KAROLO YA BORARO
“Ke Tla . . . lo Phutha”—Jehofa o Solofetsa Gore Batho ba Gagwe ba Tla Boa ba mo Obamela ka Tsela E e Mo Itumedisang
SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Boporofeti jwa ga Esekiele jo bo tlhalosang gore batho ba Modimo ba tla boa ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang
Baiseraele ba ne ba gasame. Ba ne ba sa tlhole ba le seoposengwe ka gonne ba ne ba tlhanogetse Jehofa. Ba ne ba sa tlhole ba obamela Modimo ka tsela e e mo itumedisang e bile ba goga leina la gagwe mo seretseng, ka jalo, ba ne ba roba se ba se jetseng. Le fa gone Baiseraele ba ne ba hutsafetse, Jehofa o ne a laela Esekiele gore a bue boporofeti jo bo neng bo tla ba naya tsholofelo. Jehofa o ne a dirisa diponatshegelo tse di kgatlhang go kgothatsa Baiseraele ba ba neng ba le kwa botshwarwa le batho botlhe ba ba eletsang go mo obamela ka tsela e e mo itumedisang.