Kopano ya Kgaolo ya “Kagiso ya Bomodimo”—Ke Sone Fela Se Re Neng Re Se Tlhoka!
“DIPELO di ile tsa fitlhelelwa le maikutlo a amega.” “Jehofa o ne a dira moletlo wa dijo tse dintsi tse di eletsegang.” “Dipolelo di ne di tlhamaletse le go tsepama.” “Ke sone fela se re neng re se tlhoka gone JAANONG!” “Seno ke se tota re neng re se tlhoka!”
Seno ke mofuta wa dikakgelo di le dintsi tsa kanaanelo tse di neng tsa utlwiwa ka Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya 1986 ya “Kagiso ya Bomodimo.” Dikakgelo tsotlhe tseo di ne tsa bontsha gore bao ba neng ba le gone ba ne ba ile ba reetsa kgakololo e e neng ya neelwa ke modula-setilo le ke puo e e simololang: “Utlwañ, Lo Tlhaloganyè.”
Ereka jaana kgang kaga kagiso e tlotlomadiwa thata mo Lefokong la Modimo, lereo leo le le bonalang go feta makgetlho a le 300 mo Bibeleng, le ne le tshwanela thata gore le dirwe setlhogo sa dikopano tsa kgaolo tsa rona tsa 1986. Tota, Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tse 18 tse di simololang mo go Baroma go ya kwa go Tshenolō di simolola ka dipolelo tse di jaaka, “Tshegōhaco e nnè le lona, le kagishō a e lo totahalèlè.” Se se tshwanetseng go tlhokomelwa ke gore mo Dikwalong tsa Sehebera lefoko le le ranoletsweng ka gore “kagishō” ke sha·lohmʹ, leo le sa reyeng fela go sa nneng gone ga ntwa le kgotlhang mme gape le kayang boitekanelo, letlotlo, le molemo.—1 Petere 1:2.
Go ne ga buiwa ka kagiso gangwe le gape go ralala thulaganyo yotlhe. Jaaka sebui sa puo ya setlhogo se ne sa otlelela, Jehofa ke “Modimo oa kagishō” le ‘Modimo o o nayang kagiso.’ Morwawe, eleng “Kgosana ea Kagishō,” o ne a solofetsa balatedi ba gagwe kagiso. (Bafilipi 4:9; Baroma 16:20; Isaia 9:6; Yohane 14:27; 16:33) Sebui sa puo ya setlhogo se ne sa bontsha gore kagiso eo rona Basupi re e ipelelang ke ya mofuta wa yone fela ka go bo ga e a ikaega ka maemo a a ka kwantle. E ikaegile ka go tlotla ga rona taolo, mo eleng lone lebaka la go bo lefatshe le sena kagiso—ga le na tlotlo epe mo Taolong e kgolo go di feta tsotlhe, ebong Jehofa Modimo. Isaia o ne a tlhalosa seno sentle fa a re: “A bo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me, kagishō ea gago e ka bo ne ne hano e nntse yaka noka.”—Isaia 48:18.
Gareng ga dikakantsho tse di thusang tse di neng tsa neelwa gore re tle re ipelele kagiso ya bomodimo ka botlalo e ne e le gore re leke thata gore mo pokanong nngwe le nngwe re tseye ntlha e le nngwe e e dirang ya kgakololo go direla mo go yone. Polelo eno e ne ya bontsha gore go nna badira-kagiso ga go a lekana gore re bo re le ba ba kagiso fela; re tshwanetse go berekela kagiso, re ikemiseditse go ineela ka maikaelelo a gore kagiso e nne teng.
Dinao tse di Tlamilweng ka Mafoko a a Molemo a Kagiso
Molaetsa wa rona o bidiwa “mafoko a a molemo a kagiso” kafa tshwanelong. (Baefesia 6:15) Re ile ra amogela kgakololo e le ntsi e e molemo ya kafa re ka neelang ba bangwe mafoko a a molemo a kagiso ka gone. Puo e e dikarolo di tharo kaga bodihedi jwa rona e ne ya thusa thata tebang le tiro eno. Sebui santlha se ne sa bontsha kafa bodihedi jwa rona jwa ntlo le ntlo bo nnileng ka gone lotshwao lwa Basupi ba ga Jehofa. Ereka jaana tiro eno e se motlhofo, re supa lorato lwa rona go Modimo le go motho ka go tshwarega mo go yone. Go nna ba ba tsweletseng sentle, re tshwanetse go bula mogopolo le go feto-fetoga, re boloka direkoto tse di tsepameng le go etela batho ka dinako tse di farologanyeng gore re tle re fitlhelele botlhe.
Gore re tle re dire barutwa, sebui sa bobedi se ne sa tlhalosa gore re tshwanetse go tswelela-pele re dira maeto a a boelang mo bathong ba ba kgatlhegang, re dira jalo ka maikutlo a mantle. Re tshwanetse go kgatlhegela batho ba re ba etelang thata, morago ga re sena go kwala mo loetong lwantlha gore ke eng se se kgatlhileng mong wa ntlo. Re tlhomamise gore mong wa ntlo o ithuta sengwe se sesha mo leetong lengwe le lengwe le le boelang.
Sebui sa boraro se ne sa bontsha kafa diithuti tsa Bibela di ka thusiwang go nna Basupi ka gone fa re fitlhelela dipelo tsa bone ka dipotso tse di batlang pono. Re batla go bontsha kgatlhego ya mmatota mo go bone ka go ba lemotsha phuthego ya Modimo, re ba thusa go ya kwa dipokanong, re ba etela ka dinako tse dingwe, le eleng go ba laletsa kwa magaeng a rona. Mo dingwageng tse di fetileng tse 35, baithuti ba Bibela ba ile ba oketsega go menaganye ga some.
Morago ga dipuo tseno tse di tlhomaganyeng, go ne ga otlelelwa kafa go tlhokafalang ka teng gore re bontshe tlhoafalo go tlhakanela mo mafokong a a molemo a kagiso gongwe le gongwe kwa go ka kgonegang teng le tlase ga maemo otlhe. Dingwaga tsa rona ga se sekgoreletsi sepe. Bana ba bannye le ba ba setseng ba fitlhile mo dingwageng tsa bo-90 ba ntse ba tsweletse ka go rera. Bangwe ke babulatsela, kana bareri ba nako e e tletseng, lemororo ba foufetse gotlhelele. Bangwe ba ntse ba a bulatsela lemororo e le bosusu, mme ba bangwe lemororo ba tsamaya ka ditilo tsa maotwana. Banyalani bangwe ba babulatsela ba tsamaya le bana ba bone ba babotlana ba le barataro mo tirelong ya tshimo.
Kgakololo e e neng e tshwanela thata e ne e le e e reng “Dira Bojotlhe jwa Gago ka go Nna le Seabe mo Tirelong ya Nako e e Tletseng.” Tirelo ya nako e e tletseng ke tsela ya botshelo e e kgotsofatsang thata, e e duelang thata. Fa ba sena go simolola go bulatsela, babulatsela ba ne ba kgothalediwa go dira bojotlhe jwa bone go nnela ruri mo tirelong ya nako e e tletseng.
Jaaka kwa dikopanong tse di fetileng, re ne ra ikutlwela mo baboleding ba nako e telele ba mafoko a a molemo, bangwe ba setse ba ile ba direla ka dingwaga tse di tlogang go 30 go ya go tse 70. Ba ne ba bolela kaga boipelo jwa bone mo go rereng mafoko a a molemo. Ruri go ne go kgothatsa go utlwa kafa ba ileng ba fenya ka gone dikgoreletsi gore ba tle ba tswelele mo bodiheding. Ka motlhala, mokaulengwe mongwe gaa ka a palelwa ke go nna le karolo mo bodiheding jwa tshimo lefa e le kgwedi e le nngwe mo dingwageng di le 43 tsa tirelo.
Kgakololo ya Maloko a Lelapa
Kgakololo e e molemo mo go ba lelapa e ne e tlhokafala thata ponong ya matshosetsi ao tsamaiso ya dilo e e boikepo e a tlisang mo go ba ba mo lelapeng la Bokeresete. Basha ba ne ba bodiwa ga twe, “A Lo Dira Kgatelopele Semoyeng?” Gompieno ba le bantsi ba direla jaaka babulatsela ba nako e e tletseng le mo magaeng a Bethele. A mme go sa ntse go na le ba bangwe ba ba ka dirang jalo? Go bontsha botswelelopele mo semoyeng go raya go eteletsa thato ya Modimo kwa pele mo matshelong a rona. Go raya gape go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta le go tlhakanela ka metlha mo ditirong tsa phuthego le mo tirelong ya tshimo, gammogo le go nna le dikamano tse di molemo le ba ba godileng. Mme ebile go raya go sa ipelele lefa e le sepe se se ilediwang ke Lefoko la Modimo.
Karolo e nngwe e e dipolelo di le tharo tse di tlhomaganyeng e ne ya simolola ka potso e e gwetlhang e e reng, “A Legae La Gago ke Lefelo la Kagiso le Tapologo?” Selo sa konokono mo go seno ke go kgetha molekane yo e leng mosupi wa ga Jehofa yo o eteletsang dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele mme ebile a bontsha loungo lwa moya wa Modimo. Gore legae le nne lefelo la boikhutso le kagiso, monna o tshwanetse go etelela-pele mo dilong tsa semoya, mme o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka mmele wa gagwe. Mosadi o tshwanetse go tshegetsa le go tlotla monna wa gagwe thata. Go bile go tlhokafala thata gore lo rapele mmogo mme lo seka lwa naya Diabolo sebaka. Bana ba ka tlaleletsa mo go direng legae lefelo la kagiso le boikhutso ka go nna kutlo le go dirisana mmogo. Dibofo tsa lelapa di a nonofa fa malapa a ithuta Bibela le dibuka tsa Bibela mmogo.—Pesalema 34:11.
Se se neng se tlhokafala thata e ne e le puo e e neng ya latela, “A Go Kgaogana ke Tsela ya Gore go Nne le Kagiso mo Lenyalong?” Karabo e ne ya nna efe? Gongwe mo bathong ba lefatshe eseng mo Basuping! Mo go bone, kgaogano ga se tsela e e motlhofo ya go tshaba lenyalo le le nang le mathata. Moko otlhe wa kgakololo kaga lenyalo ke gore ba nne ba le mo kutlwanong. Kgaogano ke eo e nang le diphelelo tse di gobatsang mo baneng ba ba kopanyelediwang, mme ebile go na le loungo lo longwe gape lo lo bosula. Fa go buiwa ka tlhamalalo, kgaogano ke go dumela gore e ka ne molekane yo mongwe kana boo-babedi ga ba supe loungo lwa moya.—Bagalatia 5:22, 23.
Bakeresete ba ba sa nyalang ba ne ba fiwa kgakololo e e molemo ke puo e e reng “A Motho yo o sa Nyalang o Tshwanetse go Ikutlwa a sa Felela?” Legoka! Ereka jaana bodihedi e le jone motheo wa matshelo a rona, re ka nna ba ba feletseng re sa nyala kana re nyetse. Tota, jaaka Paulo a bontsha, Bakeresete ba ba sa nyalang ba na le melemo mengwe. Ka go tlhagolela thitibalo, ba ka ipelela neo ya go sa nyala mme ba e dirise ka botlalo.—1 Bakorintha 7:32-34.
Kakololo e e Tlhokafalang mo go Tsheleng ka Tsela e e Phepa
Maemo a a ntseng a senyegela pele a boitsholo a lefatshe leno a feletse ka gore palo e e rileng ya Basupi ba kgalemelwe kana le e leng go kgaolwa ka ntlha ya boitshwaro jo bo sa siamang. Jalo a bo go tshwanela jang ne go bo go nnile le kgakololo e e tlhamaletseng mo dikgannyeng tseno tsa boitshwaro! Go ipelela kagiso ya bomodimo, re tshwanetse go disa boitshwaro jwa rona ka dinako tsotlhe. Ka sekai, seno se ne sa phepafadiwa mo puong e e neng e re “Tila Dirai tsa Go Itlosa Bodutu.” Dinako tsa maitiso di ka itumedisa thata, mme fa re sa itlhokomele, di ka itlhakanya motlhofo fela le ditiro tsa rona tsa bolegodimo mme di felele ka bomaswe. Pelo e e sa itekanelang ya motho e boferefere mme ebile e iketleeleditse go sola molemo paka nngwe le nngwe ya go tshameka ka boitsholo jo bo sa siamang. Mme maitiso a batho ba le bantsi ke one ao segolobogolo a bakang dikotsi tse di masisi, mme le one mmino o o senyang maitsholo.—1 Bakorintha 15:33.
Go boloka kagiso ya rona ya bomodimo, re tshwanetse go “Tila ‘Moya’ o o Diphatsa wa Lefatshe Leno.” Jaaka moya oo re o hemang, moya wa lefatshe leno o o bogagapa le wa botlhoka-kutlo ke o o re dikologileng. Puo e ne ya bua ka mefuta e e ferang-bongwe ya moya o o bolayang, o o gareng ga one e neng e le go ipaya kotsing ya go dira boitsholo jo bo sa siamang, kapari e e feteletseng le boipaakanyo mmeleng, go sa dirise dijo le dino ka selekanyo, go tshwakgolwa ke metshameko, le motho go itlotlomatsa ka lotso lwa gagwe. Fa o ka tswelela pele o ntse o hema moya ono o tla go bolaya semoyeng.
Kgang eno e ne ya otlelelwa ke polelo e nngwe gape e e neng e re “A O Nna O le Phepa Ka Tsela Nngwe le Nngwe?” Botlhaswa bo re dira molato wa go nna baitimokanyi. Go nna le segakolodi se se molemo, re tshwanetse go ipoloka re le phepa mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo maitsholong, le mo semoyeng. Ka jalo re tshwanetse go ‘ila se se bosula,’ ‘go ila se se boikepo.’ Seno se akareletsa go tlhoa dipolelo tsa lefela tsa batenegi.—Pesalema 97:10; Baroma 12:9.
Puo e e molemo e e neng e re “Kotlhao ya ga Jehofa e Tlhagisa Loungo lwa Kagiso” e ne e tshwanela fano. Jehofa ke Mootlhayi yo mogolo, mme o re otlhaya ka go bo a re rata. Ga go ope wa rona yo o ka se otlhaiweng ke ene. Le eleng ene Morwa Modimo tota! (Bahebera 5:8) Ee, kotlhao thata-thata e raya go thapisa, mme ga se titeo ka metlha yotlhe, mme go solegelwa molemo ke ditsela tse dintsi tse Modimo a e diragatsang ka tsone, retshwanetse go nna batho ba ba ikanyegang—mme ra ipoloka re ikokobeditse!
Puo e e neng e re “Tswelang Pele Lo Agana” e ne ya fa kgakololo e e molemo mabapi le puo ya rona. Abo re ka dira kgobatso e kgolo jang ne ka go bua ka kgakgabuelo, ka go nyatsa, kana go ngongorega! Ke boammaaruri, ga go motlhofo go laola loleme. Jalo he, re ne ra gakololwa gore ‘re seka ra sebana.’ (Yakobe 4:11) Lorato lwa bakaulengwe lo tla dira gore re itlhokomele. Mme pele ga re ka bua lefa e le eng, lo tla dira gore re ipotse re re: “A tota seo ke boammaaruri?” “A ke tshwanetse go bua ka sone?” “A se tla agelela?”
Go Tlhatlhoba Dipolelelo-pele
Puo nngwe le nngwe e ne ya tlhalosa kaga dipolelelo-pele tse di tlhotlheleditsweng go re fa ditshupo le kgothatso. Ka gone, mo puong e e reng “Dikatlholo tsa Modimo—Ga Di Ratiwe ke Lefatshe,” sebui se ne sa otlelela gore ga re na mafoko a a molemo fela go a rera kaga paradaise mme gape, jaaka Jeremia, re bua kaga dikatlholo tse di tlang tsa Modimo. (Yeremia, dikgaolo 6 le 7) Fela jaaka Jeremia ka bopelokgale a ne a senola dithuto tsa maaka le ditlwaelo tse di bodileng tsa baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe, mme le rona re ne ra kgothalediwa go dira jalo.
Puo e e neng e re “Motlha wa go Lekwa le go Heherwa” e ne ya bontsha kaga tiragatso ya motlha wa segompieno ya ga Malaki 3:1-3. Ruri, batho ba ga Jehofa ba ile ba phepafadiwa mo dithutong le mo ditlwaelong tsa maaka tsa Babelona. Go thaiwa ga thulaganyo ya bolegodimo le go lemoga gore bodihedi jwa ntlo le ntlo ke dilo tse di botlhokwa thata e ne e le dingwe tsa dintlha tse di molemo tse sebui se neng sa di tlhalosa.
Re ne ra nna le polelo e nngwe gape e e molemo eo sebui se neng sa bua ka dikgaolo 11 le 12 tsa ga Daniele. Setlhogo sa yone se ne se re “Masaitsiweng a a Boitshepo a a Kanolotsweng a Tlhagisa Tsholofelo e e Ikanyegang ya Kagiso.” Kgotlhang e e magareng ga kgosi ya bokone le ya borwa e dira kgoberego mo lefatsheng. Go tswa boperofeting jwa ga Daniele, re ka bona gore dikgosi tseno ga di kitla di khutlisa diphapaang tsa tsone. Ke Mikaele fela yo o ka tlisang kagiso ya go ya go ile.
Polelo e nngwe e e neng e tlhalosa kaga dipolelelo-pele tse di tlhotlheleditsweng e ne e le e e reng “Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga ‘Kgōsana ea Kagishō.’” E ne ya tlhalosa kaga Isaia 9:6, 7 le moko wa ditemana tseo, e bontsha gore polelelo-pele eo ka tshwanelo e ne e raya Jesu Keresete. Sebui fa se digela se ne sa tlhalosa ka gore Mikaele o tla “digela tiro ya gagwe e e tsabakelang ka phenyo ka Hara-Magedona eo e se kitlang e lebalwa go ya fela ka bosakhutleng . . . Jalo, he, lona lotlhe Basupi ba ga Jehofa, gatelang pele go tlotlomala thata mo lefatsheng lotlhe, lo ikantse gotlhelele mo Modimong wa lona, le mo Kgosing ya gagwe e e busang, ‘Kgōsana ea Kagishō!’ Bontshang botlhoka-poifo jo bo tlhamaletseng mo bonokwaneng jwa lefatshe jwa jaanong . . . Tlhokomelang lotlhe fela ditshupo le dikgakgamatso ka go tlotla Jehofa!” Seno ruri e ne e le nngwe ya dipuo tse di tshikinyang thata tsa kopano.
Anaanelang Bao Ba Etelelang Pele
Karolo ya dipuo tse pedi tse di tlhomaganyeng ya setlhogo se se neng se re “Balebedi Bao Ba Godisag Dikgatlhego tsa Kagiso” eleruri e ne ya re thusa go anaanela ba ba eteletseng pele. Sebui santlha se ne sa tlhalosa kaga seabe sa balebedi ba ba etang mme a bontsha gore, tota-tota ruri, ba tshwanelwa ke tlotlo-sebedi ka ntlha ya ditiro tsa bone tse dintsi. Tseno di akareletsa go fa dipuo, go thusa fa go na le mathata, go thapisa bakaulengwe mo go neeleng bosupi, le mo go eteleng batho ba ba lwalang mo mmeleng le mo semoyeng. Tota ruri, balebedi botlhe ba ba etang go tlhokafala gore re ba bontshe tsholo le tirisano-mmogo e e tletseng tse di tshwanang le tsa ga Lidia.—Ditihō 16:15.
Sebui sa bobedi se ne sa tlhalosa kaga ditiro tsa bagolwane le seabe se ba nang naso go rotloetsa kagiso mo phuthegong. Ba ka dira seno ka go ipaakanyetsa le go tsamaisa dipokano, ba dira maeto a bodisa, ba dirisanya le dikgang tsa katlholelo, ba etelela-pele mo tirelong ya tshimo, le go tlhoma sekao se se molemo mo boitshwarong le mo botshelong jwa lelapa. Tota ruri, rona rotlhe re tshwanetse go bontsha kanaanelo mo bagolwaneng ba ba tlhophilweng ka go ba utlwa le go ineela mo go bone, jaaka re gakololwa go Bahebera 13:17.
“Go Tshwanelega le go Nna le Boemo jo bo Molemo” e ne ya nna puo eo e neng ya tlhalosa sentle kafa bagolwane ba ba tshwanelegang ba tlhokafalang ka gone ka ntlha ya koketsego e kgolo ya Basupi. E ne ya bontsha kafa bakaulengwe botlhe ba ba ineetseng ba eseng bagolwane ba ka tshwanelegelang ditshiamelo tse dikgolwane ka teng. Mme segolo-bogolo puo eo ene ya kgothatsa bao ba neng ba tshwanelega mme ba sa bone go tlhokafala gore ba atolose tirelo ya bone go ipotsa ka gore, Ke eng fa ke ikgogona?
Menate e Mengwe ya Semoya
Puo e e neng ya anaanelwa thata e ne e le e e reng “A O Kgotsofalela Dipaakanyetso tsa ga Jehofa?” Re ne ra utlwa ka dikao tse di mo Bibeleng tsa bao ba neng ba anaanela dipaakanyetso tsa semoya tse Modimo a neng a di ba file le ba ba neng ba seka ba di anaanela. Fa re ntse re tsweletse pele ka go amega ka ditlhokafalo tsa rona tsa semoya, re tla kgotsofadiwa ke dipaakanyetso tsa ga Jehofa mme seo re ka se supa. Jang? Ka go sola lobaka molemo go ithuta Bibela ka namana mme le ka go ithapisa fa re le kwa dipokanong gore re bapale mo gontsi mo go tsone.
Seo go ka bolelwang fa e le sone se neng sa tsosa kgwetlho e nngwe gape mo bomoyeng jwa rona se ne sa umakiwa mo puong e e reng “Dithapelo tsa Gago di Botlhokwa go le Kana Kang?” Go ne ga akantshiwa gore re ipotse ka gore: A ke fetotse dithapelo tsa me go nna tse di boelelwang, go nna seomodiro fela, kana tse di potlakelwang, jaaka ekete ke tshwaregile thata go buisanya le Modimo? Mo thapelong, re atamela Motho yo mogolo thata mo lobopong lotlhe. Gore dithapelo tsa rona di nne masisi, Modimo o tshwanetse go nna wa sebele go rona. Di tshwanetse go tswa mo dipelong mme ebile di tsepame, mme gape re tshwanetse go di akanyetsa.
Monate o mongwe gape e ne ya nna puo ya kolobetso, “Go Nna le Kagiso le Modimo ka Boineelo le Kolobetso.” Sebui se ne sa bontsha gore kolobetso ya rona e tshwana fela le paka e e masisi le e e itumedisang thata. Re agisanya le Modimo ka yone le go nna badihedi ba Basupi ba ga Jehofa ba ba tshwailweng. Mme boineelo jwa rona ga se go ikgolega fela, ka go bo re ka nna ra ikgolega ka dilo di le dintsi ka nako e le nngwe. Go na le moo, go ineela go raya boineelo jo bo feletseng go Setshedi sa Bomodimo, Jehofa Modimo.
Metshameko e mebedi ya Bibela e ne e le gareng ga dikarolo tse di kgatlhileng thata mo kopanong. Go Boloka Botshelo mo Nakong ya Leuba o ne wa bua ka polelo e e amang ya ga Josefa le bomorwa-raagwe, mme wa dira gore ba le bantsi ba itsheke dikeledi. Moya wa ga Josefa wa bopelontle, le go itshwarela ke sekao se se molemo-lemo mo go rona gore re ka se etsa. Polelo eo gape e na le se e se kayang kafa boperofeting. Motshameko wa bobedi, ebong Batla Tshiamo ya Modimo Gore o Falole, o ne wa neela kgakololo e e nonofileng thata mabapi le mathata a babotlana ba rona. O ne wa otlelela kafa go tlhokafalang ka teng go disa boitshwaro jwa rona, go eteletsa dikgatlhego tsa Bogosi jwa Modimo kwa pele, le go sa potlakele go atlhola maikutlo a ba bangwe.
Se se neng sa tshwanelana sentle le setlhogo sa kopano e ne ya nna puo ya phatlalatsa, e e neng e re “Kagiso Labofelo!—Fa Modimo a Bua.” Santlha, re ne ra utlwa kafa go neng ga senolwa ka gone boeleele jwa maipaakanyetso otlhe a nuklea le go tlhobosega ga seemo sa lefatshe kafa ponong ya batho. Ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo neelang tsholofelo ya mmannete. Go reetsa Modimo fa a bua go rayang? Ga go reye fela go reetsa ka kelotlhoko le go utlwisisa se Modimo a se buang mme gape go raya go dira sengwe ka seo a se buang. Jalo ga re ne re tsiediwa ke puo e e tsietsang e e reng “Kagiso le Polokesego!”
Puo e e digelang, e e reng, “Modimo wa Kagiso o re Tlhomeletse go Dira Thato ya Gagwe,” e ne ya busetsa batla-kopanong botlhe kwa gae ba ikutlwa ba itumetse mo dipelong ka ntlha ya mokete wa semoya o ba o ipeletseng mo malatsing a le mane. Tota ruri, kopano e ne ya re siamisetsa go feta lefa e le leng pele go dira thato ya Modimo. Ka jalo “a re gateleng pele re feditse mogopolo ka botlalo go dirang? Go gatela pele mo tirong e kgolo ya go rera ka Bogosi, ruri re anaanela kagiso ya rona ya bomodimo le sotlhe se e se rayang mo go rona!”
Mo United States, go ne ga tshwarwa dikopano di le 135 mo mafelong a le 65 a a farologanyeng ka dipuo di le 11. Palo-kakaretso ya ba ba nnileng gone e ne e le 1 276 578, mme ga kolobediwa ba le 12 603. Dikopano tse tharo kwa Yankee Stadium mo New York City di ne tsa nna le palo-kakaretso ya ba ba nnileng gone ba le 95 091, mme ga kolobediwa ba le 1 110.
[Lebokoso mo tsebe 30]
Dikgatiso tse Disha tsa Kopano ya “Kagiso ya Bomodimo”
Kgatiso ya ntlha go gololwa e ne e le bukana e e gatisitsweng sesha “Bōnañ! Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” kwa bokhutlong jwa puo e e neng e tlotla ka setlhogo seo. Jaanong ke bukana ya mebala e mene, e e kwadilweng ka mokwalo o mogolo mme ebile e tshotse tshedimosetso e e oketsegileng. E tshwanetse go tshwanela sentle go simolola ka yone dithuto tsa Bibela tsa magae.
Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe, le yone e ne e le bukana ya selekanyo sa makasine e e mebala e mene, e e neng ya gololwa la bobedi. Ke sedirisiwa se se molemo thata go tlwaelanya ba bangwe le ditiro tsa rona tse di farologaneng ebile e fa tshedimosetso kaga ditso tsa Basupi ba ga Jehofa.
Kgatiso e e neng ya gololwa laboraro e ne e le thuso ya go ithuta Bibela ya ditsebe tse 192 e e tla dirisiwang pele mo Dithutong tsa rona tsa Buka tsa phuthego. Setlhogo sa yone ke se se reng Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgosana ya Kagiso.”
Kingdom Melodies No. 7 e ne ya nna ya bone go gololwa, mme molotsana wa yone o mokhutshwane o ne wa kgatlha batla-kopanong.
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
1. Josefa a rekisiwa ke barwa-rraagwe mo motshamekong mo kopanong ya Basupi ba Makorea mo United States
2. Mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, F. W. Franz, a neela bareetsi puo mo kopanong
3. Bontlhabongwe jwa bareetsi mo Yankee Stadium, New York City
4. Diketekete di ne tsa kolobediwa go supa boineelo jwa tsone go Jehofa Modimo