Bontsha go Amega ka Tsela ya Mmatota mo go Botlhe ba ba Bontshitseng Kgatlhego
1 Tiro ya go bolela ka Bogosi lefatshe ka bophara e tloga e khutla, mme morago ga moo botlhe “ba ba sa itseng Modimo” ba tla senngwa. (2 Bathes. 1:7-9) Ka gone, batho ba ga Jehofa, ka ba amegile ka tsela ya mmatota ka matshelo a ba bangwe, ba tlhotlheletsega gore ba fitlhelele batho ba le bantsi ka mo ba ka kgonang ka gone ka molaetsa wa Bogosi.—Sefa. 2:3.
2 Kgwedi nngwe le nngwe, go dirisiwa diura di le dimilionemilione go senkwa ba ba batlang go utlwa “mafoko a mantle a a molemo.” (Isa. 52:7) Malebana le mpho e re e tsamaisang jaanong, batho ba le bantsi ba ile ba amogela dipeeletso tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, dikhopi tsa dimakasine tseno kana boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Go amega ka tsela ya mmatota ka batho bano go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re boele kwa go botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego.—Dia. 3:27.
3 Boloka Pego e e Siameng: O tlile go fitlhelela go le gontsi fa o boloka pego e e feletseng le e e siameng ya batho ba ba kgatlhegang le dikgatiso tse di tsamaisitsweng. Tshedimosetso e e tshwanang le leina la mongantlo le aterese ya gagwe, letsatsi le nako tse o etileng ka tsone, buka e o e tsamaisitseng le dintlha tse di tlotlilweng di tla go thusa gore o atlege fa o boela. Gape, fa o kwala dintlha dingwe tse di neng tsa buiwa ke mongantlo fa o ne o mo etetse lantlha, o ka nna wa kgona go di dirisa ka tsela e e molemo fa o tsweletsa motlotlo mo loetong lwa go boela.
4 Nna Bonako go Dira Maeto a go Boela: Ke ba le kae ba ba ba amogetseng dibuka mo go wena mo kgweding e e fetileng ba o lekileng go ba etela gape? A go fetile dibeke di le mmalwa o ise o ikgolaganye le bone? Go amega ka tsela ya mmatota ka boitumelo jwa bone jwa go ya go ile go tshwanetse ga go tlhotlheletsa gore o boele ka bonako jo bo kgonegang, go buelelwa gore e nne mo malatsing a se kae fela, gore a bo a sa ntse a gakologelwa motlotlo wa lona sentle. Ka go boela ka bonako gore o tsweletse kgatlhego, o ka kgona go raka maiteko a ga Satane pele ga “a tla a ba a tsaya lefoko le le neng le jadilwe mo go bone.”—Mar. 4:15.
5 Go Baakanyetsa go Botlhokwa: Go atlega ga gago mo go direng maeto a go boela go ikaegile thatathata ka gore o baakanyetsa go le kana kang. Rulaganya tsela e o tlileng go bua ka yone pele ga o ya kwa mothong. Tsebe e e kafa morago ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 1997 e re neela dikakantsho di le mmalwa tse re ka di dirisang ka katlego fa re tsamaisa dipeeletso, dimakasine kana boroutšhara jwa Re Direng. Selo se se latelang e ka nna gore re nne re akantse ka dintlha dingwe tse re ka di buang fa re boela. O ka reng fa o boela kwa go bontshitsweng kgatlhego gone? Thuto ya Baebele e ka simololwa jang?
6 Fa o boela go ya go tsweletsa motlotlo o o malebana le gore go tla tlhokegang go phepafatsa lefatshe le go le dira lefelo le le botoka le re ka tshelang mo go lone, o ka nna wa re:
◼ “Fa ke ne ke go etetse mo nakong e e fetileng, re ne ra dumalana gore go tlhokega gore go tsewe dikgato dingwe tse dikgolo gore lefatshe le fetolwe go nna paradaise e e kagiso. A o akanya gore batho ba na le se se tlhokegang go dira seno? [Mo letle a arabe.] Tsweetswee ela tlhoko gore ke ka ntlha yang fa go tla tlhokega gore Modimo a tsenelele mo dikgannyeng tsa batho.” Bala Pesalema 37:38. Morago ga moo bula mo thutong 5 mo boroutšhareng jwa Re Direng, mme o dirise dikarolo dingwe tsa dirapa 4-5 go bontsha gore Modimo o tlile go diragatsa jang polelelopele eno. Tswelela ka go mmolelela gore o ka rata go ithuta le ene Baebele o dirisa boroutšhara jono.
7 Fa o tlotlile le motho ka Bogosi jwa Modimo wa ba wa mo tsamaisetsa boroutšhara jwa “Re Direng” mo loetong lwa ntlha, fa o boela o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Fa re ne re bua mo nakong e e fetileng, re ne ra bona gore Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota e e tla busang lefatshe lotlhe. Baebele e bontsha gore Keresete Jesu o tla nna mmusi wa jone. A o kgona go bona melemo mengwe ya go nna le puso ya mofuta ono le moeteledipele yono?” Mo letle a arabe. Bula boroutšhara jwa Re Direng mo thutong ya 6. O dirisa dintlha dingwe tse o di tlhophileng mo dirapeng 6-7 le setshwantsho se se mo tsebeng ya 13, bontsha se Bogosi jwa Modimo bo tla se direlang setho mo isagweng. Bala Daniele 2:44, mme fa go tshwanela, mmontshe buka ya Kitso o bo o mmolelele gore o tla rata go ithuta Baebele le ene.
8 Fa o kopane le motho yo o neng a dumalana gore madumedi a lefatshe a baketse batho mathata, o ka nna wa botsa jaana fa o boela kwa go ene:
◼ “A o kile wa ipotsa gore re ka itse jang gore ke bodumedi bofe jo Modimo o bo amogelang? [Mo letle a arabe.] Boroutšhara jono jo bo reng Modimo o Batla Gore re Direng? bo re naya matshwao a a tshwayang bodumedi jwa boammaaruri.” Bula mo thutong 13, o bo o bontsha dintlha di le tlhano tse di kwadilweng ka mokwalo o o sekameng tse di mo dirapeng 3-7. O ka nna wa tswelela ka gore: “Mo godimo ga go bona bodumedi jwa boammaaruri, re tshwanetse ra bona gore Modimo o batla gore mongwe le mongwe wa rona a direng.” Bala Johane 4:23, 24. Mmolelele gore o tla rata go tlotla ka ntlha eno go ya pele. Bula mo thutong ya 1 mo boroutšhareng jono o bo o mmontsha gore re ithuta jang.
9 Fa o boa go ya go tsweletsa motlotlo ka boitumelo jwa lelapa, o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le se se latelang:
◼ “Fa re ne re kopane la ntlha, ke ne ka buisana le wena ka sephiri sa boitumelo mo lelapeng, se e leng go dirisa kgakololo e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Baebele. Fa go tsenwa mo go lebaneng le dilo tse lelapa la gompieno le di tlhokang, a o dumela gore Baebele e fetilwe ke nako kana e mo nakong?” Mo letle a arabe. Mmontshe buka ya Kitso. Bula mo kgaolong 2, o bo o bala nopolo e e mo serapeng sa 13. O dirisa dintlha tse di mo serapeng 3, mmolelele gore o ka rata go ithuta Baebele le bone jaaka lelapa.
10 Ka go boloka direkoto tse di siameng, go baakanyetsa ka tsela e e tlhokegang le go boela ka bonako go ya go tsweletsa kgatlhego ya bone, re ka bontsha lorato lwa boagelani lo lo tla ba gogelang mo tseleng e e yang polokong.—Math. 22:39; Bagal. 6:10.