LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lmd thuto 5
  • Nna Maitseo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Maitseo
  • Rata Batho—Dira Barutwa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Paulo a Ileng a se Dira
  • Re Ithuta Eng mo go Paulo?
  • Etsa Paulo
  • ‘Leka ka Natla go Itse Modimo, Mme o Tla Kgona’
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Nna Boikokobetso
    Rata Batho—Dira Barutwa
  • O Ikutlwa Jang ka Batho Ba o ba Rerelang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Re ka Lebelela Tshiamo ya Boammaaruri go Tswa go Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Rata Batho—Dira Barutwa
lmd thuto 5

FA O SIMOLOLA MOTLOTLO

Moaposetoloi Paulo o rerela batho ba kwa Athena.

Dit. 17:22, 23

THUTO 5

Nna Maitseo

Molaomotheo: “A ka metlha mafoko a lo a buang e nne a a itumedisang.”​—Bakol. 4:6.

Se Paulo a Ileng a se Dira

Moaposetoloi Paulo o rerela batho ba kwa Athena.

BIDIO: Paulo o Rerela Baathena

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Ditiro 17:22, 23. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1. Paulo o ile a ikutlwa jang fa a bona medingwana kwa Athena?​—Bona Ditiro 17:16.

  2. Go na le gore Paulo a kgale Baathena, o ile a dirisa jang se ba se dumelang gore a ba rerele?

Re Ithuta Eng mo go Paulo?

2. Fa re le maitseo e bile re tlhopha nako e e siameng ya go bua le batho, ba ka re reetsa.

Etsa Paulo

3. Tlhopha mafoko ka botlhale. Ka sekai, fa re bua le mongwe yo o sa dumeleng mo go Jesu, re ka nna ra tshwanelwa ke go nna kelotlhoko gore re tlhopha mafoko afe fa re bua ka Baebele le fa re bua ka Jesu.

4. O se ka wa itlhaganelela go mmontsha gore se a se dumelang se phoso. Mo letle gore a tlhalose se a se dumelang. Fa a bua sengwe se se sa dumalaneng le Baebele, o se ka wa ngangisana le ene. (Jak. 1:19) Fa o mo reetsa, o tla kgona go itse se a se dumelang le gore ke eng fa a se dumela.​—Diane 20:5.

5. Dumalana le ene o bo o mo akgole fa go tlhokega. A ka tswa a akanya gore dilo tse a di dumelang di boammaaruri. Simolola pele ka go tlotla le ene ka dilo tse lo dumalanang ka tsone, mme fa nako e ntse e tsamaya mo thuse go tlhaloganya se Baebele e se rutang.

BONA LE

Diane 25:15; 2 Tim. 2:23-26; 1 Pet. 3:15

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela