LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/97 ts. 3
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Fa go le Thata Jaana go Tlosa Mogopolo wa Me mo Bathong ba Bong Bo Sele?
    Tsogang!—1994
  • Bua le Bana ba Gago ka Tlhakanelodikobo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • A Motho O a Bo a Robalana fa a Tsenya Loleme Kgotsa Molomo mo Dirweng Tsa yo Mongwe Tsa Thobalano?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Nka Tlhalosa Jang Se ke Se Dumelang ka Tlhakanelodikobo?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 5/97 ts. 3

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke dilo dife tse di tshwanetseng go elwa tlhoko fa re na le motho wa bong bo sele mo bodireding jwa rona?

Re na le lebaka la go lebelela gore bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba batla go tshwarelela mo ditekanyetsong tsa maemo a a kwa godimo tsa boitshwaro mo botshelong jwa bone. Le fa go ntse jalo, re tshela mo lefatsheng le le seng phepa le le le letlang sengwe le sengwe mme le se na ditekanyetso tse di kalokalo tsa boitshwaro. Le fa re ka tswa re se na maikaelelo ape a a sa siamang, re tshwanetse ra nna re iketse tlhoko ka metlha go tila go lere kgobo kana go dira sengwe se se sa siamang. Seno se akaretsa go nna kelotlhoko fa re le mo bodireding.

Mo tirelong ya tshimo gantsi re kopana le batho ba bong bo sele ba ba bontshang se go ka tweng ke kgatlhego ya mmatota mo boammaaruring. Fa re le rosi fa re etetse ntlo nngwe mme go se na ope yo mongwe mo gae, gantsi go ka nna molemo go neela mongantlo bosupi o eme mo kgorong go na le go tsena mo teng. Fa a kgatlhega, go ka dirwa dithulaganyo tsa go boa fa re na le mmoledi yo mongwe kana fa ba bangwe mo legaeng le bone ba tla bo ba le gone. Fa seno se sa kgonege, go ka nna molemo go fetisetsa thuto eno kwa mmoleding wa bong jo bo tshwanang le jwa mongantlo. Seno se a dira gape le fa o tshwara dithuto tsa Baebele le mongwe wa bong bo sele.—Math. 10:16.

Re tshwanetse ra nna kelotlhoko fa re tlhopha mongwe yo re tla berekang le ene mo bodireding. Le mororo baboledi ba bong bo sele ba ka nna ba bereka mmogo ka dinako dingwe, go ka nna molemo go dira jalo fa lo na le setlhopha. Gone mme, le e leng fa re le mo bodireding, ga go botlhale gore re senye nako e ntsi re le rosi fela le motho wa bong bo sele yo e seng molekane wa rona wa lenyalo. Ka gone, mokaulengwe yo o tlhokomelang setlhopha se se yang tirelong o tshwanetse a atlhola dilo ka tsela e e molemo fa a aba baboledi, go akaretsa le basha, gore ba bereke mmogo.

Ka go atlhola dilo ka tsela e e molemo ka metlha, re tla tila go ‘naya lebaka lepe la go kgopega’ mo go rona kana mo go ba bangwe.—2 Bakor. 6:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela