LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lmd thuto 8
  • Nna Pelotelele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Pelotelele
  • Rata Batho—Dira Barutwa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jesu a Ileng a se Dira
  • Re Ithuta Eng mo go Jesu?
  • Etsa Jesu
  • Tswelela o le Pelotelele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Ruta ka Dibidio
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Setlhabelo sa ga Jesu Se ka Go Tswela Mosola
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Bontsha Gore o Amega ka Batho
    Rata Batho—Dira Barutwa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Rata Batho—Dira Barutwa
lmd thuto 8

FA O DIRA MAETO A GO BOELA

Jakobe o a betla. O gakgametse fa a bona Jesu a tla kwa go ene.

Joh. 7:3-5; 1 Bakor. 15:3, 4, 7

THUTO 8

Nna Pelotelele

Molaomotheo: “Motho yo o lorato o pelotelele.”​—1 Bakor. 13:4.

Se Jesu a Ileng a se Dira

Jakobe o a betla. O gakgametse fa a bona Jesu a tla kwa go ene.

BIDIO: Jesu o Thusa Monnawe a le Pelotelele

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Johane 7:3-5 le 1 Bakorintha 15:3, 4, 7. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1. Bomonnawe Jesu ba ile ba dira eng fa a ne a ba rerela?

  2. Jesu o ile a bontsha jang gore ga a ka a tlhoboga Jakobe?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Re tlhoka go nna pelotelele ka gonne go ka tsaya lobaka lo loleele gore batho bangwe ba amogele dikgang tse di molemo.

Etsa Jesu

3. Leka ditsela tse dingwe. Fa motho a sa dumele go ithuta Baebele le wena, o se ka wa mo pateletsa. Dirisa dibidio le ditlhogo dingwe go mo thusa gore a tlhaloganye gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang le gore e ka mo tswela mosola jang.

4. O se ka wa mmapisa le batho ba bangwe. Batho ga ba tshwane. Fa mongwe mo lelapeng kgotsa mongwe yo o kopaneng le ene mo tshimong a sa batle go ithuta Baebele kgotsa a sa dumele sengwe se Baebele e se rutang, ipotse gore lebaka e ka tswa e le eng. A go ka tswa go na le sengwe se a se ratang thata se a se rutilweng kwa kerekeng? A o tshaba gore ba losika le baagelani ba tla reng? Mo fe nako ya go akanya ka se lo tlotlileng ka sone, le ya go lemoga gore se Baebele e se rutang se botlhokwa.

5. Mo rapelele. Kopa Jehofa gore a go thuse gore o se ka wa mo tlhoboga le gore o se ka wa mo pateletsa go ithuta. Gape mo kope gore a go thuse go lemoga fa motho a sa kgatlhege le gore o tlogele leng go mo etela.​—1 Bakor. 9:26.

BONA LE

Mar. 4:26-28; 1 Bakor. 3:5-9; 2 Pet. 3:9

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela