Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Itisa Kgatlhanong le Kobamelo ya Medimo ya Disetwa?
“Banyana ba me, ikiheñ mo medimoñ ea disètwa.”—1 YOHANE 5:21.
1. Ke ka ntlha yang fa kobamelo ya ga Jehofa e sa tswakane ka gope le kobamelo ya medimo ya disetwa?
JEHOFA ga se modimo wa disetwa o o dirilweng ka tshipi, logong, kana ka lentswe. A ka se bewe mo tempeleng ya selefatshe. Go ka se kgonege gore motho a dire setshwantsho sa gagwe, gonne e le Moya o o maatlaotlhe, ebile batho ba ka se ka ba mmona. Ka gone, kobamelo ya ga Jehofa e e itshekileng ga e a tshwanela go tswakiwa ka gope le kobamelo ya medimo ya disetwa.—Ekesodo 33:20; Ditihō 17:24; 2 Bakorintha 3:17.
2. Ke dipotso dife tse di tlhokang gore re di sekaseke?
2 Fa o le moobamedi wa ga Jehofa, he, o tshwanetse wa ipotsa gore, ‘Kobamelo ya medimo ya disetwa ke eng? Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba kgona go e tila jang mo nakong e e fetileng? Mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa gompieno?’
Seo Kobamelo ya Medimo ya Disetwa E Leng Sone
3, 4. Kobamelo ya medimo ya disetwa e ka tlhalosiwa jang?
3 Ka kakaretso, kobamelo ya medimo ya disetwa e akaretsa moletlo. Kobamelo ya medimo ya disetwa ke go tlotlomatsa modimo wa disetwa, go o rata, go o obamela, kana go o tlotla. Mme modimo wa disetwa ke eng? Ke setshwantsho sa sengwe se se obamelwang, setshwani sa sengwe, kana letshwao la sone. Gantsi, mo kobamelong ya medimo ya disetwa go a bo go obamelwa selo sengwe se se maatla sa mmatota kana se batho ba akanyang gore se maatla seo ba dumelang gore se a tshela (motho, phologolo, kana mokgatlho mongwe). Mme lefa go ntse jalo gape kobamelo ya medimo ya disetwa e ka direlwa le dilo tseo di sa tsheleng (maatla mangwe kana sengwe se se sa tsheleng sa tlholego).
4 Mo Dikwalong, gantsi mafoko a Sehebera a a rayang medimo ya disetwa a gatelela gore selo ga sena mosola, kana ke mareo a a nyatsegang. Gareng ga one go na le mafoko a a bidiwang “setshwantsho se se setilweng kana se se gabilweng” (totatota, e le sengwe se se betlilweng); “sefikantswe se se tshetsweng, setshwantsho, kana modimo wa disetwa” (sengwe se se bopilweng kana se se tshetsweng); “modimo wa disetwa o o maswe”; “modimo wa disetwa o o sa thuseng ka sepe” (totatota, wa boithamako fela); le “modimo wa disetwa o o makgapha.” Lefoko la Segerika le le reng eiʹdo·lon le ranolwa jaaka “modimo wa disetwa.”
5. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore ga se ditshwantsho tsotlhe tse eleng medimo ya disetwa?
5 Ga se gore ditshwantsho tsotlhe ke medimo ya disetwa. Modimo ka boone o ne wa bolelela Baiseraele gore ba dire ditšheruba di le pedi ka gouta ba di direla letlole la kgolagano le gore ba loge ditshwani tsa ditshedi tse di ntseng jalo tsa moya kafa teng ga matsela a le some a tente ya motlaagana le mo sesirong se se kgaoganyang Felo ga Boitshepo le Felo ga Boitshepo jwa Maitshepo. (Ekesodo 25:1, 18; 26:1, 31-33) Baperesiti ba ba etelelang pele ke bone fela bao ba neng ba bona ditshwani tseno tseo segolobogolo di neng di emela ditšheruba tsa selegodimo. (Bapisa Bahebera 9:24, 25.) Go bonala sentle gore ditshwani tseno tsa ditšheruba tsa kwa motlaaganeng di ne di sa tshwanela go tlotlomadiwa, ereka baengele ba ba tshiamo ka bobone ba ka se ka ba dumela gore ba obamelwe.—Bakolosa 2:18; Tshenolō 19:10; 22:8, 9.
Kafa Jehofa A Lebang Kobamelo ya Medimo ya Disetwa ka Teng
6. Jehofa o leba jang kobamelo ya medimo ya disetwa?
6 Batlhanka ba ga Jehofa ba itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa ka gonne o kgatlhanong le ditiro tsotlhe tsa kobamelo ya medimo ya disetwa. Modimo o ne wa laela Baiseraele gore ba se ka ba itirela ditshwantsho tsa dilo tse ba tla di tlotlomatsang ebile ba se ka ba di obamela. Mo Melaong E E Lesome go fitlhelwa mafoko ano a a reng: “U se ka ua itihèla sechwanchō sepè se se setilweñ, leha e le sechwanō sa sebopègō sepè se se kwa legodimoñ kwa godimo, leha e le sa se se mo lehatshiñ kwa tlhatse, leha e le sa se se mo metsiñ a a kwa tlhatse ga lehatshe: U se ka ua di ikōbèla, leha e le go di dihèla: ka gonne Nna, Yehofa, Modimo oa gago, ke Modimo o o lehuha, eo ke beletsañ bana tshiamololō ea borrabō, go ea kokomaneñ ea boraro le ea bonè ea ba ba nkilañ; Me ba makgolo kgolo ba bōnè ba ba nthatañ, ba tshegetsa ditaolō tsa me, ke ba shupetse boutlwèlō botlhoko.”—Ekesodo 20:4-6.
7. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a le kgatlhanong le kobamelo yotlhe ya medimo ya disetwa?
7 Ke ka ntlha yang fa Jehofa a le kgatlhanong le kobamelo yotlhe ya medimo ya disetwa? Lebaka la konokono ke gore o batla go newa kobamelo e e feletseng, jaaka a ne a bontsha mo molaong wa bobedi wa Melao E E Lesome. Mo godimo ga moo, o ne a bolela jaana ka moperofeti wa gagwe Isaia: “Ke Nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ.” (Isaia 42:8) Ka nako nngwe, kobamelo ya medimo ya disetwa e ile ya nna seru mo Baiseraeleng mo ba bileng ba ya bokgakaleng jwa gore ‘ba ntshe bomorwa bone le bomorwadia bone ditlhabelo tsa badimo.’ (Pesalema 106:36, 37) Baobamedi ba medimo ya disetwa ga ba gane fela gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri mme gape ba direla Mmaba wa gagwe yo mogolo ebong Satane, mmogo le badimona.
Go Ikanyega Fa O Lekwa
8. Bahebera ba bararo ebong Shaderake, Mesheke, le Abedenego ba ne ba lebanwe ke teko efe?
8 Gape fa re ikanyega mo go Jehofa re tla itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa. Seno se supiwa ke tiragalo e e neng ya kwalwa mo go Daniele kgaolo 3. Kgosi Nebukadenesare wa Babelona o ne a phutha balaodi ba puso ya gagwe, gore ba tle go kgakola setshwantsho se segolo sa gouta seo a neng a se tlhomile. Setlhopha seno sa gagwe se ne se akaretsa Shaderake, Mesheke, le Abedenego—balaodi ba Bahebera ba bararo ba kgaolo ya Babelona. Batho botlhe bao ba neng ba le gone ba ne ba laelwa gore ba obame fa pele ga setshwantsho seno fa ba utlwa modumo wa diletso dingwe tse di rileng tsa mmino. Seno e ne e le teko e e neng ya dirwa ke modimo wa mmatota wa Babelona ebong Satane, go pateletsa Bahebera bano ba bararo gore ba obame fa pele ga setshwantsho seo se emelang Mmusomogolo wa Babelona. Akanya o ne o le teng le wena koo.
9, 10. (a) Ke boemo bofe joo Bahebera bano ba bararo ba ileng ba bo tsaya, mme ba ile ba duelwa ka tsela efe? (b) Ke kgothatso efe e Basupi ba ga Jehofa ba ka e bonang mabapi le kgato eo Bahebera bano ba bararo ba e tsereng?
9 Bona! Bahebera bano ba bararo ba eme ka dinao. Ba gakologelwa molao wa Modimo o o kgatlhanong le go itirela medimo ya disetwa kana ditshwantsho tse di setilweng le go di direla. Nebukadenesare o ba bolelela gore ba ikakanye labofelo—ba obamele kana ba bolawe! Mme lefa go ntse jalo ba bolela jaana gonne ba ikanyega mo go Jehofa: “Ha go ka nna yalo, Modimo oa rona o re o dihèlañ, o nonohile go re golola mo bokepishoñ yo bo molelō, yo bo tukañ; me o tla re golola mo seatleñ sa gago, kgosi. Me ha go sa nna yalo, u tlo u itse, kgosi, ha re gana go dihèla medimo ea gago, le go ōbamèla sechwanchō sa gouda se u se tlhomileñ.”—Daniele 3:16-18.
10 Batlhanka bano ba Modimo ba ba ikanyegang ba latlhelwa mo boikepisong jwa molelo jo bo goteditsweng fela thata. Ka go gakgamadiwa ke go bona batho ba le bane ba tsamayatsamaya mo boikepisong jwa molelo, Nebukadenesare o raya Bahebera bano ba bararo gore ba tswe mo go jone, mme ba tswa ba sa fisiwa ke molelo. Ka go bona seo kgosi e tlhaeletsa jaana e gakgamatse: “A go bakweñ Modimo oa ga Shaderake, le Mesheke, le Abedenego, o o romileñ moengele oa ōna [motho wa bone yo a neng a le mo boikepishong le bone], me oa golola batlhanka ba ōna ba ba ikantseñ mo go ōna, me ba hetotse lehoko ya kgosi, ba inetse ka mebele ea bōnè gore ba se dihele modimo opè, leha e le go o ōbamèla, ha e se Modimo o e leñ oa bōnè hèla. . . . Ka gonne ga go na modimo opè o sele o o nonohileñ go golola kaha mokgweñ o o nntseñ yana.” (Daniele 3:28, 29) Go boloka bothokgami ga Bahebera bao ba bararo go kgothatsa Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno gore ba ikanyege mo Modimong, ba nne ba itlhaotse mo lefatsheng, ebile ba tila kobamelo ya medimo ya disetwa.—Yohane 17:16.
Go Fenngwa ga Medimo ya Disetwa kwa Kgotlatshekelong
11, 12. (a) Ke polelo efe e e malebana le Jehofa le medimo ya disetwa e e neng ya kwalwa ke Isaia? (b) Go ne ga tsamaya jang ka medimo ya merafe fa e ne e gwetlhiwa ke Jehofa?
11 Lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa ke ka gonne go tlotla medimo ya disetwa ga go thuse ka sepe. Le mororo medimo e mengwe ya disetwa e e itiretsweng ke batho e ka lebega ekete e a tshela—gantsi ebile e na le molomo, matlho, le ditsebe—ga e kgone go bua, go bona, kana go utlwa ebile ga e kgone go direla bao ba e tlotlang sepe. (Pesalema 135:15-18) Seno se ne sa bontshiwa mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., ebile tota, e ne e le ka nako ya fa moperofeti wa Modimo Isaia a ne a kwala mo go Isaia 43:8-28 ka kgetsi e e neng e le fa gare ga Jehofa le medimo ya disetwa. Mo go yone batho ba Modimo ba Iseraele ba ne ba le kafa letlhakoreng le lengwe, mme merafe e sele ya lefatshe e ne e le kafa go le lengwe. Jehofa o ne a gwetlha medimo eno ya maaka ya merafe eno go bolela “dilō tsa pele,” e leng go perofesa ka boammaaruri. Go ne go sena ope wa yone o o neng a kgona go dira jalo. Jehofa o ne a retologela mo bathong ba gagwe a ba raya a re: “Lona lo bashupi ba me . . . me ke Nna Modimo.” Merafe eno e ne e sena sepe se e ka supang ka sone gore medimo ya yone e ne e nnile teng pele ga Jehofa kana gore e ne e kgona go perofesa. Mme lefa go ntse jalo Jehofa ene o ne a bolelela pele ka go ripitliwa ga Babelona le go gololwa ga batho ba gagwe mo botshwarong.
12 Mo godimo ga moo, batlhanka ba Modimo ba ba neng ba gololwa ba ne ba ka bolela gore ‘ke ba ga Jehofa’ jaaka go tlhalosiwa mo go Isaia 44:1-8. Ene ka boene o ne a bolela jaana: “Ke Nna oa ntlha, ke bile ke Oa bohèlō, me kwa ntlè ga me ga go na Modimo opè.” Medimo eno ya disetwa ga gona sepe se e se latolang. “Lona lo bashupi ba me,” Jehofa o ne a bolela gape jalo ka batho ba gagwe, o oketsa jaana: “A go na le Modimo moñwe kwa ntlè ga me? E, ga go na Lehika lepè.”
13. Ke eng se kobamelo ya medimo ya disetwa e se senolang ka moobamedi wa yone?
13 Gape re itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa ka gonne go tsenelela mo go yone go supa gore re tlhoka botlhale. Moobamedi wa medimo ya disetwa o dira modimo o a tla o obamelang ka karolo nngwe ya setlhare se a se itlhophetseng, mme ka karolo e nngwe a gotse molelo go ikapeela dijo. (Isaia 44:9-17) Abo seo e le boeleele jang ne! Motho yo o dirang medimo ya disetwa kana yo o e nayang tlotlo o tlhabiwa ke ditlhong gape ka gonne a sa kgone go naya bosupi jo bo tletseng jwa gore ke medimo. Mme lefa go ntse jalo kwa ntle ga pelaelo Jehofa ke Modimo, ka gonne a ne a se ka a bolelela pele fela gore batho ba gagwe ba tla gololwa go tswa kwa Babelona mme gape o ne a dira gore ba gololwe. Jerusalema e ne ya nniwa gape, metse ya Juda e ne ya agiwa sesha, le “lediba ye le boteñ” la Babelona—Noka ya Euferatese—e ne e sa tlhole e kgona go ba sireletsa. (Isaia 44:18-27) Gape fela jaaka Modimo o ne wa bolelela pele, Kurose wa Moperesia o ne a gapa Babelona.—Isaia 44:28–45:6.
14. Mo Kgotlatshekelong E Kgolo ya Lobopo Lotlhe, ke eng se se ntshediwang bosupi jo bo tla nnelang ruri?
14 Medimo ya disetwa e ne ya fenngwa mo kgetsing e e neng e le malebana le gore e supe gore ke medimo. Mme seo se neng sa diragalela Babelona se tlile go diragalela le setshwani sa gagwe sa motlha wa segompieno e leng Babelona O Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Ene le medimo ya gagwe yotlhe, dilo tse bodumedi bo di dirisang, le dilo tsa kobamelo ya medimo ya disetwa di tla tloga di nyelela ka bosakhutleng. (Tshenolō 17:12–18:8) Kwa Kgotlatshekelong E Kgolo ya Lobopo Lotlhe, go tla ntshiwa bosupi jo bo tla nnelang ruri jwa gore Jehofa ke ene fela Modimo o o tshelang le o o boammaaruri le gore o diragatsa Lefoko la gagwe la boperofeti.
Go Isetsa Badimo Ditlhabelo
15. Moya o o boitshepo le setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di supa eng malebana le batho ba ga Jehofa le kobamelo ya medimo ya disetwa?
15 Batho ba ga Jehofa ba itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa gape ka gonne ba kaelwa ke moya wa Modimo le phuthego ya gagwe. Setlhopha se se laolang sa batlhanka ba ga Jehofa sa mo lekgolong la ntlha la dingwaga se ne sa bolelela Bakeresete ba bangwe jaana: “Go le Mōea o o Boitshèpō, go le rona, re hitlhetse go le molemō, go re, re se ka ra lo baea morwalō opè go hetisa dilō tse di chwanetseñ tse; Eboñ go re, lo ithibè mo diloñ tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le mo madiñ a dilō tse di tlhabilweñ, le mo diloñ tse di betilweñ, le mo boakeñ; tse e tla reñ ha lo ithibile mo go cōna, go bo go tla nna molemō mo go lona. Dumelañ.”—Ditihō 15:28, 29.
16. O ka tlhalosa jang ka mafoko a gago, seo Paulo a neng a se bolela kaga dilo tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo?
16 Lebaka le lengwe la go itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa ke go tila bodimona. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba Korintha jaana mabapi le Sejo sa Morena sa Maitseboa: “Tshabañ kōbamèlō ea medimo ea disètwa. . . . Senwèlō sa tshegōhaco se re se lebogèlañ, a ga se kabalanō le madi a ga Keresete? Senkgwè se re se ñathoganyañ, a ga se kabalanō le mmele oa ga Keresete? Ka rona ba re leñ bantsi, re senkgwè se le señwe hèla, re mmele o le moñwe hèla: gonne rotlhe re ya senkgwè se e leñ señwe hèla. Bōnañ Iseraela kaha nameñ: ba ba yañ ditlhabèlō, a ga ba na kabalanō le sebesho? Me kea bo ke reñ? a ke go re, se se isediwañ modimo oa sesètwa setlhabèlō ke selō señwe, kgotsa modimo oa sesètwa ka osi ke selō señwe? Me ka re, dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo, e señ Modimo: me ga ke rate loa bo lo na le kabalanō le badimo. Ga lo kake loa nwa senwèlō sa Morèna, le senwèlō sa badimo; ga lo kake loa yèla mo lomatiñ loa Morèna, le mo lomatiñ loa badimo. Kgotsa a ke go re, re huhanya Morèna? A re thata bogolo go èna?”—1 Bakorintha 10:14-22.
17. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Mokeresete o ne a ka ja nama e e iseditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo kafa tlase ga maemo afe, mme ka ntlha yang?
17 Karolo nngwe ya phologolo e ne e isediwa modimo wa disetwa setlhabelo, karolwana e nngwe e ne e isiwa kwa baperesiting, moobamedi le ene o ne a bona e nngwe go dira mokete. Lefa go ntse jalo, karolo e nngwe ya nama e ne e ka nna ya rekisiwa kwa mmarakeng. Go ne go se botlhale gore Mokeresete a ye kwa tempeleng ya medimo ya disetwa a ye go ja nama gone le mororo a ne a sa e jele gore ke karolo nngwe ya mokete, ka gonne seno se ne se ka kgopisa ba bangwe kana sa mo gogela mo kobamelong ya maaka. (1 Bakorintha 8:1-13; Tshenolō 2:12, 14, 18, 20) Go ntsha phologolo gore e isediwe modimo wa disetwa setlhabelo go ne go sa fetole nama ya yone, ka jalo Mokeresete o ne a ka nna a reka e nngwe ya yone kwa mmarakeng. Gape mo legaeng le a neng a ja mo go lone o ne a sa tshwanela go botsa gore nama eo e tswa kae. Mme lefa go ntse jalo fa mongwe a ile a bolela gore e ne e “isicwe setlhabèlo,” o ne a ka se ka a e ja, e le gore a se ka a kgopisa ope.—1 Bakorintha 10:25-29.
18. Bao ba neng ba ja sengwe se se neng se isediwa modimo wa disetwa setlhabelo ba ne ba amana jang le badimona?
18 Gantsi go ne go akanngwa gore morago ga mokete wa setlhabelo seo, modimo o ne o nna mo nameng ebile o ne o tsena mo mebeleng ya bao ba neng ba ja nama eo kwa moletlong wa moobamedi yoo. Fela jaaka batho bao ba neng ba ja mmogo diphologolo tse di neng di ntshiwa ditlhabelo ba ne ba nna seoposengwe, ka jalo bao ba neng ba ja diphologolo tse di ntshediwang ditlhabelo ba ne ba nna le seabe mo sebesong ebile ba ne ba nna le botsalano jo ba atamalaneng le modimo wa badimo yo o neng a emelwa ke modimo oo wa disetwa. Ka yone kobamelo eo ya medimo ya disetwa, badimona ba ne ba thibela batho gore ba se ka ba obamela Modimo o osi wa boammaaruri. (Yeremia 10:1-15) Ga go gakgamatse go bo batho ba ga Jehofa ba ne ba tshwanetse go ithiba mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo! Go ikanyega mo Modimong, go amogela kaelo ya moya wa gagwe o o boitshepo le ya phuthego ya gagwe, le go ikemisetsa gore re se ka ra amana ka gope le bodimona gape go itshupa e le selo se se maatla se se re tlhotlheletsang gore re itise kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa gompieno.
Ke Ka Ntlha Yang Fa go Tlhokega Gore Re Nne Re Itisitse?
19. Ke mofuta ofe wa kobamelo ya medimo ya disetwa o o neng o le gone kwa Efeso wa bogologolo?
19 Bakeresete ba itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa thata ka gonne go na le mefuta e le mentsi ya yone, ebile tota le selo se le sengwe fela sa kobamelo ya medimo ya disetwa se ka dira gore ba latlhe tumelo ya bone. Moaposetoloi Johane o ne a bolelela badumedi ka ene jaana: “Ikiheñ mo medimoñ ea disètwa.” (1 Yohane 5:21) Kgakololo eno e ne e tlhokega ka go bo ba ne ba dikologilwe ke mefuta e le mentsi ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Johane o ne a kwala a le kwa Efeso, motse o o neng o tletse ka ditiro tsa boitseanape le ditlhamane tsa medimo ya maaka. Efeso e ne e na le nngwe ya dilo tse supa tse di gakgamatsang mo lefatsheng—tempele ya ga Aretemise, lefelo la botshabelo la dikebekwa le lefelo la mekete ya boitsholo jo bo sa siamang. Motlhalefi ebong Heracleitus wa kwa Efeso o ne a tshwantsha tselana e e lefifi e e neng e ya kwa sebesong seo sa tempele le lefifi le le boifisang, mme o ne a tsaya gore tsela e batho ba neng ba itshwara ka yone kwa tempeleng e ne e gaisiwa le ke ya dibatana tota. Ka gone, Bakeresete ba Efeso ba ile ba tshwanela go ema ba nitame kgatlhanong le bodimona, boitsholo jo bo sa siamang, le kobamelo ya medimo ya disetwa.
20. Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa go tila tota le eleng kobamelo e nnye fela ya medimo ya disetwa?
20 Bakeresete ba tlhoka go ititaya sehuba gore ba tile tota le yone kobamelo e nnye fela ya medimo ya disetwa ka gonne go obamela Diabolo gangwe fela go ne go tla tshegetsa selo se a gwetlhang ka sone sa gore batho ba ka se ikanyege mo Modimong fa ba lekwa. (Yobe 1:8-12) Satane o ne a bolela jaana fa a ne a bontsha Jesu “magosi aotlhe a lehatshe, le kgalalèlō ea aōna”: “Dilō cotlhe tse ke tla di gu naea, ha u ka wèla ha hatshe ua nkōbamèla.” Keresete o ile a tshegetsa letlhakore la ga Jehofa mabapi le kgangkgolo ya bolaodi jwa lobopo lotlhe fa a ne a gana mme go ne ga kaya fa Diabolo e le moaki.—Mathaio 4:8-11; Diane 27:11.
21. Ke eng seo Bakeresete ba ba ikanyegang ba ileng ba gana go se direla mmusimogolo wa Roma?
21 Balatedi ba pele ba ga Jesu le bone ba ne ba ka se obame ba tshegetsa letlhakore la ga Satane mabapi le kgangkgolo eno. Le mororo ba ne ba tlotla ‘babusi ba bagolo’ ba puso ka tsela e e tshwanetseng, ba ne ba ka se tshube maswalo go tlotla mmusimogolo wa Roma, lefa tota ba ne ba ka bolaelwa seo. (Baroma 13:1-7) Daniel P. Mannix o ne a kwala jaana malebana le seno: “Ke Bakeresete ba sekaenyana bao ba neng ba itatola, le mororo sebeso se se tukang molelo gantsi se ne se bewa mo patlelong gore ba nne gaufi le sone. Selo fela se legolegwa le neng le tshwanetse go se dira e ne e le go gasagasa lerolenyana la maswalo mo godimo ga kgabo ya molelo mme le ne le neelwa Setifikeiti sa Setlhabelo le bo le gololwa. Gape o ne a tlhalosediwa ka kelotlhoko gore o ne a sa obamele mmusimogolo; e ne e le go dumela fela gore mmusimogolo ke motho wa bomodimo jaaka tlhogo ya naga ya Roma. Lefa go ntse jalo, go ne go sena Bakeresete bape ba ba neng ba dirisa tshono eo gore ba falole.” (Those About to Die, tsebe 137) Fa o ka lebana le teko e e tshwanang, a o ka gana go obamela medimo ya disetwa ka mo go feletseng?
A O Tla Itisa Kgatlhanong le Kobamelo ya Medimo ya Disetwa?
22, 23. Ke ka ntlha yang o tshwanetse go itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa?
22 Ka phepafalo, Bakeresete ba tshwanetse ba itisa mo mefuteng yotlhe ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Jehofa o batla re mo obamela ka mo go feletseng. Bahebera ba bararo ba ba ikanyegang ba ile ba re neela sekao se se molemo fa ba ne ba gana go obamela setshwantsho se segolo sa disetwa se se neng se tlhomilwe ke kgosi Nebukadenesare wa Babelona. Mo tshekong ya lobopo lotlhe e e kwadilweng ke moperofeti Isaia, o bontsha fa Jehofa e le ene fela Modimo wa boammaaruri le o o tshelang. Basupi ba gagwe ba pele ba Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke go ithiba mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo. Ba le bantsi gareng ga bone ba ne ba se ka ba ineela fa ba ne ba gatelelwa go dira tiro epe fela ya kobamelo ya medimo ya disetwa e e neng e tla dira gore Jehofa a se ka a ba amogela.
23 Ka jalo, he, a o ntse o itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa ka namana? A o neela Modimo kobamelo e e feletseng? A o tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa ebile o mo tlotlomatsa jaaka Modimo wa boammaaruri le o o tshelang? Fa go le jalo, o tshwanetse wa ikemisetsa go tswelela pele o eme o nitame kgatlhanong le mekgwa ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Mme lefa go ntse jalo ke dintlha dife tsa Dikwalo tse di oketsegileng tseo di ka go thusang go nna o itisitse mo mofuteng mongwe le mongwe wa kobamelo ya medimo ya disetwa?
Dikgopolo tsa Gago Ke Dife?
◻ Kobamelo ya medimo ya disetwa ke eng?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a le kgatlhanong le kobamelo yotlhe ya medimo ya disetwa?
◻ Ke boemo bofe joo Bahebera ba bararo ba neng ba bo tsaya malebana le kobamelo ya medimo ya disetwa?
◻ Bao ba jang dilo tse di isediwang medimo ya disetwa ba ka amana jang le badimona?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itisa kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Le mororo matshelo a bone a ne a le mo kotsing, Bahebera bano ba bararo ba ne ba se ka ba tsenelela mo kobamelong ya medimo ya disetwa