Dipotso tse di Tswang go Babadi
■ Fa mongwe a saenne “Polelo ya go Tlhomamisa Boikanyego,” a thulaganyo eo e ka fedisiwa?
Potso e e mabapi le teseletso e e sa direng mo mafatsheng a le mantsi. Ka gone a pele re bone gore thulaganyo eo ya nakwana e e masisi eo ke eng.
Tora ya Tebelo ya August 1, 1978, e ne ya tlotla bothata jo bo teng mo mafatsheng mangwe. Lemororo Modimo a letlelela tlhalo mo motheong wa Dikwalo, bogoromente bangwe ga ba letlelele tlhalo. (Mathaio 19:9) Kana molao o dira gore go nne bokete thata go tlhala, gongwe go tseye dingwaga tse dintsi. Ka gone moo, kgang ya makasine oo e ne e tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ba dumalana le seemo se se dirang mo mafatsheng ao; e kopanyeletsa Polelo ya go Tlhomamisa Boikanyego. Tlhokomela sekai sa thulaganyo e:
Mosadi o itse boammaaruri jwa Bokeresete a sa ntse a nna le (gongwe a na le bana le) monna yo saleng a kgaogana le mosadi wa gagwe wa kafa molaong bogologolo. Mosadi yo o sa tswang go kgatlhega o boikanyego mo go ene ebile o batla go nyalwa ke ene, mme seno ga se kgonagale ka ntlha ya gore molao ga o mo letlelele go tlhala mosadi wa gagwe wa kafa molaong. Ka gone moo, fa bagolwane ba phuthego ba kgotsofetse gore bokopano jwa gagwe le monna yono bo ka amogelwa ke Modimo ka tsela nngwe, ba tlaa mo letlelela go saena Polelo ya go Tlhomamisa Boikanyego. Mo go yone o tlhalosa gore o dirile gotlhe mo a ka go kgonang go dira gore bokopano jwa bone e nne jwa kafa molaong; gore o dumela fa pele ga Modimo go tlama ga tlholego ga Polelo eo; le gore o solofetsa go nyalwa kafa molaong ka bofefo jo bo ka kgonagalang, ka tsela e e ntseng jalo a fedisa Polelo eo e neng ya mo kgonisa go nna leloko la phuthego ya Bokeresete.
Lefa go ntse jalo, potso e a tsoga: Fela fa ene (kana mongwe fela mo seemong se se ntseng jalo) a tla mo phuthegong a na le Polelo eo, a go na le tsela nngwe e e ka felang kana ya fedisiwa ka yone?
Polelo ka boyone e tlhalosa gore yo o e saenang ‘o lemoga bokopano jwa gagwe jaaka jo bo tlamang fa pele ga ga Jehofa Modimo le fa pele ga batho botlhe, e le jo bo tshwanetseng go tsewa ka tlotlo le ka tshwanelo yotlhe ka melao-metheo ya Lefoko la Modimo.’ Ka tsela e e ntseng jalo e tlama ka tshwanelo fela jaaka lenyalo lwa kafa molaong, go ya ka pono ya phuthego. Lefa go ntse jalo, loso la molekane le fedisa kgolagano ya lenyalo kana kgolagano ya Polelo ya go nna jalo. (Baroma 7:2) Gape Bibela ya re fa molekane wa lenyalo wa mongwe a le molato wa por-nei’a (boitshwaro jo bo maswe jwa kafa dikobong ka kwantle ga kgolagano), molekane yo o senang molato a ka tlhala. (Mathaio 5:32; 19:9) Ka mo go tshwanang, mo Polelo ya go Tlhomamisa Boikanyego, boitshwaro jo bo maswe jwa kafa dikobong jwa molekane e ka nna motheo wa go fedisa kgolagano, fa yo o senang molato a kgetha go dira jalo. Mokeresete yo o senang molato o tla a tshwanelwa ke go ntshetsa bagolwane bosupi jwa boikanyologi. Seno se tlaa fedisa Polelo eo; go tswa foo fela yo o senang molato o tlaa bo a gololesegile go ya ka Dikwalo.
Go lemoga gore phuthego e leba Polelo ya go Tlhomamisa Boikanyego e le e e tlamang ka tshwanelo jaaka lenyalo le le kafa molaong go tsosa kgang ka ga gone. Seno se nna gone fa sekgoreletsi sa pele sa lenyalo se tlositswe. Ka motlhala, mo sekaing se se fa godimo, mosadi wa kafa molaong wa monna o ka nna a swa kana goromente a letlelela tlhalo kafa molaong, mme a batla go nyala mosadi wa Mokeresete kafa molaong. Mo kgannyeng e e ntseng jalo kgaitsedi ga a kake a tswelela ka Polelo ya go Tlhomamisa Boikanyego, le eleng ka mabaka a a tshwanang le jaaka a gore go tlhabisa ditlhong go nyalwa kafa molaong jaanong kana ka ntlha ya gore o ka nna a latlhegelwa ke tshiamelo ya dilo dingwe tse di bonalang. Go ya ka Polelo ya gagwe, jaanong o tshwanetse go tsaya dikgato tsa go dira gore kgolagano ya bone e nne ya kafa molaong. Kwantle ga moo, phuthego e ne e tlaa nyatsa Polelo, mme o ne a tlaa tshwanelwa ke go kgaogana le monna yono kana a kgaolwe.
Lefa go le jalo, go tweng fa yo o sa dumeleng a gana go mo nyala? Fa a saenne Polelo, phuthego e ne ya leba kgolagano e le e e tshwanetseng le e e tlamang. Lebaka la gore ga a kgone go kgona molekane wa gagwe yo o sa dumeleng go dira gore kgolagano ya bone e nne ya kafa molaong ga le dire gore go nna mmogo ga bone e nne boitsholo jo bo maswe. Ka gone o ka nna a tswelela go nna molekane yo o boikanyego, go sa tlhokafale gore a kgaogane le yo o sa dumeleng yono, lemororo a tshwanelwa ke go kgaratlhela pele mo maitekong a gagwe a gore kgolagano e nne ya kafa molaong. (Seno se baakanya kakgelo e e mo go “Dipotso tse di Tswang go Babadi” ya November 1, 1985.)—Bapisa Baatlhodi 11:35; Luke 18:1-5.
Legale, seemo se farologane fa bobedi jwa batho ba saenne Polelo mme ba nna Bakeresete ba ba kolobeditsweng. Mo kgannyeng eno, bobeding ba ikgolegile mo go masisi ka go tsena mo lenyalong le le kafa molaong fa sekgoreletsi sa ga goromente se tlositswe, fa ka nako eo Polelo e tla a bo e fedisitswe. Ba tshwanetse go dira seno kwantle ga go senya nako, eseng jalo ba kgaogane gore ba tle ba kgone go nna mo phuthegong. (Bapisa “Dipotso tse di Tswang go Babadi” mo go Tora ya Tebelo ya February 15, 1983.) Fa ba kgaogana, tlamo ya tlholego ya Polelo e santse e dira, ka gone ope fela wa bone ga a gololesega go tsena mo kgolaganong le mongwe o sele.—Bapisa 1 Bakorintha 7:10, 11.
Lemororo thulaganyo ya Polelo ya go Tlhomamisa Boikanyego e sa dire mo mafelong a le mantsi, kgang e e fa godimo e itshetletse mo ditekanyetsong tsa Bibela tse di dirang gongwe le gongwe: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolao bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.”—Bahebera 13:4.