Pego ya Baboledi ba Bogosi
Didirisiwa tse di Atolositsweng go Lepa-lepana le Koketsego ya Bogosi
LETSATSI la go kgakola didirisiwa tsa lekala tse di sa tswang go atolosiwa bosheng tsa Basupi ba ga Jehofa e ne e le letsatsi le le itumedisang thata mo setlhaketlhakeng sa Caribbean sa Jamaica. Katoloso eno e ne e tlhokafala ka baka la go bo Jehofa a segofaditse maiteko a a duleng diatla a bakaulengwe mo go rereng mafoko a a molemo mo setlhaketlhakeng seno se se mogote le dipula.
Legae la borongwa le ne la tlhomiwa mo Jamaica bogologolo ka 1946. Koketsego ya baboledi ene ya nna bofefo, ereka barongwa ba ne ba di goga kwa pele mo tirong eno, mo eleng gore mo dingwageng tse di lesome fela kakaretso ya palo ya Basupi ba ba neng ba bega kgwedi le kgwedi e ne ya gola go tswa go 732 go ya go 3 216. Ka gone didirisiwa tse disha di ne tsa tlhokega go thusa mo koketsegong.
Ka 1954 lefelo le le tshwanelegang le ne la bonwa mme tiro e ne ya simololwa mo kagong e ntšha ya matlhatlaganyane a mabedi e e thaegileng sentle mo motsaneng o o didimetseng wa Kingston. E ne ya wediwa ka May 1958. Palo ya baboledi ka ngwaga oo e ne ya tlhatlogela go 4 367.
‘Go jala’ le ‘go nosa’ go ne ga tswelela mme Jehofa a go ‘a ungwisa’ mo eleng gore ka 1983 palo ya baboledi e ne e godile go feta 7 000, e dira gore go tlhokafale katoloso e nngwe gape. (1 Bakorintha 3:6) Komiti ya Lekala, e letlelelwa ke Setlhopha se se Laolang, e ne ya dira phetso ya go atolosa didirisiwa tsa nako eo. Bakaulengwe ba ba fetang 250 mo setlhaketlhakeng sotlhe ba ne ba tla go thusa. Badiri ba ba thapisitsweng le ba ba sa thapisiwang ba ne ba ithaopela go tla go dira jaaka baagi ba ba agang ka maje, babetli, bo-ramotlakase, le bo-radiphaephe. E ne e le ba dingwaga tsa go tswa go 10 go ya go 86. Ba bangwe ba ne ba thusa ka madi go thusa mo kagong, ba bangwe ba thusa badiri ka dijo, mme gape ba bangwe ba ne ba bula magae a bone go neela baithaopi ba ba neng ba tswa kgakala borobalo. Morago ga ngwaga, tiro ya go oketsa kago ka bodilo jo bo kwa godimo jwa boraro jwa matlwana a matlhano le lefelo la boitloso-bodutu, ntlwana e nngwe mo bodilong jo bo kwa godimo jwa bobedi, le lefelo la polokelo la boleele le bophara jwa disekwere-metara di le 37, e ne ya wediwa, e siametse go dirisiwa ke maloko a lelapa la Bethele a le 11.
Milton Henschel, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a neela puo ya kgakolo ka February 22, 1986. O ne a bua ka setlhogo se se reng ‘Popelelo ya Phenyo.’ (2 Bakorintha 2:14) Ba ba neng ba reeditse thulaganyo ya kgakolo ba ne ba le 2 949. Mo go bano ba le 380 ba ne ba tsenngwa mo Holong ya Bogosi le mo dikarolong tse dingwe tsa kago, mme ba bangwe ba golagantswe ka mogala le seromamowa mo Diholong tse dingwe tsa Bogosi mo motseng le mo holong ya metshameko ya sekolo.
Bontsi jwa bao ba neng ba laleditswe kwa Holong ya Bogosi ya lekala e ne e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba na le dingwaga tse 30 kana go feta ba ntse ba le mo boammaaruring. Go ne ga akgelwa thata ka kanaanelo ya katoloso e ntle ya kago. Ke tsholofelo ya rona gore ba “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” ba ba oketsegileng ba santse ba tla kopanela mo popelelong ya phenyo jaaka didirisiwa tse disha tsa lekala di dirisediwa go tlhokomela koketsego ya Bogosi mo Jamaica.