LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 2/1 ts. 15-20
  • Go Dira Bojotlhe jwa Rona Gore Re Bolele Mafoko a a Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira Bojotlhe jwa Rona Gore Re Bolele Mafoko a a Molemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Gonne Lo ke Lōna Loratō loa Modimo”
  • “Modihi Eo o Senañ Go Tlhaywa ke Ditlhoñ”
  • Kotlhao le go Intsha Setlhabelo di a Tlhokafala
  • A Re Itshokeng mo Go Direng Bojotlhe jwa Rona
  • Masego a Bodiredi Jwa Bobulatsela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A O Dira Bojotlhe jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Gopolang Ba ba Mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Bobulatsela bo Nonotsha Kamano ya Rona le Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 2/1 ts. 15-20

Go Dira Bojotlhe jwa Rona Gore Re Bolele Mafoko a a Molemo

“U tlhōahalèlè go ichupa u le molebosègi mo Modimoñ, u le modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ.”​—2 TIMOTHEO 2:15.

1, 2. O lemogile kgolo efe mo mephatong ya badihedi ba nako e e tletseng? Ke eng seo se e bakileng?

“DINGWAGA di sekae tse di fetileng, bontsi jwa rona re ne re ithaya gore ke ba ba nang le maemo a kgethegileng fela bao ka bulang tsela,” mmulatsela mongwe, kana modihedi wa nako e e tletseng, o ne a kwala jalo, kwa Japane. “Go lebega ekete re ne re fositse. Re lemoga gore ke fela bao ba nang le maemo a a kgethegileng bao ba ka sekeng ba bule tsela.”

2 Pono e e molemo eo e ile ya felela ka nngwe ya dikgolo tse di tlhomologileng go gaisa mo mephatong ya baboledi ba nako e e tletseng mo Basuping ba ga Jehofa mo dingwageng tsa bosheng jaana. Gompieno kwa Japane, mo baboleding ba Bogosi bangwe le bangwe ba le batlhano ba le babedi ba bone ba nna le seabe mo mofuteng o o rileng wa bodihedi jwa nako e e tletseng. Mme moya ono wa go tlhoafala ga o felele fela kwa Japane. Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, palo ya baboledi go dikologa lefatshe e oketsegile ka 5 lekgolong, fa palo ya badihedi ba nako e e tletseng yone e oketsegile ka 22 lekgolong. Ka phepafalo, batho ba ga Jehofa ba tsere mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo tsia: “U tlhōahalèlè go ichupa u le molebosegi mo Modimoñ, u le modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ.” (2 Timotheo 2:15) A go ntse jalo ka wena?

“Gonne Lo ke Lōna Loratō loa Modimo”

3. Ke eng seo se tlhotlheletsang kgolo eno?

3 Fa babulatsela ba bodiwa gore ke ka ntlhayang fa ba tsere bodihedi jwa nako e e tletseng, ba araba ba sa fetoge gore ke ka ntlha ya go bo ba rata Jehofa Modimo. (Mathaio 22:37, 38) Tota gone, go tshwanetse ga nna jalo, ka gonne fa lorato e se lone lo re tlhotlheletsang ka tshwanelo, lefa e ka nna boiteko bofe e tla nna lefela. (1 Bakorintha 13:1-3) Ruri go a akgolega gore Bakeresete ba rona ba bantsi jaana​—tota, palo-gare ya baboledi ba ba fetang supa mo phuthegong nngwe le nngwe go dikologa lefatshe—​ba ile ba dira sebaka sa go bontsha lorato lwa bone mo Modimong mo matshelong a bone ka tsela eno.

4. Go tlile jang gore re rate Modimo? (Baroma 5:8)

4 Tota gone, rotlhe bao re neetseng matshelo a rona mo go Jehofa re dirile jalo ka gonne re mo rata. Fa re ne re ithuta ka lorato leo Jehofa le Morwawe, ebong Jesu Keresete, ba nang le lone mo go rona, le ka masego a a gakgamatsang a Bogosi jwa gagwe bo tla a tlisang, dipelo tsa rona di ne tsa rotloediwa gore di arabele ka go mo rata. Moaposetoloi Johane o e bega jaana: “Rona rea rata, ka go bo u re ratile pele.” (1 Yohane 4:19) Ka tlholego fela re arabela ka tsela eo ka gonne ke yone tsela eo re dirilweng ka yone. A mme boikutlo jo bo bothitho jo bo mo dipelong tsa rona joo ke sone sotlhe seo lorato lwa Modimo le se akareletsang?

5. Lorato lwa Modimo lo akareletsang? (1 Yohane 2:5)

5 Nnyaa, lorato lwa Modimo le kaya go feta moo. Moaposetoloi Johane o re bolelela jaana: “Gonne lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re boloke ditaolō tsa ōna: me ditaolō tsa ōna ga di tlhōkohatse.” (1 Yohane 5:3) Ke, lorato lwa boammaaruri, jaaka tumelo ya boammaaruri, lo bontshiwa ka ditiro. (Bapisa 2 Bakorintha 8:24.) Le batla go itumedisa motho yo o ratiwang le go gapa kamogelo ya gagwe. Abo bao ba leng mo bodiheding jwa nako e e tletseng ba tlhophile tsela e e molemolemo jang ne ya go bontsha lorato lwa bone mo go Jehofa le Jesu Keresete!

6. (a) Ke batho ba mofuta ofe bao ba ileng ba kgona go bula tsela? Ke eng seo se ba kgonesitseng gore ba dire jalo? (b A o itse dikao dipe tse di ntseng jalo?

6 Maemo a rona ka namana ga a tshwane, mme ebile go tshwanetse ga akanngwa ka one. Lefa go ntse jalo fa re leba bao ba leng mo bodiheding jwa nako e e tletseng, re fitlhela gore ba akareletsa batho bao ba leng mo boemong bongwe le bongwe jo bo ka kgonegang​—basha le ba ba godileng, ba ba sa nyalang le ba ba nyetseng, ba ba nang le pholo e e siameng le ba ba sa tsogeng sentle, bao ba nang le maikarabelo a lelapa le bao ba senang one, jalo le jalo. Pharologanyo ke gore, go na le go letlelela dilo tseno gore di nne dithibedi, ba ile ba ithuta go dira go di dikologa kana go tshela le tsone, jaaka moaposetoloi Paulo. (2 Bakorintha 11:29, 30; 12:7) Ka sekai a o ke o tlhokomele lelapa leno la sekao.

Eiji ke mogolwane mo phuthegong ya bone. Ene le mosadi wa gagwe ba ba nang le dingwaga di le 12 ba ntse ba bula tsela mmogo ba ntse ba godisa bana ba bone ba bararo. Ba ile ba dira seno jang? “Re ne re tshwanelwa ke gore re tshele motlhofo ka mo go oketsegileng,” Eiji o bolela jalo. Bana le bone ba ne ba tshwanelwa ke go amogela nnyaa mo dilong di le dintsi tseo ba neng ba di batla. “Lemororo re ile ra nna le dinako dingwe tse di thata, Jehofa ka metlha o ile a re tlamela ka seo re neng re se tlhoka.”

A ditlhabelo tse di ntseng jalo di ile tsa nna mosola? “Bosigo bongwe le bongwe pele ga re tima mabone, ke lebelela mosadi wa me a kwala pego ya gagwe ya go rera ya letsatsi leo,” go bolela jalo Eiji. “Fa ke bona lelapa la me le baya dikgatlhego tsa semoya kwa pele ka tsela eno, ke ikutlwa gore sengwe le sengwe se ntse ka tsela eo se tshwanetseng go nna ka yone, mme ke ikutlwa gore ke fitlheletse sengwe. Ga ke kgone go akanya ka rona re sa bule tsela mmogo.” Mosadi wa gagwe o ikutlwa jang ka jone? “Eiji o ile a re tlhokomela sentle thata,” o bolela jalo. “Fa ke mmona a tshwaregile ka dilo tsa semoya, ke ikutlwa ke na le kgotsofalo e e kwa teng-teng. Ke solofela gore re ka tswela pele.”

Ereka rre le mmè ba dirisa nako e e kana kana mo tirong ya go rera letsatsi le letsatsi, go nnile le diphelelo dife mo baneng? Morwa yo mogolo jaanong o bereka mo tirong ya go aga ya dingwaga di le nne kwa lekaleng la Watch Tower Society. Morwadi wa bone ke mmulatsela wa ka metlha, mme morwa wa bone yo o tsenang sekolo o ikemiseditse go nna mmulatsela yo o kgethegileng. Botlhe ba itumelela go bo batsadi ba bone e le babulatsela.

7. (a) Neela dikao tsa batho ba o ba itseng bao ba ileng ba fenya dikgoreletsi tsa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. (b) Ke kgakololo efe ya Bibela eo ba ileng ba e tsaya tsia?

7 Malapa a a tshwanang le leno a ka fitlhelwa mo gare ga Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le dintsi go dikologa lefatshe. Ba dira boiteko jwa mmatota gore ba bone maemo a bone a a molemo e le gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng le go nnela ruri mo go yone. Ba bontsha seo tota lorato lwa Modimo lo se kayang mo go bone ka ditiro tsa bone. Ba tlhokomela tlhagiso eno ya ga Paulo ka tlhoafalo: “U tlhōahalèlè go ichupa u le molebosègi mo Modimoñ, u le modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ.”​—2 Timotheo 2:15.

“Modihi Eo o Senañ Go Tlhaywa ke Ditlhoñ”

8. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kgothaletsa Timotheo gore a ‘dire bojotlhe jwa gagwe’ mme seo se kayang?

8 Fa Paulo a ne a kwalela Timotheo mafoko ao, mo e ka nnang ka 65 C.E., Timotheo o ne a setse a direla mo boemong jo bo tlhokang boikarabelo tota mo phuthegong ya Bokeresete. Paulo o ne a mmitsa “motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu” mme kgapetsa o ne a mo gakolola ka boikarabelo jwa gagwe jwa go ruta le go laela ba bangwe. (2 Timotheo 2:3, 14, 25; 4:2) Lefa go ntse jalo, o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “U tlhōahalèlè go ichupa u le molebosègi mo Modimoñ.” Polelo e e reng “u tlhōahalèlè” e ranoletswe go tswa mo lefokong la Segerika leo le kayang “go go akofisa.” (Bona Kingdom Interlinear Translation.) Ka mafoko a mangwe, Paulo o ne a bolelela Timotheo gore o ne a tshwanetse go akofisa tiro ya gagwe gore a tle a amogelwe ke Modimo, lemororo a ne a setse a rwele morwalo o o boima wa boikarabelo. Ka ntlha yang? Gore a tle a nne “modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ.”

9. Ke setshwantsho sefe sa ga Jesu seo se ka re thusang gore re tlhaloganye mafoko a ga Paulo kaga “modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ”?

9 Polelwana e e fa godimo eno e re gakolola ka batlhanka ba le bararo mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta, jaaka se begilwe mo go Mathaio 25:14-30. Fa mong wa bone a ne a boa, e ne e le nako ya gore ba tlise tiro go mong wa bone gore a e rebole. Batlhanka bao ba neng ba neilwe ditalenta di le tlhano le di le pedi ba ne ba akgolwa ke mong wa bone ka ntlha ya seo ba neng ba se dirile ka dilo tseo ba neng ba di neetswe. Ba ne ba lalediwa gore ba ‘tsene mo boitumelong jwa mong wa bone.’ Mme motlhanka yoo a neng a neilwe talenta e le nngwe o ne a fitlhelwa a tlhaela. O ne a tseelwa seo a neng a na le sone, o ne a tlhabisiwa ditlhong ka go latlhelwa kwantle mo “lehihiñ ye le kwantlè ntlè.”

10. Ke ka ntlha yang fa motlhanka yo a neng a neilwe talenta e le nngwe a ne a tlhabisiwa ditlhong le go otlhaiwa?

10 Batlhanka ba ntlha ba babedi ba ne ba dira ka natla le go atisa merokotso ya mong wa bone. Eleruri e ne e le badiri ba ba “senañ go tlhaywa ke ditlhoñ.” Mme ke ka ntlha yang fa motlhanka wa boraro a ne a tlhabisiwa ditlhong le go otlhaiwa lemororo a ne a sa latlhegelwa ke seo a neng a se neetswe? E ne e le ka gonne o ne a sa dira sepe go se tokafatsa. Jaaka mong a ne a tlhalosa, bobotlana o ka bo a ile a baya madi ao mo bankeng. Mme tota seo se neng se le phoso e ne e le gore o ne a sena lorato lope lwa mmatota mo go mong wa gagwe. “Me ka boiha, ka ea go hitlha talenta ea gago mo muñ,” o ne a ipobola jalo mo go mong wa gagwe. (Mathaio 25:25; bapisa 1 Yohane 4:18.) O ne a leba mong wa gagwe jaaka yo o bogale, “monna eo o pelo e thata,” mme kabelo ya gagwe jaaka morwalo. O ne a dira go le go botlana ka moo a ka kgonang ka teng gore a ke a ikgolole go na le gore a dire ‘boyotlhe’ jwa gagwe gore a bone go amogelwa ke mong wa gagwe.

11. Setshwantsho seo se re ama jang gompieno?

11 Sentshwantsho seo se a diragala gompieno. Mong, ebong Jesu Keresete, o boile mme o tlhatlhoba tiro ya setlhopha sa gagwe sa “motlhanka,” gammogo le ya balekane ba sone, ebong “boidiidi yo bogolo” jwa ba sekadinku. (Mathaio 24:45-47; Tshenolō 7:9, 15) Ke eng seo Mong a se bonang? Fa re ikgotsofatsa ka tirelonyana e se kae fela go ikgolola, jalo go ka diragala gore re fitlhelwe re le mo gare ga bao ba tlhabisiwang ditlhong le go latlhelwa “mo lehihiñ le le kwantlè.” Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re ‘dira bojotlhe jwa rona,’ ke gore, re ‘akofisa’ tiro ya rona ka go tsibogela ka moo nako e potlakileng ka gone, re tla fitlhelwa re amogelwa jaaka ‘badiri bao ba sa tlhabisiweng ditlhong ke sepe’ ebile re tla arola mo ‘boipelong jwa Mong wa rona.’

Kotlhao le go Intsha Setlhabelo di a Tlhokafala

12. Ke dilo dife tseo di ileng tsa kgonisa palo-lekgolong e e kwa godimo ya baboledi ba kwa Japane gore ba tsenele bodihedi jwa nako e e tletseng?

12 Go atologa go go tswelang pele ga mephato ya babulatsela mo nageng e nngwe go ya kwa go e nngwe go dikologa lefatshe ke bosupi jo bo phepafetseng jwa gore batho ba ga Jehofa ka kakaretso ba ‘dira bojotlhe jwa bone’ go itshupa e le ‘badiri bao ba sa tlhabisiweng ditlhong ke sepe.’ A mme ga o ise o ke o tsamaye o ipotse gore ke ka ntlha yang fa mo dinageng tse dingwe palo-lekgolong ya bakaulengwe ba rona bao ba kgonang go tsenela tirelo ya nako e e tletseng e le kwa godimodimo jaana go gaisa ya dinaga tse dingwe? Potso eno e e kgatlhisang e ne ya bodiwa babulatsela bangwe ba kwa Japane. A o ke o tlhokomele dikarabo tseno:

“Ga ke akanye gore go bolela gore tumelo, kana lorato, ya Basupi ba Japane e feta ya bakaulengwe ba bone ba ba kwa dinageng tse dingwe,” modiri mongwe wa kwa Bethele yoo nang le dingwaga di ka nna 30 a le mo tirelong ya nako e e tletseng o ne a bolela jalo. “Mme ke dumela gore ke ka ntlha ya botho jwa Majapane. Batho ba Japane, ka kakaretso, ba a utlwa; ba reetsa kgothatso kwantle ga tikatiko.”

“Ereka go na le babulatsela ba le bantsi jaana mo e ka nnang mo phuthegong nngwe le nngwe,” mogolwane mongwe o ne a akgela jalo, “mogopolo ka kakaretso ke gore mongwe le mongwe a ka kgona go bo dira.” Batho ba Japane ba rata go dira dilo ka ditlhopha. Ba na le moya o o molemolemo wa ditlhopha.

Dikakgelo tseno di a kgatlhisa eleruri, mme fa e le gore tota re tlhoafaletse go tokafatsa tirelo ya rona go Jehofa, go na le dintlha di le mmalwa tse di kgatlhisang tseo di leng mosola gore re di seka-seke ka kelotlhoko.

13. Re ka solegelwa molemo jang ke kgang ya go nna ba ba utlwang le bao ba iketleeleditseng go reetsa kgothatso?

13 Sa ntlha-ntlha, go na le kgang ya go nna yo o utlwang le go iketleeletsa go reetsa kgothatso. Fa kaelo le kgothatso di tswa mo motsweding o o tshwanetseng, go siame gore re arabele kwantle ga tikatiko. Ka gone, gona le gore re lebe dinonofo tseno jaaka ditshekamelonyana tsa bomorafe fela, re akanya mafoko ano a ga Jesu: “Dinku tsa me di utlwa lencwe ya me, me ke a di itse, me di ntshala morago.” (Yohane 10:27) Gape re gakologelwa gore karolo e nngwe ya “botlhale yo bo cwañ kwa godimo” ke gore ‘bo rapelesega ka bofefo.’ (Yakobe 3:17) Dinonofo tseno ke tsone tseo Bakeresete botlhe ba kgothalediwang go di apara. Ka ntlha ya boitemogelo le tsela eo bangwe ba godisitsweng ka yone, ba ka nna ba rata go akanya ka boitaolo le botlhogo-e-thata go gaisa ba bangwe. Gongwe karolo eno ke yone eo re tshwanetseng go ikgapha mo go yone le ‘go fetola megopolo ya rona’ e le gore re ke re tlhaloganye seo “go rata ga Modimo” e leng sone ka phepafalo.​—Baroma 12:2.

14. Ke taletso efe eo Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba e amogetseng, mme go akareletsa eng?

14 Jaaka Bakeresete ba ba ineetseng, re amogetse taletso eno ya ga Jesu: “Ha motho leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, me a a tseè mokgoro oa gagwe, me a itse go ntshala moragō.” (Mathaio 16:24) Go “iitatola” go kaya ‘go ikgana mo go maswe’ ga mmatota mme morago ga moo o bo o iketleeletsa go amogela gore Jehofa Modimo le Jesu Keresete ke beng ba gago, re ba letlelela gore ba laole matshelo a rona le go re bolelela seo re tshwanetseng go se dira le seo re sa tshwanelang go se dira. Ke tsela efe e nngwe eo e leng teng ya go bontsha gore re iitatotse eo e gaisang ya go latela dikgato tsa ga Jesu mo bodiheding jwa nako e e tletseng?

15. (a) Go kgotsofalela dilo di sekae tse di bonalang go amana jang le go sala Jesu morago? (b) Balatedi ba pele ba ne ba reetsa taletso ya ga Jesu ya go mo sala morago jang?

15 Morago ga moo go na le kgang ya go kgotsofalela dilo di sekae tse di bonalang. Seno ka phepafalo se farologane le tshekamelo e e tlwaelegileng ya lefatshe, eo e rotloetsang “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō.” (1 Yohane 2:16) Mme Jesu o ne a bolela jaana ka maatla: “Go nntse hèla yalo, leha e le mañ mo go lona eo o sa tlogeleñ dilō cotlhe tse o nañ nacō, ga a kake a nna morutwa wa ga Jesu oa me.” (Luke 14:33) Ke ka ntlha yang seno se ntse jalo? Ka gonne go fetoga morutwa wa ga Jesu go kaya mo go fetang go nna modumedi fela. Fa Jesu a ne a bitsa Anderea, Petere, Jakobe, Johane, le ba bangwe gore e nne barutwa ba gagwe mo ngwageng ya bobedi ya bodihedi jwa gagwe, ga aka a feletsa fela ka go sa ba laletsa gore ba dumele mo go ene jaaka Mesia. Moragonyana ga moo o ne a ba laletsa gore ba mo sale morago le gore ba dire tiro eo a neng a e dira, eo e leng, tiro ya go rera ya nako e e tletseng. Ba ne ba arabela jang? “Me ba akoha ba tlogèla ditloa, ba mo sala morago.” Jakobe le Johane ba ile ba bo ba “tlogèla Sebede rrabō mo mokoroñ, le batlhanka ba ba thapilweñ ka tuèlō, me ba mo sala morago.” (Mareko 1:16-20) Ba ne ba tlogela kgwebo ya bone le ditsala tsa bone tsa pele mme ba tsaya go rera ka nako e e tletseng.

16. Jaaka Bakeresete ba ba ineetseng, re tshwanetse ra boloka nako le maikatlapelo a rona mo go eng? (Diane 3:9)

16 Ka gone, go motlhofo go bona lebaka la go bo go kgotsofalela dilo di sekae e le selo se se botlhokwa jaana fa re dira bojotlhe jwa rona mo tirelong ya ga Jehofa. Fa re imelwa ke dilo di le dintsi tse di bonalang kana maikarabelo a le mantsi, re ka nna ra tshwana le mmusi mongwe yo mmotlana yoo a neng a gana taletso ya ga Jesu ya gore e nne molatedi wa gagwe, eseng ka ntlha ya gore o ne a se kake a go dira, mme e le ka gonne o ne a sa eletse go tlogela “dithuō di kgolo” tsa gagwe. (Mathaio 19:16-22; Luke 18:18-23) Jalo go na le gore re tshameke ka nako le maikatlapelo a rona ka go gagamalela dilo tseo di tla akofang di ‘feta,’ re batla go bolokela dilo tseno tse di botlhokwa pholo ya rona e e nnelang ruri.​—1 Yohane 2:16, 17.

17. Moya wa ditlhopha e ka nna tlhotlheletso e e molemo go ya bokgakaleng bofe?

17 Kwa bokhutlong, go na le kgang ya moya wa setlhopha. Anderea, Petere, Jakobe, le Johane kwantle ga pelaelo ba ne ba tlhotlheletsana mo tshwetsong ya bone ya go amogela taletso ya ga Jesu ya gore ba mo latele. (Yohane 1:40, 41) Ka mo go tshwanang, lebaka la go bo bakaulengwe ba rona ba bantsi-ntsi jaana ba kgona go dira sebaka mo mafelong a bone a a tshwaregileng sa gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng le tshwanetse la re rotloetsa gore re sekaseke kgang ya rona ka tlhoafalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, bao mo gareng ga rona ba setseng ba ipelela tshiamelo eno ba ka bolelela ba bangwe maitemogelo a bone a a ipedisang, ka gone ba rotloetsa bano gore le bone ba tsene mo mephatong ya bone. Mme, tota gone, badihedi ba nako e e tletseng ba ka thusana gore ba solegelwe molemo botlhe.​—Baroma 1:12.

18. Rotlhe re ka dira jang gore moya wa bobulatsela o nne gone?

18 Le eleng bao maemo a bone a ga jaanong a sa ba letleleleng gore ba tseye bodihedi jwa nako e e tletseng ba ka dira go le gontsi go tlatseletsa mo moyeng wa bobulatsela. Jang? Ka go tshegetsa le go kgothatsa bao ba bulang tsela, ka go bontsha kgatlhego e e mosola mo go bao ba nang le kgono ya go dira jalo, ka go rulaganyetsa gore bobotlana leloko le le lengwe la lelapa la bone le bule tsela, ka go nna le seabe mo tirong ya bobulatsela jo bo thusang lefa e le leng fela fa go kgonega, le ka go berekela go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ka bonako ka mo go ka kgonagalang ka gone. Ka go dira jalo, rotlhe re ka bontsha gore re ‘dira bojotlhe jwa rona’ gore re direle Jehofa go sa kgathalesege gore gone jaanong re tsenetse bodihedi jwa nako e e tletseng kana nnyaa.

A Re Itshokeng mo Go Direng Bojotlhe jwa Rona

19. Ke eng seo re tshwanetseng go ikemisetsa go se dira ka ntlha ya nako?

19 Eleruri, jaaka Jehofa a akofisa tiro jaana, jaanong ke nako ya gore re ‘dire bojotlhe jwa rona’ gore re nne ‘badiri bao ba sa tlhabisiweng ditlhong ke sepe.’ Jaaka masole a a molemo a ga Jesu Keresete, gape re tshwanelwa ke gore re beele merwalo yotlhe e e sa tlhokafaleng kwa thoko e le gore re ke re direle ka matsetseleko le go bona kamogelo ya gagwe. (2 Timotheo 2:3-5) Fa re ntse re dira ka natla gore re atolose seabe sa rona mo tirelong ya Bogosi, re ka tlhomamisega gore maiteko a rona a tla duelwa thata. (Bahebera 6:10; 2 Bakorintha 9:6) Ka gone, go na le go emela kwa thoko, jaaka go ka tualo, a re itshokeng mo go direng bojotlhe jwa rona gore re rere mafoko a a molemo, re arabela taletso eno ya ga mopesalema: “Dihèlañ Yehofa ka boipelō: tlañ ha pele ga sehatlhōgō sa gagwe ka go ōpèla.”​—Pesalema 100:2.

Letlole la Poeletso

◻ Lorato lwa Modimo lo akareletsang?

◻ Bothata jwa mmatota jwa motlhanka wa boraro mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta e ne e le eng?

◻ Go iitatola go kaya eng?

◻ Ke eng fa balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go ‘tlogela dilo tse ba nang le tsone’?

◻ Rotlhe re ka dira jang gore moya wa bobulatsela o nne gone?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

‘Kgoromeletsang motlhanka wa seleele kwantle’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela