LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 4/15 ts. 28-30
  • A O Dira Bojotlhe jwa Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Dira Bojotlhe jwa Gago?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Ka Oketsa go Dira Bojotlhe jwa Rona
  • Go Dira Bojotlhe jwa Rona mo go Thuseng Ba Bangwe
  • Go Dira Bojotlhe jwa Rona mo go Kgatlhegeleng Ba Bangwe
  • Dira Bojotlhe jwa Gago
  • ‘Dira Bojotlhe Jwa Gago’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Go Dira Bojotlhe jwa Rona Gore Re Bolele Mafoko a a Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Diragatsa Boineelo Jwa Rona “Ka Malatsi Otlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Itumelele go Direla Jehofa Sotlhe Se o Se Kgonang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 4/15 ts. 28-30

A O Dira Bojotlhe jwa Gago?

“KE TLA dira ka mo ke ka kgonang ka teng.” Ke ga kae mafoko ano a latelwang ke “mme lefa go ntse jalo” le lenaane le leleele la seipato sa go sa dire maiteko! Go tweng ka ga boineelo jwa rona mo go Jehofa? A re diragatsa maikano a rona a go mo direla ka bojotlhe jwa rona?

Go dira boineelo go raya ‘go ineela ga motho ka mo go feletseng mo tirelong kana mo kobamelong ya bomodimo kana mo dilong tsa maitshepo.’ Jesu o ne a dira go le gontsi go bontsha se se akarediwang ke go ineela mo go Jehofa ka go bolela jaana: “Ha motho leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, me a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō.” (Mathaio 16:24) Motho yo o itatotseng le go ineela go Modimo o dira gore go dirwa ga thato ya bomodimo e nne selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe.

Jaaka batho ba ba ineetseng, re tshwanetse go itlhatlhobisisa go bona gore a re tshela go ya ka boineelo jwa rona. Petere o ne a supa gore ke ka ntlhayang re tshwanetse go itlhatlhobisisa fa a ne a kgothatsa Bakeresete ba ba tloditsweng ka gore: “Lo tlhōahalèlè bogolo [dira bojotlhe, NW] go rurehatsa go bidiwa ga lona le go itshenkèlwa ga lona: gonne ha lo diha dilō tse, ga lo ketla lo kgocwa gopè.” (2 Petere 1:10) Ee, fa re dira bojotlhe jwa rona, ga re kake ra felela re le ba ba palelwang semoyeng.

Re Ka Oketsa go Dira Bojotlhe jwa Rona

Fa re akanyetsa dilo sentle, batlhanka botlhe ba ba ineetseng ba Modimo ba tshwanelwa ke go dira bojotlhe jwa bone, kana go dira ka mo ba ka kgonang ka teng gore ba tle ba itumedise Jehofa. Lefa go ntse jalo, go dira bojotlhe jwa rona mo go direng thato ya Modimo go ka gola. Mo mosimanyaneng wa dingwaga di le tharo, go dira tironyana e nnye ya legae e ka tswa e le gotlhe mo a ka kgonang ka teng go thusa mmaagwe, mme lefa go ntse jalo, fa a ntse a gola o tla kgona go dira ka mo go oketsegileng. Ka go tshwana le kgolo ya rona ya semoya—bojotlhe jo re neng re bo dira pele bo ka se tshwane le jo re bo dirang gone jaanong. Re tlhotlheletsega go direla Jehofa ka mo go oketsegileng.

Kanaanelo e e oketsegileng e re nang le yone mo go Jehofa e re tlhotlheletsa gore re iketleetse go mo direla ka mo go oketsegileng. Go anaanela ga rona seo a re diretseng sone go nonotshiwa ke fa re nna le thuto ya rona ka namana ya Lefoko la gagwe, eleng Bibela. Ka sekai, fa re tlhatlhobisa ka kelotlhoko le go tlhatlhanya ka moo Jehofa a ileng a romela Morwawe go tla go neela botshelo jwa gagwe e le gore a golole batho mo boleong, seno se re tlhotlheletsa gore re direle Mosimolodi wa thulaganyo ya thekololo. (Yohane 3:16, 17; 1 Yohane 4:9-11) Fa re ntse re ‘leka le go bona ha Jehofa a le molemo,’ ke gone re tlhotlheletsegang thata go mo direla.—Pesalema 34:8.

Modihedi wa nako e e tletseng eleng Jetter o ne a lemoga seno. Gore a tle a tlhaloganye ka botlalo seo a neng a se bala, o ne a baakanya sentle phaposinyana e nnye mo ntlong ya gagwe gore a tle a e dirisetse jone boikaelelo joo. O ne a e rulagantse ka tsela e e tla dirang gore a kgone go tlhoma mogopolo mo go se a se dirang fa a ntse a dira dipatlisiso. O na le Watch Tower Publications Indexes mmogo le dibolumu tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse a kgonang go di tsaya segaufi fela mo shelofong ya dibuka. O bolela jaana: “Fa e ka re ke ntse ke batlisisa ka bona tshedimosetso e e kgatlhisang, ke ikutlwa ke tlhotlheletsega go e bolelela ba bangwe.”

Lefa go ntse jalo, fela jaaka go ja dijo tsa maemo a a kwa godimo ka nako nngwe go sa reye gore go ka se tlhole go tlhokega gore motho a ka ja dijo tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi, go dira dipatlisiso tse di tseneletseng mo Bibeleng nako nngwe ga go reye gore ga go tlhole go tlhokega gore motho a ka ja dijo tsa semoya letsatsi le letsatsi. Ruth o ne a lemoga kafa seno se tlhokegang ka gone, ka ntlha ya gore fa a gopola sentle go tswa fela bogologolong, lelapa la gagwe le ne le tlhola le bala Bibela mmogo moso le moso le maitseboa mangwe le mangwe morago ga dijo. Gone jaanong, le fa a na le dingwaga di le 81, ebile a na le dingwaga di feta 60 a ntse a le mo bodiheding jwa nako e e tletseng, o santse a bala Bibela ka metlha fa a sena go tsoga ka 6:00 a.m. Ruth o ipha nako ya go bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka bonako fela fa a sena go di amogela. O bala kgatiso nngwe le nngwe mo e ka nnang ka makgetlo a le mararo kana a le mane pele ga fa a ka e bala kwa phuthegong. O bolela jaana “O tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo gore tumelo ya gago e nonofe.” Seno gape se ile sa mo thusa gore a tswelele mo tirelong ya borongwa ka dingwaga di le dintsi.

Go Dira Bojotlhe jwa Rona mo go Thuseng Ba Bangwe

Tlhagafalo ya rona ya go direla Modimo e a gola fa re ithuta Lefoko la Modimo ka mo go tseneletseng le ka metlha, mme sengwe mo dipelong tsa rona se re tlhotlheletsa go dira ka mo go oketsegileng. (Bapisa Yeremia 20:9.) Tlhagafalo e e ntseng jalo e ne ya tlhotlheletsa Hirohisa go swetsa bodihedi jwa gagwe ka botlalo. (2 Timotheo 4:5) O ne a nna mo legaeng la motsadi a le mongwe fela le bomorwarraagwe le bokgaitsadie ba le bane ba babotlana. Hirohisa fa a ne a santse a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome, o ne a tlamela lelapa la kwa ga bone ka go tsoga ka ura ya boraro mo mosong a isa makwalodikgang kwa bareking. O ne a batla go dira ka mo go oketsegileng mo go boleleleng ba bangwe ka ga Jehofa, ka jalo Hirohisa o ne a kopa go tsenela tirelo ya bobulatsela, jaaka tirelo ya nako e e tletseng ya Basupi ba ga Jehofa e bidiwa. A ntse a le mosha jalo, o ne a itumelela go thusa ba bangwe gore ba kopanele le ene mo go direng bojotlhe jwa bone mo go galaletseng Jehofa.

Go dira bojotlhe jwa rona mo go thuseng ba bangwe go akareletsa go nna le matswela mo bodiheding jwa rona. Jesu o kile a rotloetsa barutwa ba gagwe ka gore: “Ha lo itse dilō tse, lo segō ha lo di diha.” (Yohane 13:17) Naomi ke sekao se se molemo sa go dirisa dikgakololo tse di neelwang ke phuthego ya ga Jehofa tsa go tokafatsa bodihedi jwa rona. O ne a tshwara bothata fa a tshwanelwa ke go bua le batho ba a sa ba tlwaelang fa a dira tiro ya ya ntlo le ntlo mme gantsi o ne a lebala se a neng a batla go bua ka sone fa a fitlha mo mojakong wa ntlo. Bagolwane ba ba mo phuthegong ba ne ba mo rotloetsa go dirisa dikgakololo tse di fitlhelwang mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo, mo karolong e e reng “Diketapele Tsa go Dirisiwa mo Bodiheding jwa Tshimo.”a O ne a ithuta go bua ka tlhogo diketapele tse di ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Lelapa/Bana” mme a di boeletsa ka makgetlo a le mantsi. Seno se ne sa felela ka gore, a kgone go buisana le mmalelapa mongwe yo o neng a le mo dingwageng tsa bo30. Mosadi yono o ne a tla kwa Holong ya Bogosi le eleng pele ga Naomi a ne a ka dira loeto lwa go boela. Go ne ga rulaganngwa thuto ya Bibela. Mmalelapa yono le monna wa gagwe gone jaanong ke Bakeresete ba ba kolobeditsweng, ba itumelela botshelo jwa lelapa jo bo itumetseng le bana ba bone.

Go Dira Bojotlhe jwa Rona mo go Kgatlhegeleng Ba Bangwe

Re ka nna gape ra etsa moaposetoloi Paulo, yo o neng a re: “Ke diha dilō cotlhe ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, gore ke tlè ke nnè le kabèlanō mo go aōna.”—1 Bakorintha 9:22, 23.

Hatsumi o ile a supa mokgwa ono. E ne ya re fa Hatsumi a le mo bodiheding jwa phatlalatsa mosadi mongwe o ne a bua le ene mo inthakomong a digile makgwafo a mo raya a re o ne a tshwaregile thata go ka buisana le ene. Lentswe la mong wa ntlo le ne le le bonolo, ka jalo Hatsumi o ne a tswelela a ntse a mo etela. Mong wa ntlo o ne a buisana le ene fela ka inthakomo, a sa nke a be a tswa go tla go kopana le Hatsumi. Seno se ne sa tswelela ka dingwaga di le pedi le sephatlo.

Ka letsatsi lengwe Hatsumi o ne a fetola nako ya go mo etela, a ya kwa go ene go setse go le motshegare thata. Go ne go sena ope yo o neng a araba. Lefa go ntse jalo, fa a setse a tla tsamaya, o ne a utlwa lentswe le a tlholang a le utlwa le le botsalano fa morago ga gagwe le re: “O mang?” Mosadi yoo o ne a tlhaga felo gongwe a goroga. Erile fela a utlwa leina la ga Hatsumi, o ne a araba ka bonako a re, “Oo, ke wena yo o tlholang o nketela. Ke a leboga go bo o ntse o ntlhokomela ka metlha.” Mosadi yoo o ne a tlhabiwa ke ditlhong thata go bulela Hatsumi mojako ka ntlha ya gore a ile a tlogela go tlhola a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa fa a ne a santse a nna kwa lefelong lengwe. O ne a tswelela gape ka thuto ya gagwe ya Bibela, mme jaanong o gatela pele. A re amega thata ka bao re kopanang le bone mo bodiheding jwa ntlo le ntlo?

Dira Bojotlhe jwa Gago

Jehofa o anaanela maiteko a rona a go mo direla ka bojotlhe jwa rona. O tshwana le rre yo morwawe a mo tlisetsang dimpho. Fa dingwaga di ntse di feta, mpho e ka farologana go ya ka dingwaga tsa morwa le boleng jwa yone. Fela jaaka rrangwana a itumelela go amogela dimpho lefa e ka nna dife tse morwawe a di mo nayang go tswa mo botennyeng jwa pelo ya gagwe, ka go tshwana le Jehofa o ikemiseditse go amogela tirelo ya rona e re e dirang ka pelo yotlhe ya rona tumalanong le kgolo ya rona ya semoya.

Ee gone, ga go na lebaka la gore re ka tshwantsha bojotlhe jwa rona jo re bo dirang le jo ba bangwe ba bo dirang. Jaaka Paulo a ne a re, re tla bona go ipelafatsa rona ka borona, ‘e seng kaga ba bangwe.’ (Bagalatia 6:4) Ekete re ka tswelela re reetsa tlhagiso ya ga moaposetoloi Petere e e reng: “Lo tlhōahaleleñ [direng bojotlhe, NW] gore lo tlè lo hitlhèlwè lo le mo kagishoñ lo sena selabe, lo sena molato, mo matlhoñ a ōna.”—2 Petere 3:14.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

A o dira ka mo o ka kgonang ka teng go dirisa dikgakololo kaga bodihedi jwa tshimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela