LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lmd thuto 3
  • Nna Pelonomi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Pelonomi
  • Rata Batho—Dira Barutwa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jesu a Ileng a se Dira
  • Re Ithuta Eng mo go Jesu?
  • Etsa Jesu
  • Bontsha Gore o Amega ka Batho
    Rata Batho—Dira Barutwa
  • Kaelwa ke “Molao wa Bopelonomi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Go Lwela go Nna Pelonomi mo Lefatsheng Leno le le Setlhogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Itumedise Jehofa ka go Supa Bopelonomi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Rata Batho—Dira Barutwa
lmd thuto 3

FA O SIMOLOLA MOTLOTLO

Jesu o fodisa monna yo o foufetseng.

Joh. 9:1-7

THUTO 3

Nna Pelonomi

Molaomotheo: “Motho yo o lorato . . . o pelonomi.”​—1 Bakor. 13:4.

Se Jesu a Ileng a se Dira

Jesu o fodisa monna yo o foufetseng.

BIDIO: Jesu o Fodisa Monna yo o Foufetseng

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Johane 9:1-7. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1. A Jesu o ile a simolola ka go rerela monna yono kgotsa ka go mo fodisa?​—Bona Johane 9:35-38.

  2. O akanya gore ke eng fa monna yono a ile a reetsa Jesu fa a ne a mo rerela?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Motho a ka reetsa molaetsa wa rona fa a lemoga gore re amega ka ene.

Etsa Jesu

3. Leka go akanya gore motho yoo o ikutlwa jang.

  1. Ipotse go re: ‘A ka tswa a tshwenyegile ka eng? Ke eng se se ka mo kgothatsang?’ Go ipotsa dipotso tseno go tla go thusa gore o nne pelonomi.

  2. Bontsha gore o amega ka motho ka go mo reetsa. Fa a go bolelela gore o ikutlwa jang kgotsa a go tlhalosetsa mathata a gagwe, o se ka wa bua ka sengwe se sele.

4. Nna botsalano e bile o bue ka tlotlo. Tsela e o buang ka yone e ka dira gore motho a lemoge gore o mo utlwela botlhoko e bile o batla go mo thusa. Bua ka bonolo, mme o se ka wa phatloga fela o bua dilo tse di ka mo kgopisang.

5. Mo thuse. Fa go kgonega, mo thuse ka dilo tse a di tlhokang. Seno se ka dira gore a reetse molaetsa wa rona.

BONA LE

Bar. 12:15, 16; Bagal. 6:10; Baheb. 13:16

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela