LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 1/15 ts. 5-9
  • Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo ba a Kopana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo ba a Kopana
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “O Montle Jang . . . yo o Utlwatsang Kagiso”
  • ‘Kagiso ya Modimo e Feta Tlhaloganyo Yotlhe’
  • “Boloka Bongwefela . . . mo Sebofong se se Kitlanyeng sa Kagiso”
  • Ga o Ne o Batla go e Fosa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Kopano ya Kgaolo ya “Kagiso ya Bomodimo”—Ke Sone Fela Se Re Neng Re Se Tlhoka!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • A o Tla Nna Teng?
    Tsogang!—1996
  • “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi” Ba Kopana ka Boipelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 1/15 ts. 5-9

Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo ba a Kopana

“MOGOLWANE mongwe wa Mokeresete wa kwa United States o ne a bolela jaana: “Re ile ra agiwa ke kopano nngwe le nngwe ya kgaolo e re nnileng kwa go yone. Lefa go ntse jalo, monongwaga go ne go farologane fela thata. Re ne re tsamaya letsatsi lengwe le lengwe kwa kopanong re ipotsa gore le le latelang le tla bo le re tshwaretse eng se se fetang, mme re ne re sa swabisiwe!”

Fa e le gore o ne o le gone kwa go nngwe ya Dikopano tsa Kgaolo tsa “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo,” kwantle ga pelaelo o tla dumalana le motlakopanong yo o matlhagatlhaga yono. Letsatsi lengwe le lengwe la kopano go ne go buiwa ka karolo e e farologaneng e e malebana le tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang jaaka barongwa ba Modimo. Mma re boeletse thulaganyo eno ya malatsi a le mararo.

“O Montle Jang . . . yo o Utlwatsang Kagiso”

Seno e ne e le setlhogo sa letsatsi la ntlha la kopano. Se ne se theilwe mo go Isaia 52:7. Mo metlheng e e thata eno, batho ba bantsi ba direla Jehofa kafa tlase ga maemo a a gwetlhang. Puo e e reng “Go Utlwa Bareri ba ba Tlhoafetseng ba Kagiso” e ne e akaretsa go botsolodiwa ga bangwe ba ba ikanyegang bano. Go utlwa kafa ba ikutlwang ka teng tota go ne go kgothatsa e bile ka tsela eo batlakopanong ba ne ba tlhomamisiwa gore le bone Jehofa a ka ba nonotsha tota e bile a ba naya “bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo” go ba thusa go itshoka.—2 Bakorinthe 4:7.

Dilo tse Jehofa a batlang re di dira ga di thata. (1 Johane 5:3) Seno se ne sa phepafadiwa mo puong ya bofelo ya thulaganyo ya mo mosong, e konelwa ka go gololwa ga boroutšhara jwa ditsebe tse 32 jo bo nang le setlhogo se se reng Modimo o Batla Gore re Direng? Kwantle ga pelaelo thuso eno ya go ithuta e e tshwantshitsweng ka tsela e ntle e tla bo e na le seabe se segolo mo go thuseng batho ba le bantsi go ithuta mo go oketsegileng ka maikaelelo a Modimo. Dikakgelo tse di supang kafa kgatiso e ntšha eno e ka dirisiwang ka teng di fitlhelwa mo setlhogong sa bofelo se se ithutiwang se se mo makasineng ono le mo ditsebeng 16 le 17.

Puo e e reng “Go Itshoka mo Tirong e e Molemo” e ne e gatelela gore Jehofa o itse diteko tsa rona sentle. Go itshoka go raya gore re tshwanetse go ema re nitame mme re sa felelwe ke tsholofelo. Jehofa o re file Lefoko la gagwe, moya wa gagwe, le phuthego ya gagwe go re thusa. Go tlhokega gore motho a kgone go itshoka go ka rera, lefa go ntse jalo, go rera go re thusa go itshoka, ka gonne go dira gore tumelo ya rona e nne e ntse e tuka. E re ka re le gaufi thata jaana le bokhutlo, ga re a tshwanela go dira gore mathata a rona a fokotse tlhoafalo ya rona, ka gonne ke fela ba ba itshokelang go ya bokhutlong ba ba tla bolokwang.—Mathaio 24:13.

Puo ya setlhogo, “Seabe sa Rona Jaaka Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo,” e ile ya bua ka go gololwa ga Bajuta kwa botshwarong jwa Babilone le go tsosolosiwa ga kobamelo e e itshekileng kwa Jerusalema ka 537 B.C.E. Sebui se ile sa tlhalosa gore tiragalo eno, e ne e le bonyenyane fela jwa se Bogosi jwa Modimo bo tla tlogang bo se dira mo lefatsheng lotlhe. (Pesalema 72:7; Isaia 9:7) Tiro ya rona gone jaanong ke go rera mafoko a a molemo ka Bogosi jono le go tshela tumalanong le molaetsa oo. Go rata Modimo le baagelani go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re tswelele pele re dira tiro eno re sa ngodiege.—Ditiro 5:42.

Kgangkgolo ya thulaganyo ya Labotlhano e ne e le simphosiamo sa setlhogo se se reng “Tlhokomelang Dirai Tse di Fitlhegileng Tsa Boitlosobodutu.” Mmino wa segompieno, dibaesekopo, dibidio, dithulaganyo tsa thelebishene, metshameko ya bidio, dibuka, dimakasine le dikhomiki gantsi di na le bodimona. Ka jalo, re tshwanetse go ‘ila se se bosula’ le go ‘ngaparela se se molemo.’ (Baroma 12:9) Ee, re tshwanetse go ferogela boitlosobodutu jo bo bosula sebete mme re bo tile, fa re ntse re akanya ka dilo tse di itshekileng, tse di molemo le tse di tshwanelang pako. (Bafilipi 4:8) Dikgatiso le didirisiwa tsa go dira dipatlisiso tse phuthego ya ga Jehofa e re di nayang di tlhotlheletsa megopolo ya rona go akanya ka dilo tse di agang e bile di re thapisa go farologanya se se siameng mo go se se phoso. (Bahebere 5:14) Re tshwanetse go ngaparela dithulaganyo tseno fela jaaka re ka ngaparela moratho mo lewatleng le le tsubutlang.

Morago ga moo go ne ga latela puo e e reng “Ganetsa Diabolo—Nna le Lefufa la Bomodimo.” Nakonyana fela pele ga ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, diketekete tsa Baiseraele di ne tsa tsena mo thaelong ya boitsholo jo bo sa siamang. Finease o ne a nna le lefufa la bomodimo ka kobamelo ya boammaaruri. O ne a tsaya kgato e e tshwanetseng kgatlhanong le badirabosula mme kobamelo ya gagwe e e itshekileng e ne e itumedisa Jehofa. (Dipalo 25:1-13) Maikaelelo a ga Satane ke go dira gore mongwe le mongwe a se ka a tshwanelega go tsena mo lefatsheng la Modimo le lesha. Ka jalo, fela jaaka Finease, re tshwanetse go lwantsha maiteko a ga Diabolo a go re leswafatsa. Go sa kgathalesege gore a re mo lenyalong kana ga re mo go lone, re tshwanetse go ‘tshaba boaka.’—1 Bakorinthe 6:18.

Puo e e konelang ya letsatsi la ntlha la kopano e ne e re “Go Tlotlomatsa Bothokgami Jwa Lefoko la Modimo ka Boikanyego.” Baranodi ba le bantsi ba fetola kana ba ntsha dikarolo dingwe tsa Dikwalo. Ka sekai, go itumedisa babueledi ba ditshwanelo tsa basadi, baranodi ba The New Testament and Psalms: An Inclusive Version ga ba re Modimo ke Rara, mme ba re ke Rara-Mma mme Jesu ba re ke “Yo e Leng Motho” go na le gore ba re ke “Morwa motho.” Go farologana le seo, New World Translation e ngaparela mokwalo wa puo ya ntlhantlha ka boikanyegi jaana mo e leng gore e re thusitse go tlhaloganya dilo di le mmalwa tse di mo Dikwalong. Ka sekai, sebui se ne sa re: “Ke go ranolwa ka tsela e e tlhomameng ga New World Translation go go ileng ga re thusa go rulaganya diphuthego sesha ka go tlhoma ditlhopha tsa bagolwane, ka tsela e e tshwanang le ya phuthego ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.” Re supa boikanyegi jwa rona jo bo nitameng mo Lefokong la Modimo ka go le bala letsatsi le letsatsi le ka go dirisa kgakololo ya lone. Sebui gape se ne sa re: “Re supa gore re babueledi ba Lefoko la Modimo ba ba ikanyegang ka go le rerela batho ba bangwe ka tlhoafalo le ka go le dirisa ka kelotlhoko fa re ntse re ruta ba bangwe mme le ka motlha re sa leke go dira gore le tshwanele megopolo ya rona ka go le sokamisa kana go feteletsa se le se bolelang.”

‘Kagiso ya Modimo e Feta Tlhaloganyo Yotlhe’

Setlhogo seno, se se theilweng mo go Bafilipi 4:7, se ne sa nna mooko wa kgang ya letsatsi la bobedi la kopano. Bontsi jwa tshedimosetso e e neng e tlhalosiwa e ne e bua ka go leba bodiredi jwa gago, lelapa, boineelo le dilo tse dingwe tsa letsatsi le letsatsi ka tsela e e tshwanetseng.

Fa go sena go sekasekiwa temana ya letsatsi, go ne ga neelwa simphosiamo e e nang le setlhogo se se reng “Barongwa ba ba Lereng Mafoko a a Molemo a Kagiso.” Molaetsa wa rona ke wa kagiso, mme o tshwanetse wa neelwa ka kagiso. (Baefeso 6:15) Boikaelelo jwa rona ke go fitlhelela pelo ya motho e seng go fenya kgang. Thapiso le dikgatiso tse re di bonang mo phuthegong ya ga Jehofa di re thusa go dira jalo. Ga re a tshwanela go dira gore go sa kgatlhege go re kgobe marapo. Go na le moo, re tshwanetse gore re tswelele pele re ‘tlhoafale’ re nne le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta ka namana, go nna teng kwa dipokanong le go nna le seabe mo tirong ya go rera. (2 Timotheo 2:15) Sengwe se re sa tshwanelang go se itlhokomolosa ke go direla ba bangwe molemo, segolobogolo ba e leng ba ntlo ya tumelo. (Bagalatia 6:10) Gone mme, go tlhoafala ga go reye gore re ipolaye ka tiro. Jehofa o amogela sengwe le sengwe se mongwe le mongwe wa rona a kgonang go se dira go ya ka nonofo le maemo a gagwe.

Batho ba Modimo ba neelana ka nako ya bone, maatla le dithoto tsa bone go tsweletsa dilo tse di direlwang Bogosi pele. Puo e e reng “Go Aba ka Boitumelo mo Mokgatlhong wa ga Jehofa” e ne ya bontsha gore e re ka batho ba ba oketsegileng ba sekadinku ba arabela molaetsa wa Bogosi, go tlhokega didirisiwa tse di oketsegileng, mafelo a go kopanelwang mo go one le dikago tsa makala. Meneelo ya rona e thusa phuthego go dirisa sengwe le sengwe se se leng teng go dira tiro ya go rera ya lefatshe lotlhe. Go aba ka bopelotshweu go tlotlomatsa Jehofa e bile go itumedisa moabi. Ka jalo, jaaka Bakeresete ga re a tshwanela go itlhokomolosa karolo e e botlhokwa eno ya kobamelo ya rona.—2 Bakorinthe 8:1-7.

Thulaganyo ya mo mosong e ne ya konelwa ke puo ya kolobetso—e gantsi e leng selo se segolo mo dikokoanong tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa. A bo e le boitumelo jang ne go bona batho ba ba sa tswang go ineela ba tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu ka go ineela go kolobediwa mo metsing! (Mathaio 3:13-17) Botlhe ba ba tsayang kgato eno ba ile ba rutiwa go tswa mo motsweding o mogolo thata wa botlhale—e leng Baebele. Mo godimo ga moo, ba bone boikaelelo jwa mmatota jwa botshelo mme ba segofaditswe ka kagiso e ba e bonang ka ntlha ya go itse gore ba dira se se siameng.—Moreri 12:13.

Go ne ga neelwa kgakololo e e tshwanelang mo puong e e reng “A Temogo e go Dibele.” Temogo e botlhokwa thata malebana le ditirisano tsa kgwebo. Ga re a tshwanela go dira kgwebo ya rona mo Holong ya Bogosi e bile ga re a tshwanela go dirisa Bakeresetekarona go bona madi. (Bapisa Johane 2:15, 16.) Re tlhoka go nna le temogo gape fa re tsadisa madi mo kgwebong e e santseng e simologa kana fa re adima kana re adimisana madi. Sebui se ne sa bolela gore “go phutlhama ga dikgwebo tse di santseng di simologa tsa Bakeresete go ile ga dira gore bangwe ba ba neng ba tsena ka lepotlapotla mo dithulaganyong tse di sa tlhomamang tsa go tsadisa madi ba kgobege marapo ba bo ba tsidifale mo semoyeng.” Lefa gone go se phoso gore Bakeresete ba dire kgwebo mmogo, re tlhoka go nna kelotlhoko tota. Mme fa batho ba babedi ba dumalana go dira kgwebo, ditumalano tseo di tshwanetse go kwalwa ka metlha.

Go ne ga tlotliwa ka melao ya Modimo ka banna le basadi mo puong e e reng “A Tlhola Nona le Tshadi.” Seabe sa bong se ile sa sokamisiwa mo hisitoring yotlhe. “Batho ba le bantsi ka phoso ba tsaya gore bonna ke go laola ka makgwakgwa, bokgokgontshi kana go nna modipa,” sebui se ile sa rialo. “Mo ditsong tse di rileng, ga se gantsi e bile go tlhabisa ditlhong go bona monna a lela phatlalatsa kana a le mo sephiring. Lefa go ntse jalo, Johane 11:35 e tlhalosa gore ‘Jesu o ne a lela’ a le fa gare ga boidiidi jwa batho kafa ntle ga lebitla la ga Lasaro.” Go tweng ka basadi? Gantsi bosadi bo amanngwa le mmele o montle. Mme sebui se ne sa botsa jaana: “Fa mosadi mongwe a le montle mme a se bori e bile a le kgang, a sotla kana a ikgogomosa, a tota go ka twe o montle, gore o na le bosadi jwa mmatota?” (Bapisa Diane 11:22; 31:26.) Banna le basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go leka go dira gore puo ya bone le boitsholo jwa bone le tsela e ba ipaakanyang ka yone e nne tse di laolwang ke Baebele. Sebui se ne sa re: “Go motlhofo go tlotla monna yo o bontshang maungo a moya e bile go motlhofo go rata mosadi yo le ene a dirang jalo.”—Bagalatia 5:22, 23.

Morago ga foo, go ne ga latela simphosiamo se se reng “Modimo wa Kagiso O a Go Tlhokomela.” Bakeresete ba le bantsi ba na le ditlhobaelo tsa madi. Lefa go ntse jalo, Jehofa o solofetsa jaana: “Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.” (Bahebere 13:5) Go sa kgathalesege mathata a madi, bangwe ba ile ba supa gore ba na le tshepo mo tsholofelong eno ka go tsenelela tirelo ya bobulatsela jo bo thusang kana jwa ka metlha. Ba bangwe ba ba sa kgoneng go bula tsela gone jaanong ba baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele ka go dirisa tshono nngwe le nngwe go neela bosupi. (Mathaio 6:33) Lo akgolelwa maiteko ao otlhe! Phuthego ya ga Jehofa e re baakanyeditse dikgatiso di le dintsi go re thusa mo bodireding jwa rona le go re thusa go fenya mathata a rona. Fa re anaanela dilo tsa semoya tse Jehofa a re di direlang, o tla re segofatsa ka kagiso mo metlheng eno e go nang le mathata a madi a le mantsi mo go yone.—Pesalema 29:11.

Kwa bofelong jwa puo ya bofelo ya letsatsi leo, e e reng “Latelela Kagiso ya Bomodimo mo Botshelong Jwa Lelapa” batlakopanong ba ile ba itumelela go amogela buka e ntšha ya setlhogo se se reng, Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Sebui se ne sa kgothatsa jaana: “Ithuteng buka eno ka tlhoafalo motho ka namana le jaaka malapa. Leka ka natla go dirisa kgakololo ya yone e e theilweng mo Baebeleng, mme o ka kgona go oketsa kagiso le boitumelo jwa lelapa la gago tota.”

“Boloka Bongwefela . . . mo Sebofong se se Kitlanyeng sa Kagiso”

Seno e ne e le setlhogo se se tshwanelang se se theilweng mo go Baefeso 4:3, sa letsatsi la bofelo la kopano. Basupi ba ga Jehofa, ba ba phuthilweng go tswa mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe ba ile ba rutiwa ke Modimo. Ka jalo, ba rata kagiso. Ba latela sekao sa ga Jesu mme ba leka go “boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kitlanyeng sa kagiso.”

Kagiso e e renang mo phuthegong ya Modimo e ne ya gatelelwa mo simphosiamong se se reng “Go Tlhaola Mofuta o o Siameng wa Barongwa.” Go ne go na le baporofeti ba maaka kwa Iseraeleng wa bogologolo. Lefa go ntse jalo, barongwa ba boammaaruri ba Modimo—baporofeti ba ba ntseng jaaka Isaia, Esekiele le Jeremia—ba ne ba bolelela pele ka tlhomamo go wa ga Jerusalema, nako ya botshwarwa le go gololwa kgabagare ga batho ba Modimo. Go na le boemo jo bo tshwanang gompieno. Barongwa ba maaka ba bantsi thata mo dipolotiking le mo bodumeding jwa maaka. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a tsosa Basupi ba gagwe gore ba bolelele ka se boikaelelo jwa gagwe e leng sone malebana le tsamaiso eno ya dilo. Segolobogolo fa e sa le ka 1919, batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba dirisiwa go bolela molaetsa wa Modimo. A bo ba farologane jang ne le barongwa ba maaka ba Labokeresete! E kete re ka dira seabe sa rona ka botlalo mo tirong eno go fitlha Jehofa a re go lekane.

Puo e e reng “Reetsa Lefoko la Modimo O bo O le Ikobele” e ile ya gatelela gore Dikwalo ke motswedi o mogolo wa kaelo, kgomotso le tsholofelo. (Isaia 30:20, 21; Baroma 15:4) Lefatshe la gompieno le nna le letlelela sengwe le sengwe ka mo go oketsegileng. Ka jalo, gone jaanong go feta lefa e le leng pele, re tlhoka go reetsa kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo le mo phuthegong ya gagwe. Jehofa o itse makoa a rona, mme mo Lefokong la gagwe o tlhalositse ka phepafalo tsela e e ka re solegelang molemo. Go itse gore Jehofa o a re tshegetsa go re naya tshepo ya gore re tswelele pele ka sengwe le sengwe se a se batlang mo go rona.

Seno se ne se thaya motheo wa terama e e neng e tla latela. E ne e na le setlhogo se se reng “Ke Eng fa o Tshwanetse go Tlotla Dithulaganyo Tsa Puso ya Modimo?” Go dirisiwa pego ya Baebele ya ga Giteone go nna motheo wa yone, terama eno e ne ya gatelela thuto e e botlhokwa thata—gore re tshwanetse go latela ditaelo tsa Modimo mme re sa ka ra di emisetsa ka dikakanyo tsa rona kana ra leka go itlhokomolosa kgakololo ya puso ya Modimo.

Puo ya phatlalatsa e ne e na le setlhogo se se reng “Kgabagare ga Nna Kagiso ya Boammaaruri!—Go Tswa Motsweding Ofe?” Kagiso e Modimo a e solofetsang e gaisa kgakala lefa e le eng se lefatshe leno le ka se akanyang. Sebui se ne sa re: “Kagiso ya boammaaruri e raya kagiso ya letsatsi le letsatsi. Kagiso ya Modimo e raya lefatshe le le se nang bolwetse, botlhoko, bohutsana le loso.” Baebele e re bolelela gore Jehofa “o khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe.” (Pesalema 46:9) O tla dira seno jang? Ka go tlosa motlhotlheletsi wa ntwa e bong Satane Diabolo. (Tshenolo 20:1-3) Seno se tla bulela batho ba ba pelonomi tsela ya go ‘rua lefatshe le go inatifisa mo letlotlong la kagiso.’—Pesalema 37:11.

Morago ga tshobokanyo ya setlhogo se se ithutiwang sa beke eo go tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, go ne ga neelwa puo ya bofelo ya kopano. Puo eno e e tlhotlheletsang e e neng e na le setlhogo se se reng “Go Tswelela Pele re le Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo,” e ne ya gatelela gore tiro ya rona ya go rera e tlhomologile e bile e potlakile. Eno ga se nako ya go iketla, ya go senya nako kana go boela mo megopolong e e sa siamang. Re na le sengwe le sengwe se re se tlhokang—molaetsa wa Modimo, moya wa gagwe o o boitshepo le dithulaganyo tse dintsi tse di tswang mo phuthegong ya gagwe ya puso ya Modimo e e lorato. Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, e kete re ka tswelela pele re le barongwa ba kagiso ya bomodimo!

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Thulaganyo e e Lorato ya Malapa

Batho ba ba neng ba le teng mo letsatsing la bobedi la Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” ba ne ba itumelela go bona kgatiso e ntšha ya setlhogo se se reng Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Buka eno e na le tshedimosetso ya Dikwalo e e tla nnang mosola mo malapeng otlhe a a ratang Modimo.

Mogolwane mongwe go tswa kwa Connecticut, U.S.A., o akgela jaana: “Ka June 15, re ne ra amogela buka ya rona ya Boitumelo mo Lelapeng. Ka June 16 ke ne ke setse ke badile bontlhanngwe jwa yone. Ka letsatsi la bo17, re ne ra tshwara thuto ya rona ya ntlha ya lelapa mo go yone mme re ne ra kgothatsega tota! Ka lone letsatsi leo, ke ne ka fetsa go bala buka eno. Kwantle ga pelaelo kgatiso e e molemolemo eno e tla itshupa e le selo se se tlhwatlhwakgolo mo bathong ba ba nang le yone. Go tlhamalala ga buka eno le tshedimosetso ya yone e e mo nakong e neela bosupi jo bo oketsegileng jwa gore ‘motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale’ o re abela ‘dijo ka dipaka tse e leng tsone’ e bile o itse sentle gore re tlhoka eng mo dinakong tse di gwetlhang tseno.”—Mathaio 24:45-47.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basha mmogo le bagolo ba batla go itse gore Modimo o batla gore re direng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela