LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/97 ts. 1
  • ‘Dira Bojotlhe Jwa Gago’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Dira Bojotlhe Jwa Gago’
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A O Dira Bojotlhe jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Dira Bojotlhe jwa Rona Gore Re Bolele Mafoko a a Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • “Lo Tshwanetse go Nna Batho ba Mofuta Ofe!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go Ipoloka re Tshwaregile mo go Direleng Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 6/97 ts. 1

‘Dira Bojotlhe Jwa Gago’

1 Fa re ne re ineela mo go Jehofa, re ne ra solofetsa go mo neela go go molemolemo ga rona. Go a tshwanela go bo moaposetoloi Petere a ne a kgothaletsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba dire bojotlhe jwa bone gore ba tlhomamise seemo sa bone fa pele ga Jehofa. (2 Pet. 1:10) Eleruri re batla go dira bojotlhe jwa rona go itumedisa Jehofa fa re mo direla gompieno. Seno se akaretsa eng? Fa kamano ya rona le Jehofa e ntse e gola mme re tlhatlhanya ka sotlhe se a re diretseng sone, dipelo tsa rona di re tlhotlheletsa gore ka metlha re dire bojotlhe jwa rona mo tirelong ya gagwe. Re batla go tokafatsa boleng jwa tirelo ya rona, mme fa go kgonegang teng, re oketse le selekanyo sa tirelo ya rona.—Pes. 34:8; 2 Tim. 2:15.

2 Mokaulengwe mongwe yo mosha yo o neng a batla go dira mo go oketsegileng mo bodireding, o ne a fitlhela gore fa a ithuta Lefoko la Modimo ka metlha seno se ne se dira gore a anaanele Jehofa thata e bile se ne se tsenya tlhoafalo e kgolwane mo go ene. Seno se ne sa mo tlhotlheletsa go ikwadisetsa tirelo ya bobulatsela. Kgaitsadi mongwe yo o neng a go fitlhela go le thata go buisana le batho ba a sa ba itseng, o ne a itlwaetsa dipuisano dingwe tse di mo bukeng ya Go Fetolana mme go ise go ye kae ke fa a simolola go atlega thata mo bodireding jwa gagwe. O ne a kgona go tshwara thuto ya Baebele le banyalani bangwe ba ba neng ba amogela boammaaruri.

3 Itumelele se o Kgonang go se Dira: Bangwe ba rona re lebana le maemo a a thata a a tshwanang le go sa tsoge sentle, go ganediwa ke ba lelapa, lehuma kana batho ba sa arabele mo tshimong ya rona. Tirelo ya rona e ka nna ya kgorelediwa ke mathata a mangwe a mantsi a a tlwaelegileng mo metlheng eno ya bofelo. (Luke 21:34, ntlhanyana e e kwa tlase go NW; 2 Tim. 3:1) A seno se raya gore re tlholegile mo boineelong jwa rona mo go Jehofa? E seng fa e le gore re mo direla ka bojotlhe jwa rona.

4 Ga go botlhale gore re ikatlhole go ya ka se ba bangwe ba kgonang go se dira. Go na le moo, Dikwalo di re kgothaletsa gore “mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone.” Go dira bojotlhe jwa rona go ya ka fa re kgonang ka teng go itumedisa Jehofa mme go re naya “lebaka la go kgana.”—Bag. 6:4; Bakol. 3:23, 24.

5 E kete re ka tsaya mafoko a ga Petere tsiya a gore re ‘dire bojotlhe jwa rona gore kwa bofelong re fitlhelwe re se na selabe e bile re se na setshubaba e bile re le mo kagisong.’ (2 Pet. 3:14) Moya oo o tla dira gore re ikutlwe re sireletsegile mme o tla re naya kagiso ya mogopolo e e leng Jehofa fela a ka e nayang.—Pes. 4:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela