LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w01 7/15 ts. 28
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Itisa Kgatlhanong le Kobamelo ya Medimo ya Disetwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Itise mo Kobamelong ya Mefuta Yotlhe ya Medimo ya Disetwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tumelo ya Bone E ne Ya Falola Teko e e Maswe Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Anaanela Kamano e o Nang le Yone le Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
w01 7/15 ts. 28

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo go 1 Petere 4:3, re utlwa gore Bakeresete bangwe ba kile ba bo ba nna le seabe mo ‘kobamelong e e seng kafa molaong ya medingwana.’ A kante ga se mefuta yotlhe ya kobamelo ya medingwana e e seng kafa molaong e Modimo a e iletsang?

Ee, Modimo o leba mefuta yotlhe ya kobamelo ya medingwana e se kafa molaong. Batho ba ba batlang a ba amogela ga ba a tshwanela go obamela medingwana.—1 Bakorintha 5:11; Tshenolo 21:8.

Le fa go ntse jalo, go bonala moaposetoloi Petere a ne a bua ka kobamelo ya medingwana ka tsela e sele. Lebaka lengwe ke gore, bontsi jwa ditšhaba tsa bogologolo di ne di rata go obamela medingwana thata e bile babusi ba tsone ba ne ba e letlelela semolao. Ke gore, molao wa naga o ne o sa iletse kobamelo eo ya medingwana. Tota e bile, mefuta mengwe ya kobamelo ya medingwana e ne e le karolo ya molao wa setšhaba kana puso. Ka tsela eo, bangwe ba ile ba nna le seabe mo ‘kobamelong ya medingwana e e neng e sa ilediwe semolao’ pele ga ba nna Bakeresete. (New World Translation, kgatiso ya 1950) Ka sekai, o ka gopola gore Kgosi Nebukadenesare wa Babelona o ne a tlhoma modingwana wa setshwantsho sa gouta, mme batlhanka ba ga Jehofa Shaderake, Meshake le Abedenego bone ba ne ba gana go se obamela.—Daniele 3:1-12.

Kgang e nngwe ke gore, mekete e le mentsi ya kobamelo ya medingwana e ne e akaretsa ditiro tse di maswe thata tse di sa dumalaneng le molao wa tlholego kana wa boitsholo wa segakolodi se re tsalwang re na le sone. (Baroma 2:14, 15) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a bua ka ditlwaelo tse di “fapaaneng le tlholego” le tse di “ferosang sebete,” mme gantsi dilo tseno di ne di dirwa mo meketeng ya bodumedi. (Baroma 1:26, 27) Banna le basadi ba ba neng ba inaakantse le kobamelo e e seng kafa molaong ya medingwana ba ne ba sa tseye tsia dithibelo tsa semolao tsa tlholego tse batho ba nang le tsone. Ruri go ne go tshwanela go bo batho ba ba neng ba fetoga Bakeresete ba ne ba tlogela ditlwaelo tseo tse di sa siamang.

Mo godimo ga dintlha tseno tse di fa godimo, Jehofa Modimo o ne a kgala mefuta eo ya kobamelo ya medingwana e e neng e atile mo bathong ba e seng Bajuda. Ka gone e ne e se kafa molaong.a—Bakolosa 3:5-7.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mafoko a Segerika a 1 Petere 4:3 totatota a kaya “kobamelo e e seng kafa molaong ya medingwana.” Mafoko ano a ranotswe ka ditsela tse di sa tshwaneng mo Dibaebeleng tsa Seesemane ka ditlhaloso tse di jaaka “kobamelo e e sa letlelesegang ya medingwana,” “kobamelo e e ileditsweng ya medingwana” le “kobamelo e e seng ya semolao ya medingwana.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela