MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 31-32
Tshabang Kobamelo ya Medingwana
Tsela e Baiseraele ba neng ba leba kobamelo ya medingwana ka yone, e ka tswa e ne e tlhotlheleditswe ke tsela e Baegepeto ba neng ba e leba ka yone. Gompieno, kobamelo ya medingwana e ka nna ka ditsela tse di farologaneng, mme go ka nna thata gore re lemoge dingwe tsa tsone. Le fa gone re ka se ka ra obamela medingwana ka tlhamalalo, re ka nna baobamedi ba medingwana fa re letla gore dikeletso tsa bopelotshetlha di re kgoreletse go obamela Jehofa ka moya otlhe.
Ke dikarolo dife tsa botshelo jwa me jwa letsatsi le letsatsi tse di ka nkgoreletsang go obamela Jehofa, mme nka dira eng gore di se ka tsa nna botlhokwa thata mo go nna go feta go obamela Jehofa?