Boitseanape jwa Go Bolelela Dilo Pele—Bo Santse bo Dirisiwa
“Mo MOTLHENG ono wa tlhabologo e e anameng le thutego, motho o ne a ka akanya gore go tla bo go sa tlhokafale go latofatsa ditumelo tse di thailweng mo maselamoseng le tumelo-botlhoding.” Eno e ne e le karolo ya polelo e e saenetsweng ke baitseanape ba ba kwa godimo ba le 186, go akareletsa le bagapa-sekgele sa Nobel ba le 18. Ba ne ba buisanya kaga eng? Kaga tepodinaledi, mokgwa o o tlwaelegileng wa boitseanape jwa go bolela isagwe go dirisiwa dinaledi oo, go ya ka bone, “o tlwaelegileng thata mo bathong ba segompieno.” A wena ka bowena o dumela mo mekgweng mengwe ya boitseanape jwa go bolela isagwe? A kana gongwe o na le dipelaelo, kana le eleng go ganetsa thata-thata, jaaka baitseanape ba ba tlotlegang bano? Pono ya gago mo kgannyeng e e botlhokwa. A re bone gore ka ntlhayang.
Tlwaelo e e aname thata-thata. Go ya ka sebui sa lekgotla la baitseanape ba ba bolelang isagwe mo Paris, “[batho] ba Fora ba le dimilione tse 4 ba etela bo-ramaitseanape morago ga dikgwedi tse thataro dingwe le dingwe.” Mo United States go na le balepa-dinaledi ba nakwana ba ba ka nnang 175 000 le ba nako e e tletseng ba ba ka nnang 10 000. Gape go na le ba bantsi-ntsi mo Great Britain, koo ba nang le mekgatlho ya bone. Gape makasine wa Fora wa Ça m’intėresse (Go a Kgatlhisa) o akgela ka go re: “Gongwe le gongwe, go akareletsa le mo bathong ba ba tlhabologileng thata-thata, re kopana le dipalo tse di tshwanang. Bo-ramaitseanape ba ntsifala thata mo bofelong jwa lekgolo la rona la dingwaga.”
Ke Bomang ba ba Yang go Bone—Mme ka Ntlhayang?
Bangwe ba ka akanya gore ke batho fela ba ba sa rutegang thata, le ba ba kwa tlase ba ba kgatlhegelang “boitseanape” jwa masaitsiweng, joo tepo-dinaledi e bonalang e aname go di feta tsotlhe. Mme Madame Soleil, molepa-dinaledi yo o tumileng wa Fora, o tlhalosa ka go re: “Botlhe ba tla kwa go nna, e ka ne e le ba ba kwa godimo kana ba ba kwa tlase, mapolotiki a mefuta yotlhe, le baeteledipele ba mafatshe a sele. Ke tle ke bonwe le eleng ke baruti le makomanisi.” Tumalanong le se, fa ra-maselamose Frédéric Dieudonné a ne a swa, kgang e e neng ya tlhaga mo Le Figaro, pampiri ya dikgang e e kwa godimo thata ya Sefora, e ne ya gopodisa gore o ne a gapile “palo e kgolo ya Batsena-kereke, baruti, batho ba maemo a a kwa godimo, bakwadi le batshameki.”
Bo-ramataese ba tla go bona balepa-dinaledi go itse kafa ba ka betšhang ka teng. Bo-rakgwebo ba ya kwa go bone go itse kafa ba ka kokotletsang madi a bone ka teng. Balepa-dinaledi ba bile ba ka kgona go go bolelela gore o emelele leng mo mosepeleng kana gore o apeye eng. Mme gape boitseanape jwa go bolela isagwe bo tseneletse le eleng mo maphateng a mangwe. Mafapha a mapodisa mo dinageng tse di farologanyeng a fetogela go bo-ra-masaitseweng go tsoma dikebekwa kana batho ba ba sa bonweng. Mme go ya ka pampiri ya dikgang ya beke le beke ya Fora ya Le Figaro Magazine, “Mabolokelo-dibetsa a Amerika a hira batho ba le 34 ba ba kgonang go bona masaitsiweng go ba itsise kaga se se diragalang mo mafelong a sephiri a dibetsa mo U.S.S.R.” One makasine ono o bolela fa mopalamente mongwe wa U.S ebong Charles Rose a rile Ma-Russia le bone ba fetogela mo maatleng a bo-ramaitseanape.
Ke ka ntlhayang fa tepo-dinaledi e santse e dirisiwa? A ke boikhutso jo bo senang molato kana go tsamaisa nako fela? A ke tsela e e botoka ya go bona se isagwe e se tshotseng—a kana go na le tsela e e botoka? A re boneng gore a re ka bona dikarabo tsa dipotso tseno tse di botlhokwa.