 10:31) Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, ga re gagamalele fela ka tsela ya kobamelo gore go dirwe se re se batlang mme go na le moo re itumelela go dira thato ya Modimo, re amogela kaelo go tswa go “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” le go dirisana ka botlalo le phuthego ya ga Jehofa.—Mathaio 24:45-47.

Nna O Itisitse!

22, 23. Ke ka tsela efe re ka itisang mo mefuteng yotlhe ya kobamelo ya medimo ya disetwa?

22 Rona jaaka batho ba ga Jehofa, ga re obamele ditshwantsho tse di setilweng. Gape re nna re itisitse mo mefuteng e e bofitlha ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Tota ebile, re tshwanetse go tswelela pele go tila mefuta yotlhe ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Ka jalo re reetsa kgakololo ya ga Johane e e reng: “Ikiheñ mo medimoñ ea disètwa.”—1 Yohane 5:21.

23 Fa o le mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa, ka dinako tsotlhe dirisa segakolodi le nonofo ya gago ya go sekaseka mabaka sentle tse di rutuntshitsweng ka Bibela. (Bahebera 5:14) Ka go dira jalo ga o kitla o leswefadiwa ke moya wa lefatshe leno wa go obamela medimo ya disetwa mme go na le moo o tla tshwana le Bahebera ba bararo ba ba ikanyegang le Bakeresete ba pele ba ba ikanyegang. O tla obamela Jehofa a le nosi fela, mme o tla go thusa go itisa mo kobamelong ya mefuta yotlhe ya medimo ya disetwa.

O Akanya Jang?

◻ Basupi ba ga Jehofa ba tila jang mefuta ya kobamelo ya medimo ya disetwa e e bonweng mo ponatshegelong ya ga Esekiele?

◻ “Sebatana” sa Tshenolō 13:1 ke eng, mme boemo jwa batlhanka ba ga Jehofa ke bofe mabapi le sone?

◻ Ke ka ntlha yang re tshwanetse go itisa mo go obameleng dikgantshwane tsa boitlosobodutu le metshameko?

◻ Re ka itisa jang kgatlhanong le go ikobamela?

◻ Ke ka ntlha yang re tshwanetse go itisa mo mefuteng yotlhe ya kobamelo ya medimo ya disetwa?

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

A o itse kafa dilo tse di makgapha tse di neng tsa bonwa ke Esekiele mo ponatshegelong di neng di tshwantshetsa kobamelo ya medimo ya disetwa ya Labokeresete ka gone?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Artwork (upper left) based on photo by Ralph Crane/Bardo Museum

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela